Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A ba Bone Araka ya ga Noa?

A ba Bone Araka ya ga Noa?

 A ba Bone Araka ya ga Noa?

GO BONALA gangwe le gape go kwalwa thata ka go batla araka ya ga Noa. Seo se a utlwala. Araka eo e kgolo e Noa le lelapa la gagwe ba neng ba falola Morwalela ba le mo go yone ka 2370-2369 B.C.E. e tshwanetse ya bo e ne e tla kgatlha baithutamarope thata fa ba ne ba ka e ribolola. Le fa go dirilwe maiteko a le mantsi, letsholo la go batla araka ya ga Noa le sa ntse le tsweletse. Kwa ntle ga dilo tse di kgatlhang le tse di fopholediwang, ke eng se tota re se itseng ka araka ya ga Noa?

Baebele ya re araka ya ga Noa “e ne ya nna mo dithabeng tsa Ararata.” (Genesise 8:4) Kgaolo ya kwa Ararata e na le thaba e e itsegeng thata e jaanong e bidiwang Thaba ya Ararata e e kwa botlhaba jwa Turkey, gaufi le melelwane ya Armenia le Iran.

Batho ba le bantsi ba ba etelang lefelo leno go tla go batla araka ya ga Noa ba ne ba bua dilo tse di kgatlhang mme di se na bosupi jo bo tlhomameng. Ditshwantsho tse di kgatlhang tse di bontshang dikapetlana tsa logong tse di tshasitsweng tere le dipego tsa batho ba ba reng ba bone araka di dira gore batho ba batle bosupi jwa seo. Le fa go ntse jalo, go dira dipatlisiso go ne go le thata. Lefelo lengwe le gantsi go buiwang ka lone le dimetara di ka nna 4 600 go bapa le dithota tsa Thaba ya Ararata. Mo godimo ga moo, ka ntlha ya dikgotlhang tsa dipolotiki mo lefelong leo, ga se ka metlha batho ba ba tswang kwa dinageng di sele ba ba tlang go dira dipatlisiso ba letlelelwang go ya kwa thabeng.

Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ba ratang go bona araka ba batla go bona dilo tse di ribolotsweng mo lefelong leno. Ba dumela gore dikarolo tsa araka di sa ntse di le teng mo Thabeng ya Ararata, e gantsi e nnang e khurumeditswe ke kapoko le aese. Ba re nako fela e araka e ka bonwang ka yone le e motho a ka kgonang go fitlha kwa go yone ke ka paka ya selemo fa go thuthafetse.

Ditsholofelo tse di ntseng jalo di ne tsa tlhotlhelediwa ke dipego tse dintsi tse di neng tsa nna gone. Rahisitori wa Mojuda wa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., e bong Josephus, o ne a umaka baitsehisitori ba le mmalwa ba bogologolo ba ba neng ba re araka e sa ntse e bonala kwa godimo ga thaba ya Ararata. Go ile ga bo ga twe batho ba ne ba itseela dikapetlana tsa logong tsa araka tse di tshasitsweng tere go nna segopodiso. Mongwe wa banna ba Josephus a neng a ba nopola ke Berossus e bong mokwaladitiragalo wa kwa Babelona wa lekgolo la boraro la dingwaga B.C.E.

Mo lekgolong la bo20 la dingwaga, nngwe ya dipego tse di kgatlhang thata ke ya ga George Hagopian, monna wa kwa Armenia. A re o ile a ya go bona araka a na le malomaagwe fa a sa le monnye mo tshimologong ya bo1900 e bile o ne a e palama. Hagopian o ne a tlhokafala ka 1972, le fa go ntse jalo bosupi jwa gagwe bo sa ntse bo kgatlha batho ba le bantsi le go ba gakgamatsa.

A go Na le Lebaka le le Utlwalang la go Dumela Gore Araka e Kile ya Bonwa?

A go na le lebaka le le utlwalang la go dumela gore babatlisisi ba bone araka kgotsa ba tla e bona mo isagweng? Go ka direga, le fa go ntse jalo go bonala go na le mabaka a le mantsi a a dirang gore go nne le dipelaelo tsa gore e ka bonwa. Sengwe se re se itseng ke gore Baebele ga e tlhalose gore araka e ne ya felela kae fa metsi a morwalela a ne a fokotsega. E bua fela ka ‘dithaba tsa Ararata.’

Babatlisisi le bafopholetsi ba bua fela ka thaba e e kwa godimo thata mo lefelong leo. Mme gone, Dikwalo ga di bue ka tlhamalalo gore Modimo o  ne a dira gore e eme kwa setlhoeng sa Thaba ya Ararata e e tsididi le e e tsholetsegileng e e ka nnang dikilometara di le tlhano go feta bogodimo jwa lewatle. * Gakologelwa gore Noa le ba lelapa la gagwe ba ne ba nna mo arakeng dikgwedi di le mmalwa fa e sena go ema. (Genesise 8:4, 5) Gape go lebega go ne go ka se kgonege gore fa ba sena go tswa mo arakeng, bone le diphologolo tse dintsi ba bo ba tshwanela ke go fologa go tswa kwa godimo ga thaba fela jaaka batho ba ba ratang go palama dithaba ba dira. Gongwe go ne go le motlhofo go ya kwa lefelong le araka e neng ya ema kwa go lone go na le kafa babatlisisi bangwe ba gompieno ba akanyang ka gone, mme le le kwa godimo go dumalana le se se tlhalositsweng mo go Genesise 8:4, 5. Mme le fa araka e ka tswa e ile ya ema felo gongwe mo kgaolong ya Ararata, a e ka bo e sa nyelela mo makgolokgolong a dingwaga a a fetileng ka ntlha ya go bola le go senyega?

Mo godimo ga moo, go na le sengwe se se belaetsang se ka dinako tse dingwe bakwaladikgang ba se buang ka botlhokwa jwa dipatlisiso tsa dilo tsa bodumedi tse ba di fitlheletseng. Morulaganyi wa setlhopha sengwe sa babatlisisi o ne a re go bona araka “go tla bontsha gore se batho ba le dimilione ba se dumelang se boammaaruri . . . mme bontsi bo tla nna le tumelo.” Mo khonferenseng ya dikgang ka 2004, o ne a re go bona araka e tla nna “tiragalo e kgolo thata fa e sa le Keresete a tsosiwa mo baswing.” Moragonyana, go dira dipatlisiso ga bone go ne ga emisiwa.

A tota go bona araka ya ga Noa go ka bontsha gore se batho ba se dumelang se boammaaruri le go dira gore ba nne le tumelo? Baebele ya re tumelo ya mmatota ga e a ikaega ka dilo tse re kgonang go di bona le go di tshwara. (2 Bakorintha 5:7) Batho bangwe ba ba belaelang ba gatelela gore ba tla dumela dipego tse di rileng tsa Baebele fa fela go na le bosupi jo ba bo bonang. Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore ga go na bosupi bope jo bo ka dirang gore batho bao ba nne le tumelo. Jesu o ne a re batho bangwe ga ba ka ke ba dumela boammaaruri jwa Baebele—tota le fa ba ka bona mongwe a tsosiwa mo baswing!—Luke 16:31.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, tumelo ya mmatota ga se go dumela sengwe le sengwe se o se utlwang; go na le moo e ikaegile ka bosupi jo bo nonofileng. (Bahebera 11:1) A gompieno go na le bosupi jo bo nonofileng jo bo ka thusang batho ba ba sa dumeleng sengwe le sengwe gore ba dumele pego ya Baebele e e kaga Morwalela? Eleruri bo teng. Jesu Keresete o ne a bua jaana ka tsela e e utlwalang sentle: ‘Noa o ne a tsena mo arakeng, mme morwalela wa goroga.’ (Luke 17:26, 27) Jono ke bosupi jo bo utlwalang sentle jo bo leng teng. Ka ntlha yang?

Jesu o ne a tshela kwa legodimong pele a tla mo lefatsheng. (Johane 8:58) O ne a bona fa araka e agiwa; a bo a bona le Morwalela. Jaanong ke bosupi bofe jo o bo dumelang? A ke bosupi jwa ga Jesu, yo o boneng Morwalela, yo o itshupileng a ikanyega e bile e le Morwa wa Modimo? Kgotsa a ke jo bonnye jwa babatlisisi ba ba boneng dikapetlana tsa logong tsa bogologolo mo godimo ga thaba e e khurumeditsweng ke aese? Bosupi jwa ga Jesu jwa gore araka ya ga Noa e ne e le teng bo gaisa bope fela jo bo leng teng.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Thaba e gompieno e bidiwang Thaba ya Ararata e dirilwe ke lekgwamolelo le le neng la se tlhole le runya fa e sale ka 1840. E bogodimo jwa dimetara di le 5 165 mme e nna e khurumeditswe ke kapoko ngwaga otlhe.

[Mafoko a a mo go tsebe 13]

A go na le bosupi jo bo nonofileng jo bo bontshang gore pego ya Baebele kaga Morwalela e boammaaruri?

[Mafoko a a mo go tsebe 14]

Jesu Keresete o ne a bua jaana ka tsela e e utlwalang sentle: ‘Noa o ne a tsena mo arakeng, mme morwalela wa goroga’