Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 Ditsela Tsa go Bona Boitumelo mo Lelapegodileng

Go Baakanyetsa Basha ba Dingwaga Tsa Bolesome go Nna Bagolo

Go Baakanyetsa Basha ba Dingwaga Tsa Bolesome go Nna Bagolo

“Go bua le bomorwaake go kile ga bo go itumedisa. Ba ne ba reetsa ka kelotlhoko se ke neng ke se bua, mme ba ne ba dira se ke neng ke ba laela sone ka yone nako eo. Mme jaanong ka go bo ba le mo dingwageng tsa bolesome, ga re dumalane ka sengwe le sengwe. Ga ba rate go dira dilo tse di amanang le kobamelo ya rona. Ba botsa jaana: ‘A tota re tlhoka go bua ka Baebele?’ Pele bomorwaake ba tsena mo dingwageng tsa bosha, ke ne ke sa akanye gore lelapa la me le tla diragalelwa ke dilo tseno—le fa ke ne ke bona di diragalela batho ba bangwe.”—Reggie. *

A O GODISA ngwana yo o simololang dingwaga tsa bosha? Fa go le jalo, o lebane le nako e e kgatlhang tota ya go gola ga ngwana wa gago. Mme gape e ka nna nako e e ngomolang pelo tota. A dilo tse di latelang di a direga mo lelapeng la gago?

  • Fa morwao a ne a sa le monnye, o ne a atamalane thata le wena. E re ka jaanong a le mo dingwageng tsa bolesome, o batla kgololesego e kgolwane.

  • Fa morwadio a ne a le monnye, o ne a go bolelela sengwe le sengwe. E re ka jaanong a le mo dingwageng tsa bolesome, o itlhophetse ditsala tse a tla buisanang le tsone mme ga o mongwe wa tsone.

Fa e le gore go direga sengwe sa dilo tseno mo lelapeng la gago, o se ka wa itlhaganelela go swetsa ka gore ngwana wa gago ke seganana se se ka se fetogeng. Jaanong go diragala eng? Go araba potso eno, mma re sekaseke seabe sa botlhokwa se go simolola dingwaga tsa bosha go nnang le sone mo go goleng ga ngwana wa gago.

Go Simolola Dingwaga Tsa Bosha ke Karolo e e Botlhokwa Thata ya go Gola ga Motho

Go tloga fela fa ngwana a tsholwa go ya pele, ke nako ya gore a dire sengwe le sengwe lekgetlo la ntlha—go ithuta go tsamaya, lefoko la ntlha le a le buileng, letsatsi la ntlha fa a ne a simolola sekolo, fa re umaka di le mmalwa fela. Batsadi ba a itumela fa bana ba bone ba fitlhelela dilo tseno. Dilo tseno di bontsha sengwe se ba ntseng ba tlhoafaletse go se bona—go gola ga ngwana.

Go simolola dingwaga tsa bosha le gone ke karolo e nngwe ya go gola ga ngwana—le fa batsadi ba go leba e le nako e e boima. Go a utlwala go bo ba tshwenyega fa ngwana a sa tlhole a le boikobo. Le fa go ntse jalo, go simolola dingwaga tsa bosha ke karolo e nngwe e e botlhokwa thata ya go gola ga ngwana. Ka tsela efe?

Baebele e bolela gore fa nako e ntse e tsamaya ‘monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe.’ (Genesise 2:24) Selo sa botlhokwa se go simolola dingwaga tsa bosha go se dirang ke go thusa go baakanyetsa morwao kgotsa morwadio letsatsi leo la boitumelo le khutsafalo. Ka nako eo, ngwana wa gago o tla kgona go bua se se ileng sa buiwa ke moaposetoloi Paulo: “E rile ke le losea, ke ne ke tle ke bue jaaka losea, ke akanye jaaka losea, ke tlhalose dilo jaaka losea; mme e re ka jaanong ke le monna, ke nyeleditse mekgwa ya losea.”—1 Bakorintha 13:11.

Seo ke se morwao kgotsa morwadio a se dirang ka nako ya dingwaga tsa bosha—o tlogela mekgwa ya bongwana mme o ithuta go nna mosha yo o godileng yo o nang le maikarabelo mme a sentle go ka tswa mo lapeng. Tota e bile, buka nngwe e tlhalosa go simolola dingwaga tsa bosha ka tsela e e hutsafatsang e re ke nako ya fa basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba ipaakanyetsa go kgaogana le batsadi ba bone.

Gone ke boammaaruri gore o ka nna le dipelaelo fa o akanya gore mosimane kgotsa mosetsana wa gago yo “monnye” o tla ikemela. O ka ipotsa jaana:

  • “Fa e le gore morwaake ga a kgone go boloka phaposi ya gagwe e le phepa, a ka kgona jang go tlhokomela folete?”

  • “Fa e le gore morwadiake ga a tle ka nako e a e beetsweng mo lapeng, a ka kgona jang go tshwara nako ya kwa tirong?”

Fa e le gore o tshwenyegile ka dilo tseno, gakologelwa seno: Go tsaya dingwaga gore ngwana a ikemele. Gone jaanong o setse o lemogile gore “boeleele bo bofeletswe mo pelong ya mosimane”—kgotsa mosetsana.—Diane 22:15.

Le fa go ntse jalo, fa ngwana wa gago a kaelwa sentle o tla tswa mo dingwageng tsa bosha mme ya nna mosha yo o  godileng yo o nang le maikarabelo yo ‘bokgoni jwa gagwe jwa go lemoga bo thapisitsweng ka go dirisiwa gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.’—Bahebera 5:14.

Ditsela Tsa go Atlega

Fa ngwana wa gago yo o mo dingwageng tsa bolesome a itshwara ka tsela e e bontshang gore o na le maikarabelo, a o ka mo naya kgololesego e kgolwane?

Go thusa ngwana yo o simololang dingwaga tsa bosha gore e nne motho yo o godileng, o tlhoka go mo thusa go godisa ‘maatla a gagwe a go akanya’ gore a kgone go itirela ditshwetso tse di botlhale. * (Baroma 12:1, 2) Melaometheo e e latelang ya Baebele e tla go thusa go dira seo.

Bafilipi 4:5: “A go nna tekatekano ga lona go itsiwe.” Mosha yo o mo dingwageng tsa bolesome o kopa gore a tle morago ga nako e a e beetsweng mo lapeng. Ka bonako fela o a gana. Mosha yono o ngongorega jaana, “O ntira ngwana!” Pele o araba ka go re, “O itshwere jaaka ene,” ela tlhoko se se latelang: Basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba batla go nna le kgololesego e ntsi go feta e ba e tlhokang, mme batsadi ba ka ba naya kgololesego e nnye go feta e ba tshwanetseng go e ba naya. A o ka fetola kgololesego e o ba nayang yone nako le nako? Ke eng o sa akanyetse tsela e ngwana wa gago a lebang dilo ka yone?

LEKA SENO: Kwala selo se le sengwe kgotsa di le pedi tse o ka nayang mosha yo o simololang dingwaga tsa bosha kgololesego e kgolwane mo go tsone. Mo tlhalosetse gore o mo file kgololesego eno gore o bone gore o tla itshwara jang. Fa a e dirisa sentle, fa nako e ile a ka newa e e oketsegileng. Fa a sa dire jalo, o ka fokotsa kgololesego e o neng o e mo neile.—Mathaio 25:21.

Bakolosa 3:21: “Borrabana, lo se ka lwa galefisa bana ba lona, gore ba se ka ba tshwenyega mo maikutlong.” Batsadi bangwe ba leka go laola sengwe le sengwe se basha ba dingwaga tsa bolesome ba se dirang. Ba nna ba etse tlhoko gore mosha o na le bomang le gore o dirang. Ba mo tlhophela ditsala le go mo reetsa mo sephiring fa a bua ka founo. Mme go dira jalo ga go nne le matswela a a molemo ka metlha. Go mo sireletsa thata jalo go ka dira gore a batle go tshaba; go nna o tshwaya ditsala tsa gagwe phoso go ka nna ga dira gore a atamalane thata le tsone; go reetsa se a se buang ka founo mo sephiring go ka dira gore a batle ditsela tsa go buisana le ditsala tsa gagwe o sa itse. Fa o leka go laola sengwe le sengwe se a se dirang, seo se ka felela ka gore o se tlhole o kgona go dira jalo. Tota gone, fa e le gore mosha yo o mo dingwageng tsa bolesome ga a ka a ithuta go itirela ditshwetso fa a sa ntse a le kwa gae, a ka itse jang fa a setse a dule kwa gae?

LEKA SENO: Mo nakong e e tlang fa o buisana le mosha yo o mo dingwageng tsa bolesome ka bothata jo o amegileng ka jone, leka go mo thusa go bona kafa ditshwetso tse a di dirang di amang ka gone tsela e a itsegeng ka yone. Ka sekai, go na le go tshwaya ditsala tsa gagwe phoso, o ka re: “Go ka diragalang fa [leina la tsala] a ka tshwarwa ka ntlha ya go tlola molao? Seo se ka dira gore batho ba go lebe jang?” Thusa mosha yo o mo dingwageng tsa bolesome gore a lemoge kafa ditshwetso tsa gagwe di ka dirang gore a itsege sentle kgotsa tsa senya tsela e a itsegeng ka yone.—Diane 11:17, 22; 20:11.

 Baefeso 6:4: “Lo se ka lwa tshwenya bana ba lona, mme tswelelang lo ba godisetsa mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” Mafoko a a reng “mo taolong ya mogopolo” a kaya se se fetang go ruta boammaaruri. A kaya go thusa ngwana go leba boitsholo ka tsela e e ka tlhotlheletsang se a se dirang. Seno se botlhokwa thata segolobogolo fa ngwana wa gago a simolola dingwaga tsa bosha. Rre yo o bidiwang Andre a re: “Fa ngwana wa gago a ntse a gola, o tlhoka go fetola tsela e o buisanang le ene ka yone mme o mo neye mabaka.”—2 Timotheo 3:14.

LEKA SENO: Fa go tlhaga maemo mangwe, kopa ngwana wa gago gore a tseye karolo ya go nna motsadi mme wena o nne ngwana. Botsa ngwana wa gago yo o mo dingwageng tsa bolesome gore o ne a tla go naya kgakololo efe fa o ka bo o le ngwana wa gagwe. Mo kope gore a dire dipatlisiso gore a go bolelele mabaka a a dumalanang le se a se akanyang kgotsa a a sa dumalaneng le sone. Pele beke e fela buisanang gape ka kgang e lo neng lwa tlotla ka yone.

Bagalatia 6:7: “Le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape.” Ngwana a ka rutiwa ka go otlhaiwa—gongwe ka gore a dire tiro nngwe e a sa e rateng kgotsa go mo thibela go dira sengwe se a se ratang. Fa e le ngwana yo o simololang dingwaga tsa bosha, o tla bo o dira sentle go akanyetsa ditlamorago tsa kotlhao e o mo nayang yone.—Diane 6:27.

LEKA SENO: O se ka wa mo thusa ka go mo duelela dikoloto kgotsa go mmuelela mo morutising wa gagwe fa a sa dira sentle mo dithutong tsa gagwe kwa sekolong. Mo letle gore a utlwe ditlamorago tsa se a se dirileng, mme o tla ithuta thuto e a se kitlang a e lebala.

E re ka o le motsadi, gongwe o ka tswa o eletsa gore ngwana wa gago a ka feta ka bonako mo dingwageng tsa bosha a bo a nna mogolo. Le fa go ntse jalo, nako eo ga e fete ka bonako fela go se na mathata. Le fa go ntse jalo, fa ngwana wa gago a tsena mo dingwageng tsa bosha seo se go naya tshono e e molemo ya go “thapisa mosimane ka tsela e e mo tshwanetseng.” (Diane 22:6) Melaometheo ya Baebele ke motheo o o nonofileng o o ka agang boitumelo jwa lelapa mo go one.

^ ser. 3 Leina le fetotswe.

^ ser. 19 Le fa re bua ka ngwana wa mosimane, melaometheo e go buiwang ka yone mono e dira le mo basetsaneng.

IPOTSE JAANA . . .

A ngwana wa me yo o simololang dingwaga tsa bosha, o tla bo a setse a kgona go dira dilo tse di latelang fa a tswa mo gae?

  • go nna le thulaganyo ya ka metlha ya dilo tsa semoya

  • go dira ditshwetso tse di siameng

  • go buisana sentle le batho ba bangwe

  • go tlhokomela botsogo jwa gagwe

  • go dirisa madi sentle

  • go phepafatsa le go tlhokomela legae kgotsa folete

  • go dira dilo a sa patelediwe