Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Motho ga a Tshele ka Senkgwe se le Sosi—Kafa ke Falotseng ka Gone Kwa Dikampeng Tsa Kgolegelo Tsa Banasi

Motho ga a Tshele ka Senkgwe se le Sosi—Kafa ke Falotseng ka Gone Kwa Dikampeng Tsa Kgolegelo Tsa Banasi

 Motho ga a Tshele ka Senkgwe se le Sosi—Kafa ke Falotseng ka Gone Kwa Dikampeng Tsa Kgolegelo Tsa Banasi

Jaaka go boletseJoseph Hisiger

“O bala eng?” Ke ne ka botsa mogolegwa ka nna. O ne a re “Baebele” a bo a oketsa ka go re, “Ke tla go naya yone fa o ka nnaya senkgwe sa gago sa beke yotlhe.”

KE TSHOTSWE ka March 1, 1914, kwa Moselle, e e neng e le karolo ya Jeremane. Fa Ntwa ya Lefatshe I e sena go fela ka 1918, Moselle e ne ya nna karolo ya Fora. Ka 1940, e ne ya gapiwa gape ke Jeremane. Ka jalo, fa Ntwa ya Lefatshe II e fela ka 1945, Moselle e ne ya nna karolo ya Fora gape. Mo ditiragalong tseno tsotlhe, ke ne ka nna Mofora le Mojeremane, ka jalo ke ne ka ithuta dipuo tseno tsoopedi.

Batsadi ba me e ne e le Bakatoliki ba ba ineetseng. Bosigo bongwe le bongwe pele re robala, lelapa la rona le ne le rapela. Ka Sontaga le ka malatsi a boikhutso re ne re ya kerekeng. Ke ne ke tsaya bodumedi jwa me bo le botlhokwa e bile ke ne ke le mo setlhopheng sa Katoliki sa go ithuta.

Go Dira Tiro ya Rona ka Matlhagatlhaga

Ka 1935 batsadi ba me ba ne ba etelwa ke Basupi ba ga Jehofa ba le babedi. Ba ne ba bua ka go nna le seabe ga madumedi mo ntweng ya ntlha ya lefatshe. Morago ga seo, ke ne ke batla go itse mo go oketsegileng ka Baebele mme ka 1936 ke ne ka kopa moruti Baebele. O ne a re ke tshwanetse go ithuta thutabodumedi gore ke tlhaloganye Baebele. Le fa go ntse jalo, seno se ne sa oketsa keletso ya me ya go batla go nna le Baebele le go e bala.

Ka January 1937, modirikanna e bong Albin Relewicz yo e neng e le Mosupi o ne a simolola go bua le nna ka se Baebele e se rutang. Ke ne ka mmotsa jaana: “A o na le Baebele?” O ne a na le yone, ka bonako fela o ne a mpontsha leina la Modimo e bong Jehofa mo Baebeleng ya thanolo ya Elberfelder ya Sejeremane e a neng a nnaya yone. Ke ne ka e bala ka tlhoafalo mme ka simolola go ya kwa dipokanong tsa Basupi gaufi le toropo ya Thionville.

Ka August 1937, ke ne ka ya le Albin kwa kopanong ya ditšhabatšhaba ya Basupi kwa Paris. Ke teng kwa ke neng ka simolola go rera ka ntlo le ntlo. Go ise go ye kae, ke ne ka kolobediwa mme ka 1939 ke ne ka dira tiro ya go rera. Ke ne ka abelwa go rera kwa motseng wa Metz. Ka July, ke ne ka lalediwa go bereka kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Paris.

Mathata ka Nako ya Ntwa

Ke ne ka direla kwa lekaleng ka nako e khutshwane ka gonne ka August 1939 ke ne ka bidiwa gore ke tle go direla kwa sesoleng sa Fora. E re ka segakolodi sa me se ne se sa ntetle go ya ntweng ke ne ka atlholelwa go ya kgolegelong. Mo ngwageng o o latelang ka May fa ke ne ke le kwa kgolegelong, ka tshoganyetso Jeremane e ne ya tlhasela Fora. Ka June, Fora e ne ya fenngwa mme ke ne ka nna Mojeremane gape. Ka jalo, ka July 1940 fa ke sena go gololwa ke ne ka ya go nna le batsadi ba me.

E re ka re ne re busiwa ke puso ya Banasi, re ne re kopana mo sephiring gore re ithute Baebele. Re ne  re amogela dikgatiso tsa Tora ya Tebelo ka Maryse Anasiak, mosadi yo o pelokgale wa Mokeresete yo ke neng ke tle ke kopane le ene kwa lebenkeleng la go baka la Mosupi mongwe. Go fitlha ka 1941 ke ne ka kgona go tila mathata a Basupi ba neng ba lebana le one kwa Jeremane.

Letsatsi lengwe mapodise a Ba-Gestapo a ne a nketela. Fa modiredimogolo a sena go mpolelela gore tiro ya Basupi ba ga Jehofa e thibetswe, o ne a mpotsa gore a ke ikaeletse go tswelela ke le mongwe wa bone. Fa ke mo raya ke re “Ee,” o ne a re ke mo sale morago. Mmè o ne a idibala ka go bo a ne a amegile thata. Fa mookamedi wa mapodise a Ba-Gestapo a bona seno, o ne a nthaya a re ke sale ke mo tlhokometse.

Kwa lefelong le ke neng ke bereka kwa go lone ke ne ke sa dumedise manejara ka gore “Heil Hitler!” Gape ke ne ka gana go nna leloko la mokgatlho wa Banasi. Ka jalo, letsatsi le le latelang ke ne ka tshwarwa ke mapodise a Ba-Gestapo. Fa ba ntse ba nthamathamisa ka dipotso, ke ne ka gana go ba bolelela maina a Basupi ba bangwe. Motho yo o neng a ntlhoma dipotso o ne a ntitaya botlhoko ka matshwaro a tlhobolo mme ka idibala. Ka September 11, 1942, Sondergericht (Kgotlatshekelo e e Kgethegileng) kwa Metz e ne ya nkatlholela dingwaga tse tharo mo kgolegelong “ka gonne go twe ke anamisa tshedimosetso ya maaka ya Mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa le ya Baithuti ba Baebele.”

Morago ga dibeke tse pedi, ke ne ka tswa mo kgolegelong ya Metz mme ka isiwa kwa kampeng ya Zweibrücken e go neng go dirwa tiro e e boima mo go yone. Kwa kampeng eo ke ne ka bereka le setlhopha se se neng se baakanya seporo. Re ne re tsenya ditshipi tse di bokete tsa seporo, re di bofelela re bo re baya maje fa thoko ga seporo. Mo mosong re ne re nwa kofi le go ja senkgwe sa digerama di le 75 mme motshegare le maitseboa re nwa sopo. Ke ne ka fudusetswa kwa kgolegelong e e mo toropong e e fa gaufi, kwa ke neng ka bereka kwa lebenkeleng la mothudi wa ditlhako teng. Morago ga dikgwedi di le mmalwa, ke ne ka busediwa kwa Zweibrücken, mme ke ne ka bereka kwa masimong.

Go Tshela Mme e Seng ka Senkgwe se le Sosi

Lekawana le ke neng ke nna le lone mo seleng le ne le tswa kwa Netherlands. Go ithuta puo ya gagwe go se kae go ne ga dira gore ke kgone go mmolelela se ke se dumelang. O ne a gatela pele semoyeng mme a nkopa gore ke mo kolobetse mo nokeng. Fa a tswa mo metsing, o ne a ntlamparela  a bo a re, “Joseph, ke mokaulengwe wa gago!” Re ne ra kgaogana fa ke ne ke ya go bereka gape kwa seporong.

Mo lekgetlong leno legolegwa le ke neng ke nna le lone mo seleng e ne e le Mojeremane. Mo maitseboeng mangwe o ne a simolola go bala buka nngwe e nnye—Baebele! Ke teng mo a neng a re o tla nnaya Baebele fa ke ne ke ka mo naya senkgwe sa me sa beke yotlhe. Ke ne ka dumalana le ene. Le fa go dira jalo go ne go le thata, ga ke a ka ka go ikotlhaela. Ke ne ka lemoga se se kaiwang ke mafoko a ga Jesu a a reng: “Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.”—Mathaio 4:4.

E re ka jaanong ke ne ke na le Baebele go ne go le thata go e boloka. Go farologana le magolegwa a mangwe, Basupi ba ne ba sa letlelelwa go nna le Baebele. Ka jalo, ke ne ke e balela mo sephiring bosigo ke ikhurumeditse ka kobo. Motshegare ke ne ke e tsenya kafa teng ga hempe ya me ke bo ke tsamaya ka yone. Ke ne nka se e tlogele ka gonne batlhokomedi ba ne ba phuruphutsa sele ya me fa ke seyo.

Letsatsi lengwe fa re ne re phuthegile go simolola tiro, ke ne ka lemoga gore ke lebetse Baebele ya me. Mo maitseboeng ao ke ne ka itlhaganelela kwa seleng ya me mme ka fitlhela Baebele e seyo. Fa ke sena go rapela Modimo, ke ne ka ya kwa motlhokomeding, ka mo tlhalosetsa gore mongwe o tshotse buka ya me mme ke batlana le yone. O ne a se ka a nteba, ka jalo ke ne ka kgona go tsaya Baebele ya me. Ke ne ka leboga Jehofa go tswa pelong!

Ka nako nngwe, ke ne ke romelwa gore ke ye go tlhapa kwa shawareng. Fa ke apola diaparo tsa me tse di leswe, ka botlhale ke ne ke tlogela Baebele ya me e wela fa fatshe. Fa motlhokomedi a sa nteba, ke ne ke e kgoromeletsa mo shawareng ka leoto. Fa ke le moo, ke ne ke e fitlha kwa thoko fa ke ntse ke tlhapa. Fa ke tswa mo shawareng ke ne ke e kgoromeletsa kwa ntle ga shawara mme ke bo ke e tsenya mo diaparong tsa me tse di phepa.

Dilo Tse di Kgothatsang le Tse di Kgobang Marapo Tse di Diragetseng Kwa Botshwaro

Mo mosong mongwe ka 1943 fa magolegwa a ne a kokoane mo lefelong le re neng re kokoanela mo go lone ke ne ka bona Albin! Le ene o ne a tshwerwe. O ne a nteba a bo a baya seatla sa gagwe mo pelong go bontsha bokaulengwe. O ne a mpontsha ka diatla gore o tla nkwalela. Mo letsatsing le le latelang fa a feta o ne a diga pampitshana. Mme motlhokomedi o ne a e bona, ka jalo ra atlholelwa dibeke di le pedi mongwe le mongwe a tsentswe mo seleng a le esi. Re ne re na le senkgwe se se senyegileng le metsi fela mme re robala mo mapolankeng re se na dikobo.

Morago ga moo, ke ne ka fudusediwa kwa kgolegelong ya Siegburg, mme ke ne ka bereka kwa lebenkeleng la ditshipi. Tiro e ne e lapisa mme re ne re fiwa dijo tse dinnye. Bosigo ke ne ke lora ka dijo tse di rokotsang mathe—dikuku le maungo—mme fa ke tsoga mala a me a ne a lela e bile mometso wa me o omile. Ke ne ke le mosesane tota, ke le boima jwa dikilogerama tse di ka fa tlase ga 50. Le fa go ntse jalo, letsatsi lengwe le lengwe ke ne ke bala Baebele ya me e nnye ke bo ke bona lebaka la go bo ke tshwanetse go tshela.

Kgabagare Ke ne Ka Gololesega!

Ka tshoganyetso mo mosong mongwe ka April 1945, batlhokomedi ba ne ba tshaba kwa kgolegelong  mme ba tlogela diheke di butswe. Ke ne ke golotswe! Le fa go ntse jalo, fa ke se na go tswa kwa kgolegelong ke ne ka tshwanelwa ke go fetsa nako kwa bookelong gore ke nne botoka. Kwa bofelong jwa May ke ne ka goroga kwa ntlong ya batsadi ba me. Ba ne ba sa dumele gore ke sa ntse ke tshela. Fa ba mpona, Mmè o ne a tsholola dikeledi tsa boitumelo. Ka maswabi, batsadi ba me ba ne ba tlhokafala moragonyana ga moo.

Ke ne ka simolola go kopanela gape le Phuthego ya Thionville. Ruri ke ne ka itumelela go bona bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba semoya gape! Go ne go itumedisa go itse kafa ba neng ba ikanyega ka gone le fa ba ne ba lebana le diteko tse dintsi. Tsala ya me e e rategang Albin, o ne a tlhokafalela kwa Regensburg kwa Jeremane. Moragonyana ke ne ka utlwa gore ntsalake e bong Jean Hisiger o ne a nna Mosupi wa ga Jehofa mme a bolawa ka go bo segakolodi sa gagwe se ne se sa mo letle go ya bosoleng. Jean Queyroi yo ke neng ke bereka le ene kwa ofising ya lekala ya kwa Paris, o ne a itshoka dingwaga di le tlhano kwa kampeng e go neng go dirwa tiro e e boima kwa go yone kwa Jeremane. *

Ka bonako ke ne ka simolola go rera gape kwa toropong ya Metz. Ka nako eo, gantsi ke ne ke kopana le ba lelapa la ga Minzani. Morwadiabone e bong Tina o ne a kolobediwa ka November 2, 1946. O ne a tlhagafetse mo bodireding mme ke ne ka mo kgatlhegela. Re ne ra nyalana ka December 13, 1947. Ka September 1967, Tina o ne a nna moreri wa nako e e tletseng mme a tswelela ka tirelo eno go fitlha a tlhokafala ka June 2003 a na le dingwaga di le 98. Ke tlhologelelwa Tina fela thata.

Gompieno ke na le dingwaga di feta 90 mme ke lemoga gore Lefoko la Modimo ka metlha le ne le nnonotsha gore ke lebane le diteko le go di fenya. Ka dinako tse dingwe ke ne ke se na dijo mme ka metlha ke ne ke fepa mogopolo le pelo ya me ka Lefoko la Modimo. Mme Jehofa o ne a nnonotsha. ‘Lefoko la gagwe le mpolokile ke tshela.’—Pesalema 119:50.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 27 Go bona pego ya botshelo jwa ga Jean Queyroi bala Tora ya Tebelo ya October 1, 1989, tsebe 22-26.

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Tsala ya me e e rategang Albin Relewicz

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Maryse Anasiak

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Baebele e ke neng ka e reka ka senkgwe sa beke yotlhe

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ke na le lekgarebe la me, Tina ka 1946

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Jean Queyroi le mosadi wa gagwe, Titica