Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Basupi ba ga Jehofa ba fodisa batho ka kgakgamatso?

A Basupi ba ga Jehofa ba fodisa batho ka kgakgamatso?

 Babadi ba a Botsa . . .

A Basupi ba ga Jehofa ba fodisa batho ka kgakgamatso?

▪ Basupi ba ga Jehofa ga ba ise ba ko ba fodise batho ka kgakgamatso. Fela jaaka Jesu, ba dumela gore tiro ya bone ya botlhokwa ke go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Gape ba dumela gore Bakeresete ba boammaaruri ga ba tlhaolwe ka go fodisa batho ka kgakgamatso, mme ba tlhaolwa ka sengwe se se botlhokwa go feta seo.

Re ka tlhomamisega ka gore go fodisa ga ga Jesu Keresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., go na le bokao jwa botlhokwa mo go rona rotlhe. O ne a re tlhomamisetsa gore fa a busa e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo, “ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24.

Le fa go ntse jalo, go tweng ka diphodiso tse di dirwang gompieno? Bafodisi ba ba leng mo dikerekeng tse di ipitsang tsa Bokeresete le tse dingwe tse e seng tsa Bokeresete, ba re ba fodisa ka kgakgamatso. Mme gone, Jesu o ne a tlhagisa ka batho ba ba neng ba tla re ba “dira dikgakgamatso di le dintsi” ka leina la gagwe. O ne a tla ba raya a re: “Ga ke ise nke ke lo itse. Tlogang fa go nna, lona badirabosula!” (Mathaio 7:22, 23, International Standard Version) Ka jalo, a ruri ditiro tse go tweng ke tsa kgakgamatso tse bafodisi ba di dirang gompieno ke sesupo sa gore Modimo o a ba amogela kgotsa o a ba segofatsa?

Ela tlhoko gore Baebele ya reng ka dikgakgamatso tse Jesu a neng a di dira. Fa re ka bapisa pego ya Dikwalo le mekgwa e e dirisiwang ke bafodisi gompieno, re ka kgona go bona sentle gore a tota diphodiso tsa gompieno di tswa kwa Modimong.

Jesu ga a ise a ko a fodise batho gore a nne le balatedi kgotsa a nne le batho ba le bantsi ba ba mo reetsang. Go na le moo, o ne a fodisa batho bangwe a se fa a ka bonwang ke batho ba le bantsi gone. Gantsi o ne a bolelela batho ba a ba fodisang gore ba se ka ba bolelela ope ka gone.—Luke 5:13, 14.

Jesu o ne a sa duedise batho ba a neng a ba fodisa. (Mathaio 10:8) Mme ka metlha o ne a atlega fa a fodisa batho. Batho botlhe ba ba neng ba tla kwa go ene ba ne ba fodisiwa ka botlalo, mme seo se ne se sa ikaega ka gore ba na le tumelo e kana kang. (Luke 6:19; Johane 5:5-9, 13) Tota e bile Jesu o ne a tsosa le baswi!—Luke 7:11-17; 8:40-56; Johane 11:38-44.

Le fa Jesu a ne a dira dikgakgamatso tseo, tiro e a neng a e dira e ne e sa remelela mo go phutheng basokologi ka go tshwara dikokoano tse di amang maikutlo tse a neng a tla dira dikgakgamatso mo go tsone. Go na le moo, tiro ya gagwe ya konokono e ne e le go anamisa dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Jesu o ne a thapisa balatedi ba gagwe gore ba dire batho barutwa, ba ba neng ba tla ruta batho ba bangwe ka tsholofelo ya go nna le botsogo jo bo itekanetseng mo Bogosing jwa Modimo.—Mathaio 28:19, 20.

Gone ke boammaaruri gore bangwe ba balatedi ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba na le dimpho tse di kgethegileng tsa go fodisa, mme di ne di tla kgaotsa. (1 Bakorintha 12:29, 30; 13:8, 13) Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba tlhaolwa ka lorato lwa go intsha setlhabelo e seng ka ditiro tsa go fodisa. (Johane 13:35) Diphodiso tsa gompieno ga di a dira gore go nne le lelapa la mmatota la Bakeresete ba ba tswang mo ditsong tsotlhe le ba ba godisitsweng ka ditsela tse di farologaneng ba ba kopantsweng ke lorato lo lo ntseng jalo.

Le fa go ntse jalo, go na le setlhopha sa Bakeresete ba ba kopantsweng ke lorato lo logolo lo lo dirang gore ba se ka ba utlwisana botlhoko—kgotsa ba utlwisa motho ope fela botlhoko—tota le mo nakong eno e mo go yone batho ba leng bogale jo bo tshosang e bile ba sa utlwane. Ke setlhopha sefe seo? Ke Basupi ba ga Jehofa. Ba itsege mo lefatsheng lotlhe ka go bontsha lorato lo lo jaaka lwa ga Keresete. Re ka re go kopanya batho ba merafe, ditšhaba le ditso tse di farologaneng ke kgakgamatso mme seno se kgonega fela ka ntlha ya moya o o boitshepo wa Modimo. Ke eng o sa ye kwa go nngwe ya dipokano tsa bone mme o iponele seo?

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

A ruri Modimo o ema nokeng bafodisi ba gompieno (ba ba bontshitsweng kafa mojeng?)