Fetela kwa tshedimosetsong

 Ruta Bana ba Gago

Jesu O ne A Ithuta go Nna Kutlo

Jesu O ne A Ithuta go Nna Kutlo

A KA dinako dingwe o go fitlhela go le thata go nna kutlo?— * Fa go le jalo, seno ga se gakgamatse. Mongwe le mongwe wa rona o go fitlhela go le thata go nna kutlo ka dinako dingwe. A o ne o itse gore tota le Jesu o ne a tshwanelwa ke go ithuta go nna kutlo?—

A o itse gore bana botlhe ba tshwanetse go utlwa mang?— Ee, borraarona le bommaarona. Baebele ya re: “Bana, utlwang batsadi ba lona seoposengweng le Morena.” (Baefeso 6:1) Rraagwe Jesu ke mang?— Ke Jehofa Modimo mme le rona ke Rraarona. (Mathaio 6:9, 10) Mme gone fa o arabile ka gore Josefa e ne e le rraagwe Jesu mme Marea e le mmaagwe o ntse o opile kgomo lonaka. A o itse gore go tlile jang gore e nne batsadi ba gagwe?—

Moengele Gabariele o ne a bolelela Marea gore o ne a tla tshola ngwana tota le fa a ne a sa tlhakanela dikobo le monna. Jehofa o ne a dira gore Marea a ime ka go dira kgakgamatso e kgolo. Gabariele o ne a raya Marea a re: “Maatla a Mogodimodimo a tla go okama. Ka lebaka leo le se se tsalwang se tla bidiwa boitshepo, Morwa Modimo.”—Luke 1:30-35.

Modimo o ne a tsaya botshelo jwa Morwawe jwa kwa legodimong a bo tsenya mo go Marea. O ne a gola mo sebopelong sa ga mmaagwe fela jaaka bana ba bangwe. Morago ga dikgwedi di ka nna robongwe, Jesu o ne a tsholwa. Ka nako eo, Josefa o ne a nyala Marea mme batho ba le bantsi ba ne ba tsaya gore Josefa ke rraagwe Jesu wa mmatota. Boammaaruri ke gore Josefa ke rraagwe Jesu yo o mo godisitseng. Ka jalo re ka re Jesu o ne a na le borre ba le babedi!

Fa Jesu a ne a le dingwaga di le 12, o ne a dira sengwe se se neng se bontsha kafa a ratang thata Rraagwe yo o kwa legodimong e bong Jehofa ka gone. Ka yone nako eo, lelapa la gaabo Jesu jaaka le ne le tle le dire le ne la tsaya mosepele o moleele go ya kwa Tlolaganyong kwa Jerusalema. Morago ga moo, fa Marea le Josefa ba boela kwa lapeng kwa Nasaretha ga ba a ka ba lemoga gore Jesu o ne a se na le bone. A o itse gore go tlile jang gore ba mo lebale?—

Ka nako eo Josefa le Marea ba ne ba na le bana ba bangwe. (Mathaio 13:55, 56) Gongwe ba ka tswa ba ne ba tsamaya le ba masika a bone e bong Jakobe le Johane mmogo le rraabone, Sebede le mmaabone Salome, yo go ka diregang gore e ne e le kgaitsadie Marea. Ka jalo, Marea a ka tswa a ne a akantse gore Jesu o ne a na le bangwe ba losika.—Mathaio 27:56; Mareko 15:40; Johane 19:25.

Fa Josefa le Marea ba lemoga gore Jesu ga a yo, ba ne ba boela ka bonako kwa Jerusalema. Ba ne ba batla morwaabone ba tshwenyegile. Mo letsatsing la boraro, ba ne ba mo fitlhela mo tempeleng. Marea o ne a mo raya a re: “Ke ka ntlha yang fa o ne o re tshwara ka tsela eno? Bona, nna le rrago re ntse re go batla re tshwenyegile mo mogopolong.” Mme Jesu a mo araba a re: “Ke ka ntlha yang fa lo ne lo tshwanetse go mpatla? A lo ne lo sa itse gore ke tshwanetse ka  bo ke le mo ntlong ya ga Rre?”—Luke 2:45-50.

A o akanya gore go ne go le phoso gore Jesu a arabe mmaagwe ka tsela eno?— Batsadi ba gagwe ba ne ba itse gore o ne a rata go obamela Modimo kwa ntlong ya gagwe. (Pesalema 122:1) Ka jalo a go ne go sa utlwale gore Jesu a akanye gore batsadi ba gagwe ba ne ba tla mmatla pele kwa tempeleng?— Moragonyana, Marea o ne a nna a akanya ka se Jesu a se buileng.

A Jesu o ne a ikobela Josefa le Marea?— Baebele ya re: “[Jesu] a fologa le bone a tla mo Nasaretha, a tswelela a le mo taolong ya bone.” (Luke 2:51, 52) Re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Jesu?— Gore le rona re tshwanetse go utlwa batsadi ba rona.

Mme go ne go se motlhofo ka metlha gore Jesu a nne kutlo—tota le go utlwa Rraagwe yo o kwa legodimong.

Bosigo jwa pele Jesu a swa, o ne a kopa Jehofa gore a a ka se fetole mogopolo ka se a neng a batla gore a se dire. (Luke 22:42) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a utlwa Modimo le fa go ne go se motlhofo. Baebele ya re “o ne a ithuta kutlo mo dilong tse a neng a di boga.” (Bahebera 5:8) A o akanya gore le rona re ka ithuta thuto eo?—

^ ser. 3 Fa o bala le ngwana, letshwao la thaladi le go gakolola gore o eme mme o mo kgothaletse go ntsha maikutlo a gagwe.