Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 Ditsela Tsa go Bona Boitumelo mo Lelapeng

Kafa o ka Atlegang ka Gone mo Ngwageng wa Ntlha wa Lenyalo

Kafa o ka Atlegang ka Gone mo Ngwageng wa Ntlha wa Lenyalo

Monna a re: “Ke gakgamaditswe ke gore nna le mosadi wa me re farologane fela thata! Ka sekai, ke rata go tsoga phakela, mme ene o rata go itisa go fitlha e nna bosigo thata. Ga ke tlhaloganye tsela e a fetofetogang ka yone mo maikutlong! Se sengwe gape—fa ke apaya, o ntshwayatshwaya diphoso, segolobogolo tsela e ke phimolang diatla tsa me ka yone ka letsela la dijana.”

Mosadi a re: “Monna wa me ga a bue thata. Mme ke tlwaetse lelapa la gaetsho. Ba bua thata, segolobogolo ka nako ya dijo. Mme fa monna wa me a apaya, o dirisa letsela le le lengwe go phimola dijana le diatla tsa gagwe! Seo se a nkgopisa! Ke ka ntlha yang fa go le thata jaana go tlhaloganya banna? Batho ba kgona jang go dira gore lenyalo le atlege?”

FA E le gore o sa tswa go tsena mo lenyalong, a o ile wa lebana le dikgwetlho tse di tshwanang? A go lebega ka tshoganyetso fela molekane wa gago a na le diphoso le makoa tse di neng di seo fa lo ne lo ratana? O ka fokotsa jang boima jwa “mathata a letsatsi le letsatsi a banyalani ba tla nnang le one”?—1 Bakorintha 7:28, Today’s English Version.

Sa ntlha, o se ka wa akanya gore ka gonne lo nyalane, wena le molekane wa gago lo setse lo itse botshelo jwa lenyalo. Gongwe o ka tswa o nnile le dinonofo dingwe fa o ise o tsene mo lenyalong, mme o ka tswa o di tokafaditse fa lo ntse lo ratana. Le fa go ntse jalo, lenyalo le tlile go leka dinonofo tseo ka ditsela tse dingwe tse disha mme o ka nna wa tshwanelwa ke go nna le dinonofo tse dingwe tse disha. A o tla dira diphoso? Ee, o tla di dira. A o tla nna le dinonofo tse o di tlhokang? Ee!

Tsela e e molemo ya go tokafatsa tiro epe fela e o e dirang ke gore o kopane le motho yo o e itseng sentle mme o dirise kgakololo e a tla e go nayang. Motho yo o itseng lenyalo go gaisa batho botlhe ke Jehofa Modimo. Mo godimo ga moo, ke Ene a re bopileng re na le keletso ya go tsena mo lenyalong. (Genesise 2:22-24) Ela tlhoko kafa Lefoko la gagwe e leng Baebele, le ka go thusang ka gone go fenya dikgwetlho le go nna le dinonofo tse di tlhokegang gore lenyalo la gago le atlege le morago ga ngwaga wa ntlha.

NONOFO 1. ITHUTENG GO BUISANA

Go ka nna le dikgwetlho dife?

Keiji, * monna yo o nyetseng yo o nnang kwa Japane, ka dinako  tse dingwe o lebala gore ditshwetso tse a di dirang di ama molekane wa gagwe. A re: “Fa re lalediwa, ke a tle ke dumele ke ise ke bue le mosadi wa me. Moragonyana ke bo ke lemoga gore ga a kitla a kgona go nna teng.” Allen, monna yo o nyetseng wa kwa Australia, a re: “Ke ne ke akanya gore monna ga a tshwanela go bolelela mosadi wa gagwe ka ditshwetso tse di tshwanetseng go dirwa.” Ka ntlha ya tsela eno e a godileng ka yone o ne a lebana le mathata. Go ne go ntse fela jalo le ka Dianne, yo o nnang kwa Boritane. A re: “Ke ne ke tlwaetse go kopa kgakololo kwa lapeng. Ka jalo, ke ne ke bua le bone pele ke dira ditshwetso mme e seng le monna wa me.”

Tharabololo ke eng?

Gakologelwa gore Jehofa Modimo o leba banyalani e le “nama e le nngwe.” (Mathaio 19:3-6) Mo go ene, ga go na kamano e e botlhokwa go na le e monna le mosadi ba nang le yone! Go dira gore kamano eo e nne e nonofile, go buisana ka tsela e e molemo go botlhokwa.

Monna le mosadi ba ka ithuta go le gontsi ka go sekaseka tsela e Jehofa Modimo a neng a buisana le Aborahame ka yone. Ka sekai, tsweetswee bala puisano ya bone e e mo go Genesise 18:17-33. Ela tlhoko gore Modimo o ne a tlotla Aborahame ka ditsela di le tharo. (1) Jehofa o ne a tlhalosa se a neng a ikaeletse go se dira. (2) O ne a reetsa fa Aborahame a tlhalosa tsela e a lebang dilo ka yone. (3) Go ya kafa go kgonegang ka teng, Jehofa o ne a fetola se a neng a tla se dira gore Aborahame a bone se a neng a se kopa. O ka dira se se tshwanang jang fa o buisana le molekane wa gago?

LEKA SENO: Fa lo tlotla ka dikgang tse di tla amang molekane wa gago, (1) tlhalosa kafa o ka ratang go dira dilo ka teng, mme o ntshe kakantsho ka se o se akanyang, e seng go mmolelela tshwetso e o setseng o e dirile mme o batla gore a e latele; (2) kopa molekane wa gago gore a tlhalose kafa a ikutlwang ka teng kgotsa se a se akanyang mme o itse gore a ka leba dilo ka tsela e e farologaneng; mme (3) ‘a go nna tekatekano ga gago go itsiwe’ ka gore o dire se molekane wa gago a se batlang fa go kgonega.—Bafilipi 4:5.

NONOFO 2. ITHUTE GO AKANYETSA MOLEKANE WA GAGO

Go ka nna le dikgwetlho dife?

Go ikaegile ka gore o godisitswe jang le setso sa lona, o ka tswa o tlwaetse go gatelela se o se akanyang e bile o sa akanyetse batho ba bangwe. Ka sekai, Liam yo o nnang kwa Yuropa, a re: “Kwa lefelong le ke tswang kwa go lone, batho ga ba akanyetsane. Tsela e ke buang ka yone ke phatloga fela fa ke batla sengwe, gantsi e ne e kgopisa mosadi wa me. Ke ne ka tshwanelwa ke go ithuta go nna bonolo.”

Tharabololo ke eng?

O se ka wa akanya gore molekane wa gago o batla gore o bue le ene ka   tsela e o tlwaetseng go bua ka yone. (Bafilipi 2:3, 4) Kgakololo e moaposetoloi Paulo a neng a e naya morongwa mongwe e ka thusa le batho ba ba sa tswang go nyalana. O ne a kwala jaana: “Motlhanka wa Morena ga a tlhoke go lwa, mme o tlhoka go nna bonolo.” Mo Segerikeng sa ntlhantlha, lefoko le le ranotsweng e le “bonolo” gape le ka kaya “go akanyetsa.” (2 Timotheo 2:24) Go akanyetsa ke bokgoni jwa go lemoga botlhokwa jwa go nna kelotlhoko mo maemong mangwe le go rarabolola kgang ka bopelonomi, o sa kgopise ope.

LEKA SENO: Fa molekane wa gago a go kgopisitse, go na le go akanya o bua le ene, akanya o bua le tsala e e molemo kgotsa mothapi wa gago. A o ne o tla bua ka bogale kgotsa o ne o tla akanyetsa se o tla se buang? Jaanong akanya ka mabaka a go bo molekane wa gago a tshwanelwa ke gore o buisane le ene ka tlotlo e bile o mo akanyetse go gaisa tsala kgotsa mothapi wa gago.—Bakolosa 4:6.

NONOFO 3. ITHUTE GO TLWAELA BOIKARABELO JWA GAGO JO BOSHA

Go ka nna le dikgwetlho dife?

Kwa tshimologong monna a ka nna a dirisa botlhogo jwa gagwe ka tsela e e tla utlwisang mosadi wa gagwe botlhoko kgotsa mosadi a ka tswa a sa tlwaela go ntsha dikakantsho ka tsela e e molemo. Ka sekai, Antonio, monna yo o nyetseng yo o nnang kwa Italy, a re: “Ka metlha rre o ne a sa buisane le mmè fa a dira ditshwetso tsa lelapa. Ka jalo, la ntlha ke ne ke laola lelapa la me jaaka e kete ke kgosi.” Debbie, mosadi yo o nyetsweng yo o nnang kwa Canada, a re: “Ke ne ke batla gore monna wa me a nne bothakga. Mme go lebega tsela e ke neng ke bua le ene ka yone e ne ya dira gore a nne tlhogoethata le go feta.”

Tharabololo ke eng?

Banna bangwe ba ba nyetseng ga ba tlhaloganye se Baebele e se buang fa e re basadi ba ikobele banna le fa e re bana ba ikobele batsadi. (Bakolosa 3:20; 1 Petere 3:1) Le fa go ntse jalo, Baebele ya re monna “o tla ngaparela mosadi wa gagwe, mme bobedi jono bo tla nna nama e le nngwe”; mme ga e bue se se tshwanang ka bana le batsadi. (Mathaio 19:5) Jehofa o tlhalosa  mosadi e le motlatsi kgotsa mothusi wa monna wa gagwe. (Genesise 2:18) Ga a ise a ko a re ngwana ke motlatsi kgotsa mothusi wa motsadi. O akanyang—fa monna a tshwara mosadi wa gagwe jaaka ngwana, a o tlotla thulaganyo ya lenyalo?

Tota e bile Lefoko la Modimo le go kgothaletsa gore o tshware mosadi wa gago ka tsela e e tshwanang le e Jesu a tshwarang phuthego ya Bokeresete ka yone. O ka dira gore go nne motlhofo gore mosadi wa gago a go tseye o le tlhogo ya gagwe fa (1) o sa lebelele gore a se ka a dira diphoso fa a ntse a go ikobela (2) o mo rata jaaka mmele wa gago, le fa go ka nna le mathata.—Baefeso 5:25-29.

Ke eng se se ka thusang mosadi?

Amogela gore jaanong monna wa gago ke tlhogo e e tlhomilweng ke Modimo. (1 Bakorintha 11:3) Fa o tlotla monna wa gago, o tlotla Modimo. Fa o sa ikobele botlhogo jwa gagwe, ga o bontshe fela kafa o ikutlwang ka gone ka monna wa gago mme o bontsha le kafa o ikutlwang ka gone ka Modimo le se a batlang gore o se dire.—Bakolosa 3:18.

Fa lo rarabolola mathata a magolo, ithute go tlhasela bothata—e seng botho jwa monna wa gago. Ka sekai, Kgosigadi Esethere o ne a batla gore monna wa gagwe e bong Kgosi Ahasueruse, a baakanye tshiamololo e e neng e dirwa. Go na le go tlhasela monna wa gagwe, o ne a tlhalosa ka tsela e e botlhale kafa a ikutlwang ka gone. Monna wa gagwe o ne a amogela kakantsho ya gagwe mme kgabagare a dira se se siameng. (Esethere 7:1-4; 8:3-8) Monna wa gago a ka nna a ithuta go go rata thata fa (1) o mo naya sebaka sa go diragatsa boikarabelo jwa gagwe jo bosha e le tlhogo ya lelapa (2) o mo tlotla, le fa a dira diphoso.—Baefeso 5:33.

LEKA SENO: Go na le go akanya ka dilo tse molekane wa gago a tshwanetseng go di fetola, nna o akantse ka dilo tse wena o tshwanetseng go di fetola. Banna ba ba nyetseng: Fa o kgopisitse mosadi wa gago ka tsela e o dirisang botlhogo jwa gago ka yone kgotsa o sa kgone go bo dirisa sentle, mmotse gore o ka tokafatsa jang, mme o kwale dikakantsho tseo. Basadi ba ba nyetsweng: Fa monna wa gago a re ga o mo tlotle, mmotse gore o ka tokafatsa jang mme o kwale dikakantsho tseo.

Nna Tekatekano Mo go Se o Se Lebeletseng

Go ithuta kafa o ka dirang ka gone gore lo itumele le go nna tekatekano mo lenyalong go tshwana le go ithuta go kgweetsa baesekele. O lebeletse gore o ka wa fa o ntse o ithuta go kgweetsa baesekele. Ka tsela e e tshwanang, o tshwanetse go lebelela gore o tla dira diphoso tse di tlhabisang ditlhong fa o ntse o nna le maitemogelo mo lenyalong.

O se ka wa tsaya sengwe le sengwe se le masisi. Tsaya dilo tse di tshwenyang molekane wa gago di le masisi, mme o ithute go itshega fa o dira diphoso. Batla ditsela tsa go itumedisa molekane wa gago mo ngwageng wa ntlha lo nyalane. (Duteronome 24:5) Mo godimo ga moo, letlang gore Lefoko la Modimo le lo kaele. Fa lo dira jalo, lenyalo la lona lo tla tswelela lo nonofile.

^ ser. 9 Maina mangwe a fetotswe.

IPOTSE JAANA . . .

  • A ke bolelela molekane wa me sengwe le sengwe kgotsa ke bona go le molemo gore ke bue le batho ba bangwe?

  • Ke eng se ke se dirileng mo diureng di le 24 se se bontshang gore ke rata molekane wa me e bile ke a mo tlotla?