Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

 A o Ne o Itse?

Moaposetoloi Paulo o ne a dirisa tsela efe fa a ne a etela Roma lekgetlo la ntlha?

Ditiro 28:13-16 e tlhalosa gore mokoro o Paulo a neng a tsamaya ka one go ya kwa Italy o ne wa goroga kwa Puteoli (e gompieno e bidiwang Pozzuoli), kwa Kgogometsong ya Naples. Go tswa foo a tsaya loeto go ya kwa Roma a dirisa Via Appia, e leng tselakgolo ya toropo eo.

Tsela ya Via Appia e ne e reeletswe ka radipolotiki mongwe wa Moroma e bong Appius Claudius Caecus, yo o neng a simolola go e aga ka 312 B.C.E. Tsela eno e e bophara jwa dimmetara di ka nna tlhano le halofo go ya go di le thataro, e ne e dirilwe ka matlapa a magolo a lekgwamolelo, kgabagare e ne ya nna boleele jwa dikilometara di le 583 go ela kwa borwabotlhaba jwa Roma. E ne e golaganya Roma le boemakepe jwa Brundisium (jo gompieno bo itsegeng e le Brindisi), jo batho ba neng ba bo dirisa go ya kwa Botlhaba. Batho ba ba neng ba tsaya loeto ba ne ba tla ba ikhutsa mo tseleng mo mafelong mangwe—a a katoganeng sekgala sa dikilometara di ka nna 24—gore ba reke dilo tse ba di tlhokang, ba robale kgotsa ba fetole dipitse kgotsa dikolotsana.

Le fa go ntse jalo, go lebega Paulo ene a ne a tsamaya ka dinao. Tsela e a neng a tsamaya ka yone ya Via Appia e ne e le boleele jwa dikilometara di le 212. Tsela eno e ne e feta kwa Pontine Marshes, e leng lefelo le le tletseng seretse le le neng la dira gore mokwadi mongwe wa Moroma a ngongorege ka menang le monkgo o o bosula. Kwa bokone jwa lefelo leno go ne go na le Marekisetso a Apio—a a leng dikilometara di ka nna 65 go tswa kwa Roma—le Matlomararo a Boitapolosetso, e leng lefelo la go ikhutsa le le leng dikilometara di ka nna 50 go tswa kwa motseng oo. Bakeresete bangwe ba kwa Roma ba ne ba letile Paulo mo mafelong ano. Fa a ba bona, ‘Paulo a leboga Modimo mme a kgothala.’—Ditiro 28:15.

Ke mofuta ofe wa sekwalelo o go buiwang ka one mo go Luke 1:63?

Efangele ya ga Luke e tlhalosa gore ditsala tsa ga Sekarea di ne tsa mmotsa gore leina la morwawe yo o neng a sa tswa go tsholwa e ne e tla nna mang. Sekarea o ne “a kopa sekwalelo, a kwala jaana: ‘Leina la gagwe ke Johane.’” (Luke 1:63) Go ya ka buka nngwe, lefoko la Segerika le fano le ranotsweng e le “sekwalelo” le kaya “sekwalelo se sennye se gantsi se dirilweng ka logong lo lo tshasitsweng bonota.” Magong a ne a kopanngwa mme go bo go tshasiwa bonota mo a kopantsweng teng. Mokwadi o ne a dirisa pene go kwala mo go one. Morago ga moo, mokwalo oo o ne o ka phimolwa mme logong loo lo bo lo dirwa borethe gore lo kgone go dirisiwa gape.

Buka ya Go Bala le go Kwala mo Motlheng wa ga Jesu [Reading and Writing in the Time of Jesus] ya re: “Ditshwantsho tsa kwa Pompeii, maje a a gabilweng a a tswang kwa dikarolong tse di farologaneng tsa Mmusomogolo wa Roma le dikai tsa mmatota tsa dilo tse di epilweng kwa mafelong a mantsi go tloga kwa Egepeto go fitlha kwa Loboteng lwa ga Hadrian [Bokone jwa Boritane] di bontsha gore sekwalelo se ne se dirisiwa thata.” Batho ba ba farologaneng ba ka tswa ba ne ba na le dikwalelo—bagwebi, balaodi ba puso, gongwe le bangwe ba Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga.

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Via Appia

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Sekwalelo sa ngwana wa sekolo se se tshasitsweng bonota, lekgolo la bobedi la dingwaga C.E.

[Motswedi wa Setshwantsho]

By permission of the British Library