Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Ntwa e Tsamaisana le Bokeresete?

A Ntwa e Tsamaisana le Bokeresete?

 A Ntwa e Tsamaisana le Bokeresete?

“Ke molao ofe wa boitsholo o o bontshang gore ntwa ke tlolomolao kgotsa boleo? Eleruri eno ke kgang e e raraaneng.” —OLIVER O’DONOVAN, POROFESA YA MELAO YA BOITSHOLO YA BOKERESETE

SETSHWANTSHO se se bidiwang Sacrifice se se dirilweng ka Ntwa ya Lefatshe 1, se se beilweng kwa Museamong wa Ntwa wa kwa Canada, se bontsha masole a a bolailweng le a a ileng a falola kwa ntweng mme se bontsha le ba malapa a bone. Mo godimo ga sone go beilwe setshwantsho sa ga Jesu Keresete a bapotswe mo sefapaanong. Batho bangwe ba ba se lebang ba tshosiwa ke gore setshwantsho sa ga Jesu “Kgosana ya Kagiso” se beilwe go bapa le ditiragalo tsa ntwa e e setlhogo. (Isaia 9:6) Batho ba bangwe ba ba lebogang go intsha setlhabelo ga masole a dinaga tsa bone, ba akanya gore Modimo le Morwawe ba lebeletse gore Bakeresete ba lwe mo dintweng go sireletsa setšhaba sa bone le go dira gore se gololesege.

Ka makgolokgolo a dingwaga, baeteledipele ba bodumedi ga ba bolo go rera molaetsa o o bontshang gore ba tshegetsa dintwa. Ka ngwaga wa 417 C.E., moithutabodumedi e bong Augustine o ne a kwala jaana: “Ga lo a tshwanela go akanya gore ga go lesole lepe le le dirisang dibetsa kwa ntweng le le ka se amogelweng ke Modimo. . . . Batho ba bangwe ba lo lwela le baba ba ba sa bonaleng ka go lo rapelela, fa lona lo ba lwela mo bathong ba ba setlhogo.” Mo lekgolong la bo13 la dingwaga Thomas Aquinas, o ne a tlhalosa gore “dintwa di a amogelwa e bile di siame fa fela di sireletsa bahumanegi le setšhaba sotlhe gore baba ba se ka ba thopa naga ka boferefere.”

O akanyang? Fa masole a ya ntweng ka lebaka le le utlwalang—go sireletsa batho ba ba gateletsweng le gore setšhaba se gololesege—a Modimo o amogela seo? Ke molao ofe wa boitsholo o Bakeresete ba ka o dirisang go bona gore Modimo o leba jang kgang eno?

Sekao sa ga Jesu Keresete

A go a kgonega go itse gore Modimo o leba jang kgang e e raraaneng e e jaaka ya dintwa tsa gompieno? Moaposetoloi Paulo o ne a lemoga seemo seno se se thata mme a botsa jaana: “‘Ke mang yo o itseng mogopolo wa ga Jehofa, gore a tle a mo laye?’ Mme rona re na le mogopolo wa ga Keresete.” (1 Bakorintha 2:16) Jehofa Modimo o ne a re thusa ka go romela Jesu mo lefatsheng gore e nne Motlhomasekao wa rona. Se Jesu a neng a se dira le go se bua se ne se bontsha tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone. Ka jalo, Jesu o ne a reng ka dintwa? O ne a tsaya letlhakore lefe mo ntweng?

Batho bangwe ba ka akanya gore lebaka la konokono le le ka dirang gore ba lwe ke fa ba sireletsa Jesu Keresete. Mongwe wa baaposetoloi ba gagwe o ne a ikutlwa jalo. Fa Jesu a ne a okiwa le go tshwarwa ke segongwana se se tlhometseng bosigogare, tsala ya gagwe e bong Petere o ne “a  ntsha seatla sa gagwe a somola tšhaka ya gagwe a ba a itaya motlhanka wa moperesiti yo mogolo mme a kgaola tsebe ya gagwe.” A Petere o ne a na le lebaka le le utlwalang la go dira jalo? Jesu o ne a raya Petere a re: “Busetsa tšhaka ya gago mo lefelong la yone, gonne botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka.”—Mathaio 26:47-52.

Ga go gakgamatse go bo Jesu a ile a araba jalo. Dingwaga di le pedi pele ga moo, o ne a re: “Lo ne lwa utlwa gore go ne ga twe, ‘O rate moagelani wa gago mme o tlhoe mmaba wa gago.’ Le fa go ntse jalo, ke a lo raya ka re: Tswelelang lo rate baba ba lona lo bo lo rapelele ba ba lo bogisang; gore lo tle lo itshupe lo le bana ba ga Rraalona yo o kwa magodimong, e re ka a tlhabisetsa batho ba ba boikepo le ba ba molemo letsatsi la gagwe e bile a nesetsa batho ba ba siameng le ba ba sa siamang pula.” (Mathaio 5:43-45) A go a utlwala go akanya gore Mokeresete a ka rata mmaba wa gagwe le go mo rapelela mme a bo a lwa le ene?

Hisitori e senola gore Bakeresete ba na le baba ba le bantsi. Ka sekai, Baroma ba ne ba atlhola Jesu Keresete le go mmolaya. Morago ga moo, go ipolela fa o le Mokeresete e ne ya nna molato o mogolo. Jesu o ne a re Bakeresete ba ne ba ka raelesega go tshola dibetsa le go tsuologa fa ba gatelelwa ke Baroma, fela jaaka Bajuda bangwe ba ne ba dira. Ka jalo, o ne a bua jaana ka balatedi ba gagwe: “Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.” (Johane 17:16) Bakeresete ba ne ba tlhopha go se tseye letlhakore mo dipolotiking. Go direlwa tshiamololo kgotsa go tshosediwa kgotsa naga e ba neng ba nna mo go yone ga di a ka tsa dira gore ba batle go tsaya karolo mo ntweng.

Batshegetsi ba Bogosi Jwa Modimo

Fela jaaka Jesu a ne a batla, Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba sa tseye letlhakore mo dintweng. Akanya ka se se neng sa direga kwa motseng wa bogologolo wa Ikonio kwa Asia Minor. “E rile batho ba ditšhaba le Bajuda le babusi ba bone ba ba tlhasela ka bogale [Paulo le Barenabase], gore ba ba tshware ka go tlhoka maitseo le go ba kgobotletsa ka maje, bone, ya re ba itsisiwe ka gone, ba tshabela kwa metseng ya Likaonia, Lisetera le Derebe le naga e e mo tikologong; mme ba tswelela go bolela dikgang tse di molemo koo.” (Ditiro 14:5-7) Ela tlhoko gore fa Bakeresete ba ne ba tlhaselwa ka bogale ga ba a ka ba iphemela ka dibetsa kgotsa ba ipusolosetsa. Go na le moo, ba ne ba tswelela ba rera “dikgang  tse di molemo.” Ba ne ba rera dikgang dife tse di molemo?

Bakeresete ba ne ba rera molaetsa o o tshwanang le o Jesu a neng a o rera. O ne a re: “Ke tshwanetse go bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo.” (Luke 4:43) Jesu le balatedi ba gagwe ba ne ba tshegetsa Bogosi jwa Modimo. Keresete ga a ise a ko a dirise sesole sa setšhaba go sireletsa Bogosi joo. O ne a re: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno. Fa bogosi jwa me e ne e le karolo ya lefatshe leno, batlhokomedi ba me ba ka bo ba tlhabane gore ke se ka ka neelwa Bajuda. Mme, kafa go ntseng ka gone, bogosi jwa me ga bo tswe mo motsweding ono.”—Johane 18:36.

‘Ratanang’

Letshwao le le tlhaolang kobamelo ya boammaaruri ke go sa tseye letlhakore mo dintweng. Jesu o ne a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Johane 13:35) Batho ba le dimilione ba ne ba itumelela go bona setlhopha se se bontshang lorato lo lo ntseng jalo, tota le fa go gana ga bone go dirisa dibetsa go ne ga dira gore ba sotliwe, ba tsenngwe mo dikgolegelong kgotsa ba bolawe.

Kwa Yuropa ya Bonasi balaodi ba ne ba tsenya Basupi ba ga Jehofa ba ka nna 10 000 mo kgolegelong le go romela ba ka nna 3 000 kwa dikampeng tsa pogisetso ka ntlha ya go se tseye letlhakore ga bone mo dintweng. Ka yone nako eo, kwa United States go ne ga romelwa Basupi ba ba fetang 4 300 kwa kgolegelong ka gonne ba ne ba gana go tsenela bosole. Basupi ba kwa Jeremane kgotsa ba kwa Amerika ga ba a ka ba tshola dibetsa go ya go lwa le bakaulengwe ba bone ba Bakeresete kgotsa motho ope fela. Ba ne ba ka se re ba a ratana ba bo ba tshola dibetsa.

Batho ba le bantsi ba akanya gore go ya bosoleng go botlhokwa gore motho a itshireletse. Akanya ka seno: Le fa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba bogisiwa setlhogo mme ba se ka ba iphemela, ba ne ba tswelela ba le teng. Mmusomogolo o o maatla wa Roma ga o a ka wa kgona go fedisa Bokeresete. Le gompieno Bakeresete ba boammaaruri ba a oketsega mme ba tswelela ba sa tseye letlhakore mo dintweng. Go na le gore ba lwe, ba ikaega ka thuso ya Modimo. Lefoko la gagwe, e leng Baebele la re: “Lo se ka lwa ipusolosetsa, baratwa, mme thibogelang tšhakgalo; gonne go kwadilwe ga twe: ‘Pusoloso ke ya me; Ke tla duela, go bua Jehofa.’”—Baroma 12:19.

[Lebokoso mo go tsebe 30]

DINTWA TSE MODIMO A NENG A DI SEGOFATSA

Iseraele wa bogologolo e leng setšhaba se Modimo a neng a se tlhophile makgolokgolo a dingwaga pele Bokeresete bo nna gone, ka dinako dingwe se ne se laelwa gore se phuthe masole se ye ntweng. Pele Baiseraele ba tsena mo lefatsheng la Kanana le Modimo a neng a le solofeditse Aborahame, ba ne ba bolelelwa jaana: “Jehofa Modimo wa gago o tla go ba tlogelela [ditšhaba tse supa], mme o ba fenye. Ruri o ba senye. O se ka wa dira kgolagano epe le bone le fa e le go ba bontsha kutlwelobotlhoko epe.” (Duteronome 7:1, 2) Ka jalo, Molaodi wa Moiseraele wa Masole e bong Joshua o ne a fenya ditšhaba tseo tsa baba “fela jaaka Jehofa Modimo wa Iseraele a ne a laetse.”—Joshua 10:40.

A phenyo eo e ne e le e e setlhogo e mo go yone Baiseraele ba neng ba fenya dinaga di sele ka bogagapa? Nnyaa le e seng. Ditšhaba tseo di ne di tletse kobamelo ya medingwana, tshololo ya madi le mekgwa e e leswe ya tlhakanelodikobo. Tota le bana ba ne ba bolawa go dirwa ditlhabelo ka bone. (Dipalo 33:52; Jeremia 7:31) E re ka Modimo a le boitshepo, a rata tshiamiso e bile a rata batho ba gagwe, o ne a tlhotlheletsega go tlosa boitshekologo jotlhe mo lefatsheng. Tota le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a tlhatlhoba pelo ya mongwe le mongwe—selo se molaodi ope wa sesole a ka se kgoneng go se dira gompieno—a bo a boloka botlhe ba ba neng ba ikaeletse go tlogela ditsela tsa bone tse di boikepo ba bo ba mo direla.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

A Jesu o ne a lebeletse gore balatedi ba gagwe ba mo lwele kgotsa ba lwele Bakeresete ka bone?

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Setlhopha sa Basupi ba ga Jehofa fa ba sena go gololwa kwa kampeng ya pogisetso ya kwa Buchenwald ka 1945