Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

 A o Ne o Itse?

Banna ba ba botlhale ba ba ileng ba etela Jesu fa a sa le monnye e ne e le bomang?

Go ya ka pego ya botsalo jwa ga Jesu e e mo Efangeleng ya ga Mathaio, baeng ba ba tswang kwa “dikarolong tsa botlhaba” ba ba neng ba bone naledi ya kgosi e ntšha ba ne ba tlisetsa Jesu yo monnye dimpho. Mokwalo wa Segerika wa Efangele eno o bitsa baeng bano maʹgoi, ke gore banna ba ba botlhale. (Mathaio 2:1) Ke eng se re se itseng ka bone?

Mekwalo e e buang ka banna ba ba botlhale e e ka ikanngwang ke e e kwadilweng bogologolo ke rahisitori wa Mogerika e bong Herodotus. Herodotus yo o neng a tshela mo lekgolong la botlhano la dingwaga B.C.E., o ne a kwala gore banna ba ba botlhale e ne e le ba setlhopha sa baperesiti ba kwa Peresia ba ba neng ba itse go lepa dinaledi, go tlhalosa ditoro le go latlhela bola. Mo motlheng wa ga Herodotus, bodumedi jwa kwa Peresia e ne e le Bo-Zoroaster. Ka jalo, go ka direga gore banna ba ba botlhale ba a neng a bua ka bone e ne e le baperesiti ba bodumedi jwa Bo-Zoroaster. Buka ya tshedimosetso ya The International Standard Bible Encyclopedia ya re: “Ka kakaretso kwa dinageng tsa Bagerika mágos [monna yo o botlhale] o ne a na le kitso le bokgoni jo bo fetang jwa batho mme ka dinako tse dingwe o ne a dira ditiro tsa boselamose.”

Batlhalosi ba le mmalwa ba Baebele ba go tweng ke Bakeresete ba ba jaaka Justin Martyr, Origen le Tertullian ba ne ba tlhalosa banna ba ba botlhale ba ba neng ba etetse Jesu ba re ke balepadinaledi. Ka sekai, Tertullian o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya On Idolatry: “Re a itse gore maselamose a tsamaisana le tepodinaledi. Ka jalo, balepadinaledi ke bone ba ntlha . . . go mo [Jesu] tlisetsa ‘dimpho.’” Go dumalana le tlhaloso eno, dithanolo di le dintsi tsa Baebele di ranola maʹgoi e le “balepadinaledi.”

Ke ka ntlha yang fa Mathaio a ne a re mafoko a a tswang mo bukeng ya ga Sekarea a builwe ke moporofeti Jeremia?

Mafoko a go buiwang ka one a fitlhelwa mo go Mathaio 27:9, 10, e mo go yone mokwadi wa Efangele a neng a bua ka madi a Judase Isekariota a neng a a neilwe gore a oke Jesu. Ditemana tseo tsa re: “Jaanong se se neng sa buiwa ka Jeremia moporofeti se ne sa diragadiwa, go twe: ‘Mme ba ne ba tsaya dipapetlana tsa selefera di le masome a mararo, tlhwatlhwa ya monna yo o neng a beelwa tlhwatlhwa ya go bolawa, . . . mme ba di ntshetsa tshimo ya mmopi wa letsopa.’” Boporofeti jo bo ka ga dipapetlana tsa selefera di le 30 bo builwe ke Sekarea, e seng Jeremia.—Sekarea 11:12, 13.

Go lebega ka dinako tse dingwe dibuka tse di neng di bidiwa “Baporofeti” di ne di simolola ka buka ya ga Jeremia e seng ya ga Isaia. (Mathaio 22:40) Ka jalo, fa Mathaio a ne a bua ka “Jeremia” fano o ne a bua ka karolo yotlhe ya Dikwalo e e neng e bidiwa ka leina la buka ya yone e e simololang. Karolo eno ya Dikwalo e ne e akaretsa buka ya ga Sekarea.

Ka tsela e e tshwanang, Jesu o ne a dirisa leina “Dipesalema” go kaya dibuka di le mmalwa tsa Baebele tse gape di bidiwang Mekwalo. Ka jalo, fa a ne a re dilo tsotlhe tse go kwadilweng ka tsone ka ene “mo molaong wa ga Moshe le mo Baporofeting le Dipesalema” di tshwanetse go diragala, o ne a bua ka boporofeti jo bo mo Dikwalong tsotlhe tsa Sehebera.—Luke 24:44.