Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgololesego ya Mmatota ya Ba-Maya

Kgololesego ya Mmatota ya Ba-Maya

 Kgololesego ya Mmatota ya Ba-Maya

BA-MAYA ba itsege ka dilo tse ba di fitlheletseng bogologolo. Ngwaga le ngwaga bajanala ba le diketekete ba ya kwa Yucatán Peninsula kwa Mexico go ya go leba dipiramiti tse di kgatlhang jaaka tse di kwa Chichén Itzá le kwa Cobá. Ba-Maya ba ne ba sa tlhomologa fela ka bokgoni jwa bone jwa boenjeniri mme gape le mo go se ba se fitlheletseng mo go kwaleng, mo dipalong le mo thutodinaleding. Ba ne ba simolola mokgwa o o raraaneng wa go kwala ba dirisa matshwao a ditshwantsho, go dirisa nnoto le khalendara ya malatsi a le 365 mme a okeditswe ka letsatsi le le lengwe mo kgweding ya February.

Le fa go ntse jalo, mo kgannyeng ya bodumedi re bona sengwe se se farologaneng thata. Ba-Maya ba ne ba obamela medimo e le mentsi; mo dilong di le dintsi tse ba neng ba di obamela e ne e le modimo wa letsatsi, wa ngwedi, wa pula le wa korong. Baperesiti ba bone e ne e le balepadinaledi ba ba tlhagafetseng. Kobamelo ya bone e ne e akaretsa go dirisa maswalo le ditshwantsho, go ikutlwisa botlhoko, go tsholola madi le mokgwa wa go dira batho ditlhabelo—segolobogolo magolegwa, makgoba le bana.

Go Goroga ga Ba-Spain

Fa Ba-Spain ba ne ba goroga mo tshimologong ya lekgolo la bo16 la dingwaga ba ne ba fitlhela tlhabologo eno. Bagaka bano, jaaka Ba-Spain ba ne ba bidiwa, ba ne ba ikaeletse go dira dilo di le pedi: go nna le naga e nngwe le dikhumo le go sokololela Ba-Maya mo Bokatoliking, e le gore ba ba tlogedise mekgwa e e setlhogo ya boheitane. A phenyo ya Ba-Spain e ile ya leretse Ba-Maya kgololesego ya bodumedi kgotsa ya mofuta mongwe?

Ba-Spain le baruti ba Kereke ya Katoliki ba ne ba thopa dinaga tsa Ba-Maya tse ba neng ba sa bolo go di dirisetsa temo. Thopo eno e ne ya felela ka bosetlhogo jo bo seng kana ka sepe le bobaba. Gape Ba-Spain ba ne ba laola didiba tsa kwa Yucatán Peninsula e leng tsone fela tse Ba-Maya ba neng ba ga metsi mo go tsone. Dilo di ne tsa senyegela pele fa kereke e batla gore Ba-Maya ba ntshe lekgetho—monna mongwe le mongwe di-real  * di le 12 le sephatlo mme mosadi mongwe le mongwe di le 9—mo godimo ga lekgetho la puso le le neng le setse le ba imela. Beng ba lefatshe ba Ba-Spain ba ne ba tsietsa Ba-Maya  ka go ba duelela lekgetho la kereke ba bo ba ba pateletsa go dira go fitlha ba duela sekoloto sa bone, mme seo se ne se ba dira makgoba.

Gape baruti ba ne ba duedisa batho ditirelo tsa bodumedi tse di jaaka kolobetso, lenyalo le phitlho. Kereke e ne ya ikhumisa ka go gapa naga ya Ba-Maya, ka lekgetho le go ba duedisa ditirelo tse dingwe. Bahumanegi ba ne ba tsewa ba rata tumelobotlhodi e bile ba itlhokomolosa dilo mme ba ka se fetoge. Ka jalo, baruti le batho ba bangwe ba ba nang le taolo ba ne ba tsaya go siame go itaya Ba-Maya le go ba pateletsa go tlogela tumelabotlhodi.

Go Lwela Maemo

Ba-Maya ba ne ba ipusolosetsa ka go se duele lekgetho la kereke, ka go ntsha bana ba bone mo dikolong tsa kereke, go tlogela ditlelase tsa katekesima le go gana go bereka mo masimong. Mme gone, seo se ne sa dira gore ba tshwarwe makgwakgwa le go feta. Boemo bo ne jwa nna maswe le go feta ka 1847—morago ga dingwaga di ka nna 300 ba gateletswe ke Ba-Spain. Ba-Maya ba ne ba lwa le Ba-Spain mo ntweng e e bidiwang Ntwa ya go Lwela Maemo.

Baeteledipele ba batsuolodi ba ne ba dirisa letshwao la bodumedi le le bidiwang Sefapaano se se Buang, se ba neng ba dira gore go lebege e kete go bua sone go bolelela Ba-Maya gore ba tshwanetse go lwa go fitlha ba swa. Ba-Maya ga ba a ka ba atlega mo ntweng eo. Fa ntwa e ne e khutla semolao ka 1853, go ne go bolailwe diperesente di ka nna 40 tsa Ba-Maya ba kwa Yucatán. Le fa go ntse jalo, ntwa e ne ya nna e tswelela pele ka dingwaga di le 55. Kgabagare Ba-Maya ba ne ba kgona go ikgolola mo jokweng e e thata ya Ba-Spain, mme go ne ga tlhamiwa molao o mosha wa go aba lefatshe ka tsela e e siameng. Mme gone, go tweng ka kgololesego ya bodumedi?

E ne E se Kgololesego ya Mmatota

Maiteko a Ba-Spain a go sokololela Ba-Maya mo Bokatoliking kgotsa go lwela maemo ga di a ka tsa tlisetsa Ba-Maya kgololesego ya mmatota. Gompieno go setse bodumedi jo bo kopantsweng jwa meetlo ya Ba-Hispan ba ntlha le dingwao tsa Roma ya Katoliki.

Fa buka ya The Mayas—3000 Years of Civilization e bua ka Ba-Maya ba gompieno ya re: “Ba-Maya ba obamela medimo ya bone ya bogologolo ya tlhago le bagologolwane ba bone kwa masimong, magageng le kwa dithabeng . . . mme ka nako e e tshwanang ba ntse ba obamela baitshepi kwa kerekeng.” Ka jalo, modimo yo o bidiwang Quetzalcoatl kgotsa Kukulcán, ba mo tsaya a lekana le Jesu, mme modimo wa sesadi wa ngwedi ene a lekana le Kgarebane Marea. Mo godimo ga moo, go obamela setlhare se se boitshepo sa ceiba go ne ga emisediwa ka go obamela sefapaano se batho ba sa ntseng ba se nosetsa jaaka e kete ke setlhare se se tshelang. Difapaano di ne di kgabisiwa ka malomo a ceiba go na le go baya setshwantsho sa ga Jesu.

Ba Feleletsa ba Bone Kgololesego ya Mmatota!

Mo dingwageng tsa bosheng, Basupi ba ga Jehofa ba kwa Mexico ba ne ba simolola tiro e kgolo ya go ruta Ba-Maya Baebele. Go gatisitswe dikgatiso tsa Baebele tse di jaaka makasine ono ka puo ya Se-Maya go ba thusa gore ba tlhaloganye maikaelelo a Modimo ka batho. Seo se ne sa felela ka eng? Fa setlhogo seno se ne se kwalwa, go ne go na le baboledi ba dikgang tse di molemo tsa Bogosi ba ba buang Se-Maya ba ka nna 6 600 mo diphuthegong di le 241 tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefelong leo. A go nnile motlhofo gore Ba-Maya ba tlogele dingwao tsa bone gore ba amogele boammaaruri jwa Baebele?

Ba-Maya ba le bantsi ba ba peloephepa ba ne ba go fitlhela go le thata go dira jalo. Marcelino le mosadi wa gagwe e bong Margarita ba ne ba itsaya e le Bakatoliki ba ba tlhagafetseng. Ngwaga le ngwaga ba ne ba bontsha go tlotla sefapaano ka go se tsaya go tswa kwa kerekeng ba se isa kwa legaeng la bone ba bo ba ntsha ditlhabelo tsa diphologolo mme ba bo ba di ja le ba losika le ditsala. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ba etela  mme ba simolola go ithuta Baebele le bone. Ba tlhalosa jaana: “Re ne re lemoga gore se re neng re se ithuta e ne e le boammaaruri, mme re ne re akanya gore fa re ka tlogela se re neng re se dumela re ne re tla tlhaselwa ke meya.” Le fa go ntse jalo, ba ne ba tswelela ba ithuta Baebele. Marcelino a re: “Ka bonya ka bonya, boammaaruri jwa Baebele bo ne jwa ama dipelo tsa rona. Seo se ne sa re naya bopelokgale jwa go bolelela ba lelapa le ditsala tsa rona ka se re ithutileng sone mo Baebeleng. Gone jaanong re itumetse ka gonne re golotswe mo tumelobotlhoding e re neng re le makgoba a yone. Re ikwatlhaela go bo re simolotse thari. E re ka jaanong re itse ka Jehofa, re batla go dira sotlhe se re ka se kgonang ka go dira ka natla go bolelela ba bangwe ka boammaaruri jo bo kgatlhang jwa Baebele.”

Alfonso, yo o nang le dingwaga di le 73, e ne e le Mokatoliki yo o ineetseng. Mo toropong e a neng a nna mo go yone o ne a tlwaetse go rulaganya meletlo ya bodumedi e e jaaka Mmisa a bo a rulaganyetsa ba ba tla nnang teng mmino, dijo le dino. Gape go ne go na le motshameko wa go lwa le dipoo. A re: “Go ne go tlwaelegile gore meletlo eno e felele ka go lwa ga matagwa. Le fa ke ne ke itumelela meletlo eno, ke ne ke utlwa go na le sengwe se se tlhaelang mo bodumeding jwa me.” Fa Basupi ba ga Jehofa ba rerela Alfonso, o ne a dumela go ithuta Baebele. Le fa a ne a lwala, o ne a simolola go nna gone kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi. Jaanong o tlogetse mekgwa ya gagwe ya pele ya bodumedi mme o dirisa tshono nngwe le nngwe go bolelela ba bangwe se a se ithutileng ka Jehofa fa ba tlile go mo tlhola kwa legaeng la gagwe.

Tseno ke dikai di le mmalwa tsa Ba-Maya ba le bantsi ba ba peloephepa ba ba neng ba bona kgololesego ya mmatota ya bodumedi. Ee, ditlogolwana tsa baagi ba dipiramiti tse di kgatlhang kwa Yucatán ba sa ntse ba le teng. Ba sa ntse ba bua Se-Maya. Bontsi jwa bone ba tshela jaaka borraabonemogologolwane ba ne ba tshela, ba nna mo matlong a a ruletsweng ka mokolane a a agilweng ka lotlhaka a bo a dilwa ka letsopa. Ba jala korong le khotone ba dirisa mokgwa wa go lema o borraabonemogologolwane ba neng ba o dirisa. Mme gone jaanong boammaaruri jwa Lefoko la Modimo bo golotse bontsi jwa Ba-Maya mo bokgobeng jwa bodumedi jwa maaka le mo tumelabotlhoding. Ba tlhaloganya ka botlalo mafoko ano a ga Jesu a a maatla: “Lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.”—Johane 8:32.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Real ke madi a a neng a dirisiwa pele kwa Spain.

[Mmapa mo go tsebe 13]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Lefelo le le neng le tlhotlhelediwa ke Ba-Maya ba bogologolo

Kgogometso ya Mexico

MEXICO

Yucatán Peninsula

Chichén Itzá

Cobá

BELIZE

GUATEMALA

HONDURAS

EL SALVADOR

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Matlotla a Ba-Maya, kwa Chichén Itzá

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Marcelino le mosadi wa gagwe e bong Margarita ba rera dikgang tse di molemo kwa Yucatán