Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Madumedi Otlhe a Obamela Modimo a le Mongwe?

A Madumedi Otlhe a Obamela Modimo a le Mongwe?

 A Madumedi Otlhe a Obamela Modimo a le Mongwe?

“Ke na le bodumedi jwa me, mme ga ke na go bo fetola. Tota e bile, ga go kgathalesege gore o wa bodumedi bofe ka gonne madumedi otlhe a obamela Modimo a le mongwe.”

A O KILE wa utlwa motho a bua jalo? Batho ba le bantsi ba akanya gore madumedi otlhe a ka go thusa go itse Modimo le go tlhaloganya boikaelelo jwa botshelo. Gape go aname kgopolo ya gore go na le sengwe se se molemo le se se bosula ka bodumedi bongwe le bongwe le gore ga go na ope yo o tshwanetseng go re bodumedi jwa gagwe ke jone fela jo bo rutang boammaaruri ka Modimo.

Dikgopolo tse di tshwanang le tseo di amogelwa ke batho ba motlha wa rona ba ba ipolelang gore ba amogela sengwe le sengwe le gore madumedi otlhe a a tshwana. Tota e bile, batho ba ba sa amogeleng dikgopolo tseo gantsi ba tsewa ba le tlhogoethata e bile ba a tlhoiwa. Wena o akanya eng? A o akanya gore madumedi otlhe a obamela Modimo a le mongwe? A kgang ya gore motho ke wa bodumedi bofe e botlhokwa?

A Tota Go na Le Pharologano?

Go ya ka buka nngwe ya tshedimosetso, gone jaanong go na le madumedi a le 9 900 mo lefatsheng ka bophara, a mangwe a one a leng mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe e bile a na le maloko a le mantsintsi. Diphopholetso dingwe di akantsha gore diperesente di ka nna 70 tsa batho ke maloko a madumedi a le matlhano a magolo—Bobuda, Bohindu, Bojuda, Bokeresete le Iselamo. Fa e le gore madumedi otlhe a obamela Modimo a le mongwe, a matlhano ano a tshwanetse a bo a ruta selo se le sengwe, a tlhalosa Modimo le boikaelelo jwa gagwe ka tsela e e tshwanang. Mme gone, a go ntse jalo?

Moithutabodumedi mongwe wa Roma Katoliki e bong Hans Küng a re ke boammaaruri gore madumedi a magolo a na le dikgopolo dingwe tse di tshwanang malebana le tsela e batho ba tshwanetseng  go tshwarana ka yone. Ka sekai, a le mantsi ga a amogele go bolaya, go bua maaka, go utswa, go tlhakanela dikobo le wa losika mme a ruta gore batsadi ba tshwanetse go tlotlwa le gore bana ba ratiwe. Le fa go ntse jalo, mo dikgannyeng tse dingwe, segolobogolo tse di amanang le tsela e ba tlhalosang Modimo ka yone, madumedi ano a magolo a farologana fela thata.

Ka sekai, Bahindu ba obamela medimo e mentsintsi, fa Babuda bone go twe ga ba a tlhomamisega gore a go na le Modimo. Baiselamo ba ruta gore go na le Modimo a le esi fela. Dikereke tse di ipolelang gore ke tsa Bokeresete le tsone di dumela seo, mme gape bontsi jwa tsone di bolela gore Modimo ke tharonngwe. Mo go tsone dikereke tseo go dumelwa dilo tse dintsi tse di farologaneng. Bakatoliki ba obamela Marea, mmaagwe Jesu, mme ga go a nna jalo ka Baporotesetanta. Bakatoliki ga ba amogele go dirisa dithibelapelegi mme ga go a nna jalo ka Baporotesetanta ba le bantsi. Baporotesetanta ka bobone ga ba dumalane mo kgannyeng ya gore a go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang go siame kgotsa nnyaa.

A go a utlwala go dumela gore madumedi ano otlhe a a nang le ditumelo tse di farologaneng jaana a ka obamela Modimo a le mongwe? Legoka. Go na le moo, seo se ka felela ka go tlhakanngwa tlhogo ke kgang ya gore Modimo ke mang le gore o lebeletse gore baobamedi ba gagwe ba dire eng.

A Madumedi a Kopanya Batho Kgotsa A a Ba Kgaoganya?

Fa e le gore madumedi otlhe a obamela Modimo a le mongwe, ga go pelaelo gore re ka lebelela gore otlhe a dire ka natla go kopanya batho gore ba tshele ka kagiso. A ditiragalo di bontsha gore a dira jalo? Hisitori e bontsha gore go na le gore madumedi a kopanye batho, ke one a bakang dikgaogano le dintwa tse di leng teng. A re sekakeng dikai di le mmalwa.

Go simolola ka lekgolo la bo11 la dingwaga go fitlha ka la bo13, madumedi a a ipitsang a Bokeresete, ke gore, ditšhaba tse di ipolelang gore ke tsa Bokeresete, di ile tsa lwa le mebusomegolo ya Iselamo mo metseletseleng ya dintwa tsa botlhabanelatumelo. Mo lekgolong la bo17 la dingwaga, Yuropa, Katoliki le Baporotesetanta ba ne ba lwa mo Ntweng ya Dingwaga di le Masome a Mararo. Ka 1947, morago fela ga gore dinaga tsa kontinente ya India di bone boipuso go tswa mo pusong ya Great Britain, Bahindu le Bamoselema ba ne ba lwantshana. Bosheng jaana, Bakatoliki le Baporotesetanta ba feditse dingwaga di le dintsi ba lwa kwa Bokone jwa Ireland. Kwa Botlhabagare, Bajuda le Bamoselema ba sa ntse ba sa kgone go dira kagiso. Mme sekai se se di gogang kwa pele ke sa Ntwa ya Lefatshe II, e mo go yone maloko a madumedi a le matlhano a magolo a neng a ya ntweng, mme mo go yone maloko a madumedi a a tshwanang a le mo matlhakoreng a mabedi a a lwantshanang.

Ga go pelaelo gore madumedi a paletswe. Madumedi a lefatshe ga a ise a tlise kagiso le kutlwano e bile ga a obamele Modimo a le mongwe. Go na le moo, a kgaogantse batho e bile a ba tlhakantse tlhogo gore Modimo ke mang le gore re tshwanetse go mo obamela jang. Ka ntlha ya seno, mongwe le mongwe yo o batlang go itse Modimo wa boammaaruri o tshwanetse go nna kelotlhoko gore o tlhopha tsela efe. Seno se dumalana le se Baebele e se kgothaletsang, nngwe ya dibuka tsa bogologolo tsa bodumedi e batho ba e itseng.

Itlhophele Gore o Tla Direla Mang

Baebele e bontsha sentle gore motho o tlhoka go akanya ka kelotlhoko le go dira tshwetso fa a batla go bona tsela e e isang kwa Modimong wa  boammaaruri. Motlhanka wa ga Jehofa Modimo e bong Joshua, o ne a raya setšhaba sa Iseraele wa bogologolo a re: “Itlhopheleng gompieno yo lo tla mo direlang, e ka ne e le medimo e borraalonamogologolwane ba ba neng ba le ka kwa letlhakoreng le lengwe la Noka ba neng ba e direla kgotsa medimo ya Baamore ba lo nnang mo lefatsheng la bone. Mme nna le ba ntlo ya me, re tla direla Jehofa.” Dingwaga morago ga moo, moporofeti Elija o ne a kopa batho gore ba dire tshwetso e e tshwanang: “Lo tla okaoka fa gare ga maikutlo a mabedi a a sa tshwaneng ka lobaka lo lo kae? Fa Jehofa e le Modimo wa boammaaruri, mo saleng morago; mme fa Baale [modimo wa Bakanana] e le ene, mo saleng morago.”—Joshua 24:15, 16; 1 Dikgosi 18:21.

Ditemana tseno le tse dingwe tsa Baebele di bontsha sentle gore ba ba batlang go direla Modimo wa boammaaruri ba tshwanetse go dira tshwetso ka kelotlhoko. Go ntse fela jalo le gompieno. Fa re batla go direla Modimo le go mo obamela, le rona re tshwanetse go dira tshwetso e e siameng. Mme gone, ke eng se se tla re thusang go dira tshwetso eo mo kgannyeng ya go obamela Modimo? Re ka lemoga jang baobamedi ba boammaaruri?

Baobamedi ba Boammaaruri ba Lemogiwa ka Maungo a Bone

Fa Jesu Keresete a ne a bua ka baobamedi ba boammaaruri le ba maaka, o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Le ka motlha batho ga ba ke ba kgetla morara mo mitlweng kgotsa difeige mo mesitlwasitlwaneng, ga ke re? Ka tsela e e tshwanang setlhare sengwe le sengwe se se molemo se ungwa leungo le le molemo, mme setlhare sengwe le sengwe se se bodileng se ungwa leungo le le se nang mosola; setlhare se se molemo ga se ka ke sa ungwa leungo le le se nang mosola, le gone setlhare se se bodileng ga se ka ke sa ungwa leungo le le molemo. . . . Ka jalo, ruri lo tla lemoga batho bao ka maungo a bone.” Ka tsela e e tshwanang, baobamedi ba boammaaruri ba tla lemogiwa ka maungo a bone, kgotsa ditiro tsa bone. Maungo ao ke afe?—Mathaio 7:16-20.

Sa ntlha, baobamedi ba kobamelo ya boammaaruri ba kopanngwa ke lorato. Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Ke lo naya taelo e ntšha, ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile, gore le lona lo ratane. Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” Balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete ba tshwanetse go bontshana lorato ka tsela e e kgethegileng mo go tla bonalang sentle mo bathong ba bangwe gore ke baobamedi ba boammaaruri.—Johane 13:34, 35.

Ka ntlha ya lebaka leno, go tla bo go sa siama gore Bakeresete ba boammaaruri ba nne le seabe mo dintweng. A maloko a kereke a latela molao ono? Ka Ntwa ya Lefatshe II, Basupi ba ga Jehofa ke bone fela ba ba neng ba gana ba nitame go ema nokeng maiteko a ntwa ka tsela epe fela.  Dr. Hanns Lilje, bishopo wa pele wa Kereke ya Porotesetanta kwa Hannover, kwa Jeremane, o ne a kwala jaana ka Basupi: “Ke bone fela ba ba neng ba bolela gore segakolodi sa bone ga se ba letle go tsenela bosole ka nako ya Puso ya ga Hitler.” Ka nako eo ya ntwa, Basupi ba mo dinageng di le dintsi ba ne ba tlhopha go boga botlhoko go na le go tshegetsa ntwa.

Ke maungo afe a Jesu a neng a akantse ka one a barutwa ba mmatota ba ka lemogiwang ka one? Mo thapelong e gantsi e bidiwang Thapelo ya Morena, Jesu o ne a simolola ka go re: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe. A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” Sa ntlha Jesu o umaka go itshepisiwa ga leina la Modimo, Jehofa. O tlhalosa gore Jehofa o tla dirisa Bogosi jwa gagwe, go diragatsa thato ya gagwe mo lefatsheng. Ke bodumedi bofe jo bo itsegeng ka go phasalatsa leina la ga Jehofa le go bolelela batho gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela jo bo tla tlisang kagiso mo lefatsheng? Basupi ba ga Jehofa ba bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo dinageng le mo dikgaolong di le 236, ba tsamaisa dikgatiso ka dipuo di feta 470.—Mathaio 6:9, 10.

Mo godimo ga moo, Basupi ba ga Jehofa ba latela sekao sa ga Jesu sa go se nne le seabe mo dintweng tsa sepolotiki le tsa setšhaba. Jesu o ne a bua jaana ka balatedi ba gagwe: “Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.” Gape Basupi ba amogela Baebele e le Lefoko la Modimo mme ba dumela gore “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go otlhayeng ka tshiamo, gore motho wa Modimo a tshwanelege ka botlalo, a tlhomeleletse ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.”—Johane 17:14, 17; 2 Timotheo 3:16, 17.

Bodumedi Jwa Boammaaruri bo Farologane le a Mangwe

Maungo ano—lorato lwa go intsha setlhabelo, go batla go itshepisa leina la ga Jehofa, go bolela ka Bogosi jwa Modimo, go se nne karolo ya lefatshe le go dumela Baebele—a tlhaola baobamedi ba boammaaruri. Gape maungo ano a tlhaola baobamedi ba mmatota mo madumeding a mangwe. Mosadi mongwe yo o neng a itumelela go buisana le Basupi ba ga Jehofa ka makgetlo a le mmalwa o ne a swetsa ka go re: “Ke itse madumedi a le mantsi, mme otlhe a a tshwana. Lona lo farologane fela thata le madumedi a mangwe.”

Ke boammaaruri gore madumedi otlhe ga a obamele Modimo a le mongwe. Mme go na le setlhopha se se farologaneng le tse dingwe—Basupi ba ga Jehofa, ba jaanong ba fetang dimilione di le supa lefatshe ka bophara. Ka go buelela Lefoko la Modimo, Baebele, le go latela kgakololo ya lone, ba dirile se setlhopha sepe kgotsa mokgatlho ope o neng o ka se ka wa se dira, e leng go kopanya batho ba ditšhaba tse di sa tshwaneng, dipuo, setso, batho ba ba godisitsweng ka ditsela tse di sa tshwaneng, ba lotso lo lo sa tshwaneng, gore ba obamele Modimo a le mongwe fela wa boammaaruri, Jehofa. Ba ka itumelela go go thusa go ithuta ka Modimo wa boammaaruri, go bona gore o batla eng mo go wena le gore o itumelele kagiso le tshireletsego tse di nnang gone ka ntlha ya go obamela Modimo ka tsela e a e amogelang. A ono ga se mokgele o o botlhokwa?

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Moruti wa Othodox o segofatsa masole a masha kwa Ukraine ka 2004

[Motswedi wa Setshwantsho]

GENIA SAVILOV/AFP/Getty Images

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Basupi ba ga Jehofa ba thusa batho gongwe le gongwe gore ba ithute ka Modimo le ka Bogosi jwa gagwe

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 12]

Page 12: Buddhist woman: © Yan Liao/Alamy; Hindu holy man: © imagebroker/Alamy; page 13: Man reading Koran: Mohamed Amin/Camerapix; Jewish man: Todd Bolen/Bible Places.com