Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bakeresete ba Bogologolo ba ba Neng ba Nna mo Nageng ya Batho ba ba Buang Segerika

Bakeresete ba Bogologolo ba ba Neng ba Nna mo Nageng ya Batho ba ba Buang Segerika

 Bakeresete ba Bogologolo ba ba Neng ba Nna mo Nageng ya Batho ba ba Buang Segerika

BAKERESETE ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba rerela bontsi jwa batho ba ba neng ba bua Segerika. Dikwalo tse ba neng ba di dirisa go tshegetsa molaetsa o o buang ka Jesu di ne di kwadilwe ka Segerika. Fa bakwadi ba ne ba tlhotlhelediwa go kwala se moragonyana se neng sa itsege e le Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika, bontsi jwa bone ba ne ba kwala ka Segerika, ba dirisa mafoko le ditshwantsho tse di neng di tlhaloganngwa motlhofo ke batho ba ba neng ba tlwaetse setso sa Bagerika. Le fa go ntse jalo, Jesu, baaposetoloi ba gagwe le bakwadi ba Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika e ne e se Bagerika. Tota e bile, botlhe e ne e le Bajuda.—Baroma 3:1, 2.

Go tlile jang gore puo ya Segerika e itsege thata jaana fa Bokeresete bo ntse bo anama? Bakwadi ba Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga le barongwa ba ne ba dira jang gore molaetsa wa bone o ame dipelo tsa bareetsi ba ba buang Segerika? Mme ke eng fa re tshwanetse go kgatlhegela thata ditiragalo tseno tse di diregileng bogologolo?

Go Anama ga Setso sa Bagerika

Mo lekgolong la bonè la dingwaga B.C.E., Alexander yo Mogolo o ne a menola Mmusomogolo wa Peresia mme a simolola go gapa le dinaga tse  dingwe di le dintsi. Gore a kgone go kopanya mmusomogolo wa gagwe le dinaga tse a neng a di fentse, ene le dikgosi tse di neng di mo tlhatlhama ba ne ba kgothaletsa batho gore ba amogele puo le setso sa Bagerika.

Le fa moragonyana Roma e ne ya fenya Gerika mme ya e tseela taolo yotlhe ya bopolotiki, setso sa Bagerika se ne sa tswelela se na le tlhotlheletso e kgolo mo bathong ba ba neng ba nna gaufi le bone. Mo lekgolong la ntlha le la bobedi la dingwaga B.C.E., batho ba maemo ba kwa Roma ba ne ba kgatlhegela thata dilo tsotlhe tsa Bagerika—botaki, dipolane tsa dikago, dibuka le filosofi—mme seo se ne sa tlhotlheletsa mmoki mongwe yo o bidiwang Horace go bua jaana: “Le fa Bagerika ba ne ba isitswe botshwaro, ba ne ba dira bafenyi ba bone “batshwarwa” ka go ba dira gore ba rate sengwe le sengwe ka Gerika.”

Fa puso ya Roma e ne e busa, ditoropo tsa botlhokwa go ralala Asia Minor, Siria, le Egepeto di ne tsa nna boremelelo jwa setso sa Bagerika. E re ka Tsamaiso ya Sejuda e ne e sa ntse e tlhabologa, e ne e thusa go anamisa setso sa Bagerika mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo, go simolola ka melao ya puso, ya kgwebo, ya madirelo le ya feshene tota. Mme gone, mo ditoropong di le dintsi tsa Gerika go ne go na le mafelo a dijiminase, kwa makawana a neng a itshidila mmele gone e bile go na le mafelo a bobogelo a go neng go tshamekelwa diterama tsa Segerika mo go one.

Rahisitori mongwe e bong Emil Schürer a re: “Ka bonya ka bonya Bajuda ba ne ba tlhotlhelediwa ke dingwao tse di neng di aname tsa Tsamaiso ya Bagerika.” Kwa tshimologong, tlhagafalo e Bajuda ba neng ba na le yone mo kobamelong ya bone e ne ya dira gore ba kgone go fenya tlhotlheletso epe fela ya bodumedi jwa boheitane e e tlileng le setso sa Bagerika mme kgabagare mo mafelong a le mantsi matshelo a Bajuda a ne a amiwa ke tlhotlheletso eo. Tota e bile, Schürer o ne a lemoga gore “metse ya bone e mennye e ne e dikologilwe ke Bagerika mme go dirisana le bone ka tsa kgwebo go ne ga dira gore go tlhokege gore ba kopane le bone ka metlha.”

Seabe sa Septuagint

Fa Bajuda ba fuduga le go aga mo karolong ya Mediterranean ba ne ba iphitlhela ba nna mo ditoropong tsa Tsamaiso ya setso sa Bagerika, kwa go neng go buiwa Segerika gone. Baagi bano ba ne ba tswelela ka kobamelo ya bone ya Sejuda mme ba ne ba tle ba ye kwa Jerusalema go ya go keteka meletlo ya ngwaga le ngwaga ya Bajuda. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ile, bontsi jwa bone ba ne lebala Sehebera. * Ka jalo, go ne go tlhokega gore Dikwalo tsa Sehebera di ranolelwe mo Segerikeng se se neng se buiwa ke batho ba le bantsi ka nako eo. Bakanoki ba Bajuda gongwe kwa Alekesanderia, Egepeto—lefelo la botlhokwa la Tsamaiso ya setso sa Bagerika—ba ne ba simolola tiro eno mo e ka nnang ka 280 B.C.E. Seno se ne sa dira gore go nne le Septuagint.

Septuagint e botlhokwa thata. E ne ya dira gore Dikwalo tsa Sehebera di bonwe kwa dinageng tse di tlhabologileng tsa Bophirima. Kwa ntle ga yone, mekwalo e go neng go kwadilwe kafa Modimo a neng a dirisana le Baiseraele ka gone e ne e ka se tlhaloganngwe ka gonne go dirisitswe puo e e sa tlhaloganngweng e bile e ne e ka se rotloetse batho go rera mo lefatsheng lotlhe. Tota e bile, Septuagint e ne e na le tshedimosetso, dikgopolo le puo e e neng e dira gore batho ba ditšhaba tse di farologaneng ba kgone go nna le kitso ka ga Jehofa Modimo. Go ne go le botoka go rera le go anamisa boammaaruri ka Modimo ka puo ya Segerika e re ka se ne se buiwa ke batho ba le bantsi mo dinageng di le dintsi.

Basokologi le Batho ba ba Boifang Modimo

Ka lekgolo la bobedi la dingwaga B.C.E., Bajuda  ba ne ba ranotse dibuka tsa bone tse dintsi ka Segerika mme ba ne ba kwala tse disha ka puo eo. Seno se ne sa nna le seabe se segolo mo go direng gore Baditšhaba ba itse hisitori le bodumedi jwa Baiseraele. Baitse hisitori ba bega gore mo motlheng oo, Baditšhaba ba le bantsi ba ne ba “dirisana ka tsela nngwe le Bajuda, ba nna le seabe mo kobamelong ya bone le go ikobela melao ya bone ka botlalo ka dinako dingwe mme ka dinako dingwe ba sa e ikobele.”—The History of the Jewish People in the Age of Jesus Christ.

Baditšhaba bangwe ba ne ba sokologela mo Bojudeng ba bo ba amogela go rupa. Ba bangwe ba ne ba amogela dithuto dingwe tsa Sejuda le fa go ntse jalo ba okaoka go sokologa. Gantsi ba ne ba bidiwa “batho ba ba boifang Modimo” mo dibukeng tsa Segerika. Korenelio o ne a bidiwa “monna yo o ineetseng le yo o boifang Modimo.” Moaposetoloi Paulo o ne a kopana le batho ba le bantsi ba ba boifang Modimo ba ba neng ba tsalane le Bajuda go ralala Asia Minor le Gerika. Ka sekai, kwa Antioka ya Pisidia o ne a raya batho ba ba neng ba phuthegile mo sinagogeng a re “banna, Baiseraele le lona ba bangwe ba lo boifang Modimo.”—Ditiro 10:2; 13:16, 26; 17:4; 18:4.

Ka jalo, e ne ya re fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba simolola go rera dikgang tse di molemo kwa metseng ya Bajuda ka kwa ga melelwane ya Judea, bontsi jwa ba ba neng ba di utlwa ba ne ba tswa mo tikologong ya Segerika. Bokeresete bo ne jwa kgona go anama thata mo metseng eo. Fa barutwa ba tlhaloganya gore Modimo o naya le e leng Baditšhaba tsholofelo ya poloko, ba ne ba lemoga gore mo Modimong “ga go na Mojuda le fa e le Mogerika.”—Bagalatia 3:28.

Go Rerela Bagerika

E re ka Bakeresete ba pele ba Bajuda ba ne ba itse melao ya bodumedi le ya boitsholo ya baditšhaba, kwa tshimologong ba ne ba okaoka go amogela Baditšhaba ba ba neng ba sokologile mo phuthegong ya Bokeresete. Ka jalo, fa go ne go bonala sentle gore Modimo o ne a ikemiseditse go amogela Baditšhaba, baaposetoloi le banna ba bagolwane kwa Jerusalema ba ne ba bontsha sentle gore basokologi bao ba ne ba tshwanetse go ithiba mo mading, mo kgokafalong le mo kobamelong ya medingwana. (Ditiro 15:29) Seno se ne se le botlhokwa mo go mongwe le mongwe yo o neng a tshela ka tsela ya Bagerika ka gonne Roma le Gerika di ne di tletse ka batho ba ba neng ba ‘fisegela tlhakanelodikobo e e tlhabisang ditlhong’ le go tlhakanela dikobo ga batho ba bong jo bo tshwanang. Bakeresete ba ne ba sa tshwanela go dira mekgwa e e ntseng jalo.—Baroma 1:26, 27; 1 Bakorintha 6:9, 10.

Mo barongweng ba Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba neng ba rera kwa Gerika, go ne go se na ope yo o neng a itsege go gaisa moaposetoloi Paulo. Tota le gompieno batho ba ba etelang Athena, Gerika, ba ka kgona go bona tshipi ya boronse e e kwadilweng puo e e itsegeng thata ya ga Paulo kwa Areopago. Pego eno e kwadilwe mo kgaolong ya 17 ya buka ya Baebele ya Ditiro. Mafoko a a neng a simolola ka one a a reng, “Banna ba Athena,” e ne e le tsela e e tlwaelegileng e sebui sa Mogerika se neng se ka simolola puo ya sone ka gone le go dira gore bareetsi ba gagwe—gareng ga bone e le Baepikuria le borafilosofi ba Basetoika—ba ritibale. Go na le gore Paulo a galefisiwe ke se bareetsi ba gagwe ba neng ba se dumela kgotsa go ba tshwayatshwaya diphoso, o ne a leka go nna le kamano e e molemo le bone ka go dumela gore ba bonala ba rata bodumedi thata. O ne a bua ka sebeso sa “Modimo O o Sa Itsiweng” mme a bo a bua ka dilo tse ba dumalanang ka tsone ka gore yoo ke Modimo yo a neng a batla go bua ka ene.—Ditiro 17:16-23.

Paulo o ne a ama dipelo tsa bareetsi ba gagwe ka go dirisa dikgopolo tse ba neng ba ka di amogela. Basetoika ba ne ba ka dumalana le ene gore Modimo ke Motswedi wa botshelo, gore batho botlhe ba tswa mo lotsong lo le longwe, gore Modimo ga a kgakala le rona le gore botshelo jwa batho bo ikaegile ka Modimo. Paulo o ne a tshegetsa ntlha  ya bofelo ka go nopola mafoko a mmoki wa Mosetoika e bong Aratus (Phaenomena) le a ga Cleanthes (Hymn to Zeus). Baepikuria le bone ba ne ba tla bona gore go na le dilo tse ba dumalanang le Paulo ka tsone—ba ne ba dumela gore Modimo o a tshela e bile batho ba ka mo itse. Ga a ikaega ka ope, ga a tlhoke sepe mo bathong e bile ga a dule mo ditempeleng tse di dirilweng ka diatla tsa batho.

Batho ba ba neng ba reeditse Paulo ba ne ba tlwaetse mafoko a a neng a a dirisa. Go ya ka kgatiso nngwe, mafoko “lefatshe (kosmos),” “lotsalo” le “Yo e Leng Modimo” a ne a dirisiwa thata ke borafilosofi ba Bagerika. (Ditiro 17:24-29) Ga se gore Paulo o ne a sa dumalane le dithuto tsa boammaaruri gore a ba gape. Go na le moo, se a se buang ka tsogo le katlholo fa a konela, ga se dumalane le tumelo ya bone. Le fa go ntse jalo, o ne a fetola tsela e a neng a rera molaetsa wa gagwe ka yone gore o kgatlhe bareetsi ba gagwe ba ba neng ba rata filosofi.

Makwalo a le mantsi a Paulo a neng a a kwalela diphuthego tse di neng di le mo metseng ya Gerika kgotsa mo dikoloneng tsa Roma di ne di laolwa ke Tsamaiso ya Segerika. Makwalo ano a a neng a kwadilwe ka Segerika se se balegang sentle e bile se tlhotlheletsa, a ne a na le dikgopolo le dikai tse di tlwaelegileng mo setsong sa Bagerika. Paulo o ne a bua ka metshameko ya diatleletiki, sekgele sa mofenyi, mogogi yo o neng a isa ngwana kwa sekolong le ditshwantsho tse dingwe tse dintsi tsa kafa Bagerika ba neng ba tshela ka gone. (1 Bakorintha 9:24-27; Bagalatia 3:24, 25) Le fa Paulo a ne a ikaeletse go dirisa mafoko a a neng a tswa mo puong ya Segerika, o ne a tila go kwala ka mekgwa le ditlwaelo tsa bone tsa bodumedi.

Go Nna Dilo Tsotlhe mo Bathong ba Mefuta Yotlhe

Moaposetoloi Paulo o ne a lemoga gore o ne a tshwanetse ‘go nna dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe’ gore a kgone go ba rerela dikgang tse di molemo. O ne a kwala jaana: “Mo Bajudeng ke ne ka nna jaaka Mojuda, gore ke gape Bajuda” le mo Bagerikeng ke ne ka nna jaaka Mogerika gore ke ba thuse go tlhaloganya maikaelelo a Modimo. Ruri Paulo o ne a tshwanelega go dira jalo ka gonne e ne e le moagi wa Mojuda wa motse o o neng o laolwa ke Tsamaiso ya Segerika. Bakeresete botlhe gompieno ba tshwanetse go dira se se tshwanang.—1 Bakorintha 9:20-23.

Gompieno batho ba le dimilione ba fudugela kwa dinageng tse dingwe mme ba tswa mo setsong se sengwe ba ya mo go se sengwe. Seno se dira gore Bakeresete ba ba iketleeleditseng go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo le go diragatsa taelo ya ga Jesu ya gore ba “dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa,” ba lebane le kgwetlho e kgolo. (Mathaio 24:14; 28:19) Ba lemogile gore gangwe le gape fa batho ba utlwa dikgang tse di molemo ka puo ya bone, molaetsa ono o ama dipelo tsa bone e bile ba arabela sentle.

Ka ntlha ya seno makasine ono wa Tora ya Tebelo—E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa, o gatisiwa kgwedi le kgwedi ka dipuo di le 169, mme makasine wa Tsogang! ka dipuo di le 81. Mo godimo ga moo, Basupi ba ga Jehofa ba leka ka natla go ithuta dipuo di sele—go akaretsa le tse di thata jaaka Se-Arabia, Se-China le Se-Russia—gore ba kgone go bolelela batho ba ba fudugetseng mo lefelong la bone dikgang tse di molemo. Boikaelelo jwa bone bo tshwana le jwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Moaposetoloi Paulo o ne a bo tlhalosa sentle fa a ne a re: “Ke ntse dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe, gore kafa go ka kgonegang ka gone ke boloke bangwe.”—1 Bakorintha 9:22.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Bajuda ba le bantsi kwa Jerusalema ba ne ba bua Segerika. Ka sekai, go ne go na le banna “ba bao ba tswang kwa go se go tweng Sinagoge ya Bagololesegi le ba Bakurene le Baalekesanderia le ba bao ba tswang Kilikia le Asia,” ba gongwe puo ya bone e neng e le Segerika.—Ditiro 6:1, 9.

[Mmapa mo go tsebe 18]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Roma

GERIKA

Athena

ASIA

Antioka (ya Pisidia)

KILIKIA

SIRIA

JUDEA

Jerusalema

EGEPETO

Alekesanderia

Kurene

LEWATLE LA MEDITERRANEAN

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

“Septuagint” e ne ya thusa gore batho ba nne le kitso ya ga Jehofa mo lekgolong la ntlha la dingwaga

[Motswedi wa Setshwantsho]

Israel Antiquities Authority

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Tshipi ya boronse e e kwadilweng puo e e itsegeng thata ya ga Paulo kwa Areopago