Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kwa ba Neng ba Nna Gone

Kwa ba Neng ba Nna Gone

 Kafa Bakeresete ba Lekgolo la Ntlha la Dingwaga ba Neng ba Tshela ka Ggone

Kwa ba Neng ba Nna Gone

“Ke ne ke sa ithibe . . . go lo ruta phatlalatsa le ka ntlo le ntlo.”—DITIRO 20:20.

FA O tsena ka heke e kgolo, o setse o tsena mo motseng wa lekgolo la ntlha la dingwaga. Fela jaaka metse e mentsi, o agilwe mo thabeng. Fa o leba kwa godimo o bona motse o o kwa godimo. Go tletse matlo a masweu a manobonobo, a bontsi jwa one a nang le ditshingwana tse dintsi tse di ageletsweng ka lobota, a phatsima ka ntlha ya tlhabo ya letsatsi. Leno ke lefelo le batho ba ba humileng ba nnang mo go lone. Fa o leba kwa tlase, o bona matlo a mangwe a a sa lekaneng ka bogolo e bile a sa tshwane le ka dipopego. Matlo ano a magolo a matlhatlaganyane a a agilweng ka maje, a go neng go nna barekisi le beng ba mafatshe ba ba sa humang thata mo go one, a agilwe go bapa le ditsela tse di adilweng matlapa. Mme go ela kwa tlase kwa mokgatšheng go na le matlo a batho ba ba humanegileng. Matlo ano a mannye a a sa kgatlheng, a e keteng lebokose a agilwe mo mmileng o mosesane kgotsa a bapile mmogo go dikologa malwapa a mannye.

Fa o ntse o tsamaya mo mebileng e e tletseng batho, medumo le menkgo e e mo go yone e go bontsha gore go na le dilo tse di diregang. Basadi ba a apaya, mme lefelo leno le tlala ka menkgo e e monate. O utlwa medumo ya diphologolo le ya bana ba ba tshamekang. Banna ba bereka mo mabenkeleng a a modumo le a a nang le monkgo o o seng monate.

Malapa a Bakeresete a fetsa nako e ntsi mo matlong ano. A dira ditiro tsa letsatsi le letsatsi, a ithuta dilo tsa semoya le go obamela mo go one.

Matlo a Mannye Fela jaaka matlo a gompieno, bogolo jwa one le mefuta ya one di ne di farologana go ya ka lefelo le ntlo e neng e agiwa mo go lone le madi a lelapa le nang le one. Ntlo e nnye (1) e ne e na le kamore e le nngwe e e pitlaganeng e bile e le lefifi, e lelapa lotlhe le neng le nna mo go yone. Matlo a mantsi a mannye a ne a agiwa ka ditena tsa seretse se se omisitsweng ka letsatsi. A mangwe a ne a agilwe ka maje a a seng boreledi. Gantsi mefuta eno e mebedi  ya matlo e ne e agilwe mo motheong o o dirilweng ka maje.

Lobota lwa mo ntlong lo ne lo poleiseterilwe le boalo bo adilwe matlapa, mme di ne di tlhoka go tlhokomelwa ka metlha. Mo marulelong kgotsa mo loboteng go ne go na le leroba le le neng le ntsha mosi mo kitšhining. Go ne go tsenngwa fela fanitšhara e e dirisiwang thata mo ntlong.

Marulelo a a dirilweng ka letsopa a ne a bewa mo godimo ga dikala, matlhaka le ditlhomeso tsa logong, tse di tshegeditsweng ke dikota. Go tswa foo, marulelo ao a ne a poleiseteriwa go nna siling e e ka kgonang go thibela metsi. Tsela e le nngwe fela ya go fitlha kwa marulelong e ne e le go dirisa llere e e kwa ntle.

Tota le mo matlong ao a a neng a bapile, magae a Bakeresete one e ne e le mafelo a a itumedisang, tota le fa lelapa le ne le humanegile le ne le ka huma semoyeng le go itumela.

Matlo a Batho ba ba sa Humang Thata Ntlo e kgolwane ya matlhatlaganyane a le mabedi e e agilweng ka maje (2) ya batho ba ba sa humang thata e ne e na le kamore ya baeng. (Mareko 14:13-16; Ditiro 1:13, 14) Kamore eno e e kwa godimo e ne e kgona go dirisiwa go tshwara dipokano mme gantsi e ne e dirisiwa ka nako ya meletlo. (Ditiro 2:1-4) Matlo ano le a mangwe a magolwane (3) a barekisi le beng ba mafatshe, a ne a agilwe ka maje a masweu a a neng a kopanngwa ka seretse. Bodilo jo bo adilweng ka matlapa le mabota a mo ntlong a ne a polaiseterilwe; mabota a kwa ntle one a ne a tshasitswe kalaka.

Go ne go dirisiwa ditepisi go ya kwa kamoreng e e kwa godimo le kwa marulelong. Borulelo jo bo sephara jwa ntlo bo ne bo diretswe lobota lo lo thekeletsang lo lo neng lo sireletsa motho gore a se ka a wa le go mo sireletsa mo dikotsing tse dingwe. (Duteronome 22:8) Fa go le mogote thata, motho o ne a ka itirela moriti kwa marulelong o a neng a ka nna ka fa tlase ga one gore a ithute, a tlhatlhanye, a rapele kgotsa a ikhutse.—Ditiro 10:9.

Le fa gantsi ba losika ba ne ba amogelwa mo mafelong ano, matlo ano a a nonofileng a a nang le dikamore tse dikgolo tse di neng di ka dirisiwa go nna mafelo a bonno, a kgaoganngwa go nna kamore ya go robala, kitšhini le phaposi ya bojelo.

Matlo a a Manobonobo Thata Matlo a a agilweng ka tsela ya kwa Roma (4) a ne a farologane ka bogolo, modiro le ka tsela e a agilweng ka yone. Phaposi e kgolo ya bojelo e ne e na le sekanamelo se segolo se se dikologileng tafole, e leng lone lefelo le legolo le lelapa le neng le dira dilo tse di farologaneng tsa botlhokwa mo go lone. Matlo mangwe a ne a na le matlhatlaganyane a mabedi kgotsa a mararo (5) kgotsa a kgabisitswe ka ditshingwana tse di dikaganyeditsweng ke mabota.

Matlo a a manobonobo thata a ka tswa a ne a tsentswe fanitšhara e ntle, mme e nngwe e ne e kgabisitswe ka lonaka lwa tlou le gouta. Matlo ano a ne a na le metsi le dibata tsa go tlhapela. Boalo jwa one bo ka  tswa bo ne bo dirilwe ka logong kgotsa mmabole o o mebalabala, mme mabota a ka tswa a ne a kgabisitswe ka mosedara. Go ne go na le tshipi e e tsenyang magala gore a gotetse ntlo. Mo fensetereng go ne go tsenngwa legong le le nang le diphatlha ka ntlha ya pabalesego, mme digaretene di ne di dira gore batho ba se ka ba bonwa ke batho ba ba kwa ntle. Ditulo tse di neng di le fa thoko ga fensetere di ne di dirilwe ka matlapa a magolo.—Ditiro 20:9, 10.

Le fa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ka tswa ba ne ba nna mo matlong a bogolo jo bo sa lekaneng kgotsa a agilwe ka tsela e e sa tshwaneng, ba ne ba amogela baeng e bile ba le pelotshweu. Balebedi ba ba etang ba ne ba sa nne le bothata jwa go bona lelapa le le amogelang baeng ka lorato le ba neng ba ka nna mo go lone go fitlha ba wetsa bodiredi jwa bone mo toropong kgotsa mo motseng oo.—Mathaio 10:11; Ditiro 16:14, 15.

‘Legae la ga Simone le Anderea’ Jesu o ne a amogelwa ka lorato mo “legaeng la ga Simone le Anderea.” (Mareko 1:29-31) Ntlo ya batshwaraditlhapi bano e ka tswa e ne e le karolo ya matlo a mantsi a e seng a maemo (6) a a neng a agilwe go bapa le a mangwe mme a na le lolwapa lo lo adilweng matlapa.

Dikgoro le difensetere tsa matlo ano di ne di bulegela kwa lolwapeng, le mo go lone gantsi go neng go dirwa ditiro tsa letsatsi le letsatsi, tse di neng di akaretsa go apaya, go baka, go sila lotlhaka e bile batho ba ne ba kopana mo go lone go tlotla le go itumelela dijo.

Matlo a letlhatlaganyane le le lengwe kwa Kaperenama a ne a agilwe ka maje a lekgwamolelo. A ne a na le ditepisi tsa kwa ntle tse di neng di ya kwa marulelong a a dirilweng ka letsopa kgotsa ka dithaele tse di adilweng mo godimo ga matlhaka le ditlhomeso tse di tshegeditsweng ke dipilara. (Mareko 2:1-5) Bodilo jwa mo teng bo ne bo dirilwe ka matlapa, gantsi bo adilwe mmetshe o o logilweng.

Matlo a mantsi a ne a dira gore go nne le diterata le ditsela tse di fa thoko ga lotshitshi lwa Lewatle la Galalea. Kaperenama e ne e le lefelo le le siametseng batshwaraditlhapi ba ba neng ba itshedisa ka go tshwara ditlhapi mo lewatleng.

“Ka Ntlo le Ntlo” Ka kakaretso fela re ka re, matlo a Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga a ne a farologane—go simolola ka matlo a kamore e le nngwe a a agilweng ka ditena tsa mmu go ya go a magolo a manobonobo a a agilweng ka maje.

Matlo ano e ne e se mafelo a malapa a nnang mo go one fela. Gape a ne a dirisediwa go ithuta ka Modimo. Malapa a ne a obamela mmogo mo matlong ano. Ba ne ba kopanela mo matlong a ba bangwe go ithuta Dikwalo le go itumelela botsalano le badumedi mmogo le bone. Dilo tse ba neng ba di ithuta mo matlong a bone ba ne ba di dirisa ka tsela e e molemo fa ba ntse ba dira tiro ya bone ya botlhokwa, e leng tiro ya go rera le go ruta “ka ntlo le ntlo” go ralala Roma yotlhe.—Ditiro 20:20.