Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bafemelatumelo—A e Ne e Le Babueledi ba Bokeresete Kgotsa Batshegetsi ba Filosofi?

Bafemelatumelo—A e Ne e Le Babueledi ba Bokeresete Kgotsa Batshegetsi ba Filosofi?

 Bafemelatumelo—A e Ne e Le Babueledi ba Bokeresete Kgotsa Batshegetsi ba Filosofi?

GO TLHAKANELA dikobo le wa losika, go bolaya bana, go ja batho—tseno e ne e le dingwe tsa dilo tse di gakgamatsang tse Bakeresete ba neng ba latofadiwa ka tsone mo lekgolong la bobedi la dingwaga C.E. Seno se ne sa felela ka gore ba bogisiwe thata mo e leng gore bakwadi ba ba neng ba ipitsa Bakeresete ba ne ba patelesega go femela tumelo ya bone. Bakwadi bano ba moragonyana ba neng ba itsege e le bafemelatumelo, ba ne ba ikemisetsa go supa gore bodumedi jwa bone ga bo kotsi gore ba tle ba amogelwe ke balaodi ba Baroma le ke batho ba bangwe botlhe. Go dira jalo go ne go le kotsi ka gonne gantsi tsela fela ya go reba mmusomogolo le batho bogale e ne e le go ineela go dira se ba se batlang. Gape seno se ne se ka dira gore Bakeresete ba bogisiwe le go feta kgotsa gore ba koafatse tumelo ya Bokeresete ka go ineela go dira dilo dingwe. Bafemelatumelo ba ne ba femela tumelo ya bone jang? Ba ne ba ntsha mabaka afe? Mme maiteko a bone a ne a felela ka eng?

Bafemelatumelo le Mmusomogolo wa Roma

Bafemelatumelo e ne e le banna ba ba rutegileng ba lekgolo la bobedi la dingwaga le ba mo masimologong a lekgolo la boraro la dingwaga. Bangwe ba bone ba ba neng ba itsege thata e ne e le Justin Martyr, Clement wa kwa Alekesanderia le Tertullian. * Dibuka tsa bone di ne di kwaletswe baheitane le balaodi ba Baroma ka boikaelelo jwa go tlhalosa tumelo ya Bokeresete mme ba ne ba na le go tla ba nopola ditemana tsa Baebele mo go tsone. Mo godimo ga moo, bafemelatumelo ba ne ba kgona go emelana le babogisi, ba ganetsa ditatofatso tsa bone e bile ba tlhalosa Bokeresete ka tsela e e dirang gore bo lebiwe sentle.

Sengwe sa dilo tse dikgolo se bafemelatumelo ba neng ba batla go se dira e ne e le go tlhomamisetsa balaodi ba dipolotiki gore Bakeresete ga ba kgatlhanong le mmusimogolo kgotsa mmusomogolo. Tertullian o ne a re mmusimogolo “o tlhomilwe ke Modimo wa rona” mme Athenagoras ene o ne a ema nokeng kgang ya go bo bogosi bo ne bo abelanwa go ya ka losika, ka go dira jalo a nna le seabe mo dipolotiking tsa motlha oo. Ka  jalo, ba ne ba itlhokomolosa mafoko a ga Jesu Keresete, yo o neng a re: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno.”—Johane 18:36.

Gape bafemelatumelo ba ne ba akantsha gore puso ya Roma le bodumedi jwa Bokeresete di tshwanetse go dirisana. Go ya ka Melito, mekgatlho eno ka bobedi e ne e dira mmogo mme seo se thusitse mmusomogolo gore o nonofe. Mokwadi mongwe yo go sa itsiweng gore ke mang yo o kwadileng The Epistle to Diognetus o ne a re Bakeresete ba na le seabe sa botlhokwa thata mo lefatsheng, ‘ba kopanya lefatshe.’ Tertullian ene o ne a re Bakeresete ba ne ba rapelela gore mmusomogolo o atlege le gore bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo bo se ka jwa tla ka bonako. Seno se ne se dira gore go bonale e kete Bogosi jwa Modimo ga bo botlhokwa.—Mathaio 6:9, 10.

“Bokeresete” bo Fetoga Filosofi

Mofilosofi mongwe e bong Celsus o ne a sotla Bakeresete a re ke “badiri ba maemo a a kwa tlase, babaakanyi ba ditlhako, balemi, batho ba ba sa rutegang le dieleele.” Bafemelatumelo ba ne ba sa kgone go itshokela tshotlo eno. Ba ne ba loga leano le lesha le le neng le tla dira gore batho ba ba amogele. Botlhale jwa lefatshe, jo pele ba neng ba sa dumalane le jone, ba ne ba simolola go bo dirisa mo “Bokereseteng.” Ka sekai, Clement wa kwa Alekesanderia o ne a leba filosofi e le “thutabomodimo ya boammaaruri.” Le fa Justin a ne a re ga a dumalane le filosofi ya boheitane, e ne ya nna ene wa ntlha go dirisa puo ya filosofi le dikgopolo tsa yone go tlhalosa dikgopolo tsa “Bokeresete” a re filosofi e e ntseng jalo “e sireletsegile e bile e solegela molemo.”

Go simolola ka nako eo go ya pele, leano e ne e le go dira gore se go tweng ke tsela ya go akanya ya Bokeresete e bonale e gaisa thata ya baheitane, e seng go ganetsa filosofi. Justin o ne a re: “Mo dilong dingwe re ruta dilo tse di tshwanang le tsa baboki le bafilosofi ba lo ba tseelang kwa godimo mme mo go tse dingwe re ruta tsela ya Modimo ka botlalo.” Morago ga gore se go tweng ke “Bokeresete” se kgabisiwe ka go tswakanngwa le filosofi, se ne sa tlhagisiwa e le sengwe se se tlotlegang e bile se tlhomame. Bafemelatumelo ba ne ba re dibuka tsa Bokeresete ga di bolo go nna teng pele ga tsa Bagerika le gore baporofeti ba Baebele ba tshetse bogologolo pele ga bafilosofi ba Bagerika. Bafemelatumelo bangwe ba ne ba bo ba re bafilosofi ba tsere dilo dingwe mo baporofeting. Gape ba ne ba re Plato e ne e le morutwa wa ga Moshe!

Bokeresete bo a Sokamisiwa

Leano leno le lesha le ne la dira gore Bokeresete bo tswakanngwe le filosofi ya boheitane. Go ne  go tshwantshanngwa medimo ya Bagerika le batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng. Jesu o ne a tshwantshiwa le Perseus; go ima ga ga Marea go tshwantshiwa le ga mmaagwe Perseus e bong Danaë, yo le ene go neng go twe ke kgarebane.

Dithuto dingwe di ne tsa fetolwa fela thata. Ka sekai, mo Baebeleng, Jesu o bidiwa “Logos” mo go kayang “Lefoko” la Modimo kgotsa Mmueledi. (Johane 1:1-3, 14-18; Tshenolo 19:11-13) Dithuto tseno di ne tsa sokamisiwa ke Justin yo jaaka mofilosofi a neng a dirisa ka tsela e e sa siamang mafoko a mabedi a a tlhalosang lefoko la Segerika logos, a e leng: “lefoko” le “lebaka.” O ne a re Bakeresete ba ne ba amogela lefoko e le Keresete ka boene. Le fa go ntse jalo, lefoko logos fa le dirisiwa e le lebaka le fitlhelwa mo go mongwe le mongwe go akaretsa le mo baheitaneng. Ka jalo, o ne a swetsa ka gore batho ba ba tshelang go ya ka lebaka ke Bakeresete, tota le ba ba neng ba ipolela kgotsa go akanngwa gore ke balatolamodimo, ba ba jaaka Socrates le ba bangwe.

Mo godimo ga moo, fa Bafemelatumelo go akaretsa le Tertullian ba ne ba dira gore go bonale go na le kamano fa gare ga ga Jesu le logos ya filosofi ya Segerika e e neng e amanngwa le Modimo, ba ne ba simolola kgato e e neng ya feleletsa e dirile gore Bokeresete bo rute thuto ya gore go na le medimo e le meraro mo go a le mongwe. *

Lefoko “moya” le tlhaga ka makgetlo a feta 850 mo Baebeleng go akaretsa le ka makgetlo a feta 100 ka Segerika. Tota le kaya dibopiwa tse di tshelang tse di swang, e ka ne e le batho kgotsa diphologolo. (1 Bakorintha 15:45; Jakobe 5:20; Tshenolo 16:3) Le fa go ntse jalo, bafemelatumelo ba ne ba sokamisa thuto eno ya Baebele ka go e amanya le filosofi ya ga Plato ya gore moya o kgaogane le mmele, ga o ka ke wa bonwa e bile ga o swe. Minucius Felix ene o ne a gatelela gore go dumela mo tsogong go simologile ka thuto ya ga Pythagoras ya gore fa setshedi se swa moya wa sone o fetela mo setsheding se sengwe. Ruri tlhotlheletso ya Bagerika e ile ya ba faposetsa kgakala le dithuto tsa Baebele!

Tshwetso e e Phoso

Bafemelatumelo bangwe ba ne ba lemoga kotsi e filosofi e neng e ka e baka mo tumelong ya Bokeresete. Le fa ba ne ba tshwaya bafilosofi diphoso, ba ne ba sa ntse ba rata tsela ya filosofi ya go tlhalosa dilo. Ka sekai, Tatian, o ne a re bafilosofi ga ba fitlhelele sepe se se molemo, go ntse go le jalo o ne a bitsa bodumedi jwa Bokeresete a re ke “filosofi ya rona” a bo a inaakanya le go fopholetsa dilo ka tsela ya filosofi. Tertullian ene o ne a nyatsa tsela e filosofi ya boheitane e neng e tlhotlheletsa Bokeresete ka yone. Ka fa letlhakoreng le lengwe o ne a re o batla go gata mo dikgatong tsa ga “Justin, mofilosofi le moswelatumelo; Miltiades, mofilosofi wa dikereke” le ba bangwe. Athenagoras ene o ne a ipitsa “mofilosofi wa Mokeresete wa kwa Athena.” Clement ene ga twe o ne a re “Bakeresete ba ka dirisa filosofi ka botlhale gore e ba thuse go femela tumelo ya bone.”

Le fa bafemelatumelo bano ba ka tswa ba ile ba atlega mo go femeleng tumelo ya bone, ba dirile phoso e e masisi ka go dira jalo. Ke eng fa go ka tualo? Moaposetoloi Paulo o ne a gopotsa Bakeresete gore sengwe sa dibetsa tsa semoya se ba ka se dirisang go itshireletsa ke “lefoko la Modimo” le ‘le tshelang e bile le naya maatla.’ Paulo o ne a  bua jaana ka lone, “re pitikolola dikakanyo le selo sengwe le sengwe se se kwa godimo se se goleditsweng kgatlhanong le kitso ka ga Modimo.”—Bahebera 4:12; 2 Bakorintha 10:4, 5; Baefeso 6:17.

Mo bosigong jwa pele ga Jesu a bolawa, o ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Nnang pelokgale! Ke fentse lefatshe.” (Johane 16:33) Diteko le dipitlagano tse a neng a lebana le tsone mo lefatsheng ga di a ka tsa dira gore a se tlhole a ikanyega mo go Rraagwe le gore a felelwe ke tumelo. Moaposetoloi wa bofelo e bong Johane le ene o ne a re: “Eno ke phenyo e e fentseng lefatshe, tumelo ya rona.” (1 Johane 5:4) Le fa gone bafemelatumelo ba ne ba batla go femela tumelo ya Bokeresete, ba dirile tshwetso e e phoso ka go simolola go dirisa dikgopolo le tsela ya go dira dilo ya filosofi ya lefatshe. Ka go dira jalo, bafemelatumelo ba ne ba itetla go tsiediwa ke difilosofi tseo mme seo sa dira gore ba fenngwe ke lefatshe le gore tsela ya bone ya Bokeresete e tshwaetsege. Ka jalo go na le gore bafemelatumelo bano ba kereke ya bogologolo ba femele tumelo ya Bokeresete jwa boammaaruri, ba ne ba wela mo seraing sa ga Satane ba sa lemoge, yo ‘o nnang a iphetola moengele wa lesedi.’—2 Bakorintha 11:14.

Gompieno balatolamodimo le baruti ba dikereke ba dira se se tshwanang. Go na le gore ba femele Bokeresete jwa boammaaruri ka go dirisa Lefoko la Modimo, gantsi ba tlhaetsa Baebele matlho ka go dirisa filosofi ya lefatshe fa ba ruta, ka boikaelelo jwa go ngoka batho. Go na le gore ba tlhagise batho ka dikotsi tsa go latela mekgwa e e seng ya Dikwalo ya lefatshe leno, ba nna barutisi ba ba ‘tsikitlang ditsebe’ tsa batho ba ba ba reetsang. (2 Timotheo 4:3) Se se utlwisang botlhoko ke gore jaaka bafemelatumelo ba bogologolo ba ile ba dira, barutisi bano le bone ba itlhokomolosa tlhagiso eno ya baaposetoloi: “Disang: gongwe go ka tswa go na le mongwe yo o tla lo tsayang jaaka ba a ba tsomileng a dirisa botlhajana le tsietso e e lolea go ya ka ngwao ya batho, go ya ka dilo tsa tshimologo tsa lefatshe mme e seng go ya ka Keresete.” Mme re gakololwa gore “bokhutlo jwa bone bo tla nna kafa ditirong tsa bone.”—Bakolosa 2:8; 2 Bakorintha 11:15.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Ba bangwe gape e ne e le Quadratus, Aristides, Tatian, Apollinaris, Athenagoras, Theophilus, Melito, Minucius Felix le bakwadi ba bangwe ba ba sa itsegeng go le kalo. Bona Tora ya Tebelo ya May 15, 2003, tsebe 27-29 le ya March 15, 1996, tsebe 28-30.

^ ser. 13 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le se Tertullian a neng a se dumela, bona Tora ya Tebelo ya May 15, 2002, tsebe 29-31.

[Mafoko a a mo go tsebe 31]

“Re pitikolola dikakanyo le selo sengwe le sengwe se se kwa godimo se se goleditsweng kgatlhanong le kitso ka ga Modimo.”—2 BAKORINTHA 10:5

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Go ya ka Justin, go etsa filosofi go ne go “le molemo e bile go babalesegile”

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Clement o ne a tsaya filosofi e le “thutabomodimo ya boammaaruri”

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Filosofi ya ga Tertullian e ile ya dira gore go rutiwe thuto ya gore go na le medimo e le meraro mo go a le mongwe

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Tatian o ne a re Bokeresete ke “filosofi ya rona”

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Baithutamodimo le baruti ba mo motlheng wa rona ba dira se se tshwanang le se bafemelatumelo ba se dirileng

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa ka difilosofi le go tsietsa ga batho

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Clement: Historical Pictures Service; Tertullian: © Bibliothèque nationale de France