Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thuto ya Maaka 4: Modimo ke Medimo e le Meraro Mo go A le Mongwe

Thuto ya Maaka 4: Modimo ke Medimo e le Meraro Mo go A le Mongwe

Thuto eno e simologile kae?

“Fa go sekasekwa dintlha tsotlhe, medimo e le meraro mo go a le mongwe ke thuto e e neng ya simololwa go ela kwa bofelong jwa lekgolo la bo4 la dingwaga . . . Tlhaloso ya gore go na le ‘medimo e le meraro mo go a le mongwe’ e ne e sa tlhomama, tota e bile e ne e se sengwe se Bakeresete ba neng ba se latela ka botlalo e bile e se karolo ya tumelo ya bone, pele ga lekgolo la bo4 la dingwaga le fela.”—New Catholic Encyclopedia (1967), Bolumo 14, tsebe 299.

“Lekgotla la Nicaea le ne la kopana ka May 20, 325 [C.E.]. Constantine e ne e le motshwaramarapo, a eteletse pele motlotlo e bile e le ene a akantshang . . . gore mo dithutong tse di dumelwang ke lekgotla go kwalwe gore Keresete o amana le Modimo le gore ‘ke motho a le mongwe le Rara.’ . . . Ka ntlha ya go boifa mmusimogolo, bobishopo botlhe kwa ntle ga ba le babedi, ba ne ba saena tumalano eo le fa e ne e sa dumalane le se bontsi jwa bone bo neng bo se dumela.”—Encyclopædia Britannica (1970), Bolumo 6, tsebe 386.

Baebele yone ya reng?

“Setefane a tletse Moya o o Boitshepo, a leba kwa legodimong mme a tshogana ka a bona kgalalelo ya Modimo le ya ga Jesu a eme kafa seatleng sa moja sa Modimo. Mme a re: ‘Bonang! Ke bona magodimo a butswe le Morwa motho a eme kafa seatleng sa moja sa Modimo.’”—Ditiro 7:55, 56, The New Jerusalem Bible.

Ponatshegelo eno e ne e senola eng? A tletse maatla a Modimo a a dirang, Setefane o ne a bona Jesu “a eme kafa seatleng sa moja sa Modimo.” Ka jalo go bonala sentle gore fa Jesu a sena go tsosediwa kwa legodimong ga a ka a nna Modimo, go na le moo, o ne a nna motho wa semoya yo o sa tshwaneng le Modimo. Mo pegong eno ga go umakiwe motho ope wa boraro gaufi le Modimo. Le fa Moruti wa Dominican e bong Marie -Émile Boismard a ne a dira maiteko a go batla mafoko mangwe mo Dikwalong a a tshegetsang thuto ya gore go na le medimo e le meraro mo go a le mongwe o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya À l’aube du christianisme—La naissance des dogmes (Ka Nako ya Bokeresete—Tshimologo ya Dithuto Dingwe): “Mafoko a gore go na le batho ba le bararo mo Modimong a le mongwe . . . ga a tlhage gope mo Tesetamenteng e Ntšha.”

Maikaelelo a thuto e Constantine a neng a e rotloetsa e ne e le go fedisa dikgotlhang tse Kereke e neng e na le tsone mo lekgolong la bonè la dingwaga. Le fa go ntse jalo, seo se ne sa tsosa kgang e nngwe: A Marea, mosadi yo o neng a tshola Jesu ke “Mmaagwe Modimo”?

Bapisa le ditemana tseno tsa Baebele: Mathaio 26:39; Johane 14:28; 1 Bakorintha 15:27, 28; Bakolosa 1:15, 16

BOAMMAARURI:

Thuto ya gore go na le medimo e le meraro mo go a le mongwe e simolotse mo lekgolong la bonè la dingwaga