Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 Ruta Bana ba Gago

Lebaka La go Bo Jesu A ne A Diega

Lebaka La go Bo Jesu A ne A Diega

JESU o utlwile gore tsala ya gagwe e a atamalaneng thata le yone e bong Lasaro e lwala fela thata. Motho yo o romilweng ke Marea le Maratha, bokgaitsadie Lasaro, o bolelela Jesu dikgang tseno. O tswa kwa Bethani kwa motseng o Lasaro le bokgaitsadie ba nnang kwa go one. Bokgaitsadie Lasaro ba dumela gore Jesu a ka fodisa mogoloabone, le fa ba nna kgakala kwa letlhakoreng le lengwe la Noka ya Joredane. Ba a itse gore Jesu mo nakong e e fetileng o ne a fodisa batho ba le kgakajana le ene.—Mathaio 8:5-13; Johane 11:1-3.

Fa morongwa a goroga kwa go Jesu a bo a mmolelela dikgang tseno tse di hutsafatsang, Jesu ga a dire sepe ka gone. Baebele ya re: “A nna malatsi a le mabedi mo lefelong le a neng a le mo go lone.” (Johane 11:6) A o itse gore ke ka ntlha yang fa Jesu a ile a diega go thusa Lasaro?— * Mma re tlotle ka seno.

Jesu o a itse gore Lasaro o bolailwe ke bolwetse. Ka jalo, o raya baaposetoloi ba gagwe a re: “A re yeng kwa Judea gape.” Ga ba dumalane le ene mme ba re: “Moragonyana fela jaana Bajudea ba ne ba batla go go kgobotletsa ka maje, mme a o ya gone gape?” Jesu a re: “Lasaro tsala ya rona o ile go ikhutsa, mme ke tsaya loeto go ya gone gore ke mo tsose mo borokong.”

Baaposetoloi ba mo raya ba re: “Morena, fa e le gore o ile go ikhutsa, o tla fola.” Jaanong Jesu o ba tlhalosetsa jaana: “Lasaro o sule.” Morago ga moo, o ba bolelela sengwe se se tshwanetseng sa bo se ba gakgamaditse: “Ke ipela ka ntlha ya lona gore ke ne ke seyo . . . Mme a re yeng kwa go ene.”

Thomase o bua jaana ka bopelokgale: ‘A re yeng gore re tle re swe le Jesu.’ Thomase o a itse gore baba ba tla leka gape go bolaya Jesu le baaposetoloi le bone ba ka nna ba bolawa. Le fa go ntse jalo, ba tsamaya botlhe. Morago ga malatsi a le mabedi kgotsa go feta, ba goroga kwa Bethani, motse o Lasaro a goletseng kwa go one. O bokgakala jwa dikilometara di ka nna tharo go tswa kwa Jerusalema.—Johane 11:7-18.

A o itse gore ke eng fa Jesu a itumeletse gore o ne a se ka a goroga ka bonako?— Jesu o ile a tsosa batho ba bangwe mo nakong e e fetileng, mme batho bao ba ne ba na le diura di le mmalwa fela ba tlhokafetse ka nako ya fa Jesu a ba tsosa. (Luke 7:11-17, 22; 8:49-56) Le fa go ntse jalo, mmele wa ga Lasaro o ne o le mo lebitleng ka malatsi a le mmalwa. Ga go ope yo o ka belaelang gore ruri o ne a sule!

Fa kgaitsadie Lasaro e bong Maratha a utlwa gore Jesu o gaufi le Bethani, o a taboga go ya go mo kgatlhantsha. A re: “Morena, fa o ka bo o ne o le fano kgaitsadiake o ka bo a sa swa.” Jesu o mo tlhomamisetsa jaana: “Kgaitsadio o tla tsoga.” Maratha o boela gae a taboga mme o raya monnawe mo sephiring a re: “Moruti o gone mme o a go bitsa.”

Marea o nanoga ka bonako o ya kwa go Jesu. Boidiidi jwa batho bo sala Marea morago  ka gonne bo akanya gore o ya kwa lebitleng. Fa Jesu a bona Marea le boidiidi jwa batho bo lela, le ene o “tsholola dikeledi.” Go ise go ye kae, ba goroga kwa lebitleng, le le tswetsweng ka letlapa le legolo. Jesu o ba laela jaana: “Tlosang leje.” Mme Maratha ga a batle, a re: “Morena, mo nakong eno o tshwanetse a bo a nkga, gonne ke malatsi a le manè.”

Batho ba ne ba ikobela taelo ya ga Jesu mme ba tlosa leje. Morago ga moo Jesu o a rapela, a leboga Modimo ka ntlha ya maatla a a tla mo nayang one gore a tsose Lasaro. Jesu o goa “ka lentswe le le kwa godimo a re: ‘Lasaro, tswa!’” Mme Lasaro a tswa, ‘a hapilwe ka dihapi.’ Ka jalo Jesu o ba laela jaana: “Mmofololeng lo mo lese a tsamaye.”—Johane 11:19-44.

A jaanong o kgona go tlhaloganya lebaka la go bo Jesu a ile a diega?— O ne a itse gore fa a diega o tla naya bosupi jo bo molemo kaga Rraagwe e bong Jehofa. Mme ka gonne a ile a tlhopha nako e e molemo, batho ba le bantsi ba ne ba dumela mo Modimong. (Johane 11:45) A o kgona go bona se re ka se ithutang mo sekaong sa ga Jesu?—

Le wena o ka kgona go tlhopha nako e e molemo ya go neela bosupi ka dilo tse di itumedisang tse Modimo a di dirileng le tse a tla di dirang mo isagweng. Gongwe o ka buisana le baithuti ka wena kgotsa barutabana ba gago ka tsone. Tota le ka nako ya sekolo, basha bangwe ba ile ba nna le tshono ya go bolelela ba bangwe ka masego a magolo a Bogosi jwa Modimo bo tla a leretseng batho. Gone ke boammaaruri, o ka se kgone go tsosa baswi mme o ka kgona go thusa batho ba bangwe go itse Modimo yo o ka kgonang go tsosa baratiwa ba rona ba ba suleng e bile a tlile go ba tsosa.

^ ser. 4 Fa o bala le ngwana, letshwao la thaladi le go gakolola gore o eme mme o mo kgothaletse go ntsha maikutlo a gagwe.