Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 Ditsela Tsa go Bona Boitumelo mo Lelapeng

Go Dirisa Madi Sentle

Go Dirisa Madi Sentle

Monna a re: “Ke akanya gore mogatsake, Laura * o dirisa madi mo dilong tse di sa tlhokegeng—tse ke akanyang gore ga re di tlhoke. Mme go bonala a sa kgone go boloka madi! Seno e nna bothata jo bogolo fa re lebana le mathata a a neng a sa lebelelwa a a tlhokang madi. Ke a tle ke re fa fela mogatsake a tshwara madi, o a a dirisa.”

Mosadi a re: “Gongwe ga ke kgone go boloka madi mme gone mogatsake ga a itse gore dilo di a tura—dijo, fanitšhara le dilo tse dingwe tsa mo lapeng—e bile ke nna ke salang mo lapeng. Ke nna ke itseng dilo tse re di tlhokang ke bo ke di reka le fa seo se dira gore re nne le dikgotlhang ka kgang ya go dirisa madi.”

SENGWE sa dilo tse go leng thata gore banyalani ba tlotle ka sone ba sa omane ke madi. Ga go gakgamatse go bo go tlotla ka dikgang tsa madi e le sengwe sa dilo tse gantsi di dirang gore go nne le dikgotlhang mo manyalong.

Banyalani ba ba seng tekatekano mo tseleng e ba lebang madi ka yone ba ka nna le kgatelelo ya maikutlo, dikgotlhang, go utlwa botlhoko mo maikutlong le e leng go senya kamano ya bone e ntle le Jehofa. (1 Timotheo 6:9, 10) Batsadi ba ba sa buisaneng ka kgang ya madi le go a lekanyetsa sentle ba ka patelesega go bereka diura tse di oketsegileng, ka go dira jalo ba amoga bone le bana ba bone nako ya go nonotsha kamano ya bone le Jehofa le go tlhokomelana ka dilo tse ba di tlhokang mo maikutlong. Gape ba ruta bana ba bone go se dirise madi sentle.

Baebele ya re: ‘Madi ke tshireletso.’ (Moreri 7:12) Madi a tla sireletsa lenyalo le lelapa la gago fa o sa ithute fela go a laola mme gape o ithuta kafa o ka buang ka one le molekane wa gago ka gone. * Tota e bile, go tlotla ka madi e ka nna selo se se nonotshang kamano ya balekane ba lenyalo go na le gore ba ngangisane ka one.

Mme gone, ke eng fa madi a dira gore go nne le mathata a mantsi mo lenyalong? Mme ke dilo dife tse di mosola tse lo ka di dirang gore go tlotla ka madi e se ka ya nna kgang e e felelang ka manganga le dikganetsano?

Ke Dikgwetlho Dife Tse lo ka Lebanang le Tsone?

Gantsi dikganetsano tse di nnang teng tsa kafa madi a ka dirisiwang ka gone ga di dintsi jaaka tse di bakiwang ke go bo molekane yo mongwe a sa ikanye yo mongwe kgotsa a boifa gore a ka se dirise madi sentle. Ka sekai, monna yo o batlang go itse gore mosadi wa gagwe o dirisa madi jang, tota le a mannye, a ka tswa a raya gore ga a dumele gore mosadi wa gagwe a ka tlhokomela madi a lelapa. Mosadi yo o ngongoregang ka gore monna wa gagwe o boloka madi a mannye, a ka tswa a boifa gore fa go ka direga sengwe mo isagweng ba ka tlhoka madi.

Kgwetlho e nngwe e banyalani ba lebanang le yone ke tsela e ba godisitsweng ka yone. Matthew yo o nang le dingwaga di le robedi a nyetse a re: “Mosadi wa me o goletse mo lelapeng le madi a neng a dirisiwa sentle. Ga a na poifo e ke nang le yone. Rre e ne e le letagwa e bile a goga motsoko   mme ka nako e ntsi o ne a se na tiro ya boitshediso. Gantsi re ne re tlhoka dilo tsa botlhokwa mme seo se ne sa dira gore ke boife go dira dikoloto. Ka dinako tse dingwe, seno se dira gore ke se ka ka kgotsofalela tsela e mosadi wa me a dirisang madi ka yone.” Le fa mabaka e ka tswa e le afe a a bakang mathata a madi, o ka dirang gore madi a gago a sireletse lenyalo la lona go na le gore e nne selo se lo ngangisanang ka sone?

Ke eng se se botlhokwa thata mo go wena—madi kgotsa lenyalo la gago?

Ditsela Tse Nnè Tsa go Atlega

Gone ke boammaaruri gore Baebele ga se buka e e tlhalosang kafa batho ba ka dirisang madi ka gone. Le fa go ntse jalo, e na le kgakololo e e mosola e e ka thusang banyalani gore ba tile mathata a madi. Ke eng fa lo sa sekaseke kgakololo ya yone le go leka go dirisa dikakantsho tse di fa tlase fano?

1. Ithuteng gore lo se ka lwa omana fa lo bua ka madi.

“Go na le botlhale mo go ba ba gakololanang.” (Diane 13:10) Ka ntlha ya tsela e o godisitsweng ka yone, o ka nna wa ikutlwa o sa gololesega go bua le batho ba bangwe ka madi, segolobogolo le molekane wa gago. Le fa go le jalo, go botlhale gore o ithute go tlotla ka kgang eno e e botlhokwa. Ka sekai, ke eng fa o sa tlhalosetse molekane wa gago kafa batsadi ba gago ba ka tswang ba tlhotlheleditse tsela e o lebang madi ka yone? Le wena leka go tlhaloganya kafa tsela e molekane wa gago a godisitsweng ka yone e amang tsela e a dirisang madi ka yone.

Ga lo a tshwanela go leta gore lo nne le mathata pele lo tlotla ka madi. Mokwadi mongwe wa Baebele o ne a botsa jaana: “A bobedi bo ka tsamaya mmogo bo sa kopana ka nako e bo e beelaneng?” (Amose 3:3) Molaomotheo ono o ka dirisiwa jang? Fa lo beela nako kwa thoko gore lo tlotle ka dikgang tsa madi, lo tla fokotsa dikgotlhang tse di ka nnang teng ka ntlha ya go sa tlhaloganyane.

LEKA SENO: Tlhophang nako e ka metlha lo ka e dirisang go tlotla ka madi a lelapa. Lo ka tlotla ka letsatsi la ntlha la kgwedi nngwe le nngwe kgotsa ka letsatsi le le rileng beke le beke. Dirang gore motlotlo wa lona o nne mokhutshwane, gongwe e nne metsotso e le 15 kgotsa e e kwa tlase. Tlhophang nako e lotlhe lo tla bong lo iketlile. Dumalanang gore ga lo ne lo bua ka madi ka dinako dingwe, jaaka fa lo ja kgotsa lo na le bana.

2. Dumalanang gore lo tla dirisa jang madi a lo a amogelang.

“Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele.” (Baroma 12:10) Fa e le gore ke wena fela o berekang, o ka bontsha gore o tlotla molekane wa gago ka go leba madi a o a amogelang e se a gago mme e le a lelapa.—1 Timotheo 5:8.

Fa wena le molekane wa gago lo bereka, lo ka tlotlana ka go bolelelana gore lo amogela bokae le gore lo dirisa madi ao jang, go akaretsa le gore lo duela dilo dife tse di tlhokang madi a mantsi. Fa o sa bolelele molekane wa gago dilo tseno, seno se ka dira gore a se ka a go tshepa e bile se ka senya kamano ya lona. Mme gone seno ga se reye gore o tshwanetse go mmolelela nako le nako fa o reka sengwe, tota le fa e le sa madi a mannye. Fa o buisana le ene pele o reka dilo tse di tlhokang madi a mantsi, o bontsha gore o anaanela tsela e a ikutlwang ka yone.

LEKANG SENO: Dumalanang ka madi a lo ka se tlhokeng go bolelelana ka one fa lo a dirisa, gongwe R100, R1 000 kgotsa madi mangwe a lo ka dumalanang ka one. Ka metlha buisana le molekane wa gago fa o tlhoka go dirisa madi a a fetang a lo dumalaneng ka one.

3. Kwalang fa fatshe gore lo ikaeletse go dirisa madi jang.

“Fa o rulaganya dilo e bile o dira ka natla, o tla nna le mo gontsi.” (Diane 21:5, Contemporary English Version) Sengwe se lo ka se dirang go rulaganyetsa isagwe le gore lo se ka lwa senya madi ke go nna le tekanyetso ya madi. Nina yo o nang le dingwaga di le tlhano a nyetswe, a re: “Go kwala madi a o a amogelang le ditshenyegelo go a thusa. O kgona go bona gore o na le madi a a kana kang.”

Ga lo tlhoke go dirisa mekgwa e e raraaneng ya go dira tekanyetso ya madi. Darren yo o nang le dingwaga di le 26 a nyetse e bile a na le bana ba le babedi ba basimane a re: “Kwa tshimologong re ne re dirisa dienfelopo go laola tsela e re dirisang madi ka yone. Re ne re tsenya madi a re tla a dirisang ka beke mo dienfelopong tse di farologaneng. Ka sekai, re ne re na le enfelopo ya go tsenya madi a dijo, ya go tsenya a go itlosa bodutu le ya go baakanya moriri. Fa re ne re tlhoka madi re ne re a tsaya mo enfelopong e nngwe mme ka metlha re ne re tlhomamisa gore re a busetsa mo enfelopong eo ka bonako jo bo kgonegang.” Fa e le gore ke ka sewelo  lo duelang dikoloto ka kheshe, mme lo dirisa mokgwa wa eleketeroniki kgotsa karata ya sekoloto, go botlhokwa thata gore lo rulaganye dilo le go boloka rekoto ya ditshenyegelo.

LEKANG SENO: Kwalang madi a dilo tse ditlhwatlhwa tsa tsone di sa fetogeng. Dumalanang gore lo tla boloka bokae mo mading a lo a amogelang. Dirang lenaane la dilo tse ditlhwatlhwa tsa tsone di fetofetogang tse di jaaka dijo, motlakase le founu. Go tswa foo kwalang madi otlhe a lo a dirisitseng mo dikgweding di le mmalwa. Fa go tlhokega, fetolang tsela e lo tshelang ka yone gore lo se ka lwa nna le sekoloto.

4. Dumalanang ka gore ke mang yo o tla dirang dilo dingwe.

“Batho ba babedi ba botoka go na le a le mongwe, ka gonne ba kgona go dira tiro e ntsi mmogo.” (Moreri 4:9, 10, New Century Version) Mo malapeng mangwe, monna ke ene a tlhokomelang kafa madi a lelapa a dirisiwang ka gone. Mo go a mangwe, mosadi ke ene a dirang jalo. (Diane 31:10-28) Le fa go ntse jalo, banyalani ba le bantsi ba tlhopha go thusana mo kgannyeng eno. Mario yo o nang le dingwaga di le 21 a nyetse a re: “Mogatsake o duela dikoloto le ditshenyegelo tse dingwe tse dinnye. Nna ke duela makgetho, rente le dilo tse dingwe tse re tshwanetseng go di duela. Re bolelelana ka se re se dirang e bile re a thusana.” Le fa lo ka tswa lo dirisa mokgwa ofe, selo sa botlhokwa ke go dira mmogo jaaka setlhopha.

LEKANG SENO: Fa lo sena go bona gore ke dilo dife tse mongwe le mongwe a kgonang go di dira sentle le tse a sa kgoneng go di dira sentle, buisanang gore o tla tlhokomela dilo dife. Morago ga dikgwedi di le mmalwa sekasekang gape se lo dumalaneng ka sone. Ikemisetseng go dira diphetogo. Gore o anaanele tiro e molekane wa gago a e dirang e e jaaka go duela dikoloto kgotsa go reka dilo tse lo di tlhokang, gongwe o ka rata gore lo nne lo refosana maikarabelo ao.

Se Motlotlo wa Lona ka Madi o Tshwanetseng go se Senola

Motlotlo wa lona ka madi ga o a tshwanela go dira gore lo se ka lwa ratana. Leah yo o nang le dingwaga di le tlhano a nyetswe o ile a lemoga boammaaruri jwa seo. A re: “Nna le mogatsake re ithutile go bua ka kgololesego e bile re sa fitlhe sepe ka kgang ya madi. Ka ntlha ya seno re dirisana mmogo jaaka setlhopha mme lorato lwa rona lo oketsegile.”

Fa banyalani ba tlotla kafa ba batlang go dirisa madi ka gone, ba bolelelana dilo tse ba ikaeletseng go nna le tsone e bile ba bontsha kafa ba ikaeletseng ka gone gore lenyalo la bone le atlege. Fa ba buisana pele ga ba reka dilo tse di tlhokang madi a mantsi, ba bontsha gore ba tlotla maikutlo a molekane yo mongwe le tsela e a lebang dilo ka yone. Fa mongwe le mongwe a letla yo mongwe go dirisa madi a a rileng kwa ntle ga gore lo buisane ka gone seo se bontsha gore lo a tshepana. Fa banyalani ba tlotlana e bile ba tshepana seo se tla dira gore ba tswelele ba ratana. Kamano e e ntseng jalo e botlhokwa go feta madi, ka jalo ga lo tlhoke go ngangisana ka one.

^ ser. 3 Maina a fetotswe.

^ ser. 7 Baebele ya re “monna ke tlhogo ya mosadi wa gagwe,” ka jalo o na le boikarabelo jo bogolo jwa go tlhokomela kafa madi a lelapa a tla dirisiwang ka gone le go tshwara mosadi wa gagwe ka lorato mme e seng ka bogagapa.—Baefeso 5:23, 25.

IPOTSE JAANA . . .

  • Ke leng labofelo nna le molekane wa me re neng ra bua ka madi re sa omane?

  • Nka bua eng kgotsa ka dira eng go bontsha gore ke anaanela tsela e molekane wa me a tlhokomelang lelapa ka yone?