Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Go Fitlha re Kgaoganngwa ke Loso”

“Go Fitlha re Kgaoganngwa ke Loso”

 “Go Fitlha re Kgaoganngwa ke Loso”

KE BANYALANI ba ba kae ba ba ileng ba boeletsa mafoko ao ba itumetse ka letsatsi la bone la lenyalo—gongwe ba sa akanye gore ba ka kgaoganngwa ke loso? Botsofe, bolwetse kgotsa dikotsi ke dilo tse di tlwaelegileng tse di utlwisang botlhoko tse di ka fedisang botshelo jwa motho yo re mo ratang tsa dira gore molekane yo o setseng a jewe ke bodutu le gore a hutsafale.—Moreri 9:11; Baroma 5:12.

Dipalopalo di bontsha gore mo e batlang e le halofo ya basadi ba ba nang le dingwaga di le 65 kgotsa go feta ke batlholagadi. E re ka basadi e le bone thata ba swelwang ke balekane, batho ba le bantsi ba akanya gore ke selo se se diragalelang basadi fela. Mme seno ga se reye gore banna bone ga ba swelwe ke balekane ba bone. Boammaaruri ke gore batho ba le dimilione ba amilwe ke boemo jono jo bo ngomolang pelo. A gongwe o mongwe wa bone?

Fa e le gore o swetswe o ka dirang? A Baebele e ka go thusa go lebana le khutsafalo eo? Batlholagadi le baswagadi bangwe ba ile ba lebana le seemo seo jang? Tota le fa go se na tharabololo e e ka dirang mo maemong otlhe, go na le melaometheo le dikakantsho tse di ka thusang.

Go Itshokela go Swelwa

Le fa bangwe ba akanya gore go lela ke sesupo sa gore motho o bokoa kgotsa ba re go kotsi, moithutatlhaloganyo mongwe e bong Dr. Joyce Brothers yo le ene e leng motlholagadi, a re go lela go thusa go kokobatsa kutlobotlhoko. Tota e bile, go lela ke karolo ya go hutsafala e bile go thusa motho go fokotsa kutlobotlhoko. O se ka wa tlhabisiwa ditlhong ke go lela. Sekao se se molemo sa seno se mo Baebeleng. Aborahame e ne e le monna wa tumelo e e tlhomologileng mme o ne a itumelela tshiamelo ya go bidiwa tsala ya Modimo. Le fa go ntse jalo, fa mosadi wa gagwe yo o rategang a tlhokafala, o ne “a tla go hutsafalela Sara le go mo lelela.”—Genesise 23:2.

Le fa go tlwaelegile gore o batle nako ya go nna o le esi, o se ka wa itlhaola. Diane 18:1 e re tlhagisa jaana: “Yo o itlhaolang o tla batla tlhologelelo ya gagwe ya bopelotshetlha.”  Go na le moo, kopa thuso ya ditsala le ba losika ba ba kutlwelobotlhoko. Malebana le kgang eno, o ka bona thuso e e molemo mo phuthegong ya Bokeresete, mo go nang le banna ba ba godileng semoyeng ba ba ka kgonang go go ema nokeng kgotsa go go gakolola fa go tlhokega.—Isaia 32:1, 2.

Bangwe ba go fitlhela go thusa go kwalela batho ba ba ba kwaletseng makwalo le dikarata tsa kgomotso. O ka dirisa tshono eno go kwala dilo tse di molemo tse o di gopolang ka molekane wa gago le dinako tse lo di itumeletseng mmogo. Go itirela alebamo, go kwala makwalo kgotsa melaetsa le gone go ka go thusa go fokotsa kutlobotlhoko.

Go tlwaelegile gore motho yo o tlhokafaletsweng a ikutlwe a tlhakane tlhogo, le fa go ntse jalo go latela thulaganyo ya gago ya ka metlha le go dira ditiro tse o neng o tlwaetse go di dira go ka thusa. Ka sekai, fa e le gore o tlwaetse go robala ka nako e e rileng, go tsoga, go ja kgotsa go dira ditiro tse dingwe, leka go latela thulaganyo eo. Rulaganya go sa le gale se o tla se dirang ka mafelobeke le ka malatsi a a kgethegileng jaaka letsatsi le lo nyalaneng ka lone fa o fekeediwa ke kutlobotlhoko ya go swelwa ke molekane. Go botlhokwa thata gore o tswelele o latela thulaganyo ya gago ya dilo tsa semoya.—1 Bakorintha 15:58.

Go motlhofo gore o dire ditshwetso tse di phoso fa o tshwenyegile thata mo maikutlong. Gongwe batho ba ba nang le maitlhomo a a sa siamang ba ka nna ba leka go dirisa boemo jo o leng mo go jone ka tsela e e sa siamang. Ka jalo, tila go dira ditshwetso ka lepotlapotla malebana le dilo tse di jaaka go rekisa ntlo, go beeletsa madi a mantsi, go fuduga kgotsa go tsena mo lenyalong gape. Seane sengwe se se molemo sa re: “Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo, mme mongwe le mongwe yo o mafega ruri o leba kwa letlhokong.” (Diane 21:5) Diphetogo dipe fela tse dikgolo mo botshelong di tshwanetse go dirwa o setse o ritibetse mo maikutlong.

Go ka nna thata go dira tshwetso ya gore o tla dirang ka dilwana tsa molekane wa gago, segolobogolo fa lo feditse dingwaga di le dintsi lo le mmogo, mme gone seno ke karolo ya go hutsafala. Go diega go dira tshwetso go ka dira gore o tlalelwe le go feta. (Pesalema 6:6) Bangwe ba bona go le molemo go ntsha dilwana tsa molekane wa bone ba le bosi; ba bangwe bone ba bona go thusa go dira jalo ba na le tsala nngwe e ba atamalaneng le yone ba tla ba tlotla ka dilo tse ba di gopolang ka ene. O ka tlhoka thuso ya tsala kgotsa mongwe wa losika go dira dilo dingwe tse di jaaka go tsaya setifikeiti sa loso, go itsise ditheo dingwe tsa puso, dibanka le dikhampani tsa dikarata tsa sekoloto ka loso lwa molekane wa gago; go kwadisa dilo ka leina la gago; go tlatsa ditlankana tsa go newa madi fa molekane wa gago a tlhokafetse; le go duela dikoloto tsa kalafi.

Gakologelwa gore re tshela mo lefatsheng le le sa siamang. E re ka jaanong o le esi, o tlile go lebana le teko ya go nna o le phepa mo boitsholong. Ke boammaaruri gore mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo a mo nakong go feta le fa e le leng pele: “Mongwe le mongwe wa lona a itse kafa a ka tsholang sejana sa gagwe ka gone se le boitshepo e bile se tlotlega, e seng mo go eletseng tlhakanelodikobo ka bopelotshetlha mo go ntseng jaaka mo ditšhaba tse di sa itseng Modimo le tsone di nang le gone.” (1 Bathesalonika 4:4, 5) Ka jalo, go botlhale gore o tile mmino, difilimi le dibuka tsa marato kgotsa tsa tlhakanelodikobo.

Mo godimo ga tseno tsotlhe, o tshwanetse go itse gore go tla go tsaya lobaka gore kutlobotlhoko e fele. USA Today e bega gore dipatlisiso tse di dirilweng ke Yunibesithi ya Michigan Institute for Social Research di bontsha gore batho ba ba  tlhokafaletsweng ke balekane ba bone ba tlhoka bobotlana dikgwedi di le 18 gore ba nne botoka mo mmeleng le mo tlhaloganyong. Rapela Modimo gore a go neye boitshoko jo bo nonotshiwang ke leungo la moya wa gagwe. (Bagalatia 5:22, 23) Le fa o ka tswa o sa akanye gore o tla kgona gone jaanong, fa nako e ntse e tsamaya o tla nna botoka.

Kafa Bangwe ba Lebaneng le Boemo ka Gone

Anna yo o neng a nyetswe ka dingwaga di le 40, o ne a utlwisiwa botlhoko thata ke go swelwa ke mogatse bosheng jaana. A re: “Ke ne ka swelwa ke mmè fa ke ne ke le dingwaga di le 13, morago ga moo ka swelwa ke rre le bonkgonne ba le babedi le kgaitsadiake. Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore ga ke a ka ka utlwa botlhoko thata jaaka ke ne ka bo utlwa fa ke swelwa ke mogatsake. Ke ne ke utlwile botlhoko fela thata.” Ke eng se se mo thusitseng go itshokela kutlobotlhoko eo? “Ke itiretse buka e tona e ke tsentseng melaetsa e ke e romeletsweng ka khomputara le dikarata tse di tlhalosang kafa batho ba neng ba rata Darryl ka gone le go anaanela dinonofo tsa gagwe tsotlhe tse di molemo. Nngwe le nngwe ya tsone e tlhalosa sengwe se se rileng ka ene. Ke dumela gore Jehofa le ene o a mo gopola le gore o tla mo tsosa.”

Esther wa dingwaga di le 88 o akgela jaana ka se se mo thusitseng: “Morago ga dingwaga di le 46 ke nyetswe, selo se se boima mo go nna e ne e le go jewa ke bodutu. Mme ke lemogile gore go nna ke tshwaregile ka dilo tsa semoya go ne ga nthusa fela thata. Ga ke a ka ka kgaotsa go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete, go rerela batho ba bangwe molaetsa wa Baebele le go e ipalela. Go sa itlhaole le gone go ne ga nthusa. Ke itsalanya le batho ba ba ntheetsang. Ga se ka metlha ba nkgothatsang le fa go ntse jalo, ke anaanela fela thata nako ya bone le go bo ba ntheetsa fa ke bua le bone.”

Robert yo o swetsweng ke mosadi wa gagwe ka ntlha ya kankere morago ga dingwaga di le 48 ba nyalane, a re: “Go thata tota go itshokela go tlhokafalelwa ke molekane yo o kgonang go bua le ene, go dira ditshwetso, go etela mafelo le go itumelela malatsi a boikhutso mmogo le go tlotla le  ene ka se se diregileng mo letsatsing leo. E ne e le kgwetlho tota mme gone ke ititeile sehuba gore ke se latlhele seditse le gore ke tswelele ka botshelo. Go nna ke le matlhagatlhaga mo mmeleng le mo mogopolong go nthusitse tota. Thapelo le yone e nkgomoditse fela thata.”

Go Tshela Botshelo jo bo Nang le Bokao Morago ga go Swelwa

Tota le fa go swelwa ke molekane e le sengwe sa dilo tse di ka utlwisang motho botlhoko thata, ga se bokhutlo. Fa o leba dilo ka tsela e e molemo, o tla lemoga gore o na le tshono ya go nna le seabe mo ditirong tse o neng o se na nako e ntsi mo go tsone tse di jaaka go itlosa bodutu ka go dira dilo tse o di ratang kgotsa go tsaya maeto. Ditiro tseno di ka go thusa gore o se ka wa jewa ke bodutu. Mo bathong bangwe seno e ka nna tshono ya go nna le seabe ka botlalo mo bodireding jwa Bokeresete. Boitumelo le kgotsofalo tse di nnang teng fa motho a thusa ba bangwe ke tsa mmatota ka go bo Jesu o ne a re: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.

O se ka wa akanya gore ga o ka ke wa itumela gape. Tlhomamisega gore Jehofa Modimo o tla go tlhokomela fa o leba kwa go ene. Mopesalema Dafide o ne a re: ‘Jehofa o namola motlholagadi.’ (Pesalema 146:9) Go a kgothatsa go itse gore Baebele ga e tlhalose fela gore Jehofa ke “Rara wa mautlwelobotlhoko a manana le Modimo wa kgomotso yotlhe” mme e bua gape jaana ka ga Jehofa: “O bula seatla sa gago o kgotsofatse keletso ya setshedi sengwe le sengwe.” (2 Bakorintha 1:3; Pesalema 145:16) Ke boammaaruri gore Jehofa, Modimo yo o lorato o a kgona e bile o iketleeleditse go thusa batho ba ba batlang thuso mo go ene ka tlhoafalo. E kete o ka ikutlwa ka tsela e Baiseraele ba bogologolo ba neng ba ikutlwa ka yone, ba ba neng ba opela jaana: “Ke tla tsholeletsa matlho a me kwa dithabeng. Thuso ya me e tla tswa kae? Thuso ya me e tswa kwa go Jehofa, Modiri wa legodimo le lefatshe.”—Pesalema 121:1, 2.

[Mafoko a a mo go tsebe 19]

Batho ba le dimilione ba utlwisitswe botlhoko ke go tlhokafalelwa ke balekane ba bone e bile ba jewa ke bodutu. A o mongwe wa bone?

[Lebokoso mo go tsebe 21]

Go Tweng ka go Tsena mo Lenyalong Gape

Baebele e bontsha gore loso lo fedisa kgolaganyo ya lenyalo, ka jalo e naya molekane yo o swetsweng tshono ya go tsena mo lenyalong gape. (1 Bakorintha 7:39) Le fa go ntse jalo, mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso. Mme gone go botlhokwa gore bana ba itse tshwetso ya motsadi wa bone le go mo ema nokeng mo ba kgonang teng. (Bafilipi 2:4) Ka sekai, kwa tshimologong Andrés o ne a le kgatlhanong le gore rraagwe a nyale gape. O ne a rata mmaagwe fela thata e bile a tsaya gore ga go na motho ope yo o tshwanetseng go tsaya maemo a gagwe. A re: “Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae ke ne ka lemoga gore rre o ne a dirile tshwetso e e molemo. Go nyala gape go dirile gore a itumele gape. O ne a simolola go dira dilo tse a neng a sa tlhole a di dira ka lobaka lo loleele tse di jaaka go etela mafelo mangwe. Boammaaruri ke gore ke leboga go bo mosadi wa gagwe yo mosha a mo tlhokomela mo mmeleng le mo maikutlong.”

[Ditshwantsho mo go tsebe 20, 21]

Go nna o tshwaregile le go rapela Modimo gore a go thuse go itshoka go ka go thusa go fokotsa kutlobotlhoko