Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Leina Lebe Seromo

Leina Lebe Seromo

 Leina Lebe Seromo

Mosadi wa Moithopia o tshola ngwana wa mosimane. Mme boitumelo jwa gagwe bo fetoga khutsafalo fa a bona ngwana a sa tshikinyege. Fa mmèmogolo a tsaya loseanyana lono gore a lo tlhapise, kgabagare lo simolola go itshikinya, go hema le go lela! Leina la rraagwe loseanyana lono lo kaya “Kgakgamatso,” ka jalo batsadi ba kopanya leina leno le lefoko la Se-Amharic ba bo ba naya loseanyana lono leina le le reng, Go Dirilwe Kgakgamatso.

Kwa Burundi, lekawana lengwe le tlhanola direthe fa masole a batla go le bolaya. Fa le ntse le iphitlhile mo nageng, lekawana leno le ikana gore fa Modimo a ka le boloka, le tla bitsa leitibolo la lone Manirakiza, mo go kayang “Modimo ke Mmoloki.” Morago ga dingwaga di le tlhano, monna yono o ne a leboga go bo a tshela mme a bitsa morwawe wa leitibolo ka leina leo.

GO NAYA bana maina a a nang le bokao jo bo rileng go ka lebega go sa tlwaelega mo bathong bangwe, le fa go ntse jalo, mokgwa ono o ne o dirisiwa thata mo metlheng ya bogologolo. Tota e bile, Baebele e na le maina a a ntseng jalo a le makgolo. Go tlhaloganya bokao jwa maina a batho bangwe go tla dira gore re solegelwe molemo ke go bala Baebele. Ela tlhoko dikai dingwe.

Maina a a Nang le Bokao mo Dikwalong Tsa Sehebera

Lengwe la maina a ntlha a go buiwang ka one mo Baebeleng ke la ga Sethe, le le kayang “Yo o Tlhomilweng.” Mmaagwe Sethe e bong Efa, o ne a tlhalosa lebaka la go bo a tlhophile leina leo, ka go re: “Modimo o ntlhometse losika lo longwe mo boemong jwa ga Abele, ka gonne Kaine o ne a mmolaya.” (Genesise 4:25) Lameke setlogolo sa ga Sethe o ne a bitsa morwawe a re ke Noa, mo go kayang “Boikhutso” kgotsa “Kgomotso.” Lameke o ne a re o neile morwawe leina leo ka gonne “yono o tla re tlisetsa kgomotso mo tirong ya rona le mo botlhokong jwa diatla tsa rona jo bo tswang mo mmung o Jehofa a o hutsitseng.”—Genesise 5:29.

Modimo o ne a fetola maina a batho bangwe gore a bolelele maikaelelo a gagwe pele. Ka sekai, o ne a fetola leina la ga Aborame, le le kayang “Rara o Tlotlomaditswe,” go nna Aborahame, le le kayang “Rra Boidiidi.” Fela jaaka leina la gagwe le kaya, Aborahame o ne a nna rra ditšhaba di le dintsi. (Genesise 17:5, 6) Gape, akanya ka leina la mosadi wa ga Aborahame e bong Sarai, le go ka diregang gore le kaya “Yo o Manganga.” Ruri o tshwanetse a bo a ile a itumela fa Modimo a ne a fetola leina la gagwe go nna “Sara,” le le kayang “Kgosigadi,” mo go rayang gore o ne a tla nna mmèmogologolwane wa dikgosi.—Genesise 17:15, 16.

Gape Modimo o ne a tlhopha gore bana bangwe ba bidiwe ka maina afe. Ka sekai, o ne a bolelela Aborahame le Sara gore ba bitse morwaabone Isake, mo go kayang “Setshego.” Leina leo le ne le tla nna le gopotsa banyalani bano ba ba ikanyegang kafa ba neng ba itshwara ka teng fa ba ne ba bolelelwa gore ba ne ba tla nna le ngwana wa mosimane mo botsofeng jwa bone. Ga go pelaelo gore fa Isake  a ntse a gola go nna motlhanka yo o ikanyegang wa Modimo, leina la gagwe le ne la tswelela go tlisetsa Aborahame le Sara boitumelo fa ba ntse ba itumelela go nna le morwaabone yo ba mo ratang.—Genesise 17:17, 19; 18:12, 15; 21:6.

Ngwetsi ya ga Isake e bong Ragele, o ne a naya morwawe wa bofelo leina ka ntlha ya lebaka le le farologaneng. Fa Ragele a ne a tloga a swa, o ne a bitsa ngwana yoo a re ke Bene-oni, mo go kayang “Morwa wa Khutsafalo ya Me.” Monna wa gagwe e bong Jakobe yo o neng a utlwile botlhoko o ne a fetola leina leo go se kae go nna Benjamine, mo go kayang “Morwa wa Seatla sa Moja.” Bokao jwa leina leno bo ne bo sa kae fela go nna motho yo o amogelegang mme gape bo ne bo kaya go nna motho yo o engwang nokeng.—Genesise 35:16-19; 44:20.

Ka dinako dingwe batho ba ne ba newa maina go ya ka tsela e ba lebegang ka yone. Ka sekai, Isake le Rebeka ba ne ba na le morwa yo o neng a tsholwa a na le moriri o mohibidu o o kitlaneng jaaka seaparo sa wulu, ka jalo ba ne ba mmitsa Esau. Ka ntlha yang? Ka Sehebera leina leo le kaya “Yo o Seriri.” (Genesise 25:25) Jaaka go umakilwe mo bukeng ya Ruthe, Naomi o ne a na le barwa ba le babedi. Yo mongwe o ne a bidiwa Mahelone mo go rayang “Yo o Lwalang, Sekoa,” mme yo mongwe e le Kilione, mo go rayang “Yo o Bokoa.” Ga go tlhalosiwe gore a ba ne ba newa maina ano fa ba ne ba tsholwa kgotsa moragonyana mme go bonala a ne a tshwanela ka ntlha ya gore makawana ano a mabedi a ne a swa pele ga nako.—Ruthe 1:5.

Mokgwa o mongwe o o neng o tlwaelegile e ne e le wa go fetola maina. Fa Naomi a boela kwa Bethelehema a humanegile morago ga go tlhokafalelwa ke monna le bomorwawe, o ne a sa tlhole a batla go bidiwa ka leina la gagwe, le le kayang “Boitumelo Jwa Me .” Mme o ne a gatelela jaana: “Lo se ka lwa mpitsa Naomi. Lo mpitse Mara [mo go kayang “Botlhoko”], ka gonne Mothatayotlhe o ntiretse mo go botlhoko thata.”—Ruthe 1:20, 21.

Mokgwa o mongwe o o neng o tlwaelegile e ne e le wa go naya ngwana leina ka ntlha ya tiragalo nngwe e e botlhokwa. Ka sekai, leina la moporofeti Hagai le kaya “Yo o Tshotsweng ka Nako ya Moletlo.” *

Maina a a Nang le Bokao mo Motlheng wa Bokeresete

Leina la ga Jesu le na le bokao jo bogolo jwa boporofeti. Pele a tsholwa, Modimo o ne a laela batsadi ba gagwe a re: ‘Lo tshwanetse go mo raya leina lo re Jesu’ mo go kayang gore “Jehofa ke Mmoloki.” Ka ntlha yang? Moengele yo o neng a bua le Josefa o ne a re: “O tla boloka batho ba gagabo mo maleong  a bone.” (Mathaio 1:21) Fa Jesu a sena go tlodiwa ka moya o o boitshepo fa a ne a kolobediwa, leina la gagwe le ne la kopanngwa le sereto sa Sehebera e leng “Mesia.” Mo Segerikeng, sereto seno se ranolwa e le “Keresete.” Direto tseno ka bobedi di kaya “Motlodiwa.”—Mathaio 2:4.

Jesu o ne a naya bangwe ba barutwa ba gagwe maina a a neng a tlhalosa botho jwa bone. Ka sekai, o ne a naya Simone leina la Se-Semite e leng Kefase, le le kayang “Lefika.” Kefase o ne a itsege thata ka leina le fa le ranolwa ka Segerika, e leng “Petere.” (Johane 1:42) Jesu o ne a bitsa Jakobe le Johane ba e neng e le bana ba motho ba ba tlhagafetseng a re ke “Boaneregese” mo go rayang “Bomorwa Tumo ya Maru.”—Mareko 3:16, 17.

Barutwa ba ga Jesu ba ne ba tswelela ka mokgwa ono wa go naya batho difane tse di ba tshwanetseng. Sekai se sengwe ke sa ga morutwa Josefa, yo baaposetoloi ba neng ba mmitsa Barenabase, mo go rayang “Morwa Kgomotso.” Barenabase o ne a tshela go dumalana le bokao jwa leina la gagwe, ka go thusa batho ba le bantsi ka dilo tse ba di tlhokang tsa senama le tsa semoya.—Ditiro 4:34-37; 9:27; 15:25, 26.

Botlhokwa Jwa go Itirela Leina

Ga re a ka ra itlhophela maina a rona fa re ne re tsholwa. Le fa go ntse jalo, ke rona fela re ka kgonang go itlhophela gore re itirela leina le le ntseng jang. (Diane 20:11) Ke eng o sa ipotse jaana: ‘Fa go ne go ka kgonega gore Jesu kgotsa baaposetoloi ba nneye leina, ba ne ba tla nnaya leina lefe? Ke leina lefe le le tshwanelang le le neng le tla tlhalosa nonofo e ke nang le yone e e tlhomologileng kgotsa tsela e ke itsegeng ka yone?’

Potso eno e tlhoka go akanyediwa thata. Ka ntlha yang? Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a kwala jaana: “Go tshwanetse ga tlhophiwa leina go na le dikhumo tse dintsi.” (Diane 22:1) Eleruri fa re na le leina le le molemo kgotsa re itsege sentle mo lefelong le re nnang mo go lone, re na le sengwe se se botlhokwa thata. Le fa go ntse jalo, se se botlhokwa le go feta ke gore fa re itirela leina le le molemo le Modimo, re tla nna le letlotlo le le nnelang ruri. Ka tsela efe? Modimo o solofetsa gore o tla kwala maina a ba ba mmoifang mo ‘bukeng ya gagwe ya kgakologelo’ mme ba tla nna le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng.—Malaki 3:16; Tshenolo 3:5; 20:12-15.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 Bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa mo Afrika ba na le maina a a amanang le ditlhogo tsa dikopano tse dikgolo le tse dinnye tsa Basupi tse di neng tsa tshwarwa fa ba ne ba tsholwa.

[Mafoko a a mo go tsebe 15]

Ke leina lefe le le tshwanelang le le neng le tla tlhalosa tsela e ke itsegeng ka yone?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 14]

Imanuele E ne E le Mang?

Maina a batho bangwe mo Baebeleng a ne a na le bokao jwa boporofeti e bile a ne a tlhalosa tiro e motho a neng a tla e dira. Ka sekai, moporofeti Isaia o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Bona! Morweetsana o tla ima, mme o tshola ngwana wa mosimane, mme ruri o tla mo raya leina a re Imanuele.” (Isaia 7:14) Leina leno le kaya gore “Modimo O na Le Rona.” Batlhalosi bangwe ba Baebele ba ne ba leka go golaganya go diragadiwa ga ntlha ga boporofeti jono le nngwe ya dikgosi tsa Iseraele kgotsa le mongwe wa bomorwa Isaia. Le fa go ntse jalo, mokwadi wa Efangele e bong Mathaio o ne a bontsha gore boporofeti joo jwa ga Isaia bo diragaditswe ka botlalo mo go Jesu.—Mathaio 1:22, 23.

Bangwe ba bolela gore fa Baebele e re Jesu ke Imanuele, e ruta gore Jesu ke Modimo. Fa e le gore re akanya ka tsela eno, seno se tla bo se bolela gore lekawana le le bidiwang Elihu le le neng la gomotsa le go kgalemela Jobe le lone e ne e le Modimo. Ka ntlha yang? Leina la gagwe le kaya “Ke Ene Modimo wa Me.”

Jesu ga a ise a re ke ene Modimo. (Johane 14:28; Bafilipi 2:5, 6) Le fa go ntse jalo, o ne a bontsha dinonofo tsa ga Rraagwe ka botlalo mme o ne a diragatsa ditsholofetso tsotlhe tsa Modimo tse di malebana le Mesia. (Johane 14:9; 2 Bakorintha 1:20) Leina Imanuele le tlhalosa seabe sa ga Jesu sentle jaaka Losika lwa Bomesia e bong setlogolo sa ga Dafide, ene yo o supang gore Modimo o na le ba ba mo obamelang.

[Setshwantsho]

IMANUELE “Modimo O na Le Rona”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 15]

Leina le le Nang le Bokao jo Bogolo

Leina la Modimo le tlhagelela mo e ka nnang makgetlo a le 7 000 mo Baebeleng. Leina leno le emelwa ke ditlhaka di le nnè tsa Sehebera יהוה, tse fa di ranolwa di itsegeng ka leina “Jehofa” ka Setswana. Leina leo le kaya eng? Fa Moshe a ne a botsa ka leina la Modimo, Jehofa o ne a araba jaana: “Ke tla nna sengwe le sengwe se ke ratang go nna sone.” (Ekesodo 3:14, The Emphasised Bible, ya ga J. B. Rotherham) Ka jalo, leina la Modimo le tlhomamisa gore o tla nna sengwe le sengwe se a batlang go nna sone gore a diragatse maikaelelo a gagwe. (Isaia 55:8-11) Fa Modimo a solofetsa sengwe, re ka mo ikanya e bile re ka dira gore tsela e re tshelang ka yone e dumalane le se a se solofeditseng. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya se leina la gagwe le se kayang.

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

ABORAHAME “Rra Boidiidi”

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

SARA “Kgosigadi”