Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basupi ba ga Jehofa ba Leba Jang go Kopana ga Madumedi a a Farologaneng?

Basupi ba ga Jehofa ba Leba Jang go Kopana ga Madumedi a a Farologaneng?

 Babadi ba a Botsa . . .

Basupi ba ga Jehofa ba Leba Jang go Kopana ga Madumedi a a Farologaneng?

▪ Go ya ka World Christian Encyclopedia, go na le madumedi a ka nna “10 000 a a farologaneng mo lefatsheng lotlhe.” Dikgotlhang tse di leng teng mo madumeding di dirile gore kgopolo ya go kopanya madumedi a a farologaneng e dire gore baobamedi ba le bantsi ba nne le tsholofelo. Ba dumela gore seno se ka dira gore lefatshe leno le le kgaoganeng le nne le kagiso le go nna seoposengwe.

Baebele e kgothaletsa batho gore ba nne seoposengwe. Moaposetoloi Paulo o tshwantsha phuthego ya Bokeresete le mmele wa motho, tokololo nngwe le nngwe ya mmele e “kopanngwa mmogo ka kutlwano e bile o dirwa gore o dirisane.” (Baefeso 4:16) Ka tsela e e tshwanang, moaposetoloi Petere o ne a rotloetsa badumedi mmogo le ene jaana: “Nnang le mogopolo o o tshwanang lotlhe.”—1 Petere 3:8.

Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tshela mo lefatsheng le le nang le ditso di le dintsi le madumedi a le mantsi. Ka jalo, fa Paulo a ne a kwala ka go kopana ga madumedi a a farologaneng, o ne a botsa jaana: “Motho yo o ikanyegang o na le karolo efe le yo o sa dumeleng?” Go tswa foo, o ne a tlhagisa Bakeresete gore ba ‘tswe mo gare ga bone.’ (2 Bakorintha 6:15, 17) Go bonala sentle gore Paulo o ne a sa buelele go kopana ga madumedi a a farologaneng. Ke eng fa a ne a dira jalo?

Moaposetoloi o ne a tlhalosa gore fa Mokeresete wa boammaaruri a kopanela le motho yo e seng Mokeresete wa boammaaruri mo kobamelong, seo e tla bo e le go pataganela jokwe mo go sa lekalekaneng e leng selo se se sa tshwanelang. (2 Bakorintha 6:14) Seo se ka koafatsa tumelo ya Mokeresete. Dilo tse Paulo a neng a tshwenyegile ka tsone di ne di tshwana le tse di tshwenyang rre yo o itseng gore bana bangwe ba mo lefelong le a nnang mo go lone ga ba itshware sentle. E re ka e le motsadi yo o amegang, o beela ngwana wa gagwe melao ya gore a tshameke le bomang. Gongwe ngwana ga a ka ke a rata melao eo. Le fa go ntse jalo, le fa ngwana a sa e rate, go sa itsalanye le bone go ka mo sireletsa mo tlhotlheletsong ya bone e e sa siamang. Ka tsela e e tshwanang, Paulo o ne a itse gore fa Bakeresete ba sa kopane le madumedi a mangwe, go tla ba sireletsa mo mekgweng ya bone e e sa siamang.

Fa Paulo a ne a re Bakeresete ba se ka ba kopana le madumedi a mangwe, o ne a etsa Jesu. Le fa Jesu a ne a tlhoma sekao se se molemolemo ka go rotloetsa batho go nna le kagiso, o ne a sa kopane le batho ba madumedi a mangwe mo kobamelong. Ka nako ya bodiredi jwa ga Jesu, go ne go na le ditlhopha di le dintsi tsa bodumedi, tse di jaaka Bafarasai le Basadukae. Tota e bile, makoko ano a bodumedi a ne a ikopanya go ya go tlhasela Jesu a bo a loga leano la go mmolaya. Ka fa letlhakoreng le lengwe, Jesu o ne a kaela balatedi ba gagwe gore “ba dise . . . thuto ya Bafarasai le Basadukae.”—Mathaio 16:12.

Go tweng mo metlheng eno? A tlhagiso ya Baebele ya gore madumedi a a farologaneng a se kopane e sa ntse e dira? Ee, e sa ntse e dira. Seno ke ka gonne ditumelo tsa madumedi a a farologaneng di ka se kopanngwe ke go kopana ga one, fela jaaka oli le metsi di ka se ka tsa kopana ka go tsenngwa mo pitseng e le nngwe. Ka sekai, fa batho ba madumedi a a farologaneng ba kopana mmogo mme ba rapelela kagiso, ba rapela modimo ofe? A ke medimo e le meraro mo go a le mongwe yo o obamelwang ke dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete? A ke modimo wa Bahindu e bong Brahma? Wa Babuda? Kgotsa mongwe o sele?

Moporofeti Mika o ne a bolelelapele gore “kwa bokhutlong jwa metlha” batho ba ditšhaba tsotlhe ba tla re: “Tlang, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa le kwa ntlong ya Modimo wa ga Jakobe; mme o tla re ruta ditsela tsa gagwe, mme re tla tsamaya mo ditselaneng tsa gagwe.” (Mika 4:1-4) Seno se tla dira gore go nne le kagiso le kutlwano mo lefatsheng lotlhe, e seng ka gonne ditumelo tsotlhe di kopane mme ka gonne batho botlhe e le ba tumelo e le nngwe fela ya boammaaruri.

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Maloko a madumedi a magolo mo lefatsheng kwa khonferenseng ya go kopana ga madumedi a a farologaneng ka 2008

[Motswedi wa Setshwantsho]

REUTERS/Andreas Manolis