Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se Sekao sa ga Marea Se ka Re Rutang Sone

Se Sekao sa ga Marea Se ka Re Rutang Sone

 Se Sekao sa ga Marea Se ka Re Rutang Sone

A o kile wa ikutlwa o imetswe ke maikarabelo mangwe kgotsa mathata a o neng o sa a lebelela? A o lapisitswe ke go kgaratlha letsatsi le letsatsi gore o nne le dilo tse o di tlhokang? Gongwe o mongwe wa batho ba le dimilione ba ba ikutlwang ba tlhakane tlhogo e bile ba boifa ka gonne ba ne ba patelesega go fuduga kwa nagagaeng ya bone le go tshabela kwa nageng e sele. Mme gone, ke mang mo go rona yo o iseng a utlwisiwe botlhoko ke go swelwa ke mongwe yo a mo ratang?

A O NE o itse gore Marea, mmaagwe Jesu, o ne a lebana le mathata ano otlhe? Mme gone, o ne a a fenya! Ke eng se re ka se ithutang mo sekaong sa gagwe?

Marea o itsege mo lefatsheng lotlhe. Mme seno ga se gakgamatse ka gonne o ne a nna le seabe se se tlhomologileng mo go diragadiweng ga maikaelelo a Modimo. Mo godimo ga moo, Marea o obamelwa ke batho ba le dimilione. Kereke ya Katoliki e mo obamela jaaka Mmè yo o rategang le motlhomasekao wa tumelo, tsholofelo le go aba. Batho ba le bantsi ba rutilwe gore Marea ke motsereganyi gareng ga batho le Modimo.

O leba jang mmaagwe Jesu? Mme se se botlhokwa le go feta, Modimo ene o mo leba jang?

Kabelo E e Sa Tshwaneng le Epe

Marea, morwadia Heli e ne e le wa lotso lwa Iseraele lwa Juda. Lekgetlo la ntlha fa a umakiwa mo Baebeleng ke fa go direga tiragalo e e sa tlwaelegang. Moengele o ne a mo etela mme a re: “Dumela wena yo o ratilweng segolo, Jehofa o na le wena.” Kwa tshimologong, Marea o ne a tshwenyegile mme “a simolola go akanya gore tumediso eno e ka tswa e le ya mofuta ofe.” Ka jalo, moengele o ne a mmolelela gore o tlhophetswe kabelo e e gakgamatsang le e e masisi tota ya go ima, go tshola le go godisa Morwa Modimo.—Luke 1:26-33.

Ruri lekgarebe leno le le neng le sa nyalwa le ne le neilwe boikarabelo jo bogolo! O ne a dira jang? Marea o tshwanetse a bo a ne a ipotsa gore ke mang yo o neng a tla mo dumela. A go ima ga gagwe go ne go tla dira gore Josefa yo o neng a mmeeleditse a mo tlogele kgotsa lekgarebe leno le tlhabisiwe ditlhong phatlalatsa? (Duteronome 22:20-24) O ne a se ka a okaoka go amogela kabelo eno e e botlhokwa.

Tumelo e e nonofileng ya ga Marea e ne ya mo tlhotlheletsa go ikobela go dira go rata ga Modimo wa gagwe, e bong Jehofa. O ne a tlhatswegile pelo gore o ne a tla mo tlhokomela. Ka jalo o ne a re: “Bona! Lelata la ga Jehofa! E kete go ka ntiragalela kafa polelong ya gago.” Marea o ne a iketleeditse go lebana le mathata a a neng a larile kwa pele ka gonne o ne a tsaya kabelo e a neng a e neilwe e le botlhokwa.—Luke 1:38.

Fa Marea a bolelela Josefa gore o imile, Josefa o ne a ikaelela go mo tlogela. Seo se tshwanetse sa bo se ne sa dira gore ba tlalelwe. Baebele  ga e bolele gore tlalelo ya bone e ne ya tsaya lobaka lo lo kae. Le fa go ntse jalo, Marea le Josefa ba tshwanetse ba bo ba ne ba wela makgwafo fa moengele wa ga Jehofa a ne a iponatsa kwa go Josefa. Moengele yoo o ne a tlhalosa go ima ga ga Marea go go sa tlwaelegang a bo a laela Josefa go mo isa gae gore e nne mosadi wa gagwe.—Mathaio 1:19-24.

Dinako Tse di Thata

Gompieno, baimana ba le bantsi ba fetsa dikgwedi ba baakanyetsa go tsholwa ga masea a bone, Marea le ene o tshwanetse a bo a ne a dira se se tshwanang. Yono e ne e tla nna ngwana wa gagwe wa ntlha. Mme gone, ditiragalo tse di neng di sa lebelelwa di ne tsa tlhakatlhakanya dithulaganyo tsa gagwe. Kaesara Aguseto o ne a laela gore go balwe batho, mme ba ye go ikwadisa kwa dinagagaeng tsa bone. Ka jalo, fa Marea a ne a na le dikgwedi di le robonngwe a imile, Josefa o ne a tsamaya le ene sekgala sa dikilometara di ka nna 150, gongwe Marea a palame tonki! Go ne go na le batho ba le bantsi kwa Bethelehema ba ba neng ba tlile go ikwadisa mme Marea o ne a tlhoka lefelo le le senang batho le a neng a tla belegela mo go lone, le fa go ntse jalo, lefelo le le neng le le gone fela e ne e le setale. Go tshwanetse ga bo go ne go le thata gore Marea a tsholele ngwana mo setaleng. Go ka direga gore o ne a tlhabilwe ke ditlhong e bile a tshogile.

Mo nakong eno e e thata ya botshelo jwa gagwe, ga go pelaelo gore Marea o ne a bua le Jehofa a solofetse gore o tla tlhokomela ene mmogo le leseanyana la gagwe. Moragonyana, badisa bangwe ba ne ba goroga ba tlhagafaletse go bona ngwana. Ba ne ba bega gore baengele ba ne ba re ngwana yono ke “Mmoloki . . . yo e leng Keresete Morena.” Go tswa foo, re bala jaana: “Marea a simolola go boloka mafoko ano otlhe, a dira ditshwetso mo pelong ya gagwe.” O ne a tlhatlhanya ka mafoko ano a bo a nonotshiwa ke one.—Luke 2:11, 16-19.

Go tweng ka rona? Re ka diragalelwa ke sengwe se se utlwisang botlhoko.  Mo godimo ga moo, Baebele ya re, “motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele” di ka diragalela ope fela wa rona di bo di dira gore re lebane le mathata. (Moreri 9:11) Fa seo se direga, a re utlwa botlhoko re bo re pega Modimo molato? A go ne go ka se nne botoka gore re etse boikutlo jwa ga Marea le go atamalana le Jehofa Modimo ka go ithuta Lefoko la gagwe e leng Baebele, go tswa foo re bo re tlhatlhanya ka se re se ithutileng? Ga go pelaelo gore go dira jalo go tla re thusa go itshokela diteko.

O Humanegile e Bile ke Mofaladi

Marea le ene o ne a lebana le mathata a mangwe gape—a a akaretsang khumanego le go patelesega go fuduga mo nagagaeng ya gaabo. A o kile wa lebana le mathata a a ntseng jalo? Go ya ka pego nngwe, “halofo ya batho—mo e ka nnang dibilione di le tharo—ba tshela ka madi a a kwa tlase ga didolara di le pedi ka letsatsi,” tota le mo dinageng tse di tsewang di humile batho ba le dimilione ba kgaratlha letsatsi le letsatsi gore ba nne le dilo tse ba di tlhokang. Go tweng ka wena? A tiro ya letsatsi le letsatsi ya go tlamela ba lelapa la gago ka dijo, diaparo le ntlo di a go lapisa le go go imela ka dinako dingwe?

Baebele e bontsha gore Josefa le Marea ba ne ba humanegile. Re itse seo jang? Dintlha dingwe tse Diefangele—Mathaio, Mareko, Luke le Johane—di di senolang ka banyalani bano ke go re, morago ga malatsi a le 40 Marea a sena go tshola ngwana, ene le Josefa ba ne ba ya kwa tempeleng go ya go ntsha tshupelo e e neng e tlhokega—“maeba a mabedi kgotsa maphoi a mannye a mabedi.” * (Luke 2:22-24) Tshupelo eno e ne e ntshiwa fela ke batho ba ba neng ba humanegile mme ba ka se kgone go ntsha kwana e e tonanyana. Ka jalo, Marea le Josefa ba tshwanetse ba bo ba ne ba kgaratlha gore ba tlamele lelapa la bone. Le fa go ntse jalo, ba ne ba atlega go dira gore lelapa la bone le nne le lorato. Ga go pelaelo gore ba ne ba dira gore dilo tsa semoya e nne tsone di tlang pele mo botshelong jwa bone.—Duteronome 6:6, 7.

Go ise go fete lobaka lo loleele Jesu a tshotswe, botshelo jwa ga Marea bo ne jwa fetoga gotlhelele. Moengele o ne a bolelela Josefa gore a tseye lelapa la gagwe mme ba tshabele kwa Egepeto. (Mathaio 2:13-15) E ne e le lekgetlo la bobedi Marea a tshwanelwa ke go fuduga mo lefelong le a neng a le tlwaetse, mme mo lekgetlong leno o ne a tshwanetse go fudugela kwa nageng e sele. Kwa Egepeto go ne go na le Bajuda ba le bantsi, ka jalo Marea le Josefa ba ka tswa ba ne ba tlwaetse go tshela le batho ba gabone. Le fa go ntse jalo, go tshela mo nageng e e seng ya gaeno e ka nna kgwetlho e bile go ka tlhakanya tlhogo. A wena le lelapa la gago le bangwe ba batho ba le dimilione di le dintsi ba ba tlogetseng dinagagae tsa bone, gongwe ka go bo lo batlela bana ba lona botshelo jo bo molemo kgotsa gore lo iphalotse mo kotsing? Fa go ntse jalo, o ka kgona go tlhaloganya mangwe a mathata a Marea a ka tswang a ne a lebana le one kwa Egepeto.

Mosadi le Mmè yo o Ineetseng

Marea ga umakwe thata mo Diefangeleng fa e se fela fa Jesu a ne a tsholwa le fa e ne e le losea. Le fa go ntse jalo, re a itse gore Marea le Josefa ba ne ba na le bana ba bangwe ba le barataro. Gongwe seno se ka go gakgamatsa. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko se Diefangele di se buang.

Josefa o ne a tlotla thata tshiamelo e Marea a neng a na le yone ya go tshola Morwa wa Modimo. Ka jalo, o ne a se ka a tlhakanela dikobo le ene pele Jesu a tsholwa. Mathaio 1:25 ya re Josefa o ne “a se ka a tlhakanela dikobo le ene go fitlha a tshola morwa.” Mafoko a a reng “go fitlha” a a mo temaneng eno, a kaya gore fa Jesu a sena go tsholwa, Josefa le Marea ba ne ba tlhakanela dikobo jaaka monna le mosadi. Dipego tsa Diefangele di bontsha gore seo se ne sa dira gore Marea le Josefa ba nne le bana ba basimane le ba basetsana. Jakobe, Josefa, Simone  le Judase e ne e le bomorwarraagwe Jesu ka mmaagwe. Marea o ne a na le bomorwadie ba le babedi. (Mathaio 13:55, 56) Le fa go ntse jalo, bana bano botlhe ba ne ba imiwa ka tsela e e tlwaelegileng. *

Marea o ne a tsaya kamano ya gagwe le Modimo e le botlhokwa. Le fa go ne go sa tlhokege go ya ka Molao gore basadi ba nne teng kwa moletlong wa Tlolaganyo, Marea o ne a tlwaetse go ya le Josefa kwa moletlong oo kwa Jerusalema ngwaga le ngwaga. (Luke 2:41) Seo se ne se raya gore ba ne ba tshwanetse go tsaya loeto lwa dikilometara di ka nna 300 ngwaga le ngwaga—le lelapa le le ntseng le gola! Mme ga go pelaelo gore maeto ano e ne e le dipaka tse di itumedisang tsa lelapa.

Basadi ba le bantsi gompieno ba etsa sekao sa ga Marea se se molemo. Ba dira ka natla e bile ga ba pelotshetlha fa ba diragatsa maikarabelo a bone a a tlhalosiwang mo Dikwalong. Ruri basadi bano ba ba ineetseng gantsi ba bontsha bopelotelele, boitshoko le boikokobetso jo bogolo! Go akanya ka boikutlo jwa ga Marea go ba thusa go baya dilo tsa semoya kwa pele go na le go batla go tshela botshelo jwa manobonobo le jwa menate. Fela jaaka Marea, ba itse gore go obamela Modimo mmogo le banna ba bone le bana ba bone go nonotsha lelapa le go dira gore le nne seoposengwe.

Nako nngwe fa Marea le Josefa ba ne ba boa go tswa kwa moletlong wa kwa Jerusalema—gongwe ba na le bangwe ba bomonnawe Jesu—ba ne ba lemoga gore Jesu wa dingwaga di le 12 o ne a se na le bone. A o ka akanya kafa Marea a neng a tlaletswe ka gone fa a ne a batla morwawe ka malatsi a le mararo a tshwenyegile thata? Fa kgabagare ene le Josefa ba mo fitlhela kwa tempeleng, Jesu o ne a re: “A lo ne lo sa itse gore ke tshwanetse ka bo ke le  mo ntlong ya ga Rre?” Gape pego eno ya re Marea o ne “a boloka mafoko ano otlhe mo pelong ya gagwe ka kelotlhoko.” Go na le sengwe se se neng se bontsha gore Marea o ne a rata dilo tsa semoya fela thata. O ne a tlhatlhanya ka kelotlhoko ka dilo tsotlhe tse di neng tsa diragala malebana le Jesu. Dingwaga moragonyana, go ka direga gore o ne a bolelela bakwadi ba Diefangele ka ditiragalo tse a di gakologelwang sentle ka botshelo jwa ga Jesu fa a ne a le monnye le ka ditiragalo tse dingwe.—Luke 2:41-52.

Go Itshokela Kutlobotlhoko le go Swelwa

Go ne ga diragalang ka rraagwe Jesu yo a mo godisitseng e bong Josefa? Morago ga go umakiwa go se kae mo tiragalong nngwe ya fa Jesu e ne e le mosha, Josefa ga a ka a tlhola a umakiwa gape mo dipegong tsa Diefangele. Bangwe ba tsaya gore go sa umakiwe ga ga Josefa mo dipegong tseno ke bosupi jwa gore o ne a tlhokafala nako nngwe pele ga Jesu a simolola bodiredi jwa gagwe. * Le fa go ka tswa go ne ga direga eng ka Josefa, go lebega fa Marea e ne e le motlholagadi kwa bofelong jwa bodiredi jwa ga Jesu. Fa Jesu a ne a tloga a swa, o ne a naya moaposetoloi Johane boikarabelo jwa go tlhokomela mmaagwe. (Johane 19:26, 27) Jesu a ka bo a sa dira jalo fa e le gore Josefa o ne a sa ntse a tshela.

Marea le Josefa ba ne ba diragalelwa ke dilo di le dintsi! Ba ne ba etelwa ke baengele, ba tshaba mmusi yo o setlhogo, ba fudugela kwa nageng e sele ka makgetlo a le mmalwa le go godisa lelapa le legolo. Ba tshwanetse ba bo ba ile ba fetsa nako e kana kang ba ntse mmogo ba bua ka Jesu, ba ipotsa gore o tla lebana le maemo afe mo isagweng e bile ba tshwenyegile ka gore a ba mo thapisa ka tsela e e siameng? Ka tshoganyetso fela, Marea o ne a iphitlhela a le nosi.

A o swetswe ke molekane wa gago? A o sa ntse o utlwile botlhoko e bile o jewa ke bodutu le fa go setse go fetile dingwaga di le dintsi? Ga go pelaelo gore Marea o ne a gomodiwa ke tumelo ya gagwe le kitso ya gore go tla nna le tsogo ya baswi. * (Johane 5:28, 29) Mme gone, kgomotso e e ntseng jalo  ga e a ka ya nyeletsa mathata a gagwe. Fela jaaka bommè ba le bantsi ba ba se nang balekane gompieno, Marea o ne a lebana le bothata jwa go tlhokomela bana a sa thusiwe ke monna wa gagwe.

Go a utlwala go dumela gore Jesu o ne a tshwanelwa ke go tlamela ba lelapa la gaabo fa Josefa a sena go swa. Fa bomorwarraagwe Jesu ba ntse ba gola, le bone ba ne ba tla kgona go thusa go tlhokomela ba lelapa la bone. Fa Jesu “a na le dingwaga di ka nna masome a mararo,” o ne a tswa kwa gaabo mme a simolola bodiredi jwa gagwe. (Luke 3:23) Batsadi ba le bantsi ba a itumela e bile ba utlwa botlhoko fa morwabone kgotsa barwadiabone yo o godileng a tswa mo lapeng. Nako e ntsi, matsapa le lorato lo batsadi ba lo bontshitseng bana ba bone di dira gore ba jewe ke bodutu fa bana ba tswa mo lapeng. A mongwe wa bomorwao kgotsa wa bomorwadio o dule mo lapeng gore a kgone go fitlhelela mekgele ya gagwe? A o motlotlo ka bone mme ka nako e e tshwanang o eletsa e kete ba ka bo ba le gaufi? Ka jalo, o ka lemoga kafa Marea a ka tswang a ne a ikutlwa ka gone fa Jesu a ne a tswa kwa lapeng.

Diteko Tse di Neng di sa Lebelelwa

Nngwe ya diteko tse Marea a neng a lebana le tsone ke e gongwe a neng a sa e lebelela. Fa Jesu a ne a rera, batho ba le bantsi ba ne ba mo latela—mme bomorwarraagwe bone ba ne ba se ka ba dira jalo. Baebele ya re: “Totatota, bomorwarraagwe ba ne ba sa supe tumelo mo go ene.” (Johane 7:5) Ga go pelaelo gore Marea o ne a ba bolelela se moengele a neng a se mmolelela—gore Jesu e ne e le “Morwa Modimo.” (Luke 1:35) Le fa go ntse jalo, Jakobe, Josefa, Simone le Judase ba ne ba tsaya Jesu e le mogoloabone fela. Ka jalo, Marea o ne a nna mo lelapeng la bodumedi jo bo sa tshwaneng.

A seo se ne sa dira gore Marea a kgobege marapo le go itlhoboga? Nnyaa le e seng! Ka nako nngwe fa Jesu a ne a rera kwa Galalea, o ne a ya kwa ntlong nngwe go ya go ja mme boidiidi jwa batho bo ne bo kokoane go tla go mo reetsa. Ke bomang ba ba kwa ntle ba ba mmatlang? Ke Marea le bomorwarraagwe Jesu. Ka jalo, fa Jesu a ne a le gaufi le ntlo ya gaabo, Marea o ne a mo latela mme go bonala a ne a tsamaya le bana ba gagwe ba bangwe, gongwe a akanya gore ba ne ba tla fetola tsela e ba neng ba ikutlwa ka yone ka Jesu.—Mathaio 12:46, 47.

Le wena o ka tswa o leka ka natla gore o latele Jesu mme bangwe mo lelapeng la lona bone ba sa batle go dira jalo. O se ka wa kgobega marapo mme tswelela o ba thusa! Fela jaaka Marea, batho ba le bantsi ba ne ba kgothatsa ba malapa a bone ba le pelotelele ka dingwagangwaga pele ba bona ba dira diphetogo. Boitshoko jo bo ntseng jalo bo botlhokwa tota mo Modimong, e ka ne batho ba dira diphetogo kgotsa nnyaa.—1 Petere 3:1, 2.

 Teko e Kgolo

Ga go pelaelo gore teko ya bofelo e Marea a neng a lebana le yone e e begilweng mo Dikwalong e ne ya dira gore a tlalelwe. O ne a leba morwawe yo a mo ratang a swa loso lo lo utlwisang botlhoko fa batho ba gaabo ba sena go gana go mo amogela. Loso lwa ngwana lo ka tlhalosiwa e le “tatlhegelo e kgolo,” “loso lo lo utlwisang botlhoko thata,” e ka ne a sa le monnye kgotsa a godile. Jaaka go ile ga bolelelwa pele masomesome a dingwaga pelenyana, Marea o ne a ikutlwa e kete tšhaka e telele e ne e phunyeleditswe mo go ene!—Luke 2:34, 35.

A Marea o ne a letla gore teko eno ya bofelo e mo ame maikutlo thata kgotsa e koafatse tumelo ya gagwe mo go Jehofa? Nnyaa. Lekgetlo le le latelang le Marea a umakiwang ka lone mo pegong ya Baebele, ke fa a ne a na le barutwa ba ga Jesu, a “nnetse ruri mo thapelong” le bone. Mme o ne a se esi. Bomorwawe ba bangwe, ba ka nako eno ba neng ba simolotse go dumela mo go mogoloabone, ba ne ba na le ene. Ruri seo se tshwanetse sa bo ile sa gomotsa Marea! *Ditiro 1:14.

Marea o ne a tshela botshelo jo bo nang le bokao le jo bo kgotsofatsang e le mosadi yo o nyetsweng, yo o ikanyegang le mmè. O ile a nna le maitemogelo a le mantsi a a kgotsofatsang fa a direla Modimo. O ne a fenya mathata le diteko di le dintsi. Fa re lebana le mathata a re sa a lebelelang kgotsa fa re tlhobaela ka mathata a lelapa, ruri re ka ithuta mo sekaong sa gagwe sa go itshoka ka boikanyegi.—Bahebera 10:36.

Le fa go ntse jalo, go ka tweng ka kgang ya gore Marea a obamelwe? A pego ya Baebele e e kaga seabe se se tlhomologileng sa ga Marea e bontsha gore go siame gore a obamelwe?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 17 Lengwe la maeba ano le ne le ntshiwa e le tshupelo ya boleo. (Lefitiko 12:6, 8) Fa Marea a ne a ntsha tshupelo eno, o ne a bontsha gore o dumela gore ene fela jaaka batho botlhe ba ba sa itekanelang, o ruile diphelelo tsa boleo jwa motho wa ntlha e bong Adame.—Baroma 5:12.

^ ser. 26 Go lemogilwe gore go sa umakiwe ga ga Josefa mo dipegong tsa bodiredi jwa ga Jesu go bontsha gore o ne a tlhokafetse, e re ka bangwe ba lelapa la gaabo Jesu—mmaagwe, bomorwarraagwe le bokgaitsadie—bone ba umakilwe. Ka sekai, kwa moletlong wa lenyalo kwa Kana, Marea o ne a tlhagafetse e bile a tsaya matsapa mangwe a go thusa, mme ga go buiwe sepe ka Josefa. (Johane 2:1-11) Mo tiragalong e nngwe, batho ba kwa nageng e Keresete a tsholetsweng kwa go yone ba ne ba re Jesu ke “morwa Marea,” e seng wa ga Josefa.—Mareko 6:3.

^ ser. 28 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le se Baebele e se solofetsang ka tsogo ya baswi, bona kgaolo 7 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 36 Bona lebokose le le reng  “O ne A na Le Bopelokgale Jwa go Dira Diphetogo,” le le mo tsebe 7.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

 A Jesu O ne A na Le Bomorwa- rraagwe le Bokgaitsadie?

Ee, o ne a na le bone. Le fa Diefangele di umaka ka makgetlo a le mmalwa gore seo se boammaaruri, baithutabodumedi bangwe ga ba dumalane le kgang eno. (Mathaio 12:46, 47; 13:54-56; Mareko 6:3) Le fa go ntse jalo, baithuti ba Baebele ba ne ba lemoga dintlha di le pedi malebana le kgopolo ya gore Marea ga a ka a tshola bana ba bangwe gape. Ya ntlha ke gore go na le lebaka la go bo dikgopolo tseo di rutiwa—go tshegetsa thuto e e neng ya rutiwa ke kereke moragonyana ya gore Marea o ne a tswelela e le kgarebane botshelo jwa gagwe jotlhe. Ntlha ya bobedi ke gore fa dikgopolo tseno di sekasekwa ka kelotlhoko, ga di utlwale e bile ga di boammaaruri.

Ka sekai, nngwe ya dikgopolo tseo e akantsha gore “bomorwarraagwe” Jesu e ne e le bomorwarraagwe ka rraagwe—bomorwa Josefa ba a neng a nna le bone mo lenyalong la gagwe la pele. Kgopolo eno ga e boammaaruri ka gonne tota ga e dumalane le ntlha ya gore go ya ka molao Jesu o na le tshwanelo ya go nna leitibolo le go rua bogosi jwa ga Dafide.—2 Samuele 7:12, 13.

Kgopolo e nngwe gape ke ya gore bomorwarraagwe Jesu e ne e le bontsalae, le fa gone Dikwalo tsa Segerika di dirisa mafoko a a farologaneng fa di bua ka “morwarra,” “ntsalae” le “wa losika.” Ka jalo, moithuti mongwe e bong Frank E. Gaebelein a re dikgopolo tseno tsa thutabodumedi ga di boammaaruri. O konela ka gore: “Tsela e e utlwalang sentle ya go tlhaloganya lefoko le le reng ‘bomorwarra’ . . . ke gore le kaya bomorwa Marea le Josefa mme ka jalo ke bomorwarraagwe Jesu ka mmaagwe.”

[Lebokoso mo go tsebe 7]

 O ne A na Le Bopelokgale Jwa go Dira Diphetogo

Marea o tsholetswe mo lelapeng la Bajuda mme o ne a dira dilo tse di neng di dirwa mo bodumeding jwa Sejuda. O ne a ya kwa sinagogeng ya lefelo la gaabo, jaaka lefelo la Bajuda la kobamelo le ne le bidiwa e bile o ne a etela tempele e e kwa Jerusalema. Le fa go ntse jalo, fa kitso ya gagwe malebana le maikaelelo a Modimo e ntse e oketsega, o ne a lemoga gore meetlo ya borraagwe e ne e sa tlhole e amogelwa ke Modimo. Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba bolaya morwawe e bong Mesia. Pele ga seo se diragala, Jesu o ne a ba bolelela jaana: “Bonang! Ntlo ya lona e tlogeletswe lona.” (Mathaio 23:38) Modimo o ne a se ka a tlhola a segofatsa bodumedi jo Marea a neng a godiseditswe mo go jone.—Bagalatia 2:15, 16

Fa phuthego ya Bokeresete e ne e tlhomiwa, Marea o tshwanetse a bo a ne a na le dingwaga di ka nna 50. O ne a tla dira eng? A o ne a re o tsholetswe mo tsamaisong ya Sejuda ya bodumedi le gore ga a batle go tlogela setso sa borraagwemogologolwane? A o ne a re o setse a godile thata gore a ka dira diphetogo? Nnyaa, le e seng! E re ka Marea a ne a tlhaloganya gore jaanong ditshegofatso tsa Modimo di ne di le mo phuthegong ya Bokeresete, o ne a nna le tumelo le bopelokgale jwa go dira diphetogo.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Ba tshabela kwa Egepeto e le bafaladi

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Selo se se botlhoko se se ka diragalelang mmè