Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Go Tlang Jang Gore Batho ba Eme Fa?”

“Go Tlang Jang Gore Batho ba Eme Fa?”

 Lekwalo le le Tswang Kwa Afrika Borwa

“Go Tlang Jang Gore Batho ba Eme Fa?”

“LEFELO LENO LE KOTSI THATA—GO A KGOTHODIWA LE GO GWEBA KA MMELE,” letshwao le le neng le le fa thoko ga tsela e tshesane le ne le tlhagisa jalo. Re ne ra tswa mo tseleng mme ra tsena mo go ya mmu mme ra ema mmogo le dikoloi tse dingwe tse di neng di eme kafa tlase ga letshwao le legolo le le supang tsela e e yang kwa lefelong la maemo la bojanala le khasino. Dikoloi tsa maemo di ne di re feta ka lobelo mme re ne ra lemoga gore batho ba ba neng ba le mo go tsone ba ne ba gakgamaditswe ke go re bona re eme mo lefelong leno. E ne e kete ba re: ‘Go tla jang gore batho ba eme fa?’

Fa koloi ya rona e sena go ema, re ne ra ya go kopana le setlhopha sa batho ba ba neng ba apere sentle ba ba neng ba eme mo moriting wa letshwao leo le legolo. Setlhopha sa rona se na le batho ba ba tswang mo ditsong le mo merafeng e e farologaneng, sengwe se go sa ntseng go sa tlwaelega go se bona mo Afrika Borwa. Re tsere loeto lwa dikilometara di le 100 go tla mo lefelong leno le le mo bokonebophirima jwa Johannesburg ka boikaelelo jwa go bolelela batho ba ba nnang mo metseng eno boammaaruri jwa Baebele.

Re ne ra tshwara pokano e khutshwane fa thoko ga tsela go sekaseka temana ya Baebele re bo re feleletsa ka go dira dithulaganyo tsa rona tsa go ya go rera ka ntlo le ntlo. Go ne ga rapelwa mme ra boela mo dikoloing tsa rona. Fa o leba mo lebaleng le go ya kwa kgakala o bona matlo le mekhukhu e e tlhomilweng ka tsela e e se nang thulaganyo. Matlo a lebega a le mannye tota fa a bapisiwa le ditotoma tsa matlakala a a tswang mo meepong ya polatinamo. Batho ba le bantsi ba lefelo leno ba humanegile le fa tota go na le diminerale tse di tlhwatlhwakgolo mo lefelong le ba agileng mo go lone.

Nna le mosadi wa me le banyalani ba ba tswang kwa Jeremane, re ne ra simolola letsatsi la rona ka go rera ka ntlo le ntlo. Baagi ba le bantsi ba lefelo leno ga ba na ditiro, ka jalo magae a bone ke a maemo a a kwa tlase. Bontsi jwa one ke mekhukhu e e agilweng ka disenke tse di kokotetsweng mo dikoteng go dirisiwa dipekere tse di tsentsweng dikhurumelo tsa dibotlolo tsa bojalwa.

Mo ntlong nngwe le nngwe e re neng re tsena mo go yone, re ne re dumedisa re sa ntse re le kwa hekeng mme gantsi re ne re kgatlhantshiwa ke mmè wa lelapa leo. Batho ba re neng re bua le bone ba ne ba tlhoafaletse go utlwa molaetsa o re tlang ka one e bile re ne re tsewa re le baeng ba botlhokwa. Motshegare fa letsatsi le fisa, marulelo a disenke a ne a dira gore ntlo e nne mogote tota. Gantsi bana ba ne ba romiwa go ya go tsaya ditulo kwa ntlong mme ba re beela tsone kafa tlase ga setlhare ba bo ba re kopa gore re nne mo moriting.

Lelapa le ne le phuthega le go nna mo ditulong tse di onetseng kgotsa mo dikereiteng tse di ribegilweng. Tota le bana ba bannye ba ne ba bidiwa kwa ba neng ba tshameka gone ka ditshamekisi tse ba di itiretseng gore ba tle go reetsa. Re ne re ba balela ditemana dingwe mo Baebeleng mme re bo re  kopa ngwana yo o neng a tsena sekolo gore a bale dikgatiso tsa rona tse di theilweng mo Baebeleng. Mo e batlang e le mongwe le mongwe yo re neng re kopana le ene o ne a itumelela go amogela dikgatiso tsa rona, mme ba le bantsi ba ne ba re kopa gore re boe.

Motshegare re ne ra ikhutsa gore re je senkgwe le go nwa sengwe se se tsididi pele re boela kwa bathong ba re neng ra ba etela mo nakong e e fetileng. Motho wa ntlha yo re neng ra ya go mmona ke Jimmy, motswakwa yo o tswang kwa Malawi yo o berekang mo moepong mongwe wa polatinamo mo lefelong leno. E setse e le dikgwedi di le mmalwa re ntse re etela Jimmy. Ka metlha o itumelela go re bona e bile re na le nako re ithuta Baebele le ene. Jimmy o nyetse mosadi wa Motswana wa mo lefelong leno mme o na le bana ba babedi ba bantle le ene. Ga re a kgona go mmona fa re ne re mo etetse mo nakong e e fetileng, ka jalo re lebile pele go utlwa gore o ntse a tsoga jang.

Fa re ya re lebile kwa legaeng la ga Jimmy la maemo a a kwa tlase, re ne re kgona go bona gore go na le sengwe se se sa tsamayeng sentle. Tshingwana ya gagwe e e nnang e tlhokometswe sentle e tlhakatlhakane, mmidi o a o jadileng o ne o swabile le dikoko tse di neng di a tle di fate di batla dijo di ne di seyo. Kgoro e tswetswe ka keetane e kgolo. Moagelani o ne a tla go bona gore go diragalang. Re ne ra mmotsa gore Jimmy o kwa kae. O ne a re bolelela dikgang tse di utlwisang botlhoko: Jimmy o tlhokafetse mme mosadi wa gagwe le bana ba boetse kwa gaabo mosadi.

Le fa go tsewa go sa siama go itshunya nko mo dikgannyeng tsa batho, re ne ra kopa gore a re tlhalosetse gore go diragetseng. O ne a re raya a re: “O ne a lwala mme a tlhokafala. Go na le malwetse a le mantsi gompieno. Batho ba le bantsi ba a swa.” E re ka go sa tlwaelega go bua ka dikgang tseno, o ne a se ka a re bolelela gore o bolailwe ke eng mme go oketsega ga mabitla mo lefelong leno ke bosupi jo bo utlwisang botlhoko thata jwa gore se mosadi yono a neng a se bua se boammaaruri. Re ne ra tlotla le ene ka tsholofelo ya tsogo go se kae, mme ra ya kwa bathong ba bangwe ba re ithutang le bone re utlwile botlhoko tota.

Re ne ra tsena mo motseng o mongwe re bo re ya kwa matlong a bofelo a a leng mo lefelong le le nang le ditotoma tsa mmu o o tswang mo moepong. Ra tsena mo tseleng e e yang kwa mmila o felelang teng. Mo tshimong go na le leje le le pentilweng ka mmala o o galotseng mme le na le mafoko a a reng “Go okaoka go dira tshwetso go ja nako; go nna o ntse o re ‘ke tla . . . ’ le gone go ntse fela jalo.” David, * yo e leng ene a kwadileng mafoko ano o ntsha tlhogo ya gagwe kafa morago ga enjene ya koloi ya gagwe ya bogologolo ya Volkswagen Beetle. Marang a letsatsi le le phirimang a ne a mo fatlha fa a ntse a leka go bona gore ke bomang ba ba tlang mme o ne a nyenya fa a lemoga gore ke rona, gauta e e mo menong a gagwe e ne e phatsima. O ne a iphimola diatla mme a tla kwa go rona go tla go re dumedisa.

O ne a re: “Dumelang ditsala tsa me! Lo ntse lo le kae?” Re ne re itumeletse go bona David gape. O ne a re o maswabi gore ga a kitla a fetsa nako e ntsi le rona gompieno ka gonne o bone tiro fa re sena go kgaogana le ene mo nakong e e fetileng ka jalo o tshwanetse go ya moepong mo nakong e e sa fediseng pelo. Fa re ntse re tlotla monate le David o ne a sa kgaotse go nyenya. O ne a bua jaana a itumetse: “Letsatsi lele la ntlha fa ke sena go kopana le lona, botshelo jwa me bo ne jwa fetoga! Ruri, ga ke itse gore ke ka bo ke le kae gompieno fa lo ne lo sa tla.”

Re ne re itumetse fa re sena go kgaogana le David. Fa letsatsi le tloga le phirima, re ne ra tsena mo koloing mme ra leba gae. Fa re ntse re lebile motse oo lekgetlo la bofelo, o o sa bonaleng sentle fa marang a letsatsi a phatsima mo loaping lo lo tletseng lorole, re ne re ipotsa gore batho bano botlhe ba tla rerelwa jang dikgang tse di molemo. Re ne ra tlhaloganya ka botlalo bokao jwa mafoko ano a ga Jesu: “Thobo e kgolo, eleruri, mme badiri ba mmalwa.”—Luke 10:2.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 Maina a fetotswe.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 17]

Kind permission given by the South African Post Office