Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Thusang ka Gone Tsala e e Lwalang

Kafa o ka Thusang ka Gone Tsala e e Lwalang

 Kafa o ka Thusang ka Gone Tsala e e Lwalang

A O KILE wa iphitlhela o sa itse gore o tla reng fa o ntse o bua le tsala e e lwalang? Tlhomamisega gore o ka kgona go fenya kgwetlho eno. O ka e fenya jang? Ga go na melao epe e e tlhomilweng e e tshwanetseng go latelwa. Go farologana ga ditso e ka nna bothata. Botho jwa batho le jone bo ka ne bo farologana fela thata. Ka jalo, sengwe se se ka dirang gore motho yo o lwalang a ikutlwe a le botoka se ka nna sa se ka sa thusa yo mongwe. Maemo le tsela e motho a ikutlwang ka yone letsatsi lengwe le lengwe di ka farologana fela thata.

Selo sa botlhokwa se o tshwanetseng go se dira ke go ipaya mo boemong jwa motho yoo mme o bone gore ke eng se tota a se tlhokang le se a batlang gore o mo direle sone. O ka dira seo jang? Ela tlhoko dikakantsho di le mmalwa tse di latelang tse di theilweng mo melaometheong ya Baebele.

Nna moreetsi yo o molemo

MELAOMETHEO YA BAEBELE:

“Motho mongwe le mongwe o tshwanetse go nna bonako go utlwa, bonya go bua.”JAKOBE 1:19.

‘Go na le nako ya go didimala le nako ya go bua.’MORERI 3:1, 7.

▪ Fa o etetse tsala e e lwalang, e reetse ka tlhoafalo le ka tsela e e bontshang gore o e utlwela botlhoko. O se ka wa itlhaganelela go mo naya kgakololo kgotsa wa ikutlwa o tshwanetse go rarabolola bothata jwa gagwe ka metlha. Fa o itlhaganelela go bua se o se akanyang, o ka nna wa bua sengwe se se ka mo utlwisang botlhoko o sa ikaelela. Tsala ya gago e e lwalang ga e batle gore o rarabolole bothata jwa yone, go na le moo e batla mongwe yo o ka e reetsang ka pelo yotlhe.

Letla tsala ya gago gore e itlhalose e gololesegile. O se ka wa mo tsena ganong, o dira e kete bolwetse jwa gagwe ga bo maswe go le kalo e bile o nnela go mo kgothatsa o sa fetse. Emílio * a re: “Ke ne ke tshwerwe ke bolwetse jo bo masisi jwa boboko le mokwatla ka ntlha ya go tshwaediwa ke megare  [fungal meningitis] mme ka feleletsa ke sa bone. Ka dinako dingwe ke ikutlwa ke kgobegile marapo mme ditsala tsa me di leka go nkgomotsa ka go re: ‘Ga se wena fela o nang le mathata. Go na le batho ba ba nang le a a gaisang a gago.’ Le fa go ntse jalo, ga ba lemoge gore fa ba bua jalo ga go nthuse ka sepe. Go na le moo, go feleletsa go nkutlwisa botlhoko le go dira gore ke kgobege marapo.”

Dira gore tsala ya gago e go bulele mafatlha e sa boife gore o tla e tshwaya phoso. Fa a go bolelela gore o a boifa ka ntlha ya boemo jwa gagwe, leka go tlhaloganya kafa a ikutlwang ka gone go na le go mmolelela gore a se ka a boifa. Eliana yo o neng a na le bolwetse jwa kankere a re: “Fa ke tshwenyegile ka boemo jwa me ke bo ke lela, seo ga se reye gore ga ke tlhole ke ikanya Modimo.” Leka go leba tsala ya gago kafa a leng ka gone e seng kafa o batlang gore a nne ka gone. Gakologelwa gore a ka kgopisiwa motlhofo ke se o se buang le gore a ka nna a se ka a itshwara ka tsela e a tlwaetseng go itshwara ka yone. Nna pelotelele. Reetsa—le fa seno se ka raya go reetsa kgang e le nngwe gangwe le gape. (1 Dikgosi 19:9, 10, 13, 14) A ka tswa a batla go go bolelela se se diregang mo botshelong jwa gagwe.

Nna kutlwelobotlhoko o bo o akanyetse ba bangwe

MELAOMETHEO YA BAEBELE:

“Ipeleng le batho ba ba ipelang; lelang le batho ba ba lelang.”BAROMA 12:15.

“Dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.”MATHAIO 7:12.

▪ Ipeye mo boemong jwa tsala ya gago. Fa e le gore e tlile go ariwa, go alafiwa kgotsa e letetse go utlwa gore e tshwerwe ke eng, e ka nna ya tshoga le go kgopisega motlhofo. Leka go lemoga boemo jono mme o tlwaelane le tsela e a itshwarang ka yone. Eno e ka tswa e se nako ya go botsa dipotso tse dintsi, segolobogolo tsa botho.

Moithutatlhaloganyo mongwe e bong Ana Katalifós a re: “Letla balwetse go bua ka malwetse a bone fa ba batla mme ba dire jalo ka nako ya bone. Fa ba batla go bua, bua le bone ka sengwe le sengwe fela se ba ka batlang go bua ka sone. Mme fa ba sa batle go bua, o ka itidimalela fela mme go ba tshwara ka seatla go ka thusa fela thata. Gongwe o ka fitlhela ba batla fela go bua le mongwe yo o ka ba reetsang.”

O se ka wa bua ka dikgang tsa botho tsa tsala ya gago. Mokwadi mongwe e bong Rosanne Kalick, yo o neng a tshwarwa ke bolwetse jwa kankere ka makgetlo a le mabedi a re: “Fa o ntse o leka go bona gore o ka thusa tsala ya gago ka eng, tsaya gore se a go bolelelang sone ke khupamarama. O se ka wa bolelela batho ba bangwe ka bolwetse jwa gagwe ntle le fa o kopilwe go nna mmueledi wa lelapa. Botsa molwetse gore a ka rata gore batho ba itse ka eng.” Edson yo o neng a na le kankere a re: “Tsala ya me e ne ya bolelela batho gore ke na le kankere le gore nka se tshele lobaka lo loleele. Ke ne ke sa tswa go ariwa. Gape ke ne ke itse gore ke na le kankere mme ke ne ke sa ntse ke emetse go utlwa gore e bakwa ke eng. E ne e ise e aname. Le fa go ntse jalo, magatwe a a neng a a anamisa a ne a setse a bakile mathata. Mosadi wa me o ne a utlwisiwa botlhoko thata ke dilo tse batho ba bangwe ba neng ba di bua ba sa akanye le dipotso tse ba neng ba di botsa.”

Fa tsala ya gago e leka go dira tshwetso ya gore e tlhophe kalafi efe, o se ka wa potlakela go mmolelela gore wena o ne o tla dira eng fa o ne o le mo boemong jo bo tshwanang le jwa gagwe. Mokwadi mongwe e bong Lori Hope yo o neng a na le kankere a re: “Pele o romelela motho yo o tshwerweng ke kankere kgotsa yo o neng a na le yone dibuka kgotsa dikgang dipe fela, go ka nna molemo gore o mmotse gore a a ka rata go di amogela. Go seng jalo, o ka utlwisa tsala ya gago botlhoko o sa lemoge le fa wena o ne o na le maitlhomo a a siameng.” Ga se mongwe le mongwe yo o ka ratang go newa tshedimosetso e ntsi ka mefuta e e farologaneng ya kalafi.

Tota le fa o le tsala ya gagwe e e gaufi thata, o se ka wa nna lobaka lo loleele fa o mo etetse. Go mo etela go botlhokwa thata, mme gone tsala ya gago e ka tswa e sa ikutlwe sentle go ka tlotla le wena. A ka tswa a lapile e bile a sa batle go tlotla kgotsa a sa kgone go reetsa ka lobaka lo loleele. Mme gone o se ka wa dira gore a akanye gore o itlhaganeletse go tsamaya. Tsala ya gago e tlhoka go bona gore o amega ka yone go le kana kang.

 Go akanyetsa batho ba bangwe go akaretsa go nna tekatekano le go leba dilo sentle. Ka sekai, pele o apeela tsala ya gago e e lwalang dijo kgotsa o mo isetsa maungo, o ka botsa gore a go na le dilo dingwe tse di sa mo tseyeng sentle. Fa o lwala, gongwe o tshwerwe ke sehuba, o tla bo o bontsha lorato fa o mo etela fa o sena go fola.

Mo nonotshe

MELAOMETHEO YA BAEBELE:

“Loleme lwa ba ba botlhale ke phodiso.”DIANE 12:18.

“A puo ya lona ka metlha e nne ya bopelontle, e lokilwe ka letswai.”BAKOLOSA 4:6.

▪ Fa e le gore o leba tsala ya gago e e lwalang ka tsela e e siameng, seo se tla bonala ka se o se dirang le se o se buang. Leba tsala ya gago ka tsela e o neng o mo leba ka yone e bile a na le dinonofo tse di neng tsa dira gore o atamalane le ene kwa tshimologong. O se ka wa letla bolwetse jwa tsala ya gago go dira gore o se ka wa atamalana le ene. Fa o bua le tsala ya gago jaaka e kete ke motho yo o sa kgoneng go itirela sepe, a ka nna a simolola go iteba jalo. Roberta yo o tshotsweng a na le bolwetse jwa marapo, a re: “O se ka wa ntsaya jaaka molwetse. Ke golafetse, le fa go ntse jalo ke na le tsela e ke lebang dilo ka yone le e ke eletsang go di dira ka yone. O se ka wa ntlhomogela pelo. O se ka wa bua le nna jaaka e kete ke seeleele.”

Gakologelwa gore sa botlhokwa ga se se o se buang mme ke kafa o se buang ka gone. Tota le segalo sa lentswe la gago se ka nna le seabe. Moragonyana fela ga gore Ernesto a bolelelwe gore o na le kankere o ne a founelwa ke tsala ya gagwe ya kwa moseja, e e neng ya mo raya ya re: “Ga ke dumele gore o tshwerwe ke kankere!” Ernesto a re: “Tsela e a neng a gatelela mafoko ‘o’ le ‘kankere’ ka yone e ne ya dira gore ke tshoge.”

Mokwadi Lori Hope o re naya sekai se sengwe: “Go botsa gore ‘O ikutlwa jang?’ go ka kaya dilo tse dintsi tse di farologaneng mo molwetseng. Go ikaegile ka segalo sa lentswe la motho yo o botsang potso eo, tsela e a tshikinyang mmele wa gagwe ka yone, kamano ya gagwe le molwetse, tsela e ba atamelaneng ka yone le gore a o boditse potso ka nako e e siameng, potso eo e ka gomotsa molwetse, ya mo utlwisa botlhoko kgotsa ya dira gore a boife.”

Tsala e e lwalang e batla go ikutlwa e kgathalelwa, e tlhaloganngwa e bile e tlotlwa. Ka jalo mo tlhomamisetse gore o botlhokwa thata mo go wena le gore o tla mo thusa. Rosemary, molwetse yo o nang le tlhagala mo bobokong a re: “Ke ne ke kgothadiwa thata ke go utlwa ditsala tsa me di mpolelela gore di a nthata le gore ba tla nkema nokeng le fa go ka direga eng fela.”—Diane 15:23; 25:11.

Mo thuse

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE:

“A re rateng, e seng ka lefoko le fa e le ka loleme, mme ka tiro le boammaaruri.”1 JOHANE 3:18.

▪ Dilo tse tsala ya gago e tla di tlhokang ka nako ya fa a bolelelwa gore o na le bolwetse jo bo rileng di ka se ka tsa tshwana le tse a tla di tlhokang fa a dirisa kalafi nngwe. Mme gone ka nako eno yotlhe, a ka nna a tlhoka thuso. Go na le go re o re—“fa o tlhoka sengwe, o nteletse”—leka go tlhamalala. Go mmolelela gore o tla mo thusa go dira ditiro tsa letsatsi le letsatsi tse di jaaka go apaya, go phepafatsa, go tlhatswa, go sidila diaparo, go mo direla dilo dingwe, go mo ela mabenkeleng le go mo isa kwa tliliniking kgotsa kwa bookelong go ya go bona kalafi, ke dingwe tsa dilo di le mmalwa tse di ka bontshang gore o amega ka ene. Ikanyege mme o tshware nako. Dira se o solofeditseng tsala ya gago gore o tla se mo direla.—Mathaio 5:37.

Mokwadi mongwe e bong Rosanne Kalick a re: “Sengwe le sengwe se re se dirang se ka tswa se le segolo kgotsa se le sennye, se se ka dirang gore molwetse a se ka a akanya thata ka bolwetse jwa gagwe le ka botsogo, se ka thusa fela thata.” Sílvia yo o neng a na le bolwetse jwa kankere ka makgetlo a le mabedi o a dumalana. A re: “Go kopa ditsala tsa me tse di farologaneng gore di nkise kwa toropong letsatsi le letsatsi gore ke ye go bona kalafi ya marang, go ne go lapolosa e bile go gomotsa! Fa re le mo tseleng, re ne re bua ka dilo tse di farologaneng mme fa ke sena go alafiwa, ka metlha re ne re tsena mo lebenkeleng la kofi. Seno se ne se dira gore ke ikutlwe e kete ga ke lwale.”

 Mme o se ka wa ipolelela gore o itse se tsala ya gago e se tlhokang. Kalick o akantsha jaana: “Botsa, botsa, botsa.” O oketsa ka go re: “Fa o eletsa go thusa, o se ka wa batla go laola sengwe le sengwe. Seo se ka nna sa se ka sa thusa mme se ka galefisa molwetse. Fa o sa ntetle gore ke dire sengwe, go raya gore ga nka ke ka kgona go dira sepe. Ke batla gore le nna ke ikutlwe ke kgona go dira dilo dingwe. Ga ke batle go ikutlwa ke le molwetse. Nthuse go dira se ke kgonang go se dira.”

Tsala ya gago e batla go ikutlwa e na le bokgoni jwa go dira dilo dingwe. Adilson, yo o tshwerweng ke AIDS, a re: “Fa o lwala ga o batle go kgaphelwa kwa thoko jaaka e kete ga o na molemo wa sepe kgotsa ga o kgone go dira sepe. O batla go thusa go dira sengwe tota le fa e ka tswa e le dilo tse dinnye. Go itumedisa tota go ikutlwa o na le bokgoni jwa go dira sengwe! Seo se dira gore o batle go tswelela o tshela. Ke batla gore batho ba ntetle go itirela ditshwetso—mme ba di tlotle. Go lwala ga go kaye gore motho ga a ka ke a dira seabe sa gagwe sa go nna rre, mmè, jalo le jalo.”

O se ka wa mo latlha

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE:

“Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.”DIANE 17:17.

▪ Fa o sa kgone go etela tsala ya gago ka go bo a le kgakala kgotsa ka ntlha ya maemo mangwe, o ka mo founela mme o tlotle le ene ka tsela e e botsalano, o ka mo kwalela lekwalo kgotsa wa mo romelela molaetsa ka Internet. O ka kwala eng? Mogakolodi yo o hutsafetseng e bong Alan D. Wolfelt, o akantsha jaana: “Mo gopotse dinako tse di monate tse lo ileng lwa di itumelela mmogo. Mo solofetse gore o tla mo kwalela gape mo bogautshwaneng—mme o dire jalo.”

Ga o a tshwanela go tlogela go kgothatsa tsala ya gago e e lwalang o boifa gore o tla bua sengwe se se phoso kgotsa gore o tla dira diphoso. Gantsi go botlhokwa gore o mo etele. Lori Hope o ne a bua jaana mo bukeng e a e kwadileng: “Rotlhe re bua le go dira dilo tse batho ba bangwe ba ka nnang ba se ka ba di tlhaloganya kgotsa tsa ba utlwisa botlhoko e se ka boomo. Seo ga se bothata. Bothata e nna fa o tshaba go dira phoso mo e leng gore o katogela kgakala le mongwe yo o go tlhokang.”

Tsala e e lwalang thata e ka tswa e tlhoka kemonokeng ya gago gone jaanong go feta le fa e le leng pele. Itshupe o le “molekane wa boammaaruri.” Maiteko a gago a go mo thusa a ka nna a se ka a mo fodisa mme o ka dira gore motho yo o mo ratang a kgone go itshokela boemo jo a lebaneng le jone.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 Maina mangwe a fetotswe.