Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Itumelele Pula

Itumelele Pula

 Itumelele Pula

PULA! Re ne re ka dira eng ntle le yone? Ke boammaaruri gore fa pula e na thata e ka baka merwalela e e bakang tshenyo. Gape, batho ba ba nnang mo mafelong a a tsididi, a pula kgotsa a dipaka tse di ntseng jalo ga se gantsi ba itumelelang pula. (Esera 10:9) Mme go tweng ka batho ba le dimilione ba gantsi ba tshwanelwang ke go itshokela mogote le dipaka tsa fa pula e sa ne? Kgabagare fa dipula di na, ruri go a lapolosa!

Go ne go ntse fela jalo kwa dinageng tse di umakiwang mo Baebeleng tse di jaaka tse di kwa bogareng jwa Asia Minor, kwa moaposetoloi Paulo a neng a dira tiro ya borongwa gone. Fa a le koo, Paulo o ne a raya Balikaonia ba bogologolo a re: “[Modimo] a se ka a itlogela a se na bosupi ka gore a ne a dira molemo, a lo naya dipula go tswa legodimong le dipaka tsa maungo, a tlatsa dipelo tsa lona ka botlalo ka dijo le boitumelo jo bogolo.” (Ditiro 14:17) Ela tlhoko gore sa ntlha Paulo o bua ka pula ka go bo ntle le yone ga go sepe se se ka melang e bile ga go ne go nna le “dipaka tsa maungo.”

Baebele e umaka dilo di le dintsi ka pula. Mafoko a Sehebera le a Segerika a a buang ka pula a tlhaga mo Baebeleng ka makgetlo a feta lekgolo. A o ka rata go itse mo go oketsegileng ka mpho eno e e gakgamatsang ya pula? Go ntse go le jalo, a o ka rata go nonotsha tumelo ya gago mo go nneng boammaaruri ga Baebele mo go tsa saense?

Se Baebele e se Buang ka Pula

Jesu Keresete o ne a umaka sengwe se se tlhokegang gore pula e ne. O ne a re: ‘Rraalona o tlhabisetsa batho ba ba boikepo le ba ba molemo letsatsi la gagwe e bile o nesetsa batho ba ba siameng le ba ba sa siamang pula.’ (Mathaio 5:45) A o lemogile gore Jesu o buile ka letsatsi pele a umaka pula? Seo se a tshwanela ka gonne letsatsi ga le tlamele dimela ka maatla fela gore di gole mme gape le dira gore modikologo wa metsi a a mo lefatsheng o nne teng. Ee, ke mogote wa letsatsi o o dirang gore ngwaga le ngwaga metsi a lewatle a ka nna dikhubiki tsa dikilometara di le 400 000 a moafale go nna moya o o tlhagisang metsi a a phepa. E re ka Jehofa Modimo a bopile letsatsi, go a tshwanela go bo a bidiwa ene yo o gogelang metsi kwa godimo go dira pula.

Baebele e tlhalosa modikologo wa metsi jaana: “Modimo . . . o gogela marothodi a metsi kwa godimo; a tlhotlhelwa pula gore a nne mouwane wa gagwe, mo e leng gore maru a a rotha, a rothela batho thata.” (Jobe 36:26-28) Fa e sa le mafoko ao a a boammaaruri a saense a kwalwa dingwaga di le diketekete tse di fetileng, batho ba ile ba dirisa nako e ntsi ba leka go tlhaloganya modikologo wa metsi. Buka ya Water Science and Engineering ya 2003 ya re: “Gone jaanong, tsela e marothodi a pula a simologang ka yone ga e itsege.”

Se baitsesaense ba se itseng ke gore marothodi a pula a simolola e le marothodinyana a bo a fetoga dikarolonyana tsa marothodi mo marung. Lengwe le lengwe la marothodinyana ano a a mo marung le tshwanetse go oketsega ka makgetlo a le milione kgotsa go feta gore le kgone go dira lerothodi le le lengwe fela la pula. Eno ke thulaganyo e e raraaneng e e ka tsayang diura di le mmalwa. Buka ya saense ya Hydrology in Practice ya re: “Go na le dikgopolo di le mmalwa tsa kafa marothodinyana a maru a oketsegang ka gone gore a fetoge marothodi a pula, mme dipatlisiso tse di tlhalosang kafa marothodi ano a simologang ka gone di sa ntse di gakgamatsa babatlisisi.”

Modiri wa dithulaganyo tseno tse di dirang gore pula e ne o ne a botsa motlhanka wa gagwe e bong Jobe dipotso tseno tse di dirang gore a ikokobetse: “A pula e na le rre, kgotsa ke mang yo o belegeng marothodi a monyo? Ke mang yo o tsentseng  botlhale mo marung a a tlhatlaganeng? . . . Ke mang yo o ka balang palo ya maru ka botlhale a sa e fose, kgotsa dinkgo tsa metsi tsa legodimo—ke mang yo o ka di tshololang?” (Jobe 38:28, 36, 37) Dingwaga di ka nna 3 500 moragonyana, baitsesaense ba sa ntse ba sa itse dikarabo tsa dipotso tseno tse di thata.

Modikologo wa Metsi o Dikologa Jang?

Baitsefilosofi ba Bagerika ba ne ba ruta gore metsi a noka e ne e se a pula, a ne a tswa kwa lewatleng mme ka tsela nngwe a ne a elela kafa tlase ga lefatshe go ya kwa godimo ga dithaba, a bo a nna phepa. Tlhaloso nngwe ya Baebele ya re Solomone o ne a dumela seo. Ela tlhoko mafoko ano a ga Solomone a a tlhotlheleditsweng: “Melatswana yotlhe e e phothoselang ya mariga e ya kwa lewatleng, mme lewatle ka bolone ga le a tlala. Lefelo le melatswana e e phothoselang ya mariga e yang kwa go lone, e boela kwa go lone gore e tle e tswe teng. “ (Moreri 1:7) A tota Solomone o ne a raya gore ka tsela nngwe metsi a lewatle a ne a feta mo teng ga dithaba a bo a ya kwa dinokeng? Go araba potso eno, a re sekasekeng se batho ba ba neng ba nna mo nageng e Solomone a neng a nna mo go yone ba neng ba se dumela ka modikologo wa metsi. A ba ne ba tlhotlhelediwa ke dikgopolo tsa maaka?

Dingwaga tse di kwa tlase ga di le lekgolo morago ga motlha wa ga Solomone, moporofeti wa Modimo e bong Elija o ne a bontsha fa a itse gore pula e tshwanetse go lebelelwa go tswa ntlheng efe. Mo motlheng wa gagwe, go ne ga nna le komelelo ka dingwaga di feta di le tharo mo lefatsheng. (Jakobe 5:17) Jehofa Modimo o ne a lere masetlapelo ano mo bathong ba gagwe ka ntlha ya gore ba ne ba ganne go mo ikobela mme ba direla modimo wa Bakanana wa pula e bong Baale. Le fa go ntse jalo, Elija o ne a thusa Baiseraele gore ba ikwatlhae mme jaanong o ne a iketleeletsa go rapelela pula. Elija o ne a kopa motlhokomedi wa gagwe gore a lebe “ntlheng ya lewatle” fa a ntse a rapela. Fa Elija a bolelelwa gore go na le “leru le lennye jaaka legofi la motho le le tlhatlogang mo lewatleng,” o ne a itse gore thapelo ya gagwe e arabilwe. Go ise go ye kae, ‘magodimo ka boone a fifala ka maru le phefo mme pula e kgolo ya simolola go na.’ (1 Dikgosi 18:43-45) Ka jalo, Elija o ne a bontsha gore o tlhaloganya modikologo wa  metsi. O ne a itse gore maru a ne a tla ipopa mo lewatleng mme diphefo di bo di a phailela kwa botlhaba mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Le gompieno go direga se se tshwanang gore pula e ne.

Mo e ka nnang dingwaga di le lekgolo fa Elija a se na go rapelela pula, molemi yo o ikokobeditseng yo o bidiwang Amose o ne a gatelela ntlha e e botlhokwa malebana le motswedi wa modikologo wa metsi. Modimo o ne a dirisa Amose go bolelela pele se se neng se tla diragalela Baiseraele ka  ntlha ya go gatelela bahumanegi le go obamela medimo ya maaka. Gore Modimo a se ka a ba nyeletsa, Amose o ne a ba kgothaletsa go ‘batla Jehofa, mme ba nne ba tshele.’ Ka jalo, Amose o ne a tlhalosa gore ke Jehofa fela yo a tshwanelwang ke go obamelwa ka gonne ke Mmopi, “Ene yo o bitsang metsi a lewatle, gore a tle a a tshololele mo godimo ga lefatshe.” (Amose 5:6, 8) Moragonyana Amose o ne a boeletsa ntlha eno e e kgatlhang e e kaga modikologo wa metsi le tsela e a tsamayang ka one. (Amose 9:6) Ka jalo, Amose o ne a bontsha gore mawatle ke one motswedi o mogolo wa pula.

Ka 1687, Edmond Halley o ne a tlhomamisa ntlha eno go ya ka mabaka a saense. Le fa go ntse jalo, go ne ga tsaya lobaka lo loleele gore batho ba bangwe ba amogele bosupi jwa ga Halley. Encyclopædia Britannica Online ya re: “Kgopolo ya gore go na le modikologo wa metsi mo Lefatsheng, o mo go one metsi a lewatle a fetelang kwa ditlhoeng tsa dithaba mme a bo a tswa, e ne ya tswelela go fitlha mo tshimologong ya lekgolo la bo18 la dingwaga. Gompieno go a itsege gore modikologo wa metsi o tsamaya jang. Yone buka eno e tlhalosa gore: “Metsi a lewatle a a mowafala a bo a nna marothodi mo lefaufaung, mme a wela mo Lefatsheng e le pula, labofelo a elela go ya kwa nokeng a bo a boela kwa lewatleng.” Ka jalo, ga go pelaelo gore mafoko a ga Solomone a a kaga modikologo wa pula a a mo go Moreri 1:7, a bua ka thulaganyo e e tshwanang le eno e e amanang le maru le pula.

Seno se Tshwanetse go go Tlhotlheletsa go Dira Eng?

Tsela e bakwadi ba ba farologaneng ba Baebele ba tlhalosang modikologo wa metsi sentle ka yone, ke bosupi bongwe jo bo tlhomologileng jo bo bontshang gore Baebele e tlhotlheleditswe ke Mmopi wa batho, e bong Jehofa Modimo. (2 Timotheo 3:16) Ke boammaaruri gore go bonala tsela e batho ba sa tlhokomeleng lefatshe ka yone e dirile gore maemo a bosa a fetofetoge ka tsela e e sa tlwaelegang, mme seno se felela ka gore go nne le merwalela mo mafelong mangwe le komelelo mo go a mangwe. Mme gone, Mmopi wa modikologo wa metsi e bong Jehofa Modimo o ne a solofetsa bogologolo gore o tla tsaya kgato le go “senya ba ba senyang lefatshe.”—Tshenolo 11:18.

Fa o ntse o letile seo, o ka bontsha jang gore o anaanela dimpho tsa Modimo, tse di jaaka pula? O ka dira seo ka go ithuta Lefoko la gagwe e leng Baebele le go dirisa se o se ithutang mo botshelong jwa gago. Ka jalo, o tla nna le tsholofelo ya go falolela mo lefatsheng le lesha la Modimo, kwa o tla kgonang go itumelela dimpho tsotlhe tsa Modimo ka bosakhutleng. Gonne eleruri, “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng” e tswa kwa Motsweding wa pula e bong Jehofa Modimo.—Jakobe 1:17.

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

MAROTHODINYANA A METSI

PULA

GO FUFULA GA DIMELA

GO MOAFALA GA METSI

METSI A A ELELANG

METSI A A MO LEFATSHENG

[Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Fa Elija a ntse a rapela, motlhokomedi wa gagwe o ne a lebile kwa “ntlheng ya lewatle”