Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

 A o Ne o Itse?

A lepero le go buiwang ka lone mo Baebeleng le tshwana le bolwetse jo bo itsiweng e le lepero gompieno?

Lefoko la kalafi e leng “lepero” jaaka le dirisiwa gompieno le raya mogare o o tshwaetsang batho. Mogare ono (Mycobacterium leprae) o ne wa lemogiwa la ntlha ke Dr. G.A. Hansen ka 1873. Babatlisisi ba ne ba lemoga gore mogare ono o ka tswelela o tshela malatsi a le robonngwe o le mo mamineng kwa ntle ga mmele wa motho. Gape ba lemogile gore batho ba ba atamalanang le batho ba ba tshwerweng ke lepero go ka kgonega thata gore ba tsenwe ke bolwetse jono, mme go ka direga gore diaparo tse di nang le mogare ono di ba tshwaetse. Go ya ka Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo, go fitlhetswe gore batho ba ba fetang 220 000 ba ne ba tshwerwe ke lepero ka 2007.

Ga go pelaelo gore mo Metlheng ya Ditiragalo Tsa Baebele, batho ba ba neng ba nna kwa Botlhabagare ba ne ba tshwarwa ke lepero mme Molao wa ga Moshe o ne o tlhoka gore motho yo o tshwerweng ke lepero a tlhaolwe. (Lefitiko 13:4, 5) Le fa go ntse jalo, lefoko la Sehebera tsa·raʹʽath le le ranotsweng e le “lepero” le ne le sa kaye fela batho ba ba neng ba na le mogare oo. Gape tsa·raʹʽath e ne e tshwaetsa diaparo le matlo. Mofuta ono wa lepero o ne o ka tshwaetsa diaparo tsa boboa kgotsa tsa leloba kgotsa sengwe le sengwe se se dirilweng ka letlalo. Mo maemong mangwe, le ne le ka tlosiwa ka go di tlhatswa, mme fa “sebetso se se botala jo bosetlhana kgotsa jo bohibitswana” se sa tswe, seaparo seo kgotsa letlalo leo le ne le tshwanetse go fisiwa. (Lefitiko 13:47-52) Mo matlong sebetso se ne se bonala ka “dikhuti tse di botala jo bosetlhana kgotsa tse di khibitswana” mo loboteng. Maje le seretse se se nang le lepero di ne di tshwanetse go tlosiwa le go latlhelwa kgakala le kwa batho ba nnang gone. Fa lepero le boa, kago e ne e tshwanetse go thubiwa mme dilwana tsotlhe tsa yone di latlhwe. (Lefitiko 14:33-45) Bangwe ba akantsha gore lepero le le neng le le mo diaparong kgotsa mo matlong e ne e ka tswa e le se gone jaanong se bidiwang mouta. Le fa go ntse jalo, ga re ka ke ra tlhomamisega ka seno.

Ke ka ntlha yang fa go rera ga ga moaposetoloi Paulo kwa Efeso go ne ga tsosa pheretlhego mo bathuding ba selefera?

Bathudi ba selefera ba kwa Efeso ba ne ba ikhumisa ka go dira “ditempelana tsa selefera tsa ga Aretemise,” yo go neng go tsewa gore o ne a sireletsa batho ba ba neng ba mo obamela kwa Efeso mme gape e le modimo wa sesadi wa go tsoma, wa go ima le wa go tshola bana. (Ditiro 19:24) Batho ba ba neng ba mo obamela ba ne ba re setshwantsho sa gagwe se ne sa wa go tswa “kwa legodimong” mme se ne sa bewa mo tempeleng ya ga Aretemise kwa Efeso. (Ditiro 19:35) Tempele eno e ne e lejwa e le nngwe ya dilo di le supa tse di gakgamatsang tsa motlha wa bogologolo. Ngwaga le ngwaga ka kgwedi ya March/April boidiidi jwa baeng ba sedumedi ba ne ba ya kwa Efeso gore ba nne gone kwa moletlong o o neng o direlwa go obamela Aretemise. Bontsi jwa batho ba ba neng ba etela lefelo leo la kobamelo bo ne bo dira gore go tlhokege ditshwantsho tse di neng di ka dirisiwa jaaka segopodiso, mereo kgotsa ditlhabelo tsa modimo yoo wa sesadi kgotsa tse baeng ba neng ba tla di dirisa mo kobamelong ya lelapa fa ba boela gae. Mekwalo ya bogologolo ya kwa Efeso e bua ka difikantswe tse di dirilweng ka gauta le selefera tsa ga Aretemise mme e mengwe e umaka ka tlhamalalo setlhopha sa batho ba ba dirang ka selefera.

Paulo o ne a ruta gore ditshwantsho tse di “dirilweng ka diatla ga se medimo.” (Ditiro 19:26, Baebele e e Boitshepo) Ka jalo, bathudi ba selefera ba ne ba lemoga gore ba tla latlhegelwa ke tiro e ba neng ba itshedisa ka yone mme seo sa dira gore ba tsose khuduego go thibela Paulo gore a se ka a rera. Mongwe wa bathudi bao ba selefera e bong Dimeterio o ne a tlhalosa poifo ya bone jaana: “Go na le kotsi e seng fela ya gore tiro eno ya rona e tla nyatsega mme gape le ya gore tempele ya modimo o mogolo wa mosadi Aretemise e tla tsewa e se sepe mme le tlotlomalo ya gagwe e kgaolo yotlhe ya Asia le lefatshe le le nang le banni le e obamelang e tloga e dirwa lefela.”—Ditiro 19:27.