Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go leba Bojalwa ka Tsela e e Siameng

Go leba Bojalwa ka Tsela e e Siameng

 Go leba Bojalwa ka Tsela e e Siameng

TONY, yo o umakilweng mo setlhogong sa ntlha, a ka bo a ile a itumelela botshelo jo bo farologaneng le jo a neng a bo tshela—fa fela a ka bo a ile a lwantsha bothata jwa go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng. Le fa go ntse jalo, e re ka a ne a kgona go nwa bojalwa jo bontsi mme go se na matshwao a a bontshang gore o nole thata, o ne a akanya gore ga a na bothata jwa bojalwa. Ke eng fa tsela e a neng a leba dilo ka yone e ne e le phoso?

Go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng go ne go dira gore a se ka akanya sentle. Le fa Tony a ka tswa a ne a lemoga kgotsa a sa lemoge, karolo nngwe e e laolang mmele, mogopolo le maikutlo—boboko—e ne e sa bereke sentle fa a sena go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng. Fa a ntse a nwa thata, boboko jwa gagwe bo ne bo sa dire sentle.

Lebaka le lengwe la go bo Tony a ile a iteba ka tsela e e phoso ke ka gonne o ne a batla go nna a nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng. Kwa tshimologong Allen, yo o umakilweng mo ditlhogong tse di fetileng, o ne a ganela gore o na le bothata jwa bojalwa. O dumela jaana: “Ke ne ke sa batle gore batho ba lemoge gore ke a nwa e bile ke dira diipato le go leka go dira e kete bothata jwa me bo ne bo se masisi. Ke ne ke na le boikaelelo bo le bongwe—go buelela bothata jwa me jwa go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng.” Le fa batho ba bangwe ba ne ba lemoga gore botshelo jwa ga Tony le Allen bo ne bo laolwa ke bojalwa, bone ba ne ba nna ba ipolelela gore ga ba na bothata. Banna bano ka bobedi ba ne ba tshwanetse go tsaya kgato go laola bothata jwa bone jwa bojalwa. Kgato efe?

 Tsaya Kgato!

Batho ba le bantsi ba ba ileng ba tlogela go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng ba ne ba tsaya kgato e e dumalanang le mafoko ano a ga Jesu: “Fa e le gore leitlho leo la gago la moja le a go kgopisa, le gonye mme o le latlhele kgakala le wena. Gonne go molemo thata mo go wena gore o latlhegelwe ke e le nngwe ya ditokololo tsa gago go na le gore mmele otlhe wa gago o latlhelwe mo Gehena.”—Mathaio 5:29.

Ke boammaaruri gore Jesu o ne a sa kaye gore motho a ikgaole ditokololo tsa mmele. Go na le moo, o ne a gatelela ka tsela ya tshwantshiso gore re tshwanetse go ikemisetsa go tlogela sepe fela mo botshelong jwa rona se se ka senyang kamano ya rona le Modimo. Ke boammaaruri gore kgato e re tla e tsayang e ka tlhoka gore re tseye matsapa a magolo tota a a ka nnang a re utlwisa botlhoko mo mmeleng le mo maikutlong. Mme gone e tla sireletsa tsela e re akanyang ka yone le mo maemong a a ka dirang gore re feleletse re dirisa bojalwa ka tsela e e feteletseng. Ka jalo, fa e le gore ba bangwe ba ile ba go bolelela gore o nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng, tsaya kgato go laola tsela e o nwang ka yone. * Fa go bonala sentle gore ga o kgone go laola tsela e o nwang ka yone, ikemisetse go bo tlogela gotlhelele. Le fa go ka nna thata go le kana kang, botlhoko jwa teng bo botoka go na le go senya botshelo jwa gago.

Tota le fa o se lekgoba la bojalwa, a o a tle o nwe thata? Fa go le jalo, ke dikgato dife tse o ka di tsayang tse di ka go thusang go laola tsela e o nwang ka yone?

Kwa o ka Bonang Thuso Gone

1. Ikanye maatla a thapelo e e tswang pelong le e e dirwang ka metlha. Baebele e naya batho botlhe ba ba batlang go itumedisa Jehofa Modimo kgakololo eno: “Mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” (Bafilipi 4:6, 7) O ka rapelela eng gore o nne le kagiso eo ya mogopolo?

Amogela fela gore o na le bothata jwa bojalwa, bothata jo e leng wena fela o ka kgonang go bo rarabolola. Bolelela Jehofa gore o ikaeletse go dirang go fenya bothata joo mme o tla segofatsa maiteko a gago go bona tharabololo ya bothata jono le go tila mathata a mangwe a a masisi. “Yo o bipang ditlolo tsa gagwe ga a na go atlega, mme yo o di ipolelang a bo a di tlogela o tla utlwelwa botlhoko.” (Diane 28:13) Gape Jesu o ne a re re rapele jaana: “O se ka wa re tsenya mo thaelong, o re golole mo go yo o boikepo.” (Mathaio 6:13) Le fa go ntse jalo, o ka dira eng gore o dire tumalanong le dithapelo tseo, mme o ka bona kae dikarabo tsa tsone?

2. Bona nonofo mo Lefokong la Modimo. “Lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla . . . mme le kgona go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.” (Bahebera 4:12) Batho ba le bantsi ba ba neng ba nwa bojalwa thata ba ile ba thusiwa ke go bala le go tlhatlhanya ka ditemana tsa Baebele letsatsi le letsatsi. Mopesalema yo o neng a boifa Modimo o ne a kwala jaana: “Go itumela motho yo o sa tsamayang mo kgakololong ya baikepi, mme o natefelelwa ke molao wa ga Jehofa, o balela molao wa gagwe kwa tlase motshegare le bosigo. . . . Sengwe le sengwe se a se dirang se tla atlega.”—Pesalema 1:1-3.

Allen, yo go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa go neng ga mo naya maatla a go fenya bothata jwa go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng a re: “Ke tlhomamisegile gore fa e ne e se ka Baebele le melaometheo ya yone e e neng ya nthusa go emisa go nwa, nkabo ke sule.”

3. Leka ka natla gore o nne le boikgapo. Baebele ya re batho ba pele e neng e le matagwa mo phuthegong ya Bokeresete ba ne ba tlhapisiwa le go phepafadiwa ke “moya wa Modimo wa rona.” (1 Bakorintha 6:9-11) Ka tsela efe? Tsela nngwe e ba neng ba thusiwa ka yone go tlogela mediro ya botagwa le mediro ya botlhapelwa ke ka go leka ka natla go nna le boikgapo, e leng nonofo e moya o o boitshepo wa Modimo o ka thusang motho go nna le yone. “Lo se ka lwa tagwa ke beine, e mo go yone go nang le botlhapelwa, mme nnang lo tladiwe ka moya.” (Baefeso 5:18; Bagalatia 5:21-23) Jesu Keresete o ne a solofetsa gore “Rara yo o kwa legodimong [o tla] naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang.” Ka jalo, “nnang lo kope, mme lo tla newa.”—Luke 11:9, 13.

 Batho ba ba eletsang go obamela Jehofa ka tsela e a e amogelang ba ka ithuta go nna boikgapo ka go bala le go ithuta Baebele le go rapela ka metlha go tswa pelong. Go na le go ineelela go kgobega marapo, tsaya tsia tsholofetso eno e e mo Lefokong la Modimo: “Yo o jalelang nama ya gagwe o tla roba go bola mo nameng ya gagwe, mme yo o jalelang moya o tla roba botshelo jo bo sa khutleng mo moyeng. Jalo a re se leseng go dira se se molemo, gonne re tla roba mo pakeng e e leng yone fa re sa lape.”—Bagalatia 6:8, 9.

4. Tlhopha ditsala tse di siameng. “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.” (Diane 13:20) Bolelela ditsala tsa gago gore o ikemiseditse go laola tsela e o nwang bojalwa ka yone. Lefoko la Modimo le tlhagisa go sa le gale gore fa o tlogela “go nwa beine mo go feteletseng, mediro ya ditlhapelo [le] mekete ya go nwa,” ditsala tsa gago tsa pele di tla ‘akabala e bile di tla tswelela di bua ka wena ka go go kgoba.’ (1 Petere 4:3, 4) Ikemisetse go tlogela go tsalana le batho ba ba ka go kgobang marapo mo tshwetsong e o e dirileng ya go laola tsela e o nwang ka yone.

5. Ipeele selekanyo se o se kitlang o se feta. “Tlogelang go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo, mme lo fetolwe ka go fetola megopolo ya lona, gore lo iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.” (Baroma 12:2) Fa o letla melaometheo ya Lefoko la Modimo go go thusa go ipeela selekanyo go na le go letla ditsala tsa gago kgotsa “tsamaiso eno ya dilo” go go beela sone, o tla itumelela go tshela ka tsela e e amogelwang ke Modimo. Mme gone o ka itse jang gore selekanyo se se go siametseng ke sefe?

Selekanyo sepe fela sa bojalwa se se dirang gore o se ka wa akanya sentle le go dira dilo sentle ga se a go siamela. Ka jalo, fa o tlhopha go nwa, ga go botlhale go nwa o sa ipeela selekanyo o bo o re o tla emisa pele o tagwa. O se ka wa ganela gore o na le bothata jwa go nwa bojalwa. Ipeele selekanyo se o se kitlang o se feta, se se bontshang gore o tekatekano—se se se kitlang se dira gore o nwe ka tsela e e feteletseng.

 6. Ithute go gana. “A lefoko la lona la Ee le reye Ee, Nnyaa wa lona, Nnyaa.” (Mathaio 5:37) Ithute go gana ka tsela e e siameng fa motho yo o pelonomi yo o go laleditseng a nnela go batla go go naya bojalwa mme e se ka maitlhomo a a siameng. “A puo ya lona ka metlha e nne ya bopelontle, e lokilwe ka letswai, gore lo itse kafa lo tshwanetseng go naya mongwe le mongwe karabo ka gone.”—Bakolosa 4:6.

7. Kopa thuso. Kopa thuso mo ditsaleng tse di ka go thusang mo maikemisetsong a gago a go batla go laola tsela e o nwang bojalwa ka yone e bile di ka kgona go go thusa semoyeng. “Ba babedi ba botoka go na le a le mongwe, ka gonne ba na le maduo a a molemo a tiro ya bone ya bonatla. Gonne fa a le mongwe wa bone a ka wa, yo mongwe o ka kgona go tsosa molekane wa gagwe.” (Moreri 4:9, 10; Jakobe 5:14, 16) Setheo sa Bosetšhaba se se Malebana le go Nwa Bojalwa ka Tsela e e Feteletseng le go Tshwakgolwa ke Bojalwa sa kwa United States le sone se gakolola jaana: “Go fokotsa go nwa bojalwa go ka nna thata ka dinako tse dingwe. Kopa ba lelapa le ditsala tsa gago gore ba go thuse go fitlhelela mokgele wa gago.”

8. Ititeye sehuba go dira se o se ikaeletseng. “Nnang badiri ba lefoko, mme e seng bautlwi fela, lo itsietsa ka tsela e e phoso ya go akanya. Mme yo o tlhodumelang mo molaong o o itekanetseng wa kgololesego le yo o nnelang ruri mo go one, motho yono, ka gonne a sa nna moutlwi yo o lebalang bobe, mme a nnile modiri wa tiro, o tla itumela mo go o direng ga gagwe.”—Jakobe 1:22, 25.

Go Tlogela go Tshwakgolwa ke Bojalwa

Ga se mongwe le mongwe yo o nwang bojalwa ka tsela e e feteletseng yo o ka fetogang lekgoba la bojalwa. Mme bangwe ba simolola go nwa thata—kgotsa gangwe le gape—mo ba fetogang makgoba a bojalwa. E re ka go nna lekgoba la bojalwa go raya gore mmele le tlhaloganyo ya gago di ikaegile ka seokobatsi sengwe se se maatla, gore batho ba ba nang le bothata jwa go tshwakgolwa ke bojalwa ba kgone go bo fenya ba ka nna ba bo ba tlhoka se se fetang boikemisetso le thuso ya semoya. Allen o gakologelwa jaana: “Fa ke ne ke tlogela bojalwa, ke ne ka utlwa botlhoko fela thata. Ka nako eo ke ne ka lemoga gore ke tlhoka thuso ya kalafi mo godimo ga ya semoya e ke neng ke ntse ke e newa.”

Batho ba le bantsi ba ba tshwakgotsweng ke  bojalwa ba tlhoka kalafi gore e ba nonotshe mo ntweng ya bone ya semoya ya go tlogela le go tila go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng. * Ba bangwe ba tshwanelwa ke go robadiwa kwa bookelong gore ba kgone go lwantshana le matshwao a a botlhoko a go tlogela bojalwa kgotsa go newa melemo e e ka ba thusang go fokotsa keletso ya go batla go nwa le go ba thusa gore ba se ka ba boa ba nwa gape. Morwa Modimo yo o neng a dira dikgakgamatso o ne a re: “Ba ba nonofileng ga ba tlhoke ngaka, mme ba ba lwalang ba a e tlhoka.”—Mareko 2:17.

Melemo ya go Ikobela Kaelo ya Modimo

Kgakololo e e molemo ya Baebele malebana le bojalwa e tswa kwa Modimong wa boammaaruri, yo o re batlelang tsotlhe tse di molemo—e seng tse re tla di itumelelang gone jaanong fela mme ka bosakhutleng. Allen o bua jaana morago ga dingwaga di le masome a mabedi le bonè a tlogetse go nwa bojalwa: “Go ne go itumedisa tota go itse gore nka kgona go fetoga, go itse gore Jehofa o ne a batla go nthusa go tshela botshelo jo bo siameng, le . . . ” Allen o didimala go se kae ka gonne dilo tse a di gopolang di dira gore a batle go lela. “Um, . . . go itse gore Jehofa o a tlhaloganya e bile o a amega le go nnaya thuso e ke e tlhokang—tota ke selo se se itumedisang thata.”

Ka jalo, fa e le gore o nwa ka tsela e e feteletseng kgotsa o lekgoba la bojalwa, o se ka wa ineela ka bonako kgotsa wa swetsa ka go re ga go na tsholofelo. Allen le batho ba bangwe ba bantsi ba kile ba bo ba le mo seemong se se tshwanang le sa gago mme ba kgonne go fokotsa kgotsa go tlogela bojalwa gotlhelele. Ga ba ikwatlhaele tshwetso e ba e dirileng; mme le wena ga o kitla o ikwatlhaya.

Fa o dira tshwetso ya go nwa bojalwa ka tekatekano kgotsa go se bo nwe gotlhelele, tsaya tsia mafoko ano a a lorato a Modimo: “Fa fela o ne o ka tlhwaela ditaolo tsa me tsebe! Foo kagiso ya gago e ne e tla nna fela jaaka noka, le tshiamo ya gago jaaka makhubu a lewatle.”—Isaia 48:18.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 7 Bona lebokose le le reng  “A Bojalwa bo Laola Botshelo Jwa Gago?” mo go tsebe 8.

^ ser. 24 Go na le ditheo di le dintsi tsa kalafi, maokelo le dithulaganyo tsa go thusa batho go tlogela bojalwa tse di ka thusang. Tora ya Tebelo ga e buelele mokgwa mongwe o o rileng wa kalafi. Mongwe le mongwe o tshwanetse go akanyetsa ka kelotlhoko mofuta wa kalafi o a tla o tlhophang mme go tswa foo a itirele tshwetso e e dumalanang le melaometheo ya Baebele.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8]

 A Bojalwa bo Laola Botshelo Jwa Gago?

O ka nna wa ipotsa jaana:

• A ke nwa bojalwa jo bontsi go feta jo ke tlholang ke bo nwa?

• A ke nwa makgetlo a le mantsi go feta a ke tlholang ke nwa ka one?

• A ke nwa dino tse di bogale thata go feta pele?

• A ke nwa bojalwa ka ntlha ya kgatelelo ya maikutlo kgotsa go itebatsa mathata?

• A tsala kgotsa mongwe mo lapeng o buile le nna ka tsela e ke nwang bojalwa ka yone?

• A go nwa bojalwa go mpaketse mathata kwa lapeng, kwa tirong kgotsa fa ke le mo loetong?

• A ga ke kgone go fetsa beke ke sa nwe bojalwa?

• A ke a serega fa ke bona ba bangwe ba sa nwe bojalwa?

• A ga ke batle ba bangwe ba itse selekanyo se ke se nwang sa bojalwa?

Fa o araba potso e le nngwe kgotsa go feta ka ee, o ka tswa o tlhoka go tsaya kgato go laola tsela e o nwang ka yone.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]

Kafa o ka Dirang Ditshwetso Tse di Botlhale ka Gone Malebana le Bojalwa

Pele o nwa bojalwa, ipotse jaana:

A tota ke tlhoka go nwa bojalwa kgotsa go se bo nwe?

Kakantsho: Motho yo o sa kgoneng go ipeela selekanyo o tshwanetse go bo tlogela.

• Ke tshwanetse go nwa bojalwa jo bo kana kang?

Kakantsho: Itse gore o tshwanetse go nwa bojalwa jo bo kana kang pele bo dira gore o se ka wa akanya sentle.

• Ke tshwanetse go nwa leng?

Dikakantsho: E seng pele ga o kgweetsa kgotsa o dira ditiro dipe fela tse di tlhokang gore o nne kelotlhoko; e seng pele o dira ditiro tsa bodumedi; e seng ka nako ya fa o imile; e seng fa o nole melemo mengwe.

• Ke tla nwela kae?

Dikakantsho: Mo maemong a a siameng; e seng mo sephiring o bo fitlha; e seng fa o na le batho ba ba kgopisiwang ke bojalwa.

• Ke tla bo nwa le mang?

Dikakantsho: Le ditsala kgotsa ba lelapa ba ba nang le tlhotlheletso e e siameng; e seng le batho ba ba nang le bothata jwa go nwa.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 10]

Motho yo o Neng a Nwa Bojalwa ka Tsela e e Feteletseng o Thusiwa ke Lefoko la Modimo

Supot, yo o nnang kwa Thailand, o ne a nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng. Kwa tshimologong o ne a nwa bojalwa fela maitseboa. Go ise go ye kae a simolola go nwa mo mosong le ka nako ya dijo tsa motshegare. Gantsi o ne a nwa bojalwa fela gore a tagwe. Mme o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Fa Supot a sena go ithuta gore Jehofa Modimo ga a batle botagwa, o ne a tlogela go nwa. Le fa go ntse jalo, morago ga nakwana o ne a boela gape kwa mokgweng wa gagwe wa go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng. Seno se ne sa utlwisa lelapa la gagwe botlhoko.

Le fa go ntse jalo, Supot o ne a sa ntse a rata Jehofa e bile a batla go mo obamela ka tsela e a e amogelang. Ditsala tsa ga Supot di ne tsa tswelela go mo thusa le go kgothaletsa lelapa la gagwe go fetsa nako e ntsi le ene le gore ba se ka ba tlogela go mo thusa. Ka nako eo, mafoko a a utlwalang sentle a a mo go 1 Bakorintha 6:10 a a reng ‘matagwa ga a na go rua bogosi jwa Modimo’ a ne a thusa Supot go lemoga bomasisi jwa boemo jwa gagwe. O ne a lemoga gore o tlhoka go ikemisetsa go fenya bothata jwa gagwe jwa go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng.

Ka nako eo Supot o ne a ikemiseditse go tlogela go nwa bojalwa gotlhelele. Kgabagare, ka maatla a moya wa Modimo o o boitshepo, kaelo ya Lefoko la Modimo le thuso ya ba lelapa la gagwe le phuthego, Supot o ne a nonofa semoyeng mme a fenya go eletsa bojalwa. Ba lelapa la gagwe ba ne ba itumela fa a ne a kolobediwa a bontsha gore o ineetse mo Modimong. Gompieno Supot o itumelela go nna le kamano e e gaufi le Modimo e leng selo se a sa bolong go eletsa go nna le sone, mme o fetsa nako ya gagwe e ntsi a thusa batho ba bangwe go itse Modimo.