Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

 Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Go tlile jang gore mosadi yo o neng a sa tlhole a rata bodumedi jaanong a fetse nako ya gagwe e ntsi a thusa ba bangwe go ithuta ka Modimo? Ke eng se se tlhotlheleditseng monna yo o neng a rata metshameko ya thubakanyo gore a nne morati wa kagiso? Go tlile jang gore monna yo o neng a dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang, a nwa bobe e bile a rata ntwa gore a kgone go fetola tsela e a neng a tshela ka yone? Bala se ba ileng ba se bua.

DINTLHA KA GA GAGWE

LEINA: PENELOPE TOPLICESCU

DINGWAGA: 40

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: AUSTRALIA

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: O NE A SWABISITSWE KE BODUMEDI

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke tsholetswe kwa Sydney, kwa Australia, mme fa ke ne ke na le dingwaga di le pedi, lelapa la gaetsho le ne la fudugela kwa New Guinea. Re ne ra nna dingwaga di ka nna pedi kwa Rabaul mme morago ga moo ra nna tse robedi kwa Bougainville. Mo malatsing ao, go ne go se na thelebishene kwa New Guinea, ka jalo nna le nnake re ne re fetsa nako e ntsi re se mo ntlong—re thuma, re thumela kwa tlasetlase mo metsing re dirisa gase ya go hema mme gape re ya go kampa.

Fa ke le dingwaga di ka nna lesome, ke ne ka simolola go kgatlhegela bodumedi. Mmè e ne e le Mokatoliki, ka jalo o ne a akantsha gore ke ye ditlelaseng tsa Baebele tse di neng di tshwarwa ke moitlami mongwe yo o neng a nna mo lefelong la rona. Ke ne ka nna Mokatoliki mme ka kolobediwa ke na le dingwaga di le lesome.

Le fa go ntse jalo, fa re sena go fudugela gape kwa Australia mme ke le mo dingwageng tsa bolesome, ke ne ka simolola go belaela dilo tse ke neng ke di rutiwa ka bodumedi. Fa ke ne ke le kwa sekolong se segolo, ke ne ka ithuta hisitori ya bogologolo, mme nna le rre re ne re nna le metlotlo e meleele ka kgang ya tshimologo ya bodumedi le ka dilo tse di mo Baebeleng tse re neng re akanya gore ga di boammaaruri. Kgabagare ke ne ka tlogela Katoliki.

Batsadi ba me ba ne ba kgaogana fa ke ne ke na le dingwaga di le 16. Mmè o ne a thatafalelwa ke go lebana le seemo seno, mme kgabagare ke ne ka ya go nna le rre le mosadi yo o neng a mmeeleditse. Nnake o ne a nna le mmè, mme ba ne ba fudugela kwa nageng e nngwe. Ke ne ke jewa ke bodutu ka nako eo. Go ntsere dingwaga di le pedi gore ke atamalane le mmè gape. Ke ne ka simolola go nwa bojalwa, go dirisa diokobatsi le go ijesa monate. Ke ne ka tlogela sekolo, ka bona tiro mme ka senya  bosha jwa me ka go tshela botshelo jo bo sa siamang.

Fa ke ne ke le dingwaga di le 25, ke ne ka simolola go akanya ka Baebele gape. Ke ne ka bona tiro e ntšha mme ka kopana le Liene, mosetsana yo montle yo ka dinako tsotlhe a neng a le maitseo mo mothapiweng wa gagwe, le fa a ne a sa mo tshware sentle. Fa ke ne ke mmotsa gore ke eng fa a ne a sa bue ka lenyatso le mothapiwa wa gagwe, o ne a ntlhalosetsa gore o ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa mme o ne a leka go dirisa melaometheo ya Baebele mo botshelong jwa gagwe. Liene o ne a ithaopela go nthuta Baebele. E re ka ke ne ke sa mo tlhaloganye, ke ne ke akanya gore o raya gore o tla nthuta dilo tsotlhe tse a di itseng ka Baebele ka ura e le nngwe fela. Mo bosigong joo, Liene o ne a fetsa diura di le tharo a araba dipotso tsa me ka Baebele. Ke ne ke kgatlhiwa ke kgang ya gore dikarabo tsotlhe tsa gagwe di ne di tswa mo Baebeleng.

Ke gakologelwa ke tsamaya ka koloi mo bosigong joo ke ya gae morago ga motlotlo wa me le Liene mme ke ikutlwa ke galefetse Modimo ka ntlha ya go bo a sa ka a dira gore ke ithute ka ene go sa le gale. Ke ne ke itse gore Basupi ba na le boitsholo jo bo siameng mme ke ne ke akanya gore go ne go le thari thata gore nka leka go fetola mekgwa ya me. Gape ke ne ke akanya gore le ka motlha nka se tsamaye ka ntlo le ntlo ke rera jaaka Basupi ba dira. Ke ne ka tswelela ke ithuta Baebele le Basupi ka boikaelelo jwa go batla diphoso mo dithutong tsa bone gore segakolodi sa me se se ka sa ntshwenya fa ke emisa go ithuta le bone. Letsatsi lengwe ke ne ka lemoga gore ga nkitla ke bona diphoso tseo.

KAFA BAEBELE E NENG YA FETOLA BOTSHELO JWA ME KA GONE: Fa ke ntse ke ithuta ka melao ya Baebele ya boitsholo, segakolodi sa me se ne sa ntshwenya le go feta. Gore se se ka sa tlhola se ntshwenya, ke ne ka tlogela go dirisa diokobatsi. Mme ke ne ka fudugela kwa nageng e nngwe mme ka simolola gape go ijesa monate le go nwa bojalwa. Go ne go bonala e kete nako le nako fela fa ke leka go tshela tumalanong le melaometheo ya Baebele, ke ne ke boela gape kwa mekgweng ya me ya pele. Ka go bo ke ne ke tlhabiwa ke ditlhong, ke ne ke rapela Jehofa, mme ke ne ke sa ntse ke ikutlwa ke le molato.

Fa ke ne ke ithuta kafa Jehofa a neng a dirisana ka gone ka bopelotlhomogi le Kgosi Dafide le Bathesheba, seo se ne sa nthusa. Dafide o ne a nna pelokgale go amogela phoso ya gagwe fa a kgalemelwa, a sa dire seipato sa dilo tse a di dirileng. O ne a ikokobetsa mme a amogela kotlhao e a neng a e newa. (2 Samuele 12:1-13) Nako le nako fa ke ne ke boa ke dira mekgwa e e sa siamang, ke ne ke akanya ka pego eo mme go bo go nna motlhofo gore ke kope Jehofa gore a intshwarele. Go tswa foo ke ne ka swetsa ka gore ke rapele pele ke raelesega e seng morago ga gone, mme seo se ne sa ntshologela molemo tota.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE: Ke ne ke le motho yo o galefang ka bonako. Le fa go ntse jalo, lekwalo la Baefeso 4:29-31 le ne la nthusa gore ke bone botlhokwa jwa go tila ‘kgakalo le bogale le tšhakgalo.’ Fa ke ntse ke ithuta go laola kgalefo ya me, ke ne ka ithuta go laola tsela e ke buang ka yone. Mo godimo ga moo, kgakololo ya ga Jesu ya gore “lefoko la lona la Ee le reye Ee,” e ne ya nthusa gore ke nne motho yo o dirang se ke se sweditseng.—Mathaio 5:37.

Mmè, yo pele a neng a sa batle gore ke kopane le Basupi moragonyana o ne a mpolelela gore o motlotlo ka nna. Tota e bile o ne a re, “Go bo o le mosadi yo o molemo jaana ga se ka ntlha ya tsela e o godisitsweng ka yone mme ke ka ntlha ya go bo o ithutile ka Jehofa.” Ke ne ka itumela tota fa ke utlwa a bua jalo.

Gone jaanong ke lemoga gore botshelo jwa me bo na le bokao. Go setse go fetile dingwaga di le robonngwe jaanong mme nna le mogatsake re sa ntse re dirisa nako ya rona e ntsi re ruta batho Baebele. Ee, ke rera ka ntlo le ntlo, mme jaanong ke leba tiro eno e le yone e e molemo go gaisa epe fela e nkileng ka e dira.

 DINTLHA KA GA GAGWE

LEINA: DENIS BUSIGIN

DINGWAGA: 30

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: RUSSIA

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: O NE A RATA KARATE

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke tsholetswe mo motseng wa Perm mme ke goletse kwa Furmanov, motse o o nang le baagi ba ka nna 40 000 mo kgaolong ya Ivanovo, kwa Russia. Furmanov ke toropo e ntle e e nang le ditlhare tse dintsi tse dintle tse di nnang mmala o o serolwana le o o mohibidu fa e le paka ya letlhafula. Ka bo1980 le 1990, bokebekwa bo ne jwa oketsega mo motseng ono. Lelapa la gaetsho le ne le sa tshele botshelo jwa manobonobo ka gonne re ne re na le madi a mannye. Ke ne ke nna le batsadi ba me le nnake mo foleteng e e nang le kamore e le nngwe, ka jalo e ne e pitlagane.

Fa ke le dingwaga di le supa, ke ne ka simolola go ithuta karate. Ke ne ke rata motshameko ono fela thata; e le one selo sa botlhokwa mo botshelong jwa me. Ke ne ke fetsa nako e ntsi kwa lefelong la go ikatisa, ka jalo ditsala tsa me e ne e le batho ba ba ratang metshameko. Fa ke le dingwaga di le 15, ke ne ka gapa lebanta le lehibidu la karate, mme morago ga ngwaga ka gapa le le thokwa. Ke ne ke le mongwe wa setlhopha sa karate se se neng sa ya go gaisana kwa Russia le kwa dikgaisanong tsa Yuropa le Asia. Go ne go bonala ke tla atlega mo isagweng, mme botshelo jwa me jotlhe  bo ne jwa fetoga fa ke ne ke na le dingwaga di le 17.

Nna le ditsala dingwe tsa me re ne ra tlola molao mme ra tshwarwa. Ke ne ka atlholelwa dingwaga di le pedi mo kgolegelong. Botshelo jwa kwa kgolegelong bo ne bo le thata. Le fa go ntse jalo, ke ne ka bona Baebele lekgetlo la ntlha fa ke ne ke le mo kgolegelong. Ke ne ka bala Genesise, Dipesalema le Tesetamente e Ntšha. Ke ile ka bo ka tshwara Thapelo ya Morena ka tlhogo mme ke ne ke e bua bosigo bongwe le bongwe pele ke robala, ke akanya gore go dira jalo go ne go ka nthusa ka tsela nngwe.

Ke ne ka gololwa kwa kgolegelong ka ngwaga wa 2000 mme ke ne ke sa itse gore ke dire eng ka botshelo jwa me e bile bo ne bo se na bokao. Ke ne ka simolola go dirisa diokobatsi. Ka nako eo mmè o ne a tlhokafala. Ke ne ke mo rata fela thata, mme go ne go le thata go itshokela seo. Mme gone, ke ne ka kgona go tlogela diokobatsi mme ka simolola go ya gape kwa lefelong la go ikatisa. Ke ne ka fudugela kwa toropong ya Ivanovo gape. Fa ke le koo, ke ne ka bona tiro mo lebenkeleng la dijo. Mothusi wa mookamedi wa lebenkele e ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O ne a ntlhalosetsa dingwe tsa dithuto tsa motheo tsa Baebele mme a rulaganya gore Mosupi mongwe a ithute Baebele le nna ka metlha.

KAFA BAEBELE E NENG YA FETOLA BOTSHELO JWA ME KA GONE: Ka nako ya fa ke ithuta Baebele, ke ne ka amega fa ke ithuta ka boikaelelo jwa Modimo jwa go dira lefatshe paradaise, mme ke ne ke batla go tshwanelega go nna mongwe wa batho bao mo isagweng. Moragonyana ke ne ka lemoga gore Jehofa Modimo o na le melao e e kwa godimo e a batlang batho ba tshela ka yone. Ke ne ke feditse nako e ntsi mo botshelong ke akanya fela ka nna. Mme ke ne ka ithuta gore Jehofa o batla gore ke akanyetse ba bangwe le gore o batla gore ke nne le dinonofo tse ke neng ke se na tsone ka nako eo—dinonofo tse di akaretsang bopelonomi, lorato le kagiso.

Fa ke ntse ke akanya thata ka dilo tse Jehofa a ntiretseng tsone—tse di jaaka go ntsha Morwawe setlhabelo mo boemong jwa maleo a me—tsela e ke  anaanelang lorato lwa gagwe ka yone e ne ya ntlhotlheletsa gore ke fetole tsela e ke tshelang ka yone. Ka sekai, ke ne ka ithuta mo go Pesalema 11:5 gore Jehofa o tlhoile thubakanyo. Ka jalo, ke ne ka tlogela go lebelela mananeo a thelebishene a a bontshang thubakanyo le letlhoo. Le fa go ne go le thata, ke ne ka tlogela metshameko ya thubakanyo. Molaomotheo o o mo go 1 Bakorintha 15:33 o nthusitse go bona gore batho ba ke tlhophang go tsalana le bone ba ka nna le tlhotlheletso e kgolo mo go nna. Lebaka la go bo ke ile ka ya kgolegelong e ne e le bosupi jwa seo. Ka jalo, ke ne ka tlogela go tsalana le batho ba ba ratang metshameko ya thubakanyo.

KAFA KE SOLOGETSWENG MOLEMO KA GONE: Go tsalana le Basupi ba ga Jehofa le go ithuta Baebele go nthusitse go nna motho yo o ikanyegang. Ka sekai, ke ithutile mo go Bahebera 13:5 gore ke tlhoka go kgotsofalela se ke nang le sone le go lwantsha keletso ya go rata madi. Go dirisa kgakololo eno go nthusitse gore ke tile go bua maaka le go utswa.

Ke motho yo ke ratang go nna le ditsala. Mo nakong e e fetileng, ke bone kafa botsala bo ka senyegang ka gone ka ntlha ya bopelotshetlha le go boifa batho. Basupi ba ga Jehofa ga ba itekanela, mme ke ithutile gore ba tlotla melao ya Modimo e bile ba leka ka natla go dirisa kgakololo ya gagwe mo tseleng e ba dirisanang ka yone le batho ba bangwe. Gareng ga bone, ke nnile le ditsala tsa boammaaruri.

Ke ipotsa gore botshelo jwa me bo ka bo bo ntse jang fa ke ne ke sa ithuta go tshela ka melao ya Baebele. Gongwe nka bo ke ile ka boela kgolegelong gape kgotsa ka utlwisa batho ba bangwe botlhoko le go ba sotla. Le fa go ntse jalo, gone jaanong ke na le mosadi yo ke mo ratang le barwa ba babedi, mme re le lelapa, re itumelela go thusa ba bangwe go ithuta boammaaruri ka Modimo.

DINTLHA KA GA GAGWE

LEINA: JOSÉ CARLOS PEREIRA DA SILVA

DINGWAGA: 31

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: BRAZIL

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: RANTWADUMELA

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke goletse mo ditakaneng tsa Americana, kwa São Paulo. Re ne re se na metsi a go nwa a a phepa kgotsa thulaganyo e e siameng ya go tlosa leswe le go thibela malwetse. Lefelo leo le ne le itsege ka thubakanyo le bokebekwa jo bontsi.

Ke godile ke le motho yo o bogale e bile ke rata thubakanyo. Ke ne ke tlhola ke lwa le batho mo seterateng, ka jalo batho ba mo lefelong la rona ba ne ba ntshaba. Tsela e ke neng ke apara, ke ipaakanya le e ke neng ke itshwara ka yone di ne di dira gore batho ba akanye gore ke motho yo o ratang ntwa. Ke ne ke nwa bojalwa thata gantsi go fitlhela ke idibala. Fela jaaka bonkgonne, ke ne ke dirisa diokobatsi. Tota e bile, mongwe wa bonkgonne o ne a swa ka ntlha ya go dirisa diokobatsi go feta tekanyo.

KAFA BAEBELE E NENG YA FETOLA BOTSHELO JWA ME KA GONE: Fa ke ne ke kopana le Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba mpontsha go tswa mo Baebeleng gore Modimo o tlile go dira lefatshe lotlhe paradaise. (Luke 23:42, 43; Tshenolo 21:3, 4) Gape ke ne ka ithuta gore baswi ga ba utlwe sepe, ka jalo Modimo ga a otlhaye batho ba ba bosula ka go ba fisa mo molelong wa dihele. (Moreri 9:5, 6) Seno se ne sa dira gore ke wele makgwafo tota. Se ke neng ka se ithuta ka Modimo se ne sa dira gore ke eletse thata go fetola tsela e ke neng ke tshela ka  yone. Mme go ne go se motlhofo gore ke fetole tsela e ke neng ke tshela ka yone, ke tlogele diokobatsi, go nwa bojalwa, go lwa le go bua puo e e leswe e ke neng ke tlwaetse go e bua.

Le fa go ntse jalo, ke ne ka kgothadiwa thata ke mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a mo go 1 Bakorintha 6:9-11. Temana eno e bontsha gore ka nako nngwe bangwe ba Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba na le mekgwa e e maswe e ke neng ke na le yone. Mme temana eno gape ya re: “Bangwe ba lona ba ne ba ntse jalo. Mme lo tlhapisitswe lwa nna phepa, lo itshepisitswe, lo boletswe lo le ba ba siameng mo leineng la Morena  wa rona Jesu Keresete le ka moya wa Modimo  wa rona.” Mafoko ao a ne a nnaya tsholofelo ya gore le nna nka kgona go dira diphetogo mo botshelong jwa me gore ke itumedise Modimo.

Fa ke ne ke simolola go kopanela le Basupi ba ga Jehofa, ke ne ke tlhatswegile pelo gore ba ne ba tshela go ya ka tsela e Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetseng go tshela ka yone. Ba ne ba itse ka botshelo jwa me jwa nako e e fetileng jwa go rata thubakanyo le jwa go nna bogale, le fa go ntse jalo ba ne ba nkamogela ka lorato mo phuthegong ya bone.

KAFA KE SOLOGETSWENG MOLEMO KA GONE: Fa nkabo ke sa ithuta Baebele le go fetola tsela e ke neng ke tshela ka yone, gongwe nkabo ke sa tlhole ke tshela. Go na le moo, ke ile ka itumelela go thusa mongwe wa bonkgonne go ithuta Baebele le go tlogela go dirisa diokobatsi. Mme gape ke kgothaditse ba bangwe ba masika a me go simolola go ithuta Baebele. Ke leboga go bo ke ile ka kgona go neela botshelo jwa me go direla Modimo yo o amegang fela thata ka rona!

[Mafoko a a mo go tsebe 24]

“Ke ne ka swetsa ka gore ke rapele pele ke raelesega e seng morago ga gone, mme seo se ne sa ntsholegela molemo tota”