Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ruri Baebele ke Lefoko la Modimo le le Tlhotlheleditsweng

Ruri Baebele ke Lefoko la Modimo le le Tlhotlheleditsweng

TOTA moaposetoloi Paulo o ne a kayang fa a ne a re Baebele e “tlhotlheleditswe ke Modimo”? (2 Timotheo 3:16) Fa Paulo a ne a kwala ka puo ya Segerika, o ne a dirisa lefoko le fa le ranolwa le kayang “e buduletswe ke Modimo.” Ka go rialo, Paulo o ne a kaya gore Modimo o ne a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go kaela bakwadi ba Baebele go kwala fela se a neng a batla gore ba se kwale.

Moaposetoloi Petere o ne a re bakwadi bano ba Baebele “ba ne ba bua se se tswang kwa Modimong e re ka ba ne ba  tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo.” (2 Petere 1:21) Ka jalo, moaposetoloi Paulo le ene o ne a tlhalosa dibuka tseno tsa Baebele e le “mekwalo e e boitshepo . . . e e kgonang go go tlhalefisa gore o bone poloko ka tumelo e e ka ga Keresete Jesu.”—2 Timotheo 3:15.

Batho ba le bantsi ba ganetsa thata gore mokwadi wa Baebele ke Modimo. Batshwayadiphoso—gantsi le se moithutamarope e bong Rre Charles Marston a neng a se tlhalosa e le “go itlhokomolosa ka lenyatso dipolelo tsa Baebele”—ba ne ba tlhasela go ikanyega ga Baebele ka tsela e e setlhogo. Bangwe ba ne ba e kgaphela kwa thoko ba re ke “buka ya bogologolo ya dikinane le ditlhamane.”

Sekaseka Bosupi

Ke eng se se dirang gore o ikanye batho ba o kopanang le bone?

Ka jalo, a Baebele e ka ikanngwa? Go botlhokwa gore o dire tshwetso e e siameng mo kgannyeng eno. Ka ntlha yang? Ka gonne fa Baebele e na le se Modimo a ileng a se bua, e tla bo e le boeleele kgotsa go le kotsi—go e itlhokomolosa. Tsela e o e letlang gore e tlhotlheletse se o se dirang le se o se dumelang e ka fokotsega thata fa o e tsaya e le mafoko a batho e seng Lefoko la Modimo.—1 Bathesalonika 2:13.

O ka dira jang tshwetso ya go ikanya Baebele? Ke eng se se dirang gore o ikanye batho ba o kopanang le bone? Go na le sengwe se re tlhomamisegileng ka sone. Go boima tota go ikanya mongwe yo o sa mo itseng sentle. Fa nako e ntse e ya mme o ithuta motho ke gone o ka itseng gore a tota a ka ikanngwa. O ka itse Baebele ka tsela e e tshwanang. O se ka wa amogela dikgopolo tse di fopholediwang fela kgotsa tse di sa siamang tse di dirang gore re se ka ra ikanya Baebele. Iphe nako ya go sekaseka bosupi jo bo bontshang gore Baebele e “tlhotlheleditswe ke Modimo.”

Batho ba ba Reng ba Ikanya Baebele ba Nna Kgatlhanong le Yone

O se ka wa kgobiwa marapo ke batho ba ba reng ba ikanya Baebele mme ba sa dumele gore  e bua boammaaruri. New Dictionary of Theology ya re gompieno batho ba bantsi ba ba tlhalosang Baebele ba ba ipolelang gore ke Bakeresete, “ba re Baebele ke pego ya batho.”

Baithutabodumedi ba le bantsi ba ngangisana ka gore ke mang yo o kwadileng dibuka tsa Baebele. Ka sekai, bangwe ba re moporofeti Isaia ga a kwala buka ya Isaia. Ba re buka eno ya Baebele e ne ya kwalwa dingwaga di le dintsi morago ga motlha wa ga Isaia. Concise Bible Commentary ya ga Lowther Clarke ga e dumele gore buka eno e “kwadilwe ke batho ba bantsi mo dingwageng tse dintsi.” Ka go dira jalo ba tlhokomologa gore Jesu Keresete le barutwa ba gagwe gangwe le gape ba ne ba re Isaia ke ene a kwadileng buka eno.—Mathaio 3:3; 15:7; Luke 4:17; Johane 12:38-41; Baroma 9:27, 29.

Se se maswe le go feta ke gore batshwayadiphoso ba Baebele, jaaka motlhalosi mongwe wa Baebele e bong J. R. Dummelow, a re boporofeti jo bo mo bukeng ya ga Daniele “tota ke ditiragalo tsa hisitori tse di setseng di diragetse, mme mokwadi a bo a di kwala e le boporofeti.” Gape re ka re fa ba bua jalo ba itlhokomolosa bosupi jwa ga Jesu Keresete. Jesu o ne a tlhagisa ka se a neng a se bitsa “selo se se ferosang sebete se se bakang kgakgabalo, jaaka go buiwa ka sone ka Daniele moporofeti, se eme mo lefelong le le boitshepo.” (Mathaio 24:15) A go a utlwala gore Bakeresete ba dumele gore Jesu Keresete le ene o ne a nna le seabe mo go tsietseng batho—ka gore a re dilo tse di setseng di diragetse ke boporofeti? Le e seng.

A go Botlhokwa go Itse Gore Mokwadi wa Baebele ke Mang?

O ka nna wa botsa ka gore: “A tota go botlhokwa go itse gore ke mang yo o kwadileng dibuka tsa Baebele? Ee, go botlhokwa fela thata. A o ne a ka ikanya lekwalo le le tsewang e le wili ya tsala ya gago fa go ka itsege gore tota ga se ene a le kwadileng? A re re gongwe bomankge ba go bolelela gore e ne e se la mmatota—gore batho ba ba nang le boikaelelo jo bo siameng ba ne ba kwala se ba neng ba dumela gore e ne e le se tsala ya gago e ka ratang se dirwa. A seo se ne se se kitla se dira gore o lebe lekwalo leo le se botlhokwa? A tota o ne o tla dumela gore ke se tsala ya gago e neng e se batla?

Go ntse fela jalo le ka Baebele. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo batho ba le bantsi—le e leng ba ba ipitsang Bakeresete—ba sa okaoke go itlhokomolosa se Baebele e se buang malebana le go ikanyega, boitsholo jwa tlhakanelodikobo, jalo le jalo. Ke ga kae o utlwa batho ba bua ka lonyatso ba re, “Wai, kgang eo e mo Tesetamenteng e Kgologolo!”—jaaka e kete ga e botlhokwa go le kalo. Ba bua jalo le fa moaposetoloi Paulo a ne a tlhalosa gore se go tweng ke Tesetamente e Kgologolo ke “mekwalo e e boitshepo” e e “tlhotlheleditsweng ke Modimo.”

O ka nna wa ganetsa ka gore, “Gone ga re ka ke ra itlhokomolosa bosupi jotlhe jwa bomankge le bakanoki bano.” Nnyaa, le e seng! Ka sekai, re tshwanetse go leboga bakanoki ba ba ikanyegang ba ba ileng ba re thusa go itse mokwalo wa ntlhantlha wa Baebele. Ke boammaaruri gore diphoso tse dinnye di ile tsa nna teng mo mokwalong wa Baebele fa e ne e ntse e kwalololwa gantsintsi mo makgolokgolong a dingwaga. Le fa go ntse jalo, gakologelwa: Go na le pharologano e kgolo fa gare ga go lemoga diphoso tse dinnye tse di ileng  tsa nna teng mo mokwalong o o kwalolotsweng wa Baebele le go tsaya gore Baebele yotlhe ke pego fela ya batho.

Tswelela o Ikanya “Mekwalo e e Boitshepo”

Re tshwanetse go leboga bakanoki ba ba ikanyegang ba ba ileng ba re thusa go itse mokwalo wa ntlhantlha wa Baebele

Pele fela ga Paulo a re Baebele e ne e tlhotlheleditswe ke Modimo, o ne a bolelela Timotheo gore ke ka ntlha yang fa pego eno e e tlhotlheleditsweng e le botlhokwa. O ne a re ‘mo metlheng ya bofelo, batho ba ba boikepo le maferefere ba tla tswelela ba sulafalela pele, ba tsietsa e bile ba tsiediwa.’ (2 Timotheo 3:1, 13) Mo motlheng wa ga Paulo, ‘batho ba go tsewang gore ba botlhale e bile ba na le temogo’ ba ne ba setse ba dirisa “dikgang tse di tlhotlheletsang” go tsietsa batho le go koafatsa tumelo ya bone mo go Jesu Keresete. (1 Bakorintha 1:18, 19; Bakolosa 2:4, 8) E le go sireletsa Timotheo mo tlhotlheletsong ya bone, moaposetoloi Paulo o ne a mo rotloetsa gore a ‘tswelele mo dilong tse a di ithutileng mo mekwalong e e boitshepo go tswa boseeng,’ tse di tswang kwa Modimong.—2 Timotheo 3:14, 15.

Go botlhokwa gore le wena o dire fela jalo mo ‘metlheng eno ya bofelo.’ O nne kelotlhoko gore o se ka wa wela mo kotsing ya go tsiediwa ke se gantsi e leng “dikgang tse di tlhotlheletsang” tse di tlang ka batho ba ba botlhajana. Go na le moo, fela jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, itshireletse ka go ikaega ka botlalo ka se o se balang mo Baebeleng—se ruri e leng Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng.

Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa gore o ikanye Baebele. Ka sekai, ba tla go bontsha kafa melaometheo ya Baebele e ileng ya itshupa e ka ikanngwa ka botlalo ka gone mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng; kafa Baebele e dumalanang ka teng le saense fa e bua ka dilo tsa saense; kafa e dumalanang ka botlalo ka teng go tswa kwa tshimologong go ya kwa bokhutlong; kafa boporofeti jwa yone bo ileng jwa direga ka teng—le tse dingwe tse dintsi. Fa o rata go itse ka dikgang tseno, o ka kwalela bagatisi ba makasine ono gore ba go neye tshedimosetso e e ileng ya thusa batho ba le dimilione ba ba dipelo di ikanyegang go bona gore eleruri Baebele ke Lefoko la Modimo.