Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go A Kgonega go Nna le Tumelo mo Mmoping?

A go A Kgonega go Nna le Tumelo mo Mmoping?

 A go A Kgonega go Nna le Tumelo mo Mmoping?

“K E NE ke galefa fa ke akanya gore go ka tswa go na le Mmopi mme a ka tswa a na le maatla a gore batho ba se ka ba boga mme o ne a sa ikemisetsa go a dirisa!” Mafoko ao a ne a buiwa ke motho mongwe yo pele a neng a sa dumele gore Modimo o teng, yo o neng a swelwa ke ba lelapa la gagwe ka nako ya Go Gailwa ga Batho ke Banasi. Ga se ene fela a neng a ikutlwa ka tsela eo.

Fa batho ba le bantsi ba diragalelwa ke dilo tse di setlhogo, ba fitlhela go le thata go dumela mo Modimong kgotsa ba ikgomotsa ka go re Modimo ga a yo. Mabaka a konokono a a dirang gore bangwe ba se ka ba dumela ke afe? A batho ba ka bo ba tshela botoka jaaka batho ba akanya fa Modimo kgotsa bodumedi bo ne bo seyo? A go a kgonega gore motho yo o sa dumeleng mo Modimong a dumele mo Mmoping yo o lorato?

Go Palelwa ga Bodumedi

Lebaka le legolo le le dirang gore batho ba se ka ba dumela mo Modimong ke bodumedi. Rahisitori e bong Alister McGrath a re: “Selo se segolo se se tlhotlheletsang batho gore ba se ka ba dumela gore Modimo o teng ke gore ga ba rate boitshwaro jo bo sa siamang jwa badumedi le go palelwa ga jone.” Gantsi bodumedi bo lebiwa e le jone jo bo dirileng gore dintwa le thubakanyo di nne gone. Michel Onfray yo o sa dumeleng mo Modimong e bile e le rafilosofi o tlhalosa kafa go ka kgonegang ka gone gore buka e le nngwe ya bodumedi e tlhotlheletse mefuta e mebedi ya batho, yo mongwe “gore a batle go nna moitshepi,” yo mongwe ene “a dire tiro nngwe ya bosetlhogo”—borukhutlhi.

Batho ba le bantsi ba gakologelwa dilo tse di botlhoko tse di ba diragaletseng fa ba ne ba le mo bodumeding. Lekawana lengwe la kwa Sweden e bong Bertil ka nako ya fa e ne e le lesole o ne a utlwa moruti wa masole a buelela ntwa ka go umaka tlhagiso ya ga Jesu ya gore botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka. Moruti yoo o ne a re go tshwanetse ga nna le mongwe yo o tla dirisang tšhaka eo, ka jalo lesole le tshwanetse go nna motlhanka wa Modimo!—Mathaio 26:52. *

Bernadette, yo rraagwe a neng a bolawa kwa Fora ka nako ya ntwa ya bobedi ya lefatshe, o gakologelwa a galefisitswe ke mafoko a moruti kwa phitlhong ya ntsalaagwe wa dingwaga tse tharo fa a ne a re: “Modimo o biditse ngwana yono gore e nne moengele.” Moragonyana Bernadette o ne a tshola ngwana wa segole mme o ne a se ka a gomodiwa ke kereke ka ga seo.

Ciarán, yo o godileng ka motlha wa ntwa kwa Bokone jwa Ireland, o ne a tenwa ke thuto ya molelo wa dihele. O ne a tle a re o ila Modimo yo o dumeletseng boikepo jo bo kalo e bile o ne a re fa e le gore Modimo o teng a mmolaye. Ciarán ga se ene fela yo o sa rateng dithuto tseo tse di tshosang tsa kereke. Tota e bile, dithuto tsa kereke di ka tswa di ile tsa tshegetsa kgopolo ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe. Go ya ka Alister McGrath, “go tlhoa thata” ga ga Darwin thuto ya molelo wa dihele—e seng go dumela ga gagwe mo thutong ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe—ke gone go neng ga tsosa dipelaelo mo mogopolong wa gagwe ka go nna gone ga Modimo. Gape McGrath o ne a bua le ka “khutsafalo e kgolo ya ga [Darwin] ka ntlha ya loso lwa ga morwadie.”

Batho bangwe ba tsaya go tsena kereke e le go tlhoka tlhaloganyo le go tlhoafalela bodumedi. Irina yo o neng a lapisitswe ke dithero tse di sa thuseng sepe le dithapelo tse di boaboelediwang a re: “Go bonala batho ba bodumedi ba sa akanye.” Louis, yo o tennweng ke ditiro tsa bosetlhogo tse di dirwang ke batho ba ba ratang bodumedi, o ne a dira diphetogo tse dikgolo: “Ka dingwaga di le dintsi ke ne ke tsaya bodumedi bo lapisa, mme gone jaanong ke bone gore bodumedi bo na le tlhotlheletso e e sa siamang mo  bathong. Ke ne ka nna kgatlhanong thata le madumedi otlhe.”

A Batho ba ka Tshela Botoka Kwantle ga go Kaelwa ke Modimo?

Ga go gakgamatse go bo batho ba le bantsi ba leba bodumedi e le jone jo bo dirang gore batho ba se ka ba gatelapele e bile bo senya kagiso. Batho bangwe ba ile ba bo ba ipotsa gore a batho ba ka tshela botoka kwantle ga go kaelwa ke Modimo le bodumedi. Le fa go ntse jalo, a go akanya jalo go ka se bake mathata?

Rafilosofi wa lekgolo la bo18 la dingwaga, e bong Voltaire o ne a nna kgatlhanong thata le bosetlhogo jo bo neng jwa dirwa ke kereke ya motlha wa gagwe. Le fa go ntse jalo, o ne a tsaya go nna teng ga Mogodimodimo go le botlhokwa mo go re thuseng go farologanya se se siameng le se se sa siamang. Moragonyana, rafilosofi wa Mojeremane e bong Friedrich Nietzsche yo o neng a re Modimo o sule, o ne a boifa gore boitsholo jwa batho bo tla senyega le gore go ka nna le kotsi nngwe ka ntlha ya go se dumele mo Modimong. A go ne go siame go nna le poifo e e ntseng jalo?

Mokwadi Keith Ward a re fa e sa le motlha wa gompieno, bosetlhogo ga bo a ka jwa fokotsega mme go na le moo “bo ne jwa oketsega ka tsela e batho ba neng ba sa e akanya.” Go dumela gore Modimo ga a yo ga go a golola batho mo go palelweng ga bone, go go jaaka tlolomolao le go se itshokelane. Dintlha tseno di ile tsa dira gore batho ba le bantsi ba ba amegileng, tota le bone ba ba sa dumeleng mo Modimong ba lemoge botlhokwa jwa go dumela mo Modimong.

Keith Ward o gatelela molemo wa go dumela mo Modimong ka go re: “Tumelo e dira gore motho a batle go itshwara sentle ka dinako tsotlhe le go nna le boikarabelo jwa go tlhokomela lefatshe le Modimo a le bopileng.” Dipatlisiso tse dintsi tsa bosheng di bontshitse gore batho ba bodumedi ba amega thata ka maloko a bodumedi jwa bone. Go amega thata jalo ka ba bangwe go dira gore ba kgotsofale. Dipatlisiso tseo di gatelela botlhokwa jwa molaomotheo ono o o neng wa buiwa ke Jesu: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.

Modirediloago mongwe yo pele a neng a sa dumele mo Modimong o ne a kgatlhiwa ke kafa Baebele e kgonang go tlhotlheletsa matshelo a batho ka gone. O ne a re: “E re ka ke feditse dingwaga di le dintsi, mme ke sa atlege go le kalo, ke leka go thusa batho go fetola boitshwaro jo bo neng bo le kotsi mo go bone le mo bathong ba bangwe, ke fitlhetse go gakgamatsa go bona kafa batho ba ka fetogang ka gone gore e nne batho ba ba botoka. Gape ke lemogile gore ba ne ba sa boele kwa mekgweng ya bone ya pele.”

Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba ba reng Modimo ga a yo ba re go dumela mo Modimong go dirile gore batho ba le bantsintsi ba bolawe le go baka dikgotlhang go na le gore batho ba tshele sentle ka kagiso le go amega ka ba bangwe. Ba ka tswa ba lemoga gore tumelo e fetola matshelo a batho bangwe le fa go ntse jalo ba tswelela ba na le dipelaelo. Ka ntlha yang?

Mabaka a Mangwe A go Sa Dumele

Batho ba le bantsi ba rutiwa gore go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe ke thuto e e boammaaruri. Ka sekai, Anila o tsene sekolo kwa nageng ya Albania e batho ba ba nnang teng ba sa dumeleng mo Modimong. A re: “Kwa sekolong, re ne re rutilwe gore go dumela mo Modimong ke boeleele. Ka metlha ke ne ke ithuta dilo tse di ntle ka ga dimela le ditshedi, mme ke ne ke tsaya gore dilo tsotlhe di itlhagetse fela e re ka seno se ne se dira gore go lebege e kete re dumalana le tsela e saense e rutang ka yone.” Gompieno o dumela gore “ba ne ba tshwanetse go  amogela sengwe le sengwe se ba neng ba se rutiwa ba sa botse dipotso.”

Go sa rate bodumedi go ka dira gore bangwe ba se ka ba bo amogela. Gantsi Basupi ba ga Jehofa ba kopana le batho ba ba ntseng jalo fa ba tsamaya ka ntlo le ntlo, ba gomotsa batho ka Baebele. Bertil, yo o umakilweng pelenyana o ne a etelwa ke mosha mongwe wa Mosupi. Bertil o gakologelwa a ipolelela jaana: ‘Ga nkitla ke reetsa se a tla mpolelelang sone. O tlile mo mothong o sele!’ A re: “Ke tla mo letla a tsene mme ke bontshe gore ke galefetse Modimo, Baebele le bodumedi.”

Gus wa kwa Scotland o ne a tshwentswe ke tshiamololo. Kwa tshimologong, o ne a ganetsa fa a ne a tlotla le Basupi ba ga Jehofa. O ne a botsa dipotso tse di neng di tshwana le tsa moporofeti wa Mohebera e bong Habakuke yo o neng a raya Modimo a re: “Ke ka ntlha yang fa o dira gore ke bone se se utlwisang botlhoko, mme o nnela go leba a e leng matshwenyego fela?”—Habakuke 1:3.

Batho ga ba bolo go tshwenngwa ke go bo Modimo a sa tseye kgato ka boikepo. (Pesalema 73:2, 3) Mokwadi wa Mofora e bong Simone de Beauvoir o kile a re: “Go ne go le motlhofo gore ke akanye gore lefatshe ga le na mmopi go na le go akanya ka dithuto tsa lefatshe tse di sa dumalaneng ka mmopi.”

Le fa go ntse jalo, a go palelwa ga madumedi a le mantsi go tlhalosa dithuto tseo go raya gore ga go na tlhaloso epe? Gus a re la bofelo o ne a bona “tlhaloso e e kgotsofatsang ya go bo Mmopi yo o maatla otlhe a letleletse batho gore ba boge ka nakwana.” O ne a re seo “e ne e le kgato e e botlhokwa mo go nna.” *

Batho bangwe ba ba reng ga ba dumele mo Modimong ba ka tswa ba na le dipelaelo ka thuto ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe, ba ka lemoga lebaka la go bo ba tshwanetse go dumela mo Modimong e bile ba ka tswa ba tle ba rapele. A re bone gore ke eng se se ileng sa dira gore batho bangwe ba ba neng ba sa dumele mo Modimong le ba ba neng ba dumela gore Modimo ke masaitsiweng ba akanye thata ka kgang eno mme kgabagare ba nne le kamano e e gaufi le Mmopi wa bone.

Ke Eng Se se Ba Thusitseng go Dumela mo Mmoping?

Lekawana le le neng le etetse Bertil le ne la dira gore a akanye ka go mmontsha pharologano e kgolo e e leng gone fa gare ga Bokeresete jwa boammaaruri le bodumedi jwa batho ba ba reng ke Bakeresete ka leina fela. Le fa Bertil a ne a ganetsa  gore Mmopi o teng, o tlhalosa gore o ne a kgatlhiwa ke eng: “Ke ne ka kgatlhiwa ke bopelotelele jwa gagwe le fa ke ne ke le tlhogoethata. . . . O ne a nna a ritibetse mme ka metlha o ne a ntlisetsa dibuka e bile a baakanyetsa sentle.” *

Svetlana, yo o neng a tlhotlhelediwa ke thuto ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe le Bokomonise, o ne a dumela mo kgopolong ya gore go ne go tshela fela ba ba nonofileng. Le fa go ntse jalo, o ne a tshwenngwa ke kgopolo eno e e sa siamang ka botshelo. Se a neng a se rutiwa kwa sekolong sa bongaka se ne sa dira gore a tlhakane tlhogo le go feta: “Ka nako ya fa re ne re rutiwa dithuto tsa go se dumele mo Modimong, re ne ra rutiwa kgopolo ya gore go tshela fela ba ba nonofileng. Mme fa re ne re rutiwa ka tsa kalafi, re ne ra rutiwa gore re tshwanetse go thusa ba ba bokoa.” Gape o ne a ipotsa gore ke eng fa batho ba go neng go tsewa ba tswa mo ditshweneng ba nna le mathata a go tshwenyega mo maikutlong mme ditshwene tsone di se na one. Ke ne ka bona tlhaloso ya dikgang tseno tse di sa dumalaneng kwa ke neng ke sa e lebelela gone: “Mmèmogolo o ne a ntlhalosetsa go tswa mo Baebeleng gore ke bosaitekanelang jwa rona jo bo dirang gore re ikutlwe jalo.” Gape Svetlana o ne a itumelela go itse dikarabo tse di tswang mo Baebeleng tsa dipotso tse di jaaka gore ke eng fa batho ba ba ikanyegang ba boga.

Leif, yo o tsholetsweng kwa Scandinavia o ne a dumela thuto ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe e bile a tsaya Baebele e le buka ya dikinane. Le fa go ntse jalo, letsatsi lengwe tsala ya gagwe e ne ya mmotsa jaana ka se a neng a se dumela: “A o lemoga gore o boeletsa fela se batho ba bangwe ba se buileng, ga o itse sepe ka Baebele?” Fa Leif a tlhalosa kafa potso eo e ileng ya mo ama ka gone, o ne a re: “Ke ne ka lemoga gore ke ne ke dumetse thuto eno ntle le go botsa dipotso dipe ka ga yone. . . . Ke akanya gore kitso ya boporofeti jwa Baebele le go diragadiwa ga jone ke nngwe ya dilo tse di ka thusang motho yo o sa dumeleng mo Modimong go simolola go akanya.”—Isaia 42:5, 9.

Ciarán, yo o umakilweng pelenyana, o ne a swabisitswe ke go nna le seabe mo dipolotiking ka dingwaga di le dintsi. Fa a ne a akanya ka botshelo, o ne a re: Modimo yo o maatla le yo o lorato ke ene fela a ka rarabololang mathata a a mo lefatsheng le go mmontsha kafa a ka rarabololang mathata a gagwe ka gone. O ne a re, ‘Ke eletsa e kete nka itse Modimo yo o ntseng jalo.’ O ne a rapela jaana a tlaletswe: “Fa e le gore o teng e bile o a nkutlwa, mpontshe ka tsela nngwe gore nka rarabolola jang mathata a me le go tswa mo kutlobotlhokong e batho ba leng mo go yone.” Morago ga malatsi a le mmalwa, Mosupi mongwe wa ga Jehofa o ne a kokota mo kgorong. Mosupi yono o ne a mo tlhalosetsa se Baebele e se rutang malebana le tlhotlheletso e e boikepo ya dipuso tsa batho. (Baefeso 6:12) Tlhaloso eno e ne ya tlhomamisa se Ciarán a neng a se lemogile le go mo tlhotlheletsa gore a batle go itse. Fa a tsweletse a ithuta Baebele, o ne a simolola go nna le tumelo e e nonofileng mo Mmoping yo o lorato.

Mmopi wa Batho le Kamano ya Gago le Ene

Boitimokanyi jwa bodumedi jo bo jaaka dithuto tsa go sa dumele mo Modimong tse di jaaka go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe le go anama ga boikepo di dirile gore batho ba le bantsi ba belaele kgotsa ba latole gore Mmopi o teng. Le fa go ntse jalo, fa o e letla, Baebele e ka go naya dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tse o nang le tsone. Gape e senola dikakanyo tsa Modimo, “dikakanyo tsa kagiso, mme e seng tsa masetlapelo, go lo naya isagwe le tsholofelo.” (Jeremia 29:11) Tsholofelo eno e ne ya gomotsa Bernadette, yo ngwana wa gagwe a neng a tsholwa e le segole e bile a ne a belaela gore Mmopi o gone.

Tlhaloso ya Baebele ya go bo Modimo a letleletse pogo e amile megopolo le dipelo tsa batho ba le bantsi ba ba neng ba sa dumele mo Modimong. Fa o ka ipha nako ya bona dikarabo tsa Baebele tsa dipotso tseo tse di botlhokwa, le wena o ka tlhatswega pelo gore Modimo o teng, yo tota “a [seng] kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.”—Ditiro 17:27.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 6 Go bona gore a Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go nna le seabe mo ntweng, bona setlhogo se se reng “A Ntwa e Tsamaisana le Bokeresete?” mo go tsebe 29-31.

^ ser. 22 Go bona tlhaloso ya go bo Modimo a letleletse boikepo, bona buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, tsebe 106 go ya go 114.

^ ser. 25 Go bona kafa o ka arabang batho ba ba buelelang thuto ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe, bona makasine wa Tsogang! ya September 2006, “A go Na le Mmopi?,” e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso mo go tsebe 13]

Dipotso Tse Thuto ya go Iphetogela ga Ditshedi ka Botsone go Nna Tse Dingwe e sa Kgoneng go di Araba

• Botshelo bo ka simologa jang mo selong se se sa tsheleng?—PESALEMA 36:9.

• Ke eng fa diphologolo di tsala le dimela di tlhagisa tse dingwe fela go ya ka mefuta ya tsone?—GENESISE 1:11, 21, 24-28.

• Fa e le gore batho ba tswa mo ditshweneng, ke eng fa go se na le fa e le motho a le mongwe yo o tshwanang le tshwene?—PESALEMA 8:5, 6.

• Go thusana go ka tlhalosiwa jang go ya ka kgopolo ya gore go tshela fela ba ba nonofileng?—BAROMA 2:14, 15.

• A batho ba na le tsholofelo e e rileng ya mmatota ka isagwe?—PESALEMA 37:29.

[Ditshwantsho mo go tsebe 12, 13]

Modimo yo o lorato a ka bopa jang lefatshe le mo go lone bana ba bogang?

Boitimokanyi jwa bodumedi bo fapositse batho ba le bantsi mo Modimong