Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lebaka La go Bo Baebele e le Mosola mo Motlheng wa Rona

Lebaka La go Bo Baebele e le Mosola mo Motlheng wa Rona

 Lebaka La go Bo Baebele e le Mosola mo Motlheng wa Rona

“Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo mme lo ka dirisiwa ka tsela e e mosola . . . go kaela matshelo a batho.”—2 TIMOTHEO 3:16, The Jerusalem Bible.

GO RALALA makgolo a dingwaga, Baebele e tlhotlheleditse batho ba ditso tse di farologaneng go fetola matshelo a bone gore a nne botoka. Temana e e nopotsweng fa godimo e tlhalosa lebaka la go bo Baebele e na le matswela ka tsela eno—botlhale jwa yone bo tswa mo Modimong. Le fa e kwadilwe ke batho, e re bolelela megopolo ya Modimo. Baebele e tlhalosa jaana: “Batho ba ne ba bua se se tswang kwa Modimong e re ka ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo.”—2 Petere 1:21.

Baebele e na le kgakololo e e mosola ka ditsela di le pedi. Sa ntlha, e naya kgakololo e e utlwalang sentle malebana le se motho a ka se dirang go nna le botshelo jo bo botoka. Sa bobedi, e na le maatla a go tlhotlheletsa batho gore ba dire diphetogo tse di tlhokegang gore ba nne le botshelo joo jo bo botoka. A re sekasekeng dintlha tseno tse pedi.

Go Nna le Temogo fa o Ipeela Mekgele e e Molemo

Modimo o solofetsa jaana mo Baebeleng: “Ke tla dira gore o nne le temogo ke bo ke go rute tsela e o tshwanetseng go tsamaya mo go yone. Ke tla naya kgakololo ke go beile leitlho.” (Pesalema 32:8) Ela tlhoko gore Modimo ga a neye kgakololo fela mme gape o naya le temogo, e leng bokgoni jwa go tlhaloganya kgotsa jwa go lemoga dintlha tsotlhe tse di amegang. Go nna le temogo ya go tlhaloganya gore mekgele ya botlhokwa ke efe, go tla re thusa gore re se ka ra senya botshelo jwa rona re gagamalela dilo tse di se nang mosola wa sepe.

Ka sekai, batho ba le bantsi ba dira gore go batla go tseelwa kwa godimo kgotsa go huma e nne one mokgele wa bone mo botshelong. Dibuka tse di nayang batho kgakololo di bua thata ka ditsela tsa kafa motho a ka gaisang ba bangwe ka gone gore a nne le maemo a a kwa godimo kgotsa dikhumo. Baebele yone e re bolelela jaana: “Go gaisana ga mongwe le mongwe . . . ke lefela le go kgaratlhela phefo.” “Morati wa selefera ga a kitla a kgotsofadiwa ke selefera.” (Moreri 4:4; 5:10) A kgakololo eo e mosola mo go rona gompieno?

Go bontsha kafa kgakololo ya Baebele e leng mosola ka gone, a re sekasekeng se se ileng sa diragalela Akinori, kwa Japane. Akinori o ne a fenya kgaisano e kgolo mme a fitlhelela mokgele wa gagwe wa go aloga kwa yunibesithing e e di gogang kwa pele mme a bona tiro kwa femeng e e tlotlegang le e e atlegileng thata. Go ne go lebega dilo di mo tsamaela sentle. Le fa go ntse jalo, go atlega ga gagwe ga go a ka ga mo tlisetsa boitumelo jo a  neng a bo solofetse. Go na le moo, botsogo jwa gagwe bo ne jwa senngwa ke go gatelelwa mo maikutlong le ke letsapa le le tseneletseng. Ditsala tsa gagwe tsa kwa tirong ga di a ka tsa mo thusa ka sepe. E re ka a ne a tshwenyegile thata mo maikutlong, o ne a nna lekgoba la bojalwa a bo a akanyetsa le go ipolaya. Mme o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Se a neng a se ithuta se ne sa fetola pono ya gagwe ya gore ke eng se se botlhokwa mo botshelong. Go ise go ye kae, malwetse a a neng a bakwa ke go gatelelwa mo maikutlong a ne a fola. Go na le gore Akinori a letle boikgogomoso le go batla go huma go laole botshelo jwa gagwe, o ne a iponela ka matlho se seane sa Baebele se se buang: “Pelo e e nang le kagiso e naya mmele botshelo.”—Diane 14:30, The Holy Bible—New International Version.

O akanya gore mokgele o o botlhokwa thata mo botshelong ke ofe? Ke dilo dife tse o ka di fitlhelelang tse di tla go itumedisang tota? A e ka nna go nna le lenyalo le le itumetseng? Kgotsa go thusa bana ba gago gore ba simolole dilo sentle mo botshelong? Go nna le ditsala tse dintsi? Go bona boitumelo mo botshelong? Dilo tseno tsotlhe ke mekgele e e botlhokwa thata. Tota e bile, Baebele e a di kgothaletsa mme e seng gore e nne tsone dilo tsa botlhokwa mo botshelong. E re ka Baebele e na le kgakololo e e mosola, e bontsha selo sa botlhokwa se se tlhokegang gore motho a kgotsofale mo botshelong, fa e re: “Boifa Modimo wa boammaaruri mme o boloke ditaelo tsa gagwe. Gonne seno ke tshwanelo yotlhe ya motho.” (Moreri 12:13) Fa re itlhokomolosa go dira seno, botshelo jwa rona e nna jo bo se nang bokao, bo tlala mathata mme kgabagare bo re kgoba marapo. Kafa letlhakoreng le lengwe, Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Go itumela yo o ikanyang Jehofa.”—Diane 16:20.

Kafa Baebele e Tlhotlheletsang Batho ka Gone go Fetoga

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla.” Fela jaaka tšhaka e e bogale e e magalemabedi, le kgona go fitlhelela dikakanyo tse di boteng tsa motho le maikaelelo a gagwe. (Bahebera 4:12) Baebele e na le maatla a go fetola tsela e batho ba tshelang ka yone ka gonne e ba thusa gore ba bone se tota ba leng sone e seng se ba akanyang gore ba sone. Ka jalo, batho ba ba peloephepa ba tla lemoga gore ba tlhoka go dira diphetogo. Ka sekai, Paulo o ne a bua jaana ka batho ba ba neng ba le mo phuthegong ya Bokeresete ya Korintha wa bogologolo ba pele e neng e le magodu, matagwa, baakafadi le ba ba nang le mekgwa e e ntseng jalo: “Bangwe ba lona ba ne ba ntse jalo. Mme lo tlhapisitswe lwa nna phepa . . . ka moya wa Modimo wa rona.” (1 Bakorintha 6:9-11) Le gompieno, moya o o boitshepo wa ga Jehofa o a dira e bile o maatla, mme o ka tlhotlheletsa batho go dira diphetogo tse di tlhokegang.

Mario, yo o nnang kwa Yuropa, e ne e le motho yo o ratang ntwa mme o ne a goga marijuana le go a rekisa. Nako nngwe, fa lepodise le ne le tsaya diokobatsi mo go ene, o ne a galefa thata mo a neng a itaya lepodise leo le go senya koloi ya lone. Mo godimo ga moo, Mario o ne a sa bereke e bile a na le dikoloto di le dintsi. Fa a lemoga gore a ka se rarabolole mathata a gagwe ka boene, o ne a dumela go ithuta Baebele. Fa a ntse a gatela pele, o ne a baakanya tsela e a lebegang ka yone, a tlogela go dirisa diokobatsi, go di rekisa le go rata ntwa. Batho ba le bantsi ba ba neng ba itse tsela e a neng a tshela ka yone ba ne ba gakgametse. Ba ne ba mo emisa mme ba mmotsa jaana, “Mario, a ruri ke wena?”

Ke eng se se tlhotlheleditseng batho ba ba jaaka Akinori le Mario go fetola matshelo a bone le go tshela botshelo jo bo kgotsofatsang le jo bo itumedisang? Ga go pelaelo gore ke kitso e ntšha e ba neng ba nna le yone ka Modimo fa ba ithuta Baebele. Modimo ke ene fela yo o ka nayang kgakololo e e mosola e re e tlhokang gore re atlege mo botshelong gone jaanong le go nna le tsholofelo ya botshelo jo bosakhutleng mo isagweng. Fela jaaka Rre, Jehofa Modimo o bua le rona a dirisa Baebele: “Utlwa morwaaka, mme o amogele mafoko a me. Foo dingwaga tsa gago tsa botshelo di tla nna dintsi. . . . Fa o tsamaya, mosepele wa gago ga o na go pitlagana; mme fa o siana, ga o na go kgotšwa. Tshwara kotlhao; o se ka wa e tlogela. E dibele, gonne ke yone botshelo jwa gago.” (Diane 4:10-13) Ga go na kgakololo epe e e mosola go feta e re e newang ke Mmopi wa rona.

 [Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]

Kgakololo e e Mosola Gompieno

Baebele e na le melaometheo e e mosola e e ka re kaelang mo karolong nngwe le nngwe ya botshelo jwa gompieno. Dingwe tsa dikai tsa yone ke tseno:

Go dirisana le batho ba bangwe sentle

“Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.”—Mathaio 7:12.

“Yo o itshwarang jaaka yo mmotlanyana mo gare ga lona lotlhe ke ene yo mogolo.”—Luke 9:48.

“Latelang mokgwa wa go tshola baeng.”—Baroma 12:13.

Go fenya mekgwa e e senyang

“Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.”—Diane 13:20.

“O se ka wa nna mo gare ga ba ba nwang beine bobe.”—Diane 23:20.

“O se ka wa nna molekane le ope yo o tlwaetseng go nna bogale.”—Diane 22:24.

Go aga lenyalo le le nonofileng

“A mongwe le mongwe wa lona ka bongwe a rate mosadi wa gagwe jalo jaaka a ithata; kafa letlhakoreng le lengwe, mosadi o tshwanetse go nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.”—Baefeso 5:33.

“Aparang lorato lwa bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le go itshwara ka bopelotelele. Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile.”—Bakolosa 3:12, 13.

Go thusa bana

“Thapisa mosimane ka tsela e e mo tshwanetseng; le fa a tsofala ga a na go e fapoga.”—Diane 22:6.

“Lona, borre, lo se ka lwa tshwenya bana ba lona, mme tswelelang lo ba godisetsa mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.”—Baefeso 6:4.

Go tila dikgotlhang

“Karabo fa e le bonolo e faposa bogale, mme lefoko le le utlwisang botlhoko le tsosa bogale.”—Diane 15:1.

“Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele.”—Baroma 12:10.

Tota le mo bathong ba e leng ditsala, go kwala dilo tse ba dumalaneng ka tsone gantsi go thusa go tila dikgotlhang tsa dikgwebo. Ke ka moo motlhanka wa Modimo Jeremia a neng a kwala jaana: “Ka kwala mo setlankaneng sa tshupo mme ka tsenya sekano ka ba ka tsaya basupi jaaka ke ne ke lekanya bokete jwa madi mo dikaleng.”—Jeremia 32:10.

Go nna le boikutlo jo bo siameng

“Dilo le fa e le dife tse di boammaaruri, . . . tse di rategang, . . . tse di buiwang molemo, le fa e le molemo ofe o o gone le selo le fa e le sefe se se tshwanelwang ke pako se se gone, tswelelang lo akanya ka dilo tseno.”—Bafilipi 4:8.

Baebele e kgala go nna o akanya dilo tse di sa siamang le ba e leng “bagaladi kaga seemo sa bone sa botshelo.” Ya re: “Ipeleng mo tsholofelong.”—Jude 4, 16; Baroma 12:12.

Go dirisa melaometheo eno e e molemo go ka se dire fela gore re nne le kagiso le go kgotsofala gone jaanong mme gape e re thusa go dira tumalanong le dilo tse Modimo a di batlang le go amogela masego a gagwe. Baebele ya re: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:29.

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Akinori fa e ne e le rrakgwebo (ka fa molemeng) le mosadi wa gagwe ba itumelela go bua le batho ka boammaaruri jwa Baebele gompieno