Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Barongwa Ba ne Ba Kgona go ya Bokgakala jo bo Kana Kang go Ela Kwa Botlhaba?

Barongwa Ba ne Ba Kgona go ya Bokgakala jo bo Kana Kang go Ela Kwa Botlhaba?

 Barongwa Ba ne Ba Kgona go ya Bokgakala jo bo Kana Kang go Ela Kwa Botlhaba?

DINGWAGA di le kwa tlase ga di le 30 fa Jesu a sena go swa, moaposetoloi Paulo o ne a kwala gore dikgang tse di molemo di ne di rerwa mo “popong yotlhe” e e kafa tlase ga legodimo. (Bakolosa 1:23) Seno ga se a tshwanelwa go tsewa ka tsela eo, jaaka e kete o ne a raya gore mongwe le mongwe yo o neng a tshela ka nako eo o ne a utlwile dikgang tse di molemo. Tota le fa go ntse jalo, se Paulo a neng a se bua se a utlwala: Barongwa ba Bakeresete ba ne ba rera thata mo mafelong a a neng a itsege mo lefatsheng ka nako eo.

Ba ka tswa ba ne ba ya bokgakaleng bofe? Dikwalo di tlhalosa gore dikepe tsa kgwebo di ne di thusa Paulo go tsweletsa tiro ya gagwe ya go rera go fitlha kwa bophirima jwa Italy. Gape morongwa yono yo o pelokgale o ne a batla go rera kwa Spain.—Ditiro 27:1; 28:30, 31; Baroma 15:28.

Le fa go ntse jalo, go tweng ka dinaga tse di kwa botlhaba? Bareri ba Bakeresete ba pele ba ne ba rera go fitlha bokgakaleng bofe go ya kwa botlhaba? Ga re tlhomamisege ka seno e re ka Baebele e sa bue sepe ka gone. Le fa go ntse jalo, o ka gakgamadiwa ke go itse gore ditsela tsa kgwebo fa gare ga Mediterranean le Dinaga Tsa Botlhaba di ne di fitlha kae mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. Le fa re sa itse gore barongwa ba Bakeresete ba ne ba ya bokgakaleng bofe, go nna gone ga ditsela tseno go bontsha gore ba ne ba kgona go ya kwa botlhaba.

Boswa Jwa ga Alexander

Diphenyo tsa ga Alexander yo Mogolo di ne tsa dira gore a ye kwa botlhaba go ralala Babelona le Peresia go fitlha kwa Punjab, kwa bokone jwa India. Seo se ne sa dira gore Bagerika ba itse dintshi tsa lewatle go tswa kwa noka ya Euferatese e kopanang le Kgogometso ya Peresia gone go fitlha kwa nokeng ya Indus.

Go ise go ye kae, ditswaiso le maswalo di ne tsa tlisiwa  mo lefatsheng la Bagerika ke batho ba ba neng ba kgabaganya Lewatle le Lehibidu go tswa ka kwa ga Lewatle la India. Kwa tshimologong kgwebo eno e ne e laolwa ke bagwebi ba Baindia le ba Baarabia. Mme fa bo-Ptolemy ba Egepeto ba sena go lemoga dipaka tse pula e nang thata mo go tsone le bone ba ne ba tsena mo kgwebong ya kwa Lewatleng la India.

Mo lewatleng leo, diphefo tse di fokang ka iketlo go tswa kwa borwabophirima tse di simololang ka May go fitlha ka September di dira gore dikepe di kgone go kgabaganya go tswa kwa Lewatleng le Lehibidu, e ka tswa e le kwa lotshitshing lo lo ka fa borwa jwa Arabia kgotsa go ya ka tlhamalalo kwa borwa jwa India. Mo magareng a November le March, diphefo tseno di fokela kwa ntlheng ya bokone mme seo se thusa dikepe tseno go boela morago. Bakgweetsadikepe ba Baarabia le ba Baindia ba ne ba dirisa kitso e ba neng ba na le yone ka makgolokgolo a dingwaga ya diphefo tseno mme ba ne ba tsaya loeto go ya le go boa magareng ga India le Lewatle le Lehibidu ka merwalo ya cassia, sinamone, naredo le pepere.

Ditsela Tsa mo Lewatleng Tse di Yang Kwa Alexandria le Kwa Roma

Fa Baroma ba sena go gapa dinaga tse di neng di busiwa ke batlhatlhami ba ga Alexander, Roma e ne ya nna mmaraka o mogolo wa dilo tsa botlhokwa go tswa kwa Botlhaba—dinaka tsa ditlou go tswa kwa Afrika, maswalo le mera go tswa kwa Arabia, ditswaiso le maje a botlhokwa go tswa kwa India tota le sei go tswa kwa China. Dikepe tse di neng di rwala dilo tseno di ne di gorogela kwa metseng e mebedi e megolo e e fa thoko ga Lotshitshi Lwa Lewatle le Lehibidu la Egepeto—Berenice le Myos Hormos. Metse eno ka bobedi e ne e na le ditsela tse ditlhopha tsa batho ba ba neng ba tsaya maeto ba neng ba tsamaya mo go tsone tse di neng di ya kwa Coptos e e fa thoko ga noka ya Nile.

Dithoto di ne di tsewa go tswa kwa Coptos go kgabaganya noka ya Nile e leng tsela e kgolo ya dikepe kwa Egepeto mme di bo di romelwa kwa Alexandria kwa di neng di tsenngwa mo dikepeng gone di bo di isiwa kwa Italy le kwa mafelong a mangwe. Tsela e nngwe e e neng e ya kwa Alexandria e ne e kgabaganya kanale e e neng e kopana le Lewatle le Lehibidu—gaufi le lefelo le gompieno le bidiwang Suez—le noka ya Nile. Tota e bile, Egepeto le boemakepe jwa yone e ne e le mafelo a a neng a le gaufi le a Jesu a neng a rera mo go one mme go ne go ka nna motlhofo go fitlha kwa go one.

Go ya ka moitsethutafatshe wa Mogerika wa lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Strabo, mo motlheng wa gagwe, ngwaga le ngwaga dikepe di le 120 tsa kwa Alexandria di ne di tsamaya go tswa kwa Myos Hormos go ya go gweba le India. Buka ya lekgolo la ntlha la dingwaga ya ditaelo tse di malebana le go tsamaisa dikepe e sa ntse e le teng le gompieno. E ka tswa e ne e kwadilwe ke mogwebi wa Moegepeto yo o neng a bua Segerika gore e solegele bagwebi mmogo le ene molemo. Re ka ithuta eng mo bukeng eno ya bogologolo?

 Buka eno e gantsi e bidiwang ka setlhogo sa yone sa Selatine se se reng Periplus Maris Erythraei (Loeto lo lo Tsewang mo Lewatleng la Erythraea) e tlhalosa ditsela tsa mo lewatleng tsa dikilomitara di le diketekete tse di yang kwa borwa jwa Egepeto go fitlha kwa Zanzibar. Mokwadi wa buka eno o ne a kwala ka sekgala, mafelo a go siametseng go latlhela ditshetledi mo go one, mabolokelo, dilo tse go neng go gwebiwa ka tsone le kafa batho ba ba neng ba nna kwa borwa jwa lotshitshi lwa Arabia go ya kwa bophirima jwa lotshitshi lwa India go fitlha kwa Sri Lanka le go ya kwa botlhaba jwa lotshitshi lwa India go fitlha kwa Ganges ba neng ba dira dilo ka gone. Tsela e e boammaaruri le e e utlwalang sentle e buka eno e tlhalosang dilo ka yone e bontsha gore mokwadi wa yone o kile a etela mafelo ano a a buang ka one.

Batho ba ba Tswang Kwa Dinageng Tse di Kwa Bophirima ba ba Nnang Kwa India

Kwa India, bagwebi ba ba tswang kwa dinageng tse di kwa bophirima ba ne ba bidiwa Ba-Yavana. Go ya ka buka eo ya Periplus, lengwe la mafelo a ba neng ba tlwaetse go ya kwa go one mo lekgolong la ntlha la dingwaga e ne e le Muziris e e leng gaufi le borwa jwa India. * Maboko a Se-Tamil a lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., a umaka bagwebi bano gangwe le gape. Leboko lengwe la re: “Dikepe tse dintle tsa Ba-Yavana di tlile ka gauta, tsa boela morago ka pepere mme Muziris ya tlala modumo.” Mo go le lengwe, kgosana ya kwa borwa jwa India e tlhotlhelediwa go nwa beine ya lonko lo lo monate e e tlisitsweng ke Ba-Yavana. Dilwana tse dingwe tsa kwa Bophirima tse di neng di ratega kwa India e ne e le dilwana tsa galase, tsa tshipi, korale le matsela.

Baithutamarope ba fitlhetse bosupi jo bontsi jwa dilwana tsa kwa dinageng tsa Bophirima tse di neng di romelwa kwa India. Ka sekai, kwa Arikamedu kwa lotshitshing lo lo kafa borwabotlhaba jwa India go ne ga fitlhelwa dikapetla tsa dinkgo tsa beine le dijana tsa kwa Roma tse di nang le maina a babopi ba tsone ba ba di dirileng kwa Arezzo, kwa bogare jwa Italy. Mokwadi mongwe a re: “Mmatlisisi wa mo motlheng ono o a itumela fa a epa mo motlhabeng kwa Kgogometsong ya Bengal mme a fitlhela dikapetla tse di nang le maina a babopi ba bobesetso jwa bone bo neng bo le ka kwa ntle ga Arezzo.” Bosupi jo bo bontshang gore go ne go na le kgwebo gareng ga Mediterranean le India ke jwa madi a mantsi a gauta le a selefera a kwa Roma a a fitlhetsweng kwa borwa jwa India. Bontsi jwa madi ano ke a lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. mme a na le ditshwantsho tsa Babusibagolo ba Baroma e bong Aguseto, Tiberio le Nero.

Mmapa wa bogologolo o o neng wa dirwa mo nakong ya puso ya Roma o o sa ntseng o le teng le gompieno, o bontsha gore baagi ba kwa Roma ba ka tswa ba ne ba tlhoma mafelo a leruri a kgwebo kwa borwa jwa India. Mmapa ono o o neng o itsege e le Peutinger Table—o go tweng o ne o bontsha lefatshe la Roma jaaka le ne le ntse mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.—o bontsha tempele ya ga Aguseto  kwa Muziris. Buka ya Rome’s Eastern Trade: International Commerce and Imperial Policy, 31 BC–AD 305 ya re, “moago oo o ka tswa o ne o agilwe fela ke batho ba ba neng ba busiwa ke Mmusomogolo wa Roma le ba go tsewang gore ba ne ba nna kwa Muziris kgotsa ba ba neng ba fetsa nako ya bone e ntsi teng.”

Direkoto tsa Roma di umaka bobotlana maeto a le mararo a baemedi ba naga ya India, fa ba ne ba ya kwa Roma fa go ne go busa Aguseto go simologa ka 27 B.C.E. go fitlha ka 14 C.E. Patlisiso nngwe e e buang ka kgang eno ya re, “baemedi bano ba ne ba na le boikaelelo jo bo masisi” jwa go dumalana gore kgwebo magareng ga batho ba dinaga tse di farologaneng e direlwe kae, gore makgetho a ka duelwa kae, batswakwa ba ne ba ka nna kae le ka dilo tse dingwe.

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga go tsaya mosepele fa gare ga naga e e neng e dikologile Lewatle la Mediterranean le India go ne go tlwaelegile e bile go dirwa gangwe le gape. Go ne go ka nna motlhofo gore morongwa wa Mokeresete a tseye loeto ka sekepe se se tswang kwa bokone jwa Lewatle le Lehibidu mme se ya kwa India.

A ba Ne ba Ya ka Kwa ga India?

Go thata go lemoga gore bagwebi ba kwa Mediterranean le batsamai ba bangwe ba ne ba ya bokgakala jo bo kana kang go ela kwa botlhaba le gore ba ne ba ya gone leng. Le fa go ntse jalo, go dumelwa gore mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. bangwe ba batho ba ba nnang kwa dinageng tsa bophirima ba ne ba fitlha kwa Thailand, Cambodia, Sumatra le Java.

Hou Han-Shou (Pego ya Tatelano ya Ditiragalo Tsa Babusi ba Kwa China) e e begang ditiragalo go simologa ka 23 C.E. go fitlha ka 220 C.E., e na le letlha le le tlhomameng la loeto leo. Ka 166 C.E., moemedi mongwe wa kgosi Daqin, yo o bidiwang An-tun o ne a goroga kwa kgotlatshekelong ya China a tliseditse Mmusimogolo yo o bidiwang Huan-ti dimpho. Daqin e ne e le leina la Se-China la Mmusomogolo wa Roma mme go bonala fa An-tun e ne e le leina la Se-China la ga Antoninus e leng leina la lelapa la ga Marcus Aurelius yo e neng e le mmusimogolo wa kwa Roma ka nako eo. Baitsehisitori ba akanya gore batho bano e ne e se baemedi ba semolao, go na le moo, e ne e le maiteko a gore bagwebi ba kwa dinageng tsa bophirima ba kgone go bona sei ka tlhamalalo go tswa kwa nageng ya China go na le gore ba e reke mo bathong ba bangwe.

Fa re boela kwa potsong ya rona ya kwa tshimologong re ka ipotsa gore, Barongwa ba Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba kgona go ya bokgakala jo bo kana kang go ela kwa botlhaba ka dikepe tsa bogologolo? A ke kwa India le go feta? Gongwe. Ke boammaaruri gore molaetsa wa Bokeresete o ne o setse o anametse kgakala thata mo moaposetoloi Paulo a neng a ka re o ne o ‘ungwa maungo e bile o oketsega mo lefatsheng lotlhe’—ke gore, go fitlha kwa mafelong a a kgakalakgakala a a neng a itsiwe mo lefatsheng ka nako eo.—Bakolosa 1:6.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 15 Le fa go sa itsege gore Muziris e ne e le fa kae, bakanoki ba re e ne e le gaufi le Noka ya Periyar kwa nageng ya Kerala.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 22]

Ngongorego ya Mmusimogolo Mongwe

Ka 22 C.E., Mmusimogolo wa Roma e bong Tiberio o ne a ngongorega ka batho ba naga ya gaabo ka go bo ba ne ba senya madi. Go rata dilo tsa manobonobo ga bone le go batla go nna le mabenyane mo go feteletseng ga bahumagadi ba ba tlotlegang ba kwa Roma go ne go senya madi a mmusomogolo wa gagwe ka go a romela kwa “ditšhabeng di sele.” Rahisitori wa kwa Roma e bong Pliny yo Mogolwane (23-79 C.E.) le ene o ne a ngongorega ka yone tshenyo eno. O ne a kwala jaana: “Go ya ka dipalopalo, ngwaga le ngwaga India, Seres le Pheninsula ya Arabia di ne di tsaya madi a ka nna di-sesterce di le dimilione di le lekgolo mo mmusomogolong wa rona—ka jalo re duelela dilo tsa rona tsa manobonobo le tsa basadi ba rona.” *

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 28 Basekaseki ba tsaya gore di-sesterce di le dimilione di le 100 di emela mo e ka nnang diperesente di le pedi tsa madi a Mmusomogolo wa Roma.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Museo della Civiltà Romana, Roma; Todd Bolen/Bible Places.com

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 23]

Kwa Bagwebi ba Neng ba Batla Dilwana Tse ba di Rekisang Gone

Jesu o ne a bua ka “mogwebi yo o tsamayang a batla diperela tse dintle.” (Mathaio 13:45) Buka ya Tshenolo le yone e bua ka “bagwebi ba ba tsamayang” ba dilo tse ba di rekisang di akaretsang maje a a tlhokegang, sei, logong lo lo nang le lonko lo lo monate, lonaka lwa tlou, sinamone, maswalo le setswaiso sa India. (Tshenolo 18:11-13) Dilwana tseno tse ba di rekisang di tswa gaufi le ditsela tsa kgwebo tse di yang kwa botlhaba jwa Palesetina. Logong lo lo nang le lonko lo lo monate lo ne lo tswa kwa India. Diperela tse di tlhwatlhwakgolo di ne di ka bonwa kwa Kgogometsong ya Peresia le kwa Lewatleng le Lehibidu mme go ya ka mokwadi wa buka ya Periplus Maris Erythraei, di ne di ka bonwa gaufi le Muziris le kwa Sri Lanka. Go ka direga gore diperela tsa Lewatle la India e ne e le tsa maemo a kwa godimo e bile di tura.

[Mmapa mo go tsebe 20, 21]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Dingwe tsa ditsela tsa kgwebo tse di neng di le fa gare ga Roma le Asia mo lekgolong la ntlha la dingwaga

Arezzo

Roma

LEWATLE LA MEDITERRANEAN

AFRIKA

Alexandria

EGEPETO

Coptos

Noka ya Nile

Myos Hormos

Berenice

Zanzibar

Lewatle le Lehibidu

Jerusalema

ARABIA

Noka ya Euferatese

BABELONA

Kgogometso ya Peresia

PERESIA

Paka e pula e nang thataka yone kwa Bokonebotlhaba

Paka e pula e nang thataka yone kwa Borwabophirima

Noka ya Indus

PUNJAB

Noka ya Ganges

Kgogometso ya Bengal

INDIA

Arikamedu

Muziris

SRI LANKA

LEWATLE LA INDIA (LEWATLE LA ERYTHRAEA)

CHINA

MMUSO-MOGOLO WA CHINA

THAILAND

CAMBODIA

VIETNAM

Sumatra

Java

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Sekai sa sekepe sa kwa Roma se se rwalang dithoto

[Motswedi wa Setshwantsho]

Ship: Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.