Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba ne Ba Rata Lefoko la Modimo

Ba ne Ba Rata Lefoko la Modimo

 Ba ne Ba Rata Lefoko la Modimo

GANTSI melaetsa e e botlhokwa e ranolelwa mo dipuong di le dintsi go tlhomamisa gore e tlhaloganngwa ke batho ba le bantsi ka fa go ka kgonegang ka gone. Lefoko la Modimo e leng Baebele, le na le molaetsa wa botlhokwa. Le fa e kwadilwe bogologolo, dilo tse di fitlhelwang mo go yone, “di ne tsa kwalelwa go re laya” le go re naya kgomotso le tsholofelo ka isagwe.—Baroma 15:4.

Ka jalo, go a utlwala go bo Baebele, e e nang le molaetsa o o botlhokwa go gaisa yotlhe e e kileng ya kwalwa, e le teng ka dipuo di le dintsi jaana. Go ralala hisitori, batho ba ntse ba leka ka natla go ranola Baebele le fa ba lwala, ba thibetswe ke puso kgotsa ba tshosediwa ka gore ba tla bolawa. Ka ntlha yang? Ka gonne ba ne ba rata Lefoko la Modimo. Pego e e latelang e re naya lesedinyana fela la hisitori e e tlhomologileng ya go ranolwa ga Baebele.

“Maesemane a Ithuta Molao wa ga Keresete Botoka ka Seesemane”

Fa John Wycliffe a ne a tsholwa mo e ka nnang ka 1330, ditirelo tsa kereke kwa Engelane di ne di tshwarwa ka Selatine. Ka fa letlhakoreng le lengwe, batho ba e seng ba maemo, ba ne ba dirisa Seesemane letsatsi le letsatsi. Ba ne ba bua le baagelani ba bone ka Seesemane e bile ba rapela Modimo ka sone.

Wycliffe, yo e neng e le moruti wa Katoliki, o ne a bua Selatine sentle. Le fa go ntse jalo, o ne a akanya gore go phoso go dirisa Selatine fa o ruta Baebele ka gonne o ne a se tsaya e le puo e e dirisiwang fela ke batho ba maemo a a kwa godimo. O ne a kwala jaana: “Molao wa Modimo o tshwanetse go rutiwa ka puo e e leng motlhofo go e tlhaloganya ka gonne se se rutiwang ke lefoko la Modimo.” Ka jalo, Wycliffe le badirikaene ba ne ba phutha setlhopha sa batho se se neng se tla ranolela Baebele mo Seesemaneng. Go ne ga ba tsaya dingwaga di ka nna 20.

 Kereke ya Katoliki e ne e sa rate kgang ya gore go tlile go nna le thanolo e ntšha. Buka ya The Mysteries of the Vatican e tlhalosa lebaka la go bo kereke e ne e le kgatlhanong le seo: “Batho ba e neng e se baruti ba ne ba tla kgona go bapisa dithuto tse di sa raraanang tsa Bakeresete ba bogologolo, tsela e ba neng ba tshela ka yone le Bakatoliki ba mo motlheng wa bone . . . Go ne ga bonala sentle gore go na le pharologanyo e kgolo fa gare ga dithuto tsa Motlhami wa Bokeresete le motlatsa mmusi wa gagwe yo o itlhomileng [mopapa].”

Mopapa Gregory XI o ne a ntsha makwalo a le matlhano a semolao a kgala Wycliffe. Mme gone, Wycliffe o ne a ka se emise tiro ya go ranola. O ne a araba a re: “Maesemane a ithuta molao wa ga Keresete botoka ka Seesemane. Moshe le baaposetoloi ba ga Keresete ba ne ba utlwa molao wa Modimo ka dipuo tsa bone.” Mo e ka nnang ka 1382, pelenyana fela ga Wycliffe a tlhokafala, thanolo ya ntlha ya Seesemane ya Baebele e e feletseng e ne ya gololwa ke setlhopha sa ga Wycliffe. Dingwaga di ka nna lesome morago ga moo, mongwe wa badirikaene o ne a golola thanolo e e tokafaditsweng e bile e le motlhofo go e bala.

E re ka go ne go se na metšhine e e gatisang, mokwalo mongwe le mongwe o ne o tshwanetse go kwalololwa ka kelotlhoko thata, tiro e e neng e ka tsaya dikgwedi di le lesome! Le fa go ntse jalo, kereke e ne e tshwentswe thata jaana ke kgang ya go bo Baebele e phasaladiwa thata mo e leng gore bishopomogolo o ne a tshosetsa ka gore o tla leleka mo kerekeng ope fela yo o neng a e bala. Dingwaga di feta 40 Wycliffe a tlhokafetse, lekgotla la bomopapa le ne la laela baruti gore ba epolole setopo sa gagwe, ba fise marapo a gagwe mme ba latlhele molora wa gagwe mo nokeng ya Swift. Go ntse go le jalo, batho ba ba peloephepa ba ba batlang boammaaruri ba ne ba batla Baebele ya ga Wycliffe. Porofesara William M. Blackburn a re: “Go ne ga dirwa dikhopi di le dintsi tsa Baebele ya ga Wycliffe, tsa phasalatswa le go newa dikokomana tse di latelang.”

Baebele ya Batho Ba ba Sa Rutegang

Mo dingwageng di le 200, Seesemane se Wycliffe a neng a se dirisa se ne se sa tlhole se dirisiwa. Moreri mongwe yo mosha ka dingwaga gaufi le kwa Bristol o ne a tshwentswe thata ke gore e ne e le batho ba le mmalwa fela ba ba tlhaloganyang Baebele. Nako nngwe, moreri yoo e bong William Tyndale, o ne a utlwa monna mongwe yo o rutegileng a bolela gore go botoka go tlhoka molao wa Modimo go na le go tlhoka molao wa bomopapa. Tyndale o ne a araba ka go re fa Modimo a ne a ka mo letla, mo nakong e e sa fediseng pelo o tla tlhomamisa gore le batho ba ba sa rutegang ba itse Baebele botoka go gaisa batho ba ba rutegileng.

Wycliffe o ne a ranotse go tswa mo Vulgate ya Selatine mme o ne a kwalolola Dikwalo ka seatla. Ka 1524, Tyndale, yo o neng a tlogile kwa Engelane mme a fudugetse kwa Jeremane, o ne a simolola go ranola ka tlhamalalo go tswa mo Sehebereng le mo Segerikeng sa ntlhantlha mme a dirisa motšhine wa go gatisa kwa Cologne gore a kgone go gatisa dikhopi tseo. Go ise go ye kae, baba ba ga Tyndale ba ne ba itse ka tiro eo ya go ranola mme ba tlhotlheletsa Lekgotla le le Tlhomang Melao la Cologne go laela gore dikhopi tsotlhe di tsewe mo go ene.

Tyndale o ne a tshabela kwa toropong ya Worms, kwa Jeremane, mme a tswelela pele ka tiro ya gagwe. Go ne go ise go fete lobaka lo  loleele, fa dikhopi tsa ga Tyndale tsa Dikwalo Tsa Segerika ka Seesemane di romelwa mo sephiring ka sekepe go ya kwa Engelane. Mo dikgweding di le thataro, dikhopi di le dintsi di ne di rekisitswe mo e leng gore go ne ga nna le pokano e e potlakileng ya bobishopo mme ga laelwa gore Dibaebele di fisiwe.

Go leka go emisa go anama ga go balwa ga Baebele le dithuto tse go neng go twe ke tsa bokgelogi tsa ga Tyndale, bishopo wa kwa London o ne a laela Sir Thomas More gore a kwale sengwe go tlhasela thanolo ya ga Tyndale. Sir Thomas More o ne a sa itumedisiwe ke tsela e Tyndale a dirisitseng ka yone lefoko “phuthego” go na le lefoko “kereke,” le lefoko “mogolwane” mo boemong jwa “moruti.” Mafoko ao a ne a sa bontshe taolo e mopapa a nang le yone le pharologano fa gare ga baruti le batho fela. Gape Thomas More o ne a kgala go ranola ga ga Tyndale lefoko la Segerika a·gaʹpe e le “lorato” go na le go le ranola e le “dimpho.” Buka ya If God Spare My Life ya re: “Gape kereke e ne e leba kgopolo eo e le kotsi ka gonne ga go pelaelo gore go fokotsa go ntsha dimpho go ne go ka dira gore batho ba se ntshe meneelo e mentsi, dithoto le madi a batho ba ba ikanyegang ba neng ba rotloediwa go a ntsha gore ba baakanye tsela ya bone ya go ya kwa legodimong.”

Thomas More o ne a rotloetsa gore “bakgelogi” ba fisiwe, e leng se se neng sa dira gore Tyndale a kgamiwe mme mmele wa gagwe o fisiwe mo koteng ka October 1536. Moragonyana Thomas More o ne a kgaolwa tlhogo morago ga gore kgosi e se ka ya tlhola e mo rata. Le fa go ntse jalo, ka 1935 Kereke ya Roma Katoliki e ne ya bolela semolao gore e ne e le moitshepi, mme ka ngwaga wa 2000, Mopapa John Paul II o ne a tlotla More a re ke moitshepi yo o neng a ema boradipolotiki nokeng.

Tyndale ga a ka a newa tlotlo e e ntseng jalo. Mme gone, pele a swa, tsala ya gagwe e bong Miles Coverdale o ne a kopanya dikarolo tse di farologaneng tsa thanolo ya ga Tyndale mme a dira Baebele e e feletseng—thanolo ya ntlha ya Seesemane e e neng ya ranolwa go tswa mo dipuong tsa ntlhantlha! Motho mongwe le mongwe yo o sa rutegang jaanong o ne a ka bala Lefoko la Modimo. Mme go tweng ka Dibaebele tsa dipuo tse dingwe?

“Go ne Go Bonala go sa Kgonege Gotlhelele”

Le fa ba lelapa le ditsala tsa morongwa wa kwa Boritane e bong Robert Morrison ba ne ba mo ganetsa, o ne a ikaeletse go gatisa Baebele e e feletseng ka Se-China, ka 1807 o ne a tsamaya ka sekepe go ya kwa China. Tiro ya gagwe ya go ranola e ne e se motlhofo. Motsamaisi wa nako eo wa Khampani ya India Botlhaba e bong Charles Grant, o ne a tlhomamisa seo ka go re: “Tiro eo e ne e lebega e ka se kgonege gotlhelele.”

Fa Morrison a goroga koo, o ne a utlwa gore batho ba kwa China ba ne ba tshosediwa ka go bolawa fa ba ne ba ka ruta batswakwa puo ya bone. Gore Morrison a sireletse ene le batho ba ba neng ba dumetse go mo ruta puo eo, o ne a nna mo ntlong ka lobakanyana. Pego nngwe ya re “morago ga go ithuta puo eo ka dingwaga di le pedi, o ne a kgona go bua Se-Mandarin le dipuo tse dingwe tsa Se-China le go bala le go kwala” Se-Mandarin. Fa nako e ntse e ya, mmusimogolo o ne a ntsha  taelo ya semolao ya gore go gatisa dibuka tsa Bokeresete ke tlolomolao e e neng e ka dira gore motho a atlholelwe loso. Go sa kgathalesege matshosetsi ao, ka November 25, 1819, Morrison o ne a fetsa thanolo ya gagwe ya Baebele e e feletseng ka puo ya Se-China.

Ka 1836, go ne go gatisitswe Dibaebele tse di feletseng di ka nna 2 000, dikhopi tse 10 000 tsa Dikwalo Tsa Segerika le dikarolo di le 31 000 tse di kgaogantsweng tsa Dikwalo ka Se-China. Go rata Lefoko la Modimo go ile ga dira gore dilo tse di neng “di bonala di sa kgonege gotlhelele” di kgonege.

Baebele mo Mosamong

Morago ga dibeke tse pedi ba nyalane ka February 1812, morongwa wa Moamerika e bong Adoniram Judson le mosadi wa gagwe, Ann, ba ne ba tsaya loeto lo loleele mme kgabagare ba goroga kwa Burma ka 1813. * Ka bonako fela ba ne ba simolola go ithuta Se-Burma, nngwe ya dipuo tse di thata mo lefatsheng. Judson o ne a kwala jaana morago ga go ithuta puo eo dingwaga di le mmalwa: “Re ne ra ithuta puo e e buiwang ke batho ba ba tshelang kwa karolong e nngwe ya lefatshe, ba tsela ya bone ya go akanya e farologaneng thata le ya rona . . . Ga re na dikishinare le moranodi yo o re tlhalosetsang lefoko le fa le le lengwe.”

Mathata a Judson a neng a kopana le one fa a ithuta puo eo ga a ka a dira gore a latlhele seditse. O ne a fetsa thanolo ya gagwe ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ka Se-Burma ka June 1823. Moragonyana, go ne ga tsoga ntwa kwa Burma. E re ka ba ne ba belaela gore Judson ke setlhola, o ne a latlhelwa mo kgolegelong, a bofiwa ka mehiri ya tshipi e le meraro mme a bofelelwa mo paleng e telele gore a se ka a kgona go tsamaya. Francis Wayland o ne a kwala jaana mo bukeng e e buang ka botshelo jwa ga Judson ya 1853: “Sengwe sa dilo tsa ntlha tse Rre Judson a neng a di batla fela fa a sena go letlelelwa go kopana le mogatse le go bua le ene ka puo ya Seesemane, e ne e le thanolo ya mokwalo wa seatla ya Tesetamente e Ntšha.” E re ka mokwalo oo o ne o fitlhilwe kafa tlase ga ntlo, Ann o ne a boifa gore o ka nna wa senngwa ke bongola le ke mouta, mme o ne a o tsenya mo teng ga mosamo a bo a o roka mme a o isetsa mogatse kwa kgolegelong. Le fa maemo a ne a le boima jang, mokwalo oo o ne wa sireletsega.

Morago ga go fetsa dikgwedi di le dintsi mo kgolegelong Judson o ne a gololwa. Mme boipelo jwa gagwe e ne ya nna jwa nakwana fela. Moragonyana mo ngwageng oo, Ann o ne a tshwarwa ke letshoroma le le kotsi, mme mo dibekeng di le mmalwa fela, o ne a tlhokafala. Morago ga dikgwedi di le thataro fela, fa morwadie e bong Maria a ne a le dingwaga di le pedi, le ene o ne a tshwarwa ke bolwetse jo bo sa foleng. Le fa Judson a ne a utlwile botlhoko thata, o ne a tswelela ka tiro ya gagwe. Baebele e e feletseng e ne ya wediwa ka 1835.

A o Rata Lefoko la Modimo?

Lorato lo baranodi bano ba neng ba rata Lefoko la Modimo ka lone ga se selo se sesha. Kwa Iseraele wa bogologolo, mopesalema o ne a opelela Jehofa Modimo jaana: “A bo ke rata molao wa gago jang ne! Ke tlhatlhanya ka one letsatsi lotlhe.” (Pesalema 119:97) Baebele ga se fela nngwe ya dibuka tse di kgatlhang. E na le molaetsa wa botlhokwa. A o bontsha gore o rata Lefoko la Modimo ka go le bala ka metlha? O ka tlhomamisega gore fa o dira jalo e bile o leka ka natla go dirisa se o se ithutang, o ‘tla itumela mo go o direng ga gago.’—Jakobe 1:25.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 22 Burma le puo ya Se-Burma jaanong di itsege e le Myanmar.

[Mafoko a a mo go tsebe 8]

“Maesemane a ithuta molao wa ga Keresete botoka ka Seesemane.”—JOHN WYCLIFFE

[Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Tyndale: From the book The Evolution of the English Bible

[Motswedi wa Setshwantsho]

William Tyndale le tsebe e e tswang mo Baebeleng ya ga Tyndale

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Robert Morrison le thanolo ya gagwe ya Baebele ya Se-China

[Metswedi ya Ditshwantsho]

In the custody of the Asian Division of the Library of Congress

Robert Morrison, engraved by W. Holl, from The National Portrait Gallery Volume IV, published c.1820 (litho), Chinnery, George (1774-1852) (after)/Private Collection/Ken Welsh/The Bridgeman Art Library International

[Ditshwantsho mo go tsebe 11]

Adoniram Judson le thanolo ya gagwe ya Baebele ya Se-Burma

[Motswedi wa Setshwantsho]

Judson: Engraving by John C. Buttre/Dictionary of American Portraits/Dover

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 8]

Wycliffe: From the book The History of Protestantism (Vol. I); Bible: Courtesy of the American Bible Society Library, New York