Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa ke Boneng ka Teng Gore Modimo—Ke “Modiri wa Dilo Tse Dikgolo”

Kafa ke Boneng ka Teng Gore Modimo—Ke “Modiri wa Dilo Tse Dikgolo”

 Kafa ke Boneng ka Teng Gore Modimo—Ke “Modiri wa Dilo Tse Dikgolo”

Jaaka go boletse Maurice RaJ

Nna le lelapa la gaetsho mmogo le bafaladi ba bangwe ba le diketekete, re ne ra sia re tshaba nngwe ya ditlhaselo tse di setlhogo thata tsa Ntwa ya Lefatshe II. Re ne re tsamaya mo sekgweng se se kitlaneng sa Burma ka malatsi a le mantsi, bosigo re robala kafa tlase ga ditlhare. Ke ne ke na le dingwaga di le robongwe. Morwalo o monnye o o neng o bofeletswe mo mokwatleng wa me o ne o na le dilwana tsotlhe tse ke neng ke na le tsone. Mme dikgolo di ne di sa ntse di tla.

E NE e le ka ngwaga wa 1942. Dinaga tsa lefatshe di ne di le mo ntweng, mme re ne re tshaba masole a Japane a a neng a tloga a tlhasela. A ne a sa tswa go tlhasela Burma, e jaanong e bidiwang Myanmar e bile a ne a gapile meepo ya oli ya kwa Yenangyaung. Pele re fitlha kwa molelwaneng wa India, masole a Japane a ne a re tshwara mme a re pateletsa go boela gae.

Fa ke ne ke sa le monnye re ne re nna kwa Yenangyaung kwa Rre a neng a berekela teng mo Khampaning ya Oli ya kwa Burma. Fa Bajapane ba sena go gapa meepo ya kwa Yenangyaung e e nang le oli e ntsi, difofane tsa ntwa tsa kwa Boritane di ne tsa nnela go tlhasela meepo eo ka dibomo. Nako nngwe lelapa la rona le ne la iphitlha mo moseleng ka malatsi a le mararo fa dibomo di ntse di thuntshiwa gaufi le fa re neng re le teng. Kgabagare re ne ra tshaba ka mokoro re tshabela kwa Sale, torotswana e e fa thoko ga Noka ya Ayeyarwady kgotsa Irrawaddy. Re ne re itumeletse go bo re falotse, mme ra nna koo go fitlha ntwa e fela.

Masetlapelo a Felela ka Gore re Bone Boammaaruri

Nnake o tshotswe ka 1945, ngwaga o Ntwa ya Lefatshe II e fedileng ka one. Rre o ne a itumeletse go nna le ngwana mo botsofeng jwa gagwe. Mme ga a ka a itumela lobaka lo loleele. Morago ga dikgwedi di le tharo nnake o ne a tlhokafala. Rre o ne a tlhokafala ka ntlha ya kutlobotlhoko moragonyana fela ga foo.

Ditsala tse di neng di leka go nkgomotsa di ne tsa re Modimo o tsere Rre le nnake gore ba nne le Ene kwa legodimong. Ke ne ke batla go ya kwa go bone ka pelo ya me yotlhe! Lelapa la gaetsho le ne le tsena kereke ya Katoliki, kwa ke neng ka rutiwa ka bodumedi teng fa ke sa le monnye. Ke ne ka rutiwa gore baruti le baitlami ba ya legodimong ka tlhamalalo fa ba bangwe ba nna lobakanyana kwa pakatoring, e leng lefelo le batho ba tlhokofadiwang ka nakwana kwa go lone gore ba phimolwe maleo. E re ka ke ne ke ikemiseditse go kopana gape le Rre le nnake, ke ne ka swetsa ka gore ke ye kwa seminareng ya Katoliki kwa Maymyo, motse mongwe o gone jaanong o bidiwang Pyin Oo Lwin o o dikilometara di le 210 go tswa kwa re neng re nna gone.

Gore motho a tshwanelege go ya seminareng eo, o ne a tshwanetse gore a bo a feditse sekolo. E re ka ke ne ke le mofaladi, ke ne ke tsene sekolo ka dingwaga di le pedi fela. Mme dikolo tsotlhe di ne tsa tswalwa ka nako ya ntwa. Le fa dikolo di ile tsa bulwa gape, lelapa la gaetsho le ne le le dikobo dikhutshwane. Mmè o ne a sa tlhokomela nna le bonkgonne ba le babedi fela mme o ne a tlhokometse le bana ba bannye ba le bararo ba ga monnawe yo o tlhokafetseng. O ne a sa tlhole a na le madi a a lekaneng go tsenya nna le bonkgonne sekolo.

 Nkgonne o ne a ya go bereka, mme nna ke ne ke na le dingwaga di le 13 fela e bile go sena sepe se nka se dirang. Rangwane e bong Manuel Nathan o ne a nna kwa Chauk, toropo nngwe e e gaufi le kwa Sale. Ke ne ka ipolelela go re, ‘Fa nka tsamaya, ke tla bo ke fokoditse palo ya batho ba Mmè a ba tlhokomelang.’ Ka jalo, ke ne ka ya kwa Chauk go ya go nna le rangwane.

Ke ne ke sa itse gore rangwane o ne a sa tswa go kopana le Basupi ba ga Jehofa e bile a tlhagafaletse go bolelela batho ba bangwe ka kitso ya Baebele e a sa tswang go nna le yone. O ne a nna a mpolelela se a se ithutileng kgato ka kgato, a simolola ka go ntlhalosetsa Thapelo ya Rraetsho jaaka Bakatoliki ba e bitsa. E simolola jaana: “Rraetsho yo o kwa legodimong, leina la gago a le itshepisiwe.”—Mathaio 6:9, 10, Baebele e e Boitshepo.

Rangwane o ne a ntlhalosetsa jaana: “Ka jalo, Modimo o na le leina. Leina leo ke Jehofa.” Go tswa foo, o ne a mpontsha leina la Modimo mo Baebeleng. Ke ne ke batla go ithuta mo go oketsegileng. Mme ke ne ke sa itse go bala sentle, tota le ka puo ya gaetsho ya Se-Tamil, mme Baebele le dikgatiso tsa Baebele tsa ga rangwane e ne e le tsa Seesemane, se ke neng ke sa se itse sentle. Le fa ke ne ke sa fetsa sekolo, ke ne ka simolola go tlhaloganya dithuto tsa Baebele ka iketlo. (Mathaio 11:25, 26) Ke ne ka simolola go lemoga gore dithuto di le dintsi tse ke neng ke di rutilwe di ne di sa thewa mo Baebeleng. Kgabagare ke ne ka re: “Rangwane, seno ke boammaaruri!”

Fa ke na le dingwaga di le 16 ke ne ka simolola go bolelela batho ba bangwe se ke se ithutileng. Ka nako eo, go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba le 77 fela mo Myanmar. Nakwana fela morago ga foo, Robert Kirk, morongwa mongwe wa Mosupi yo o tswang kwa toropokgolong ya Rangoon, e jaanong e bidiwang Yangon, o ne a etela rangwane kwa Chauk. Ke ne ka bolelela Robert gore ke ineetse mo go Jehofa. Ka jalo, ka December 24, 1949, ke ne ka tshwantshetsa boineelo jwa me mo Modimong ka go kolobediwa mo Nokeng ya Ayeyarwady.

Go Fenya Dikgoreletsi

Nakwana morago ga foo ke ne ka fudugela kwa Mandalay go ya go batla tiro e e siameng. Ke ne ka ipeela mokgele wa go nna mmulatsela, jaaka badiredi ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa ba bidiwa. Nako nngwe fa ke ne ke lebile motshameko wa kgwele ya dinao, ke ne ka wa ka ntlha ya mototwane. Ke ne ke setse ke na le bolwetse jwa go wa mme ke ne ka tshwanelwa ke go boela kwa lapeng gore ba lelapa la gaetsho ba ntlhokomele.

Bolwetse jono bo ne jwa tswelela ka dingwaga di le robedi. Fa ke nna botoka ke ne ka kgona go dira tiro ya boitshediso. Le fa Mmè a ne a nkgoba marapo gore ke se ka ka tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng ka ntlha ya bolwetse jwa me, letsatsi lengwe ke ne ka mo raya ka re: “Nka se lete go feta fa. Ke batla go nna mmulatsela. Jehofa o tla ntlhokomela!”

Ka 1957 ke ne ka fudugela kwa Yangon mme ka simolola go bula tsela. Se se gakgamatsang ke gore ga ke a ka ka tlhola ke wa mototwane gape go fitlha ka 2007 go setse go fetile dingwaga di le 50. Gone jaanong ke tshela ka melemo gore ke se ka ka wa mototwane. Ka 1958 ke ne ka tlhomiwa go nna mmulatsela yo o kgethegileng, mme ke dirisa diura di le 150 kgwedi le kgwedi mo tirong ya go rera.

La ntlha ke ne ka abelwa go direla kwa Kyonsha, motse o o dikilometara di le 110 go ya kwa bokonebophirima jwa Yangon. Go ne go na le setlhopha se sennye koo sa batho ba ba neng ba badile dibuka tsa rona tse di theilweng mo Baebeleng e bile ba batla go itse mo go oketsegileng. Fa nna le Robert re goroga, go ne ga phuthega boidiidi jwa batho. Re ne ra araba dipotso tsa bone tse dintsi tsa Baebele mme ra ba bontsha gore dipokano tsa Baebele di tshwarwa jang. Go ise go ye kae, bangwe ba bone ba ne ba kopanela le rona mo tirong ya go rera. Ke ne ka kopiwa gore ke tswelele ke dira mo motseng  oo. Morago ga dikgwedi di se kae fela, setlhopha seo se sennye se ne sa nna phuthego e e golang. Gompieno go na le Basupi ba ba fetang 150 mo lefelong leo.

Moragonyana ke ne ka tlhomiwa go nna molebedi yo o etang, ke etela diphuthego le ditlhopha tse di kwa thoko mo Myanmar yotlhe. Ke ne ka tsamaya dikilometara di le dintsintsi mo ditseleng tsa mmu ke palame dilori tse di rweleng merwalo, ke tsamaya mo sekgweng, ke tsamaya ka mokoro e bile ke palamela dithaba. Le fa ke ne ke le bokoa mo mmeleng, ke ne ke lemoga gore Jehofa o nnaya maatla a gore ke tswelele ke sa kgaotse.—Bafilipi 4:13.

“Jehofa o Tla go Thusa”

Ka 1962, ke ne ka isiwa kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa Yangon, kwa Robert a neng a nthapisa gone. Go ise go ye kae, balaodi ba puso ba ne ba laela barongwa botlhe ba ba tswang dinageng di sele gore ba tswe kwa Myanmar, mme morago ga dibeke di se kae ba ne ba tsamaya. Ke ne ka gakgamala fa ke ne ke abelwa tiro ya go okamela ofisi ya lekala.

Ke ne ka ipotsa jaana: ‘A ke tla kgona go dira tiro eno? Ga ke a rutega e bile ga ke na maitemogelo.’ Batho ba ba godileng ba ba neng ba bona kafa ke tshwenyegileng ka gone ba ne ba nthaya ba re: “Maurice, se tshwenyege. Jehofa o tla go thusa. Le rona re tla go ema nokeng.” A bo mafoko ao a ile a nkgothatsa jang ne! Morago ga dikgwedi di se kae ke ne ka tshwanelwa ke go dira pego ya ngwaga le ngwaga ya kwa Myanmar ya tiro ya go rera e e neng e tla tsenngwa mo kgatisong ya 1967 Yearbook of Jehovah’s Witnesses. Ke ne ka dira pego eno ya ngwaga le ngwaga ya naga eno ka dingwaga di le 38 tse di neng tsa latela. Gangwe le gape, dilo tse di neng di direga di ne di mpontsha sentle gore Jehofa ke ene a kaelang tiro ya rona.

Ka sekai, pelenyana fa ke ne ke tsenya kopo ya go nna moagi wa kwa Myanmar, ke ne ke se na di-kyats * tse 450 tse ke neng ke tshwanetse go di duela gore ke fiwe lekwalo la boagi, ka jalo ke ne ka swetsa ka gore ke lete. Mme letsatsi lengwe fa ke feta fa ofising ya khampani e ke neng ke bereka kwa go yone dingwaga pelenyana ga foo, monna yo e neng e le mothapi wa me o ne a mpona. O ne a ntlhaeletsa a re: “Heela, Raj, tla o tseye madi a gago. O ne wa lebala go tsaya madi a gago a phenshene fa o ne o tsamaya.” E ne e le di-kyats di le 450.

Fa ke tswa mo ofising eo, ke ne ka akanya ka dilo tsotlhe tse nka di dirang ka di-kyats di le 450. E re ka madi ano a ne a lekana kgo le madi a ke neng ke a tlhoka gore ke newe lekwalo la boagi, ke ne ke dumela gore Jehofa o ne a ka rata gore ke a dirisetse go bona lekwalo leo. Mme go dira jalo go ne ga nna molemo tota. Fa ke setse ke le moagi, ke ne ka kgona go nna mo nageng eno, go tsamaya ka kgololesego, go tsaya dibuka go tswa kwa dinageng tse dingwe le go dira ditiro tse dingwe tsa botlhokwa tse di amanang le tiro ya rona ya go rera mo Myanmar.

Kopano e e Tshwaretsweng Kwa Bokone

Ka 1969, tiro ya rona e ne e gatela pele ka bofefo mo toropong ya Myitkyina kwa bokone jwa Myanmar, ka jalo re ne ra swetsa ka gore re tshwarele kopano ya rona e kgolo mo toropong eno. Le fa go ntse jalo, re ne re na le bothata jwa go rulaganyetsa Basupi botlhe ba ba kwa borwa dipalangwa. Re ne ra rapela mme ra kopa gore re dirise materoko a le marataro a diterena tsa Myanmar Railways. Re ne ra gakgamala tota fa kopo ya rona e amogelwa.

Fa nako e ntse e ya, re ne ra kgona go rulaganya dilo tsotlhe tsa kopano. Ka letsatsi le re neng re lebeletse gore baeng ba tla goroga ka lone, re ne ra ya  kwa seteisheneng sa terena motshegare, re solofetse gore terena e tla goroga ka 2:30 p.m. Fa re ntse re letile, mookamedi wa seteishene o ne a re naya thelekerama e e neng e re: “Re hakolotse materoko a marataro a Mokgatlho wa Watch Tower.” O ne a re terena e ka se kgone go goga materoko a mantsi fa e palamela motlhatlogo.

Re ne re tla dirang? La ntlha re ne ra akanya go busetsa kopano kwa morago. Mme seo se ne se tla raya gore re kope tetla e nngwe gape, mo go neng go tla tsaya dibeke di le mmalwa! Fa re ntse re rapela Jehofa ka tlhoafalo, terena e ne ya tsena mo seteisheneng. Re ne re sa dumele se re se bonang—materoko otlhe a le marataro a ne a tletse Basupi! Ba ne ba nyenya e bile ba re tsholeletsa diatla. Fa re ba botsa gore go diragetseng, mongwe wa bone o ne a re: “Ee, gone ba hakolotse materoko a le marataro mme e seng a rona!”

Fa gare ga 1967 le 1971, palo ya Basupi kwa Myanmar e ne ya oketsega go menagane gabedi mme ya fitlha go palo e e ka nnang 600. Mme ka 1978, ofisi ya lekala e ne ya fudugela kwa kagong ya matlhatlaganyane a le mabedi. Dingwaga di le 20 moragonyana, palo ya Basupi e ne e oketsegile e bile e feta 2 500. Dikago tsa ofisi ya lekala di ne tsa okediwa gape mme ka January 22, 2000, John E. Barr, leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, o ne a tla a tswa kwa United States mme a neela puo ya go neela diofisi tsa matlhatlaganyane a le mararo le lefelo la bonno tse di ntseng di dirisiwa le gompieno.

Masego A re A Itumeletseng

Gompieno go na le baithaopi ba le 52 ba ba nnang kwa lekaleng la kwa Yangon e bile ba bereka mo go lone, mme go na le Basupi ba ka nna 3 500 mo diphuthegong le mo ditlhopheng di le 74 mo nageng eno yotlhe. Ke itumelela gore ka 1969, Mmè yo o rategang le ene o ne a nna Mosupi wa ga Jehofa nakwana fela pele a tlhokafala.

Doris Ba Aye, yo e neng e le mmulatsela mo lefelong leo, o ne a nna moranodi mo ofising ya rona ya lekala ka bo1960. Pelenyana ga moo, ka 1959 o ne a le mo setlhopheng sa bo32 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade e leng sekolo se se thapisang barongwa ba Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka mo rata ka gonne a le montle, e le motho yo o nnang a itumetse e bile a rata dilo tsa semoya. Re ne ra nyalana ka 1970. Le gompieno re sa ntse re rata Jehofa e bile re ratana.

Mo dingwageng di le masome a marataro tse di fetileng, ke bone kafa Modimo a nnileng le seabe ka teng gore tiro ya go rera e dirwe mo nageng eno. Ruri o mogolo mme o tshwanelwa ke go bakwa. Ke “Modiri wa dilo tse dikgolo” fela jaaka ke bone mo botshelong jwa me jotlhe.—Pesalema 106:21.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 23 Mo nakong eo di ne di lekana le didolara di ka nna 95 tsa U.S., e leng madi a mantsi.

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Ke le mo bodireding kwa Rangoon, Burma, mo e ka nnang ka 1957

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Ke ya kopanong kwa Kaleymo, Burma, kwa bofelong jwa bo1970

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Dikago tse dintle tse disha tsa ofisi ya rona ya lekala tse di neng tsa okediwa ka ngwaga wa 2000

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Ke na le Doris gompieno

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Re le mmogo mo bodireding jwa ntlo le ntlo