Mosadi a re: “Ke lemogile gore e setse e le nako monna wa me Michael a sa nkgathalele e bile a sa bontshe bana ba rona lorato. * O ne a simolola go itshwara jalo fa re sena go nna le Internet, mme ke ne ka belaela gore o ne a leba ditshwantsho tse di hepisang mo khomputareng. Bosigo bongwe fa bana ba sena go robala ke ne ka mmotsa ka kgang eno, mme a dumela gore o ne a leba ditshwantsho tse di hepisang mo mafelong mangwe a Internet. Ke ne ke utlwile botlhoko tota. Ke ne ke sa dumele gore seno se ne se ntiragalela. Ke ne ke sa tlhole ke mo tshepa gotlhelele. Se se neng se dira gore boemo bo nne maswe le go feta ke gore modirikanna o ne a setse a simolotse go nkgatlhegela.”

Monna a re: “Nako nngwe mosadi wa me, Maria, o ile a bona setshwantsho sengwe se ke neng ke se bolokile mo khomputareng ya rona mme a mpotsa ka sone. Fa ke ne ke dumela gore ke ne ke leba ditshwantsho tse di hepisang ka metlha mo mafelong mangwe a Internet, o ne a galefa thata. Ke ne ka tlhabiwa ke ditlhong tota e bile ka ikutlwa ke le molato. Ke ne ke akanya gore lenyalo la rona le tlile go thubega.”

O AKANYA gore go ne ga direga eng ka lenyalo la ga Michael le Maria? O ka tswa o akanya gore bothata jo bogolo jwa ga Michael e ne e le go leba ditshwantsho tse di hepisang. Mme fela jaaka Michael a ile a lemoga, mokgwa ono o o sa siamang o ne o bontsha gore lenyalo la bone le na le bothata jo bo masisi—go se boloke maitlamo a lenyalo. * Fa Michael le Maria ba ne ba nyalana, ba ne ba solofetse gore ba tla bontshana lorato le go itumelela go dira dilo mmogo. Le fa go ntse jalo, fela jaaka banyalani ba le bantsi, go boloka maitlamo a bone a lenyalo go ne ga koafala fa nako e ntse e tsamaya mme ba se ka ba tlhola ba ratana.

A o tsaya gore wena le molekane wa gago ga lo tlhole lo ratana jaaka pele? A o ka rata gore dilo di nne jaaka di ne di ntse pele? Fa go ntse jalo, o tshwanetse go itse dikarabo tsa dipotso tseno tse tharo: Go boloka maitlamo mo lenyalong go kaya eng? Ke dilo dife tse di ka koafatsang maitlamo ao? Mme ke eng se o ka se dirang go nonotsha maitlamo a gago go molekane wa gago?

Maitlamo ke Eng?

O ka tlhalosa jang maitlamo a lenyalo? Ba le bantsi ba ka re ke go ikutlwa o patelesega go dira sengwe. Ka sekai, banyalani ba ka boloka maitlamo   a bone a lenyalo ka ntlha ya bana kgotsa ba ikutlwa ba ikarabela mo Modimong, Mosimolodi wa lenyalo. (Genesise 2:22-24) Eleruri mabaka ano a a utlwala e bile a tla dira gore lenyalo le atlege ka dinako tse di thata. Mme gone, gore balekane ba lenyalo ba itumele ga ba a tshwanela go ikutlwa ba patelesega go boloka maitlamo a bone fela.

Jehofa Modimo o ne a batla gore lenyalo le tlisetse banyalani boipelo jo bogolo le kgotsofalo. O ne a ikaeletse gore monna a “ipele le mosadi [wa gagwe]” le gore mosadi a rate monna wa gagwe a bo a ikutlwe a ratwa ke monna wa gagwe jaaka a rata mmele wa gagwe. (Diane 5:18; Baefeso 5:28) Gore banyalani ba ratane jalo, ba tshwanetse go ithuta go tshepana. Sa botlhokwa le go feta, ba tshwanetse go nna le botsala jwa botshelo jotlhe. Fa monna le mosadi ba tshepana e bile ba leka gore e nne ditsala tse di atamalaneng thata, maitlamo a bone a lenyalo a tla nonofa. Ba tla nna le kamano e Baebele e e tlhalosang e le kamano e e atamalaneng thata jaaka e kete batho ba babedi ke “nama e le nngwe.”—Mathaio 19:5.

Ka jalo, maitlamo a ka tshwantshanngwa le motswako wa samente o o kopanyang ditene go aga ntlo e e nonofileng. Motswako ono o dirilwe ka dilo tse di farologaneng tse di akaretsang motlhaba, samente le metsi. Ka tsela e e tshwanang, maitlamo a akaretsa dilo tse di jaaka maikarabelo, go tshepana le botsala. Ke eng se se ka koafatsang kamano eo?

Ke Dikgwetlho Dife Tse di ka Nnang Teng?

Maitlamo a tlhoka gore go dirwe ka natla le go intsha setlhabelo. Go ka nna ga tlhokega gore o se ka wa dira dilo dingwe tse o di ratang gore o itumedise molekane wa gago. Le fa go ntse jalo, kgang ya gore o tshwanetse go dira se mongwe a se ratang—go aba o sa botse gore, ‘Ke tla bona eng fa ke dira jalo?’—e kgopisa batho ba le bantsi e bile ga ba e rate. Mme ipotse gore, ‘Ke batho ba le kae ba ke ba itseng ba ba pelotshetlha ba ba nang le manyalo a a itumetseng?’ Gongwe ke ba le mmalwa fela. Ka ntlha yang? Motho yo o pelotshetlha ga a kitla a boloka maitlamo a gagwe a lenyalo fa a tshwanelwa ke go dira se molekane wa gagwe a se ratang, segolobogolo fa a sa solegelwe molemo. Fa maitlamo a sa bolokwe, botsala bo tla senyega go sa kgathalesege gore banyalani ba ne ba ratana go le kana kang pele.

Baebele e a dumela gore lenyalo ga se kgetsi e potlana. Ya re “monna yo o nyetseng o tlhobaela ka dilo tsa lefatshe, kafa a ka bonang kamogelo ya mosadi wa gagwe ka gone,” le gore “mosadi yo o nyetsweng o tlhobaela ka dilo tsa lefatshe, kafa a ka bonang kamogelo ya monna wa gagwe ka gone.” (1 Bakorintha 7:33, 34) Ka maswabi, le e leng balekane ba lenyalo ba ba seng pelotshetlha ka dinako dingwe ga ba lemoge ditlhobaelo tsa molekane yo mongwe kgotsa go anaanela se molekane yo mongwe a se dirang. Fa banyalani ba sa anaanelane, lenyalo la bone le tla dira gore ba nne le “pitlagano mo nameng” go gaisa kafa e neng e tla nna ka gone.—1 Bakorintha 7:28.

Gore lenyalo la lona le atlege ka dinako tsa mathata le gore e nne le le itumetseng, lo tshwanetse go le tsaya e le kamano ya botshelo jotlhe. O ka dira jang gore o nne le boikutlo joo, mme o ka kgothatsa molekane wa gago jang gore a nne a bolokile maitlamo a gagwe mo go wena?

Kafa Maitlamo a Lenyalo a ka Nonotshiwang ka Gone

Selo sa botlhokwa ke go dirisa kgakololo ya Lefoko la Modimo, Baebele, ka boikokobetso. Ka go dira jalo o tla ‘solegelwa molemo’ wena le molekane wa gago. (Isaia 48:17) Akanya ka ditsela tse pedi tse o ka di tsayang.

Iphe nako ya go nna le molekane wa gago

1. Dira gore lenyalo la gago le tle pele mo botshelong jwa gago.

Moaposetoloi Paulo o ne a re re “tlhomamise dilo tse di botlhokwa thata.” (Bafilipi 1:10) Tsela e monna le mosadi ba tshwaranang ka yone e botlhokwa thata mo Modimong. Monna yo o tlotlang mosadi wa gagwe o tla tlotlwa ke Modimo. Mme mosadi yo o tlotlang monna wa gagwe o “botlhokwa jo bogolo mo matlhong a Modimo.”—1 Petere 3:1-4, 7.

  Lenyalo la gago le botlhokwa go le kana kang mo go wena? Gantsi batho ba fetsa nako e ntsi mo dilong tsa botlhokwa. Ka jalo ipotse: ‘Mo kgweding e e fetileng ke ne ka beela nako e kana kang kwa thoko gore ke e fetse ke na le molekane wa me? Ke dilo dife tse ke di dirileng go tlhomamisetsa molekane wa me gore re sa ntse re le ditsala tse di molemo?’ Fa o dirisitse nako e nnye mo lenyalong, molekane wa gago a ka go fitlhela go le thata go dumela gore o boloka maitlamo a kgolagano ya lona ya lenyalo.

A molekane wa gago o akanya gore o boloka maitlamo a gago a lenyalo? O ka itse seo jang?

LEKA GO DIRA SENO: Kwala dilo tse tlhano tse di latelang mo pampitshaneng: madi, tiro, lenyalo, boitlosobodutu le ditsala. Jaanong kwala dilo tse o akanyang gore di tla pele mo molekaneng wa gago ka go latelana ga tsone. Kopa molekane wa gago go dira se se tshwanang ka wena. Fa lo feditse, mo neye pampitshana ya gago le ene a go neye ya gagwe. Fa molekane wa gago a re ga o dirise nako e e lekaneng le maatla mo lenyalong la lona, tlotla le ene ka diphetogo tse lo ka di dirang go nonotsha maitlamo a lona. Gape ipotse, ‘Nka dirang go kgatlhegela dilo tse di leng botlhokwa mo molekaneng wa me?’

Go se ikanyege go simolola mo pelong

2. Tila mekgwa yotlhe ya go se ikanyege.

Jesu Keresete o ne a re: “Mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe.” (Mathaio 5:28) Fa motho a tlhakanela dikobo le motho yo e seng molekane wa gagwe wa lenyalo, o senya kamano ya lenyalo, e leng lone lebaka le Baebele e letlang motho go tlhala ka lone. (Mathaio 5:32) Le fa go ntse jalo, mafoko a ga Jesu a a umakilweng fa godimo a bontsha gore keletso e e phoso e ka nna teng mo pelong ya motho lobaka lo loleele pele a ka dira boaka. Go nna o akanya ka keletso eo e e phoso ke tsela nngwe ya go tsietsa.

Gore o nne o bolokile maitlamo a gago a lenyalo, dira maikano a gore o se lebe ditshwantsho tse di hepisang. Le fa batho ba le bantsi ba ka reng, go leba ditshwantsho tse di hepisang go senya lenyalo. Ela tlhoko kafa mosadi mongwe a ikutlwang ka gone ka mokgwa o monna wa gagwe a nang le one wa go leba ditshwantsho tse di hepisang: “Monna wa me a re go leba ditshwantsho tse di hepisang go dira gore re itumelele go bontshana lorato. Mme seo se dira gore ke ikutlwe ke se motho wa sepe le gore ga ke mo kgotsofatse. Ke robala ke ntse ke lela fa a di lebile.” A o ka re monna yono o nonotsha maitlamo a gagwe a lenyalo kgotsa o a a senya? A o akanya gore o dira gore go nne motlhofo mo mosading wa gagwe go nna a bolokile  maitlamo a gagwe a lenyalo? A o mo tshwara jaaka tsala ya gagwe e a atamalaneng thata le yone?

Monna yo o ikanyegang Jobe o ne a bontsha go boloka maitlamo mo lenyalong la gagwe le mo Modimong wa gagwe ka go dira ‘kgolagano le matlho a gagwe.’ O ne a ikemiseditse go se ‘ele kgarebane tlhoko.’ (Jobe 31:1) O ka etsa Jobe jang?

Ntle le go tila go leba ditshwantsho tse di hepisang, o tshwanetse go disa pelo ya gago gore o se ka wa tlwaelana thata le mongwe wa bong bo sele. Ke boammaaruri gore, ba le bantsi ba tsaya gore go tshameka ka maikutlo a batho ba bong bo sele go ka se ka ga senya lenyalo. Mme Lefoko la Modimo le re tlhagisa jaana: “Pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe mme e gagamalela se e se batlang. Ke mang yo o ka e itseng?” (Jeremia 17:9) A pelo ya gago e go tsieditse? Ipotse: ‘Ke mang yo ke mo reetsang thata—molekane wa me kgotsa mongwe wa bong bo sele? Ke mang yo ke mmolelelang dikgang tse di itumedisang pele—molekane wa me kgotsa mongwe o sele? Ke tla itshwara jang fa molekane wa me a nkopa gore ke se ka ka tsalana thata le batho ba bong bo sele? A seo se tla nkgopisa kgotsa ke tla itumelela go dira diphetogo?’

LEKA GO DIRA SENO: Fa o kgatlhegela mongwe yo e seng molekane wa gago, o tshwanetse go dirisana le ene fela fa go tlhokega go na le go nna le botsala jo bo gaufi le ene. O se ka wa nnela go akanya ka dilo tse motho yono a gaisang molekane wa gago ka tsone. Go na le moo, tlhoma mogopolo mo dinonofong tse di molemo tse molekane wa gago a nang le tsone. (Diane 31:29) Ikgopotse mabaka a a neng a dira gore o mo rate. Ipotse: ‘A tota molekane wa me ga a tlhole a na le dinonofo tseno kgotsa ga ke tlhole ke di bona?’

Tsaya Kgato

Michael le Maria ba go builweng ka bone pelenyana ba ne ba dira tshwetso ya go kopa kgakololo ya kafa ba ka rarabololang mathata a bone ka gone. Ke boammaaruri gore go kopa kgakololo ke kgato ya ntlha e motho a ka e tsayang. Go bo Michael le Maria ba ne ba ikemiseditse go rarabolola mathata a bone le go batla thuso, ba ne ba bontsha gore ba boloka maitlamo a lenyalo la bone le gore ba ikemiseditse go dira ka natla gore le atlege.

E ka ne lenyalo la gago le nonofile kgotsa le na le mathata, molekane wa gago o tshwanetse go itse gore o ikemiseditse go dira gore lenyalo la lona le atlege. Tsaya dikgato tsotlhe tse di tshwanetseng go tlhomamisetsa molekane wa gago gore o ikemiseditse go dira jalo. A o iketleeleditse go dira jalo?

^ ser. 3 Maina a fetotswe.

^ ser. 5 Le fa sekai se se fano e le sa monna yo o lebang ditshwantsho tse di hepisang, mosadi yo o dirang jalo le ene o tla bo a sa boloke maitlamo a lenyalo.

IPOTSE . . .

  • Ke ditiro dife tse nka fokotsang go di dira gore ke nne le nako e e oketsegileng le molekane wa me?
  • Nka dira eng go tlhomamisetsa molekane wa me gore ke ikemiseditse go boloka maitlamo a rona a lenyalo?