A O NE o itse gore moaposetoloi Paulo o ne a na le ba losika ba e neng e le balatedi ba ga Jesu? *— E ne e le kgaitsadie le ngwana wa gagwe. Mme setlogolo seo se ile sa boloka botshelo jwa ga Paulo! Ga re itse leina la gagwe le la ga mmaagwe, mme gone re itse se a ileng a se dira. A o ka rata go utlwa ka kgang eo?—

Paulo o sa tswa go boa kwa loetong lwa gagwe lwa boraro lwa borongwa mme o mo Jerusalema. E ka tswa e le ngwaga wa 56 C.E. Paulo o tshwerwe mme o tloga a sekisiwa. Mme baba ba gagwe ga ba batle gore a sekisiwe. Ba batla go mmolaya! Ka jalo, ba rulaganya banna ba ka nna 40 gore ba lalele Paulo mo tseleng mme ba mmolaye.

Ka tsela nngwe, setlogolo sa ga Paulo se ne sa utlwa ka leano leno. A o itse gore o ile a dira eng?— O ne a ya kwa go Paulo mme a mmolelela. Ka yone nako eo, Paulo o raya mookamedi wa masole a re: “Isa lekau leno kwa molaoding wa sesole, gonne le na le sengwe se le tshwanetseng go se mmegela.” Mookamedi yono o ne a mo isa kwa molaoding, Kalaudio Lisiase, a bo a mo tlhalosetsa gore lekau leno le na le tshedimosetso ya botlhokwa. Kalaudio o tseela setlogolo sa ga Paulo kwa thoko, mme lekawana leno le mmolelela sengwe le sengwe.

Kalaudio o tlhagisa setlogolo sa ga Paulo jaana: “O se ka wa lotlegela ope gore o ntlhaloseditse dilo tseno ka phepafalo.” Morago ga moo, o bitsa baokamedi ba babedi ba masole mme o ba bolelela gore ba tlise masole a le 200, bapagami ba dipitse ba le 70, banna ba ba tsholang marumo ba le 200 gore ba ipaakanyetse go ya kwa Kaesarea. Bosigo ka ura ya borobongwe, banna ba le 470 ba ne ba tsamaya mme ba isa Paulo ka pabalesego kwa Mmusimogolong wa kwa Roma e bong Felise kwa Kaesarea. Mo lekwalong le Kalaudio a neng a lo kwalela Felise, o ne a bua ka leano la go batla go bolaya Paulo.

Ka jalo, Bajuda ba ne ba patelesega go kopana le Paulo kwa kgotlatshekelong ya molao kwa Kaesarea gore ba bue se ba mo latofatsang ka sone. Gone ke boammaaruri gore ba ne ba se na bosupi jwa gore Paulo o ne a dirile sengwe se se phoso. Le fa go ntse jalo, Paulo o tsenngwa mo kgolegelong ka dingwaga di le pedi le  fa a sa dira molato ope. Ka jalo, o ne a ikuela gore a ye go sekisiwa kwa Roma, mme o ne a romelwa gone.—Ditiro 23:16–24:27; 25:8-12.

Re ka ithuta eng mo setlogolong sa ga Paulo mo pegong eno?— Gore go tlhokega bopelokgale go buelela dilo tse di siameng, le gore fa re dira jalo re ka boloka matshelo. Le fa Jesu a ne a itse gore baba “ba ne ba batla go mmolaya,” o ne a tswelela pele a bolelela batho ka Bogosi jwa Modimo. Jesu o re laetse gore re dire se se tshwanang. A re tla dira jalo? Re tla dira jalo fa re na le bopelokgale fela jaaka setlogolo sa ga Paulo.—Johane 7:1; 15:13; Mathaio 24:14; 28:18-20.

Paulo o ne a rotloetsa Timotheo yo mmotlana yo e neng e le tsala ya gagwe jaana: “Nna o itlhokometse e bile o tlhokometse go ruta ga gago. Nna mo dilong tseno, gonne ka go dira seno o tla ipoloka o bo o boloka ba ba go reetsang.” (1 Timotheo 4:16) Ga go pelaelo gore setlogolo sa ga Paulo se ne se le pelokgale fela jaaka malomeasone. A le wena o ka mo etsa?

^ ser. 3 Fa o bala le ngwana, letshwao la thaladi le go gakolola gore o eme mme o kgothaletse ngwana go ntsha maikutlo a gagwe.