Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Motse wa Korintha—“O o Laolang Maemakepe a Mabedi”

Motse wa Korintha—“O o Laolang Maemakepe a Mabedi”

 Motse wa Korintha—“O o Laolang Maemakepe a Mabedi”

FA O leba mmapa wa Gerika, o tla lemoga gore karolo e kgolo ya naga eno ke sekasetlhake e bile go na le se go lebegang e kete ke setlhaketlhake se segolo kwa borwa. Sebata se sennye sa naga se se dikilometara di ka nna thataro go ela kwa ntlheng ya sone e tshesane se kopanya dikarolo tseno tse pedi. Sebata seno sa naga se se bidiwang Korintha ya Isthmus, se kopanya sekasetlhake sa Peloponnesia kwa borwa go ya kwa karolong e kgolo ya naga kwa bokone.

Go na le lebaka le lengwe le le dirang gore sebata seno se nne botlhokwa. Se ne sa bidiwa letsibogo la lewatle ka gonne kwa botlhaba go na le Kgogometso ya Saronic, e e yang kwa Lewatleng la Aegean le kwa botlhaba jwa Mediterranean, mme kwa bophirima go na le Kgogometso ya Korintha, e e yang kwa Lewatleng la lonian, la Adriatic le kwa bophirima jwa Mediterranean. Mo gare ga tsone go ne go na le motse wa Korintha, lefelo la botlhokwa le moaposetoloi Paulo a neng a ema mo go lone fa a tsere maeto a borongwa mme mo metlheng ya bogologolo le ne le itsege ka dikhumo, botshelo jwa manobonobo le boitsholo jo bo sa siamang.

Motse o o Neng o Agilwe mo Lefelong le le Siameng

Motse wa Korintha o gaufi le sebata seno se se botlhokwa sa naga kafa ntlheng ya bophirima. O na le maemakepe a le mabedi, mo letlhakoreng le lengwe la sebata seno go ne go na le boemakepe bo le bongwe mme mo go le lengwe go na le jo bongwe—Lekeuma kwa bophirima le Kenkerea kwa botlhaba. Ke gone ka moo moitsethutafatshe wa Mogerika e bong  Strabo a neng a re Korintha ke motse “o o laolang maemakepe a mabedi.” E re ka motse wa Korintha o ne o agilwe mo lefelong le le siameng, o ne o laola makopanelo a ditsela tse dikgolo, bagwebi ba ba neng ba dirisa dikepe ba kwa botlhababophirima le ba ba neng ba sa di dirise ba kwa bokoneborwa.

Fa e sa le mo metlheng ya bogologolo, dikepe tse di tswang kwa botlhaba (Asia Minor, Siria, Fonikia le Egepeto) le kwa bophirima (Italy le Spain) di ne di tla ka merwalo e bo e pagololwa kwa boemakepeng jo bongwe le go isiwa kwa ntlheng e nngwe ya sebata sa naga se se leng dikilometara di le mmalwa go tswa kwa boemakepeng. Fa merwalo e fitlha koo, e ne e pegwa mo dikepeng tse dingwe gore e isiwe kwa lefelong le lengwe. Mekoro e mennye e ne e isiwa ka kwa ga sebata sa naga e gogiwa mo tselaneng e tshesane e e bidiwang diolkos.—Bona  lebokoso le le mo go tsebe 27.

Ke eng fa batsamaisadikepe ba ne ba rata go dirisa tsela e e neng e kgabaganya sebata sa naga? Ka gonne seno se ne se dira gore ba se ka ba tsaya loeto lo lo kotsi lwa dikilometara di le 320 mo lewatleng le le sa iketlang le go neng go tlwaelegile gore go nne le difefo kwa go lone kwa borwa jwa Peloponnese. Batsamaisadikepe ba ne ba tila go dirisa tsela e e fetang ka Cape Malea e go neng go buiwa jaana ka yone: “Fa o tsamaya ka tsela ya Cape Malea, o ka se tlhole o boa.”

Kenkerea—Boemakepe jo bo Bipilweng ke Metsi bo a Bonwa

Boemakepe jwa Kenkerea jo bo neng bo le dikilometara di le 11 kwa botlhaba jwa Korintha, e ne e le boemakepe jwa bofelo mo ditseleng tsa lewatle la Asiatic. Gompieno bo bipilwe ke metsi go se kae ka ntlha ya tshenyo e e neng ya bakwa ke dithoromo tsa lefatshe tse di neng tsa nna teng go ela kwa bofelong jwa lekgolo la bonè la dingwaga C.E. Strabo o ne a tlhalosa Kenkerea e le boemakepe jo bo tlhanaselang le jo bo humileng, mme rafilosofi wa Moroma e bong Lucius Apuleius o ne a re ke “boemakepe jo bogolo le jo bo nonofileng jo bo neng bo tlala dikepe tsa ditšhaba tse dintsi.”

Mo metlheng ya Baroma, boemakepe jono bo ne bo na le mafelo a mabedi a batho ba neng ba palama kgotsa ba fologa dikepe mo go one mme a ne a fitlha kwa lewatleng e kete ke tlhako ya pitse, a dira gore lefelo le go neng go tsenwa mo go lone le nne dimetara di le 150 go ya go di le 200. Dikepe tsa boleele jwa dimetara di le 40 di ne di kgona go ema mo go jone. Kwa borwabophirima go ne ga epololwa dilwana tsa tempele tse go akanngwang gore e ne e le lefelo le le boitshepo la modimo wa sesadi e bong Isis. Go lebega dikago tse di raraaneng tse di neng di le kwa bofelong jwa boemakepe e ne e le tsa lefelo le le boitshepo la ga Aphrodite. Go ne go dumelwa gore medimo  eno e mebedi ya sesadi e ne e sireletsa batsamaisadikepe.

Ditiro tsa kgwebo tse di neng di dirwa kwa boemakepeng e ka tswa e le tsone tse di neng tsa dira gore moaposetoloi Paulo a dire tiro ya go dira megope kwa Korintha. (Ditiro 18:1-3) Buka ya In the Steps of St. Paul ya re: “Fa mariga a atamela, badiri ba megope ba kwa Korintha ba gape e neng e le badiri ba diseile ba ne ba nna le tiro e ntsi e e fetang e ba neng ba ka kgona go e dira. E re ka maemakepe a ne a tletse ka dikepe tse di neng di letetse gore mariga a fete mme di baakanngwe go bo go tsenngwe dilo tse di tlhokegang, bagwebi ba dikepe kwa Lekeuma le Kenkerea ba tshwanetse ba bo ba ne ba na le tiro e ntsi e ba neng ba ka e naya mongwe le mongwe yo o neng a kgona go roka diseile.”

Morago ga gore Paulo a nne dikgwedi tse di fetang di le 18 kwa Korintha, o ne a tsamaya ka sekepe go tswa kwa Kenkerea go ya kwa Efeso mo e ka nnang ka 52 C.E. (Ditiro 18:18, 19) Nako nngwe mo dingwageng di le nnè, go ne ga tlhomiwa phuthego ya Bokeresete kwa Kenkerea. Baebele e re bolelela gore Paulo o ne a kopa Bakeresete ba kwa Roma gore ba thuse mosadi mongwe wa Mokeresete e bong Febe wa “phuthego e e mo Kenkerea.”—Baroma 16:1, 2

Gompieno batho ba ba etelang kwa kgogometsong ya Kenkerea ba thuma mo metsing a a phepa a a nang le masalela a boemakepe jo bo bipilweng ke metsi. Bontsi jwa bone ga bo itse gore Bakeresete ba ne ba rera mo lefelong leno e bile go dirwa kgwebo mo go lone makgolokgolo a dingwaga a a fetileng. Go ntse jalo le ka boemakepe jo bongwe jwa kwa Korintha, boemakepe jwa Lekeuma jo bo ka fa bophirima jwa sebata sa naga.

Lekeuma—Lefelo le Batho ba Neng ba Tsena ka Lone go ya Kwa Bophirima

Mmila o o neng o adilwe matlapa o o bidiwang Tsela ya Lekeuma o ne o le dikilometara di le pedi go tswa kwa mmarakeng wa Korintha go ya kwa boemakepeng jo bo kwa bophirima jwa Korintha e leng Lekeuma. Baenjenere ba ne ba epa karolo e e fa pele ga lotshitshi lwa lewatle gore ba age boemakepe mme ba tshela mmu o montsi mo losing go sireletsa dikepe tse di tshetletsweng gore di se ka tsa phailwa ke diphefo tse di maatla tse di tswang kwa kgogometsong. Ka nako nngwe, boemakepe jono e ne e le bongwe jwa maemakepe a magolo kwa Mediterranean. Baithutamarope ba ne ba epolola masalela a ntlo e kgolo ya dipone tse di kaelang dikepe, e leng sefikantswe sa modimo wa Bagerika wa lewatle (Poseidon) a tshwere malakabe a molelo.

Fa thoko ga Tsela ya Lekeuma e e neng e sireleditswe ke mabota a mabedi go ne go na le ditselana tsa maoto, dikago tsa puso, ditempele le dipilara tse di neng di tshegeditse mabenkele. Paulo o tshwanetse a bo a ile a kopana le batho ba ba neng ba tshwaregile ka go reka, basebi, beng ba mabenkele, makgoba, borrakgwebo le batho ba bangwe—ba a neng a ba rerela.

Lekeuma e ne e se fela boemakepe jwa kgwebo mme gape e ne e le boemakepe jo bogolo jwa dikepe tsa ntwa. Batho bangwe ba re mokoro o o  tsamaisiwang ka dikota tse tharo mo matlhakoreng a mabedi, e ne e le mongwe wa mekoro ya ntwa ya bogologolo e e neng e dirisiwa thata, o o neng wa dirwa ke modiri wa dikepe wa Mokorintha e bong Ameinocles mo e ka nnang ka 700 B.C.E. kwa lefelong la dikepe kwa Lekeuma. Baathena ba ne ba dirisa mokoro ono gore ba fenye ntwa e e botlhokwa thata e ba neng ba e lwa le masole a lewatle a Baperesia kwa Salamis ka 480 B.C.E.

Boemakepe jo pele bo neng bo dirisiwa thata, gone jaanong ke “lekadiba le lentsho le le nang le matlhaka.” Ga go sepe se se bontshang gore makgolokgolo a dingwaga a a fetileng go kile ga bo go na le bongwe jwa maemakepe a magolo thata kwa Mediterranean.

Mathata a Bakeresete ba Kwa Korintha ba Neng ba Lebana le One

Maemakepe a Korintha e ne e se a kgwebo fela mme gape batho ba ba neng ba tsena ka one ba ne ba nna le tlhotlheletso e e neng ya ama batho ba mo motseng thata. Maemakepe ano a ne a dira gore go nne le kgwebo le dikhumo. Korintha e ne ya huma ka ntlha ya go duedisa batho madi a a kwa godimo mo boemakepeng le madi a go tsamaisa dithoto le dikepe. Motse ono gape o ne o kokoanya makgetho a batho ba ba dirisang ditsela tsa one. Go ela kwa bofelong jwa lekgolo la bosupa la dingwaga B.C.E., Puso e ne e kokoantse madi a le mantsi a lekgetho a a neng a duelwa ke batho ba ba neng ba dirisa mmaraka le maemakepe mo e leng gore puso e ne ya tlogela go duedisa baagi lekgetho.

Korintha e ne e amogela madi a mantsi mo bagwebing ba ba neng ba nna koo. Bontsi jwa bone bo ne bo tshela botshelo jwa manobonobo e bile ba ne ba dira diphathi tsa boitsholo jo bo sa siamang. Batsamaisadikepe ba ne ba tla kwa Korintha mme ba dira gore e hume. Jaaka Strabo a tlhalosa, ba ne ba dirisa madi thata. Baagi ba motse oo ba ne ba dira ditiro tse dintsi, go akaretsa le go baakanya dikepe.

Mo metlheng ya ga Paulo, motse ono o ne o na le batho ba ka nna 400 000 mme o fetwa fela ke Roma, Alexandria, le Antioka ya Siria. Bagerika, Baroma, Basiria, Baegepeto le Bajuda ba ne ba nna kwa Korintha. Nako le nako go ne go tla batsamai, baeng ba metshameko ya diatleletiki, bataki, bafilosofi, borrakgwebo le ba bangwe ba ba neng ba dirisa maemakepe a Korintha fa ba etetse teng. Baeng bao ba ne ba lere dimpho mo ditempeleng le go isetsa medimo ya teng ditlhabelo. Dilo tseno tsotlhe di ne tsa dira gore Korintha e hume—mme go ne ga nna le diphelelo tse di sa siamang.

Buka ya In the Steps of St. Paul ya re: “Korintha e e neng e le mo maemakepeng a mabedi, e ne ya tshwaediwa ke mekgwa e e sa siamang ya dinaga di sele tse di neng di emisa dikepe tsa tsone mo maemakepeng a yone.” Batho ba ba tswang kwa botlhaba le kwa bophirima ba ne ba kopana kwa Korintha ba tla ka mekgwa ya bone e e sa siamang. Seno se ne sa dira gore Korintha, motse wa bogologolo wa Gerika o senyege thata mo boitsholong. Batho ba ne ba re gore o nne Mokorintha o tshwanetse go tshela botshelo jo bo sa siamang le jwa botlhapelwa.

Go tshela mo bathong ba ba neng ba rata dikhumo le boitsholo jo bo sa siamang go ne go ka senya boitshwaro jwa Bakeresete le kamano ya bone le Modimo. Balatedi ba ga Jesu ba kwa Korintha ba ne ba tlhoka go kgothadiwa gore ba tswelele ba itshwere ka tsela e e amogelwang ke Modimo. Go a tshwanela go bo Paulo a ne a kgala go nna bogagaru, go tsaya dilo ka dikgoka le boitsholo jo bo sa siamang mo makwalong a a neng a a kwalela Bakorintha. Fa o ntse o bala makwalo ao a a tlhotlheleditsweng, o ka lemoga tlhotlheletso e e sa siamang e Bakeresete ba neng ba tshwanetse go lebana le yone.—1 Bakorintha 5:9, 10; 6:9-11, 18; 2 Bakorintha 7:1.

Mme gone, go ne go na le melemo ya go bo Korintha e ne e na le batho ba ditšhaba tse di farologaneng. Ba ne ba tla ka dikgopolo tse disha. Baagi ba mo motseng ono ba ne ba amogela tsela e batho ba bangwe ba neng ba leba dilo ka yone go gaisa batho ba metse e mengwe e Paulo a neng a e etela. Mokanoki mongwe wa Baebele a re: “Batho ba dinaga tsa botlhaba le bophirima ba ne ba kopana kwa motseng wa bogologolo wa boemakepe o o neng o letla baagi ba one go amogela dikgopolo tse disha, filosofi le bodumedi jo bo neng bo le teng mo lefatsheng.” Ka ntlha ya seo, go ne go letlelelwa madumedi a a farologaneng mme go bonala seo se ne sa dira gore tiro ya ga Paulo ya go rera e nne motlhofo.

Maemakepe a mabedi a kwa Korintha—Kenkerea le Lekeuma—a ne a dira gore motse ono o hume le gore o tume. Mme maemakepe ano gape a ne a dira gore botshelo jwa Bakeresete ba kwa Korintha bo nne boima. Lefatshe le re tshelang mo go lone le lone le ntse jalo. Tlhotlheletso e e sa siamang ya go rata dikhumo le ya boitsholo jo bo sa siamang e ka senya kamano e motho a nang le yone le Modimo. Ka jalo, le rona re tshwanetse go ela tlhoko dikgakololo tse di tlhotlheleditsweng tse Paulo a neng a di naya Bakeresete ba kwa Korintha.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 27]

 DIOLKOS—GO FETISIWA GA DITHOTO MO LEFELONG LE LE OMILENG

Go ela kwa bofelong jwa lekgolo la bosupa la dingwaga B.C.E., fa dithulaganyo tsa go aga kanale di itaya sefololetse, mmusi wa kwa Korintha e bong Periander o ne a aga tsela e e kgabaganyang sebata sa naga e batho ba neng ba ka e dirisa fa ba romela dithoto. * E ne e bidiwa diolkos, mo go kayang “go kgabaganya o goga” mme e ne e le tselana e e dirilweng ka matlapa a a sephaphathi a a neng a na le diphatlha tse di boteng mme mo godimo ga one go na le seporo sa legong se se neng se tshasitswe mafura. Dithoto tse di neng di pagololwa mo sekepeng se se tshetletsweng kwa boemakepeng di ne di pegwa mo kolotsaneng mme makgoba a bo a e goga mo tselaneng eo go di isa kwa boemakepeng jo bongwe. Ka dinako tse dingwe mekoro e e pegileng dithoto le yone e ne e gogiwa gore e fetisiwe.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 29 Go bona hisitori ya go agiwa ga kanale ya segompieno, bona setlhogo se se reng “Kanale ya Korintha le go Agiwa ga Yone [The Corinth Canal and Its Story]” mo makasineng wa Tsogang! wa December 22, 1984, tsebe 25-27 (ka Seesemane).

[Mmapa mo go tsebe 25]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

GERIKA

Kgogometso ya Korintha

Boemakepe jwa Lekeuma

Korintha wa bogologolo

Kenkerea

Korintha ya Isthmus

Kgogometso ya Saronic

Peloponnese

LEWATLE LA IONIAN

Cape Malea

LEWATLE LA AEGEAN

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Dikepe tsa dithoto di feta kwa Kanaleng ya Korintha gompieno

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Boemakepe jwa Lekeuma

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Boemakepe jwa Kenkerea

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]

Todd Bolen/Bible Places.com