Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

 A o Ne o Itse?

Ke Eng fa Jesu A ne A re “Ga go Na Ope yo o Tshelang Beine e Ntšha mo Mehalong ya Bine e Megologolo?”

Mo motlheng wa ditiragalo tsa Baebele go ne go tlwaelegile gore motho a boloke beine mo matlalong a diphologolo. (Joshua 9:13) Medutwana ya beine e ne e dirilwe ka matlalo a diphologolo tsa mo lapeng tse di jaaka dipotsane kgotsa dipodi. Go dira medutwana eno, phologolo e e suleng e ne e ntshiwa tlhogo le maoto e bo e buiwa ka kelotlhoko gore go se ka ga phunngwa mogodu. Go tswa foo, letlalo leo le ne le sugiwa le bo le kopanngwa ka go rokiwa, go ne go tlogelwa fela molala kgotsa leoto di sa rokiwa gore e nne molomo wa modutwana. Molomo oo o ne o ka tswalwa ka sethibo kgotsa wa bofiwa ka thapo.

Fa nako e ntse e tsamaya, letlalo leo le ne le nna thata. Ka jalo, mehalo ya beine e megologolo e ne e ka se ka ya boloka beine e ntšha e e sa ntseng e bela. Fa beine eo e bela, e ne e ka phatlola letlalo le le thata la mehalo ya beine e megologolo. Mehalo e mesha yone e ne e se thata e bile e sa phatloge fa beine e ntšha e ntse e bela. Ka jalo, fa Jesu a ne a bua mafoko a a fa godimo, o ne a bua ka selo se batho ba mo motlheng wa gagwe ba neng ba se itse. O ne a bua jaana ka se se ka diregang fa motho a tshela beine e ntšha mo mehalong e megologolo: “Beine e ntšha e tla phanya mehalo ya beine, mme e tla tshologa mme mehalo ya beine e tla senyega. Mme beine e ntšha e tshwanetse go tshelwa mo mehalong e mesha ya beine.”—Luke 5:37, 38.

‘Banna ba dithipa tse di magalemabedi’ ba go buiwang ka bone fa Paulo a ne a tshwarwa ke Baroma ke bomang?

Go ya ka pego ya Ditiro, ka nako ya fa go ne go na le khuduego kwa tempeleng ya kwa Jerusalema, molaodi wa sesole wa kwa Roma o ne a tsenya moaposetoloi Paulo mo kgolegelong a akanya gore ke moeteledipele wa segongwana sa batsuolodi sa “banna ba le dikete di le nnè ba dithipa tse di magalemabedi.” (Ditiro 21:30-38) Ke eng se se itsegeng ka banna bano ba dithipa tse di magalemabedi?

Lefoko la Segerika le le ranolwang e le ‘banna ba dithipa tse di magalemabedi’ le tswa mo lefokong la Selatine e leng sicarii, le le kayang “batho ba ba dirisang sica,” kgotsa thipa e e magalemabedi. Rahisitori wa lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Flavius Josephus o tlhalosa Sicarii e le setlhopha se se tlhoafetseng sa baratanaga sa Bajuda e leng baba ba Baroma ba ba neng ba na le seabe mo dipolaong tse di rulagantsweng tsa dipolotiki.

Josephus o tlhalosa gore setlhopha sa Sicarii “se ne se bolaya batho motshegare le mo teng ga motse; mme ba ne ba dira seno thata ka nako ya meletlo fa ba ne ba le mo gare ga boidiidi jwa batho, ba ne ba fitlha dithipa tse di magalemabedi mo diaparong tsa bone ba bo ba tlhaba baba ba bone ka tsone.” Fa baba ba bone ba wela fa fatshe ba sule, setlhopha sa Sicarii se ne se ikgalefisa se itira e kete ga se sone se bolaileng batho bao gore se se ka sa lemogiwa. Josephus o oketsa ka gore moragonyana setlhopha sa Sicarii se ne sa di goga kwa pele mo go tsuologeleng Roma ka 66-70 C.E. Ka jalo molaodi wa Baroma o ne a batla gore moeteledipele wa setlhopha seo a tsenngwe mo kgolegelong.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Setshwantsho se se takilweng sa monna wa thipa e e magalemabedi

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Mohalo o mogologolo