Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Nna le Boipelo Le fa Ke Golafetse

Go Nna le Boipelo Le fa Ke Golafetse

 Go Nna le Boipelo Le fa Ke Golafetse

Jaaka go Boletse Paulette Gaspar

Le fa ke ne ke le boima jwa dikilogerama di ka nna thataro fa ke tsholwa, ngaka e ne ya lemoga gore go na le sengwe se se phoso ka nna. Ka nako ya fa ke tsholwa, marapo a me a ne a robega. Ke na le bolwetse jo bo bidiwang “osteogenesis imperfecta,” bolwetse jwa marapo a a robegang motlhofo. Ke ne ka ariwa ka bonako mme dingaka di ne di sa akanye gore ke tla tshela. Di ne di lebeletse gore ke tla swa mo diureng di le 24.

KE TSHOLETSWE kwa Canberra, motsemoshate wa Australia, ka June 14, 1972. Go farologana le se ba neng ba se lebeletse, ke ne ke sa ntse ke tshela mo letsatsing le le latelang. Mme ke ne ka tshwarwa ke bolwetse jwa nyumonia. E re ka dingaka di ne di akanya gore ke ne ke ntse ke tlile go swa, ga di a ka tsa nnaya melemo mme di ne tsa swetsa gore di ntlogele fela ke itshwele. Le fa go ntse jalo, ga ke a ka ka swa.

Go tshwanetse ga bo go ne go le boima tota mo batsading ba me ka nako eo. E re ka go ne go bonala ke tlile go swa, badiri ba tsa kalafi ba ne ba tsaya gore ba thusa batsadi ba me ka go ba kgothaletsa gore ba se ka ba baya pelo ya bone thata mo go nna. Tota e bile, mo dikgweding di le tharo tsa ntlha tse ke di ntseng kwa bookelong, batsadi ba me ba ne ba sa letlelelwa go ntshwara. Go ne go ka nna motlhofo gore ba nkgobatse. Fa go ne go bonala sentle gore ke tla tshela, dingaka di ne tsa kgothaletsa batsadi ba me gore ba nkise kwa legaeng la bana ba ba golafetseng.

Le fa go ntse jalo, batsadi ba me ba ne ba swetsa ka gore ba nkise gae. Tota e bile, mmè o ne a sa tswa go simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Se a neng a se ithuta se ne sa dira gore a batle thata go dira maikarabelo a gagwe a go ntlhokomela. Mme go tshwanetse ga bo go ne go le thata gore a atamalane thata le nna, e re ka a ne a lapa maikutlo e bile a fetswa maatla ke go ntlhokomela. Ke ne ke sa fele kwa bookelong. Marapo a me a ne a robiwa ke dilo tse di sa reng sepe tse di jaaka go tlhapisiwa. Tota le fa ke ne ke ethimola fela, marapo a me a ne a ka phanyega.

Ke ne Ka Tshwenyega Thata mo Maikutlong

Fa ke ntse ke gola, ke ne ke tlhola fela ke le mo setulong sa batho ba ba golafetseng. Ke ne nka se kgone go ithuta go tsamaya. Le fa maemo a ne a le thata jalo, batsadi ba me ba ne ba ntlhokomela fela thata ka dilo tse ke di tlhokang mo mmeleng.

Mo godimo ga moo, mmè o ne a dira sotlhe se a ka se kgonang go nthuta molaetsa o o gomotsang wa Baebele. Ka sekai, o ne a nthuta gore mo isagweng, Modimo o tla dira lefatshe gore e nne paradaise e mo go yone batho botlhe ba tla bong ba itekanetse mo semoyeng, mo tlhaloganyong le mo mmeleng. (Pesalema 37:10, 11; Isaia 33:24) Le fa go ntse jalo, mmè o ne a bua puo phaa fela gore ga a akanye gore go na le botshelo bongwe jo bo ka intumedisang go feta jo Modimo a bo solofeditseng.

 Kwa tshimologong, ke ne ke tsena sekolo sa bana ba ba golafetseng. Barutabana ba me ba ne ba sa akanye gore ke tshwanetse go nna le mekgele mengwe, mme le nna ke ne ke sa ipeele epe. Tota e bile, go ne go le thata go itshokela sekolo. Bana ba bantsi ba ne ba ntshwara makgwakgwa. Moragonyana, ke ne ka tsena sekolo se e seng sa bana ba ba golafetseng. Ke ne ka lemoga gore go ithuta go tshedisana le bana ba bangwe go ne go dira gore ke lape mo mmeleng, mo maikutlong le mo tlhaloganyong. Mme gone, ke ne ke ikemiseditse go fetsa sekolo go fitlha kwa mophatong wa bolesome.

Ke ne ke akanya kafa baithuti ba bangwe ba neng ba se na tsholofelo ka gone le kafa botshelo jwa bone bo neng bo se na bokao ka gone, segolobogolo ka nako ya fa ke ne ke le mo sekolong se segolwane. Gape ke ne ke akanya ka se mmè a se nthutileng mo Baebeleng. Ke ne ke itse gore se a neng a se bua se ne se le boammaaruri. Mme gone ka nako eo, boammaaruri jwa Baebele bo ne bo ise bo fitlhelele pelo ya me. Ka nakonyana, ke ne ka swetsa ka gore ke leke go ijesa menate ke sa akanye sepe ka isagwe.

Fa ke le dingwaga di le 18, ke ne ka tswa kwa gae mme ka ya go nna le batho ba bangwe ba ba golafetseng. Go fudugela koo go ne go intumedisa mme gape go ntshosa. Ke ne ke kgatlhwa ke gore ke ne ke na le kgololesego e ntšha, ke na le ditsala e bile ke itumelela botshelo le bone. Bontsi jwa ditsala tsa me bo ne jwa nyalwa. Le nna ke ne ka eletsa go nna le molekane le go ratwa. Mme gone, ka ntlha ya bogole jwa me, go ne go se motlhofo go bona molekane wa lenyalo. Seo se ne se nkhutsafatsa.

Le fa go ntse jalo, ga ke ise ke ko ke pege Modimo molato ka ntlha ya boemo jwa me. Ke ne ke ithutile go le gontsi ka Modimo gore o lorato le gore a ka se dire sepe fela se se sa siamang. (Jobe 34:10) Ke ne ka leka go amogela botshelo jwa me ka tsela e bo leng ka yone. Mme gone, ke ne ka tshwenyega thata mo maikutlong.

Ke ne Ka Fola ka Iketlo

Ka lesego, mmè o ne a lemoga boemo jo ke neng ke le mo go jone, mme a ikgolaganya le mogolwane mongwe yo o neng a nna gaufi le fa ke nnang gone. Mogolwane yono o ne a nfounela mme a ntaletsa go tla dipokanong tsa Bokeresete kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa ya mo lefelong leo. Mo godimo ga moo, kgaitsadi mongwe wa phuthego eo o ne a simolola go ithuta Baebele le nna beke le beke.

Fa ke ntse ke gakologelwa boammaaruri jwa Baebele jo mmè a nthutileng jone mo dingwageng tse di fetileng, tsela e ke neng ke leba botshelo ka yone e ne ya fetoga. Ke ne ke itumelela go tsalana le Bakeresete ka nna. Le fa go ntse jalo, ke ne ke na le go fitlha maikutlo a me ka gonne ke tshaba gore batho ba tla nkutlwisa botlhoko. Ke akanya gore seo ke sone se se neng sa dira gore go nne thata go dumela gore Modimo o a nthata. Mme gone, ke ne ke itse gore ke tshwanetse go neela botshelo jwa me mo go ene. Ka jalo, ka December 1991 ke ne ka kolobediwa e le sesupo sa gore ke ineetse mo go Jehofa.

Ke ne ka fuduga kwa ke neng ke nna teng le ditsala tsa me tse di golafetseng mme ka ya go nna ke le nosi mo foleteng. Go fuduga jalo go ne ga ntsholegela molemo mme gape ga mpakela mathata. Ka sekai, ke ne ke jewa ke bodutu tota. Mme ke ne ke tshoga gore nka tlhaselwa ke dikebekwa tsa banna. Ka bonako fela ke ne ka boa ka tshwenyega thata mo maikutlong. Le fa ke ne ke itira e kete ke pelokgale e bile ke itumetse, dilo di ne di sa ntsamaele sentle. Ruri ke ne ke tlhoka thata tsala e e molemo le e e se kitlang e ntlogela.

Ke akanya gore Jehofa Modimo o ne a nnaya yone. Bagolwane ba mo lefelong leo, ka bopelonomi ba ne ba rulaganya gore Suzie, kgaitsadi yo o nyetsweng, a tswelele a ithuta Baebele le nna. Suzie e ne e se morutisi wa me fela. O ne a nna tsala ya me e re ntshanang seinong e ke e ratang fela thata.

Suzie o ne a nthapisa gore ke bolelele batho ba bangwe dilo tse ke neng ke di ithuta—ka ntlo le ntlo le go neela bosupi le fa ke se mo bodireding. Jaanong ke ne ka simolola go anaanela dinonofo tsa Modimo ka botlalo. Le fa go ntse jalo, le fa ke ne ke kolobeditswe, ke ne ke ise ke rate Modimo ka tsela e ke neng ke tshwanetse go mo rata ka yone. Ka nako nngwe, ke ne ka ba ka tlelwa ke  mogopolo wa gore ke emise go direla Jehofa. Ke ne ka bolelela Suzie, mme o ne a nthusa go fenya bothata joo jo bo masisi.

Gape Suzie o ne a nthusa go lemoga gore batho ba ke neng ke tsalana le bone ba ba sa rateng Jehofa, ke bone ba neng ba dira gore ke se ka ka nna le boitumelo. Ka jalo, ke ne ka nna ditsala le batho ba ba godileng sentle mo semoyeng—segolobogolo bagodi. Gape ke ne ke sena kamano e e molemo le mmè; ka jalo, ke ne ka simolola go nna le botsala jo bo molemo le ene mmogo le kgaitsadiake. Ke ne ka gakgamadiwa ke go nna le boitumelo jo bogolo jo ke neng ke ise ke nne le jone. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba me mo phuthegong, ba lelapa la gaetsho, mme mo godimo ga tsotlhe, Jehofa o ne a nna motswedi wa boipelo le maatla mo go nna.—Pesalema 28:7.

Tiro e Ntšha

Fa ke tswa kwa kopanong e kwa go yone ke neng ka utlwa puo e e neng e gatelela boipelo jo ba le bantsi ba neng ba nna le jone ka ntlha ya go tsenela bodiredi jwa Bokeresete jwa nako e e tletseng, ke ne ka ipolelela go re, ‘Le nna nka kgona!’ Ke boammaaruri gore ke ne ke lemoga gore seo e tla nna kgwetlho e kgolo. Fa ke sena go akanyetsa kgang eno ka thapelo, ke ne ka tsenya kopo ya go nna morutisi wa nako e e tletseng wa Baebele, mme ka April 1998, ke ne ka simolola tiro ya me e ntšha.

Ke kgona jang go nna le seabe mo tirong eno ya go rera ke golafetse? Ka tlholego fela ke motho yo o ratang go itirela dilo mme ke tlhoile go nna morwalo mo bathong ka go ikaega ka bone ka sepalanngwa le ka dilo tse dingwe. Ka jalo, Suzie le mogatse e bong Michael ba ne ba akantsha gore ke reke sethuuthuu! Mme gone, ke ne nka kgona jang go se kgweetsa? Jaaka o bona mo setshwantshong, sethuuthuu seno se diretswe maemo a ke leng mo go one. Se a nthusa ka gonne ka mmelenyana wa me wa dikilogerama di le 19 ga ke tlhoke go tswa mo setulong sa me sa batho ba ba golafetseng fa ke tsena mo go sone!

Go nna le sethuuthuu seno go nthusa gore ke kgone go etela batho le go ithuta le bone ka nako e e re tshwanelang rotlhe. Ruri ke rata go kgweetsa sethuuthuu sa me le go utlwa phefo e ntlhaba mo sefatlhegong fa ke le mo go sone—sengwe sa dilo di le mmalwa tse ke di itumelelang mo botshelong!

Ke rata go simolola metlotlo le batho mo mebileng, ba bontsi jwa bone ba leng maitseo mo go nna le go ntlotla. Ke itumela tota fa ke thusa batho ba bangwe go ithuta Baebele. Ke sa ntse ke gakologelwa sentle nako nngwe fa ke le mo bodireding jwa ntlo le ntlo le tsala nngwe ya me yo o neng a le moleele. O ne a dumedisa mong wa ntlo, yo o neng a ntlhoma matlho a gakgametse mme a bo a botsa tsala ya me a re, “A o kgona go bua?” Re ne ra thubega ka setshego. Fa ke sena go mo rerela, mosadi yono o ne a lemoga gore ruri ke kgona go bua!

Jaanong ke itumelela botshelo e bile ke ithutile go rata Jehofa Modimo. Ke leboga mmè fela thata ka gonne a nthutile boammaaruri jwa Baebele, mme ke lebile pele nako ya fa Modimo a tla bong a “dira dilo tsotlhe disha,” go akaretsa le mmelenyana wa me o monnye.—Tshenolo 21:4, 5.

[Mafoko a a mo go tsebe 30]

“Ke ne ka leka go amogela botshelo jwa me ka tsela e bo neng bo le ka yone. Mme gone, ke ne ka tshwenyega thata mo maikutlong”