Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

 A o Ne o Itse?

Ke ka ntlha yang fa Baebele e amanya kobamelo ya modimo wa maaka e bong Baale le ditiro tsa tlhakanelodikobo?

Modimo wa Bakanana e bong Baale o ne a tsewa e le modimo wa tsalo. Baobamedi ba ga Baale ba ne ba dumela gore ke ene a neng a ungwisa masimo le go atisa maruo a bone. Ka jalo, go ya ka buka nngwe ya ditshupiso e leng Manners and Customs in the Bible, “ditiro tsa tlhakanelodikobo tse di neng di dirwa mo mafelong a kobamelo di ne di dirwa ka boikaelelo jwa go ungwisa naga, ka go rotloetsa modimo wa pula e bong Baale le mohumagadi wa gagwe Ashera gore ba tlhakanele dikobo gore go nne le thobo e ntsi le gore leruo le ate.”

Bakanana ba ne ba dumela gore Baale o ne a iphitlha mo teng ga lefatshe ka nako ya komelelo fa a fentswe ke Mot, e leng modimo wa komelelo le wa loso. Le fa go ntse jalo, ba ne ba dumela gore fa pula e na gape seo se bontsha gore Baale o a busa mme go tla nna le kungo le tsalo e ntsi. Bakanana ba ne ba keteka paka eno ka ditiro tse di feteletseng tsa tlhakanelodikobo. Ke gone ka moo go ikgolaganya ga Baiseraele le Baale wa Peore go ileng ga felela ka gore ba ‘nne le kamano ya boitsholo jo bo maswe le bomorwadia Moabe.’—Dipalo 25:1-3.

Jesu o ne a kaya eng fa a ne a re bakwadi le Bafarasai ba tshwana le “diphupu tse di tshasitsweng kalaka”?

Jesu o ne a kgala bakwadi le Bafarasai a re ke baitimokanyi mme a ba raya a re: “Lo tshwana le diphupu tse di tshasitsweng kalaka, tse kafa ntle eleruri di bonalang di le dintle mme mo teng di tletse marapo a batho ba ba suleng le boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe.” (Mathaio 23:27) Bajuda ba ne ba tlwaetse go dira gore matlapa a mabitla a tlhomologe ka go a tshasa kalaka fa paka ya dipula e fela, mo letsatsing la bo15 la Adare, e leng kgwedi e e neng e tla pele ga Tlolaganyo. Fa pula e na bosweu bo ne bo phimoga.

Go ya ka The Jewish Encyclopedia, matlapa a mabitla a ne a tshasiwa gore a se ka a itshekolola “baeti ba bantsi ba sedumedi ba ba neng ba tsamaya mo mebileng ka nako ya moletlo wa Tlolaganyo.” Molao o o mo go Dipalo 19:16 o ne o bolela gore mongwe le mongwe yo o neng a ka ama setopo, lerapo la motho kgotsa lefelo la go fitlha baswi o ne a tla itshekologa malatsi a le supa. Fa Baiseraele ba ne ba se phepa go ya ka molao ba ne ba sa letlelelwe go dira ditiro tse di amanang le kobamelo e e itshekileng kgotsa ba ne ba tla otlhaelwa loso. (Lefitiko 15:31) Jesu o ne a bua papiso eno malatsi a le mmalwa fela pele ga Tlolaganyo; ka jalo, bareetsi ba gagwe ba ka tswa ba ne ba setse ba gopola tiro e e neng e dirwa ngwaga le ngwaga ya go tshasa matlapa a mabitla kalaka. Se Jesu a neng a se bua ke gore baganetsi ba gagwe ba bodumedi ba ne ba sa nna kafa ba neng ba lebega ka gone mo bathong mme go ikamanya le bone go ne go ka dira gore motho a itshekologe semoyeng.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Letlapanakwalelo le go Tshwantshitsweng Baale wa Legadima mo go Lone, Lekgolo la bo14/13 la Dingwaga B.C.E.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Musée du Louvre, Paris