Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikgato di le Supa Tse di Thusang Motho Gore a Solegelwe Molemo ke go Bala Baebele

Dikgato di le Supa Tse di Thusang Motho Gore a Solegelwe Molemo ke go Bala Baebele

 Dikgato di le Supa Tse di Thusang Motho Gore a Solegelwe Molemo ke go Bala Baebele

“Baebele ga se buka fela e e kileng ya rekisiwa thata mo hisitoring, ke buka e e rekwang thata ngwaga le ngwaga go gaisa tse dingwe tsotlhe.”—TIME MAGAZINE.

“Ke bala Baebele ka dinako dingwe mme ke e fitlhela e lapisa tota.”—KEITH, SEOPEDI SE SE ITSEGENG SA KWA ENGELANE.

GO A gakgamatsa gore batho ba le bantsi ba na le Baebele mme go bonala go e bala go sa ba solegele molemo go le kalo. Le fa go ntse jalo, batho ba bangwe ba itumelela se ba se balang mo Baebeleng. Ka sekai mosadi mongwe yo o bidiwang Nancy a re: “Fa e sa le ke simolola go bala le go tlhatlhanya ka Baebele letsatsi lengwe le lengwe mo mosong, ke kgona go lebana le mathata ape fela a nka kopanang le one mo letsatsing leo. Thulaganyo eno ya go bala Baebele e nthusitse fela thata go fokotsa go tshwenyega thata mo maikutlong go feta sepe fela se nkileng ka leka go se dira mo dingwageng di feta 35 tse di fetileng.”

Tota le fa o ise o tsamaye o bale Baebele, a ga o kgatlhiwe ke gore e thusitse batho ba bangwe fa ba ntse ba e bala? Fa e le gore o tlwaetse go bala Baebele, a o ka rata gore go e bala go go solegele molemo le go feta? Fa go le jalo, leka go dirisa dikgato di le supa tse di tlhalosiwang mo setlhogong seno.

KGATO 1—Bala ka boikaelelo jo bo siameng

▪ O ka bala Baebele fela ka gonne e le buka e e molemo kgotsa o patelesega go e bala kgotsa o batla gore e go kaele mo lefatsheng leno le le nang le mathata. Le fa go ntse jalo, o tla solegelwa molemo thata fa o e bala ka boikaelelo jwa go ithuta boammaaruri ka Modimo. Mo godimo ga moo, o tla solegelwa molemo le go feta fa o e bala ka boikaelelo jwa go bona kafa molaetsa wa yone o ka amang botshelo jwa gago ka gone.

Dikwalo di gatelela botlhokwa jwa go bala Baebele ka boikaelelo jo bo siameng ka go e tshwantshanya le seipone: “Fa motho e le moutlwi wa lefoko, mme e se modiri, yono o tshwana le monna yo o lebileng sefatlhego sa gagwe sa tlholego mo seiponeng. Gonne o a iteba, mme a tswe a tsamaye  mme ka yone nako eo a lebale gore ke motho wa mofuta ofe. Mme yo o tlhodumelang mo molaong o o itekanetseng wa kgololesego le yo o nnelang ruri mo go one, motho yono, ka gonne a sa nna moutlwi yo o lebalang bobe, mme a nnile modiri wa tiro, o tla itumela mo go o direng ga gagwe.”—Jakobe 1:23-25.

Motho yo go buiwang ka ene mo setshwantshong seno o iteba mo seiponeng a bo a sa baakanye tsela e a lebegang ka yone. A ka tswa a iteba fela ka bonako mo seiponeng kgotsa gongwe a sa batle go dira diphetogo dipe. Ka tsela e e tshwanang, re ka se solegelwe molemo go le kalo fa re sa bale Baebele ka metlha kgotsa re sa dirise se re se ithutang. Go na le moo, re ka bona boitumelo jwa mmatota fa re bala Baebele ka boikaelelo jwa go nna ‘badiri,’ re letla tsela e Modimo a akanyang ka yone gore e laole se re se akanyang le se re se dirang.

KGATO 2—Tlhopha Baebele e e ikanyegang

▪ Go ka tswa go na le Dibaebele tse dintsi ka puo ya gago tse o ka tlhophang mo go tsone. Le fa thanolo nngwe le nngwe ya Lefoko la Modimo e ka go solegela molemo, tse dingwe di kwadilwe ka puo ya bogologolo le e e dirisiwang ke batho ba ba rutegileng e go leng thata go e tlhaloganya. (Ditiro 4:13) Tota e bile dithanolo dingwe di fetola molaetsa o o utlwalang sentle wa Baebele ka go ikaega ka dingwao. Ka sekai, jaaka re bone mo ditlhogong tse di simololang mo makasineng ono, Dibaebele dingwe di emiseditse leina la Modimo, Jehofa, ka direto tse di jaaka “Modimo” kgotsa “Morena.” Ka jalo, fa o tlhopha Baebele, batla e e ranotsweng ka puo e e tlhaloganyesegang motlhofo e e dirang gore o rate go tswelela o bala.

Babadi ba le dimilione ba lemogile gore Thanolo ya Lefatshe le Lesha e tlhaloganyesega motlhofo e bile e tlhotlheletsa motho gore a tswelele a bala. * Akanya ka monna mongwe yo o godileng wa kwa Bulgaria. O ne a ya kwa pokanong nngwe ya Basupi ba ga Jehofa mme a newa khopi ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha. Moragonyana, o ne a re: “Ke badile Baebele ka dingwaga di le dintsi mme ga ke ise ke bale e e tlhaloganyesegang motlhofo jaana e bile e nkama fela thata.”

KGATO 3—Rapela

▪ O ka tlhaloganya Baebele botoka ka go kopa thuso mo Mokwading wa yone, fela jaaka go ne ga dira mopesalema yo o neng a re: “Bipolola matlho a me, gore ke lebe dilo tse di gakgamatsang tse di tswang mo molaong wa gago.” (Pesalema 119:18) Nako le nako fa o bala Baebele rapela Modimo, o mo kope gore a go thuse go tlhaloganya Lefoko la gagwe. Gape o ka leboga Modimo go bo re na le Baebele ka gonne kwantle ga yone re ne re ka se mo itse.—Pesalema 119:62.

A Modimo o utlwa dithapelo tse di ntseng jalo fa re kopa thuso? Akanya ka se se ileng sa diragalela bana ba basetsana ba babedi ba ba mo dingwageng tsa bolesome kwa Uruguay. Ba ne ba gakgamadiwa ke se Baebele e se buang mo go Daniele 2:44 mme ba rapela Modimo gore a romele mongwe yo o tla ba thusang go e tlhaloganya. Fa ba sa ntse ba butse Baebele jalo, Basupi ba ga Jehofa ba le babedi ba ne ba ba etela mme ba bala yone temana eno e basetsana bano ba neng ba rapela gore ba e tlhaloganye mme ba ba tlhalosetsa gore e bua ka dipuso tsa batho tse di tla emisediwang ke Bogosi jwa Modimo. * Basetsana bano ba ne ba tlhatswegile pelo gore Modimo o arabile thapelo ya bone.

KGATO 4—E bale letsatsi le letsatsi

▪ Mogatisi mongwe wa dibuka o ne a lemoga gore morago ga tlhaselo ya dirukhutlhi kwa United States ka September 11, 2001, “Dibaebele di ne tsa rekwa ka bontsi.” Batho ba le bantsi ba bala Lefoko la Modimo fela fa ba le mo mathateng. Le fa go ntse jalo, Baebele e re kgothaletsa go e bala letsatsi le letsatsi ka gonne ya re: “Buka eno ya molao e se ka ya tloga mo molomong wa gago, o e balele kwa tlase motshegare le bosigo, gore o tlhokomele go  dira kafa go sotlhe se se kwadilweng mo go yone; gonne o tla dira gore tsela ya gago e atlege e bile o tla dira ka botlhale.”—Joshua 1:8.

Botlhokwa jwa go bala Baebele ka metlha bo ka tshwantshiwa le monna yo o kileng a ema pelo mme a bo a dira tshwetso ya gore a je dijo tse di nang le dikotla. A dijo tseno di tla mo thusa fa a di ja fela fa a na le setlhabi mo sehubeng? Nnyaa. O tshwanetse go ja dijo tse di siameng ka metlha gore a solegelwe molemo. Ka tsela e e tshwanang, go bala Baebele letsatsi le letsatsi go tla go thusa go “dira gore tsela ya gago e atlege.”

KGATO 5—Dirisa mekgwa e e farologaneng

▪ Go ka nna molemo go bala Baebele go simolola ka Genesise go fitlha ka Tshenolo mme o ka nna wa fitlhela mekgwa e mengwe le yone e le molemo. Dingwe tsa dikakantsho di le mmalwa ke tseno.

Bala ka motho yo go buiwang ka ene mo Baebeleng. Bala dikgaolo tsotlhe kgotsa dibuka tse di tlotlang ka moobamedi mongwe wa Modimo, jaaka tse di latelang:

Josefa: Genesise 37-50.

Ruthe: Ruthe 1-3.

Jesu: Mathaio 1-28; Mareko 1-16; Luke 1-24; Johane 1-21. *

Tlhoma mogopolo mo kgannyeng e go buiwang ka yone. Bala ditemana tse di amanang le yone. Ka sekai, dira patlisiso ka kgang ya thapelo mme o bale ka se Baebele e se buang ka thapelo le ka dithapelo tse dingwe tse dintsi tse di begilweng mo Baebeleng. *

Balela kwa godimo. O ka solegelwa molemo fela thata ke go balela Baebele kwa godimo. (Tshenolo 1:3) Lo ka nna lwa balela kwa godimo lo le lelapa, lo refosana go bala dirapa kgotsa lo ka abela maloko a lelapa go bala dikarolo tse di farologaneng tsa batho ba go buiwang ka bone. Batho bangwe ba itumelela go reetsa Baebele e e rekotilweng. Mosadi mongwe o ne a re: “Go ne go le thata go simolola go bala Baebele, ka jalo ke ne ka simolola go reetsa Baebele e e rekotilweng. Gone jaanong ke a lemoga gore Baebele e kgatlha go gaisa buka epe fela e e molemo.”

KGATO 6—Tlhatlhanya

▪ Botshelo jwa gompieno jo bo nang le dilo tse di itayang tsebe bo ka dira gore motho a palelwe ke go tlhatlhanya. Le fa go ntse jalo, fela jaaka re tshwanetse go ja dijo gore di re neye maatla, re tshwanetse go tlhatlhanya ka se re se balang mo Baebeleng gore se re solegele molemo. Re dira seno ka go akanya ka se re neng re se bala le go ipotsa dipotso tse di jaaka tseno: ‘Ke ithutileng ka Jehofa Modimo? Seno se nkama jang? Nka se dirisa jang go thusa batho ba bangwe?’

Go akanya jalo go ka dira gore molaetsa wa Baebele o ame dipelo tsa rona le go oketsa boitumelo jo re nnang le jone ka go bala Lefoko la Modimo. Pesalema 119:97 ya re: “A bo ke rata molao wa gago jang ne! Ke tlhatlhanya ka one letsatsi lotlhe.” Go tlhatlhanya, go dirile gore mopesalema a akanye ka Dikwalo letsatsi lotlhe. Go dira jalo go ne ga mo thusa go rata thata se a se ithutileng.

KGATO—7 Kopa thuso gore o tlhaloganye Baebele

▪ Modimo ga a lebelela gore re tlhaloganye Lefoko la gagwe ka botlalo re le rosi. Tota le yone Baebele ya re e na le “dilo dingwe tse di thata go tlhaloganngwa.” (2 Petere 3:16) Buka ya Ditiro e bua ka modiredimogolo wa Moithopia yo o neng a sa tlhaloganye karolo nngwe ya Baebele e a neng a e bala. Modimo o ne a romela mongwe wa batlhanka ba gagwe gore a mo thuse mme seno sa felela ka gore monna wa Moithopia ‘a nne a itsamaele a ipela thata.’—Ditiro 8:26-39.

Le wena o ka solegelwa molemo ke go bala Baebele fa o kopa thuso ya gore o e tlhaloganye. Ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba ba mo lefelong la lona kgotsa o kwalele nngwe ya diaterese tse di mo go tsebe 4 ya makasine ono gore o tshwarelwe thuto ya mahala ya Baebele.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 12 Thanolo ya Lefatshe le Lesha e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, e gatisitswe ka dipuo di le 83 e feletse kgotsa bontlhanngwe jwa yone e bile e teng gape ka dipuo di le 17 mo atereseng eno ya Internet ya www.watchtower.org.

^ ser. 15 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le Bogosi jwa Modimo le se bo tla se dirang, bona kgaolo 8 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 24 Fa e le gore ke gone o simololang go bala Baebele, leka go simolola ka pego e e sobokanyang bodiredi jwa ga Jesu e e leng mo bukeng ya Mareko.

^ ser. 25 Buka ya Totatota Baebele e Rutang Eng? e thusitse batho ba le bantsi ka thuto ya Baebele e e buang ka dilo tse di diregang gompieno. Ka sekai, kgaolo 17 e tlhalosa se Dikwalo di se buang ka kgang ya thapelo.