Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jesu O ne A Ruta Eng ka Dihele?

Jesu O ne A Ruta Eng ka Dihele?

 Jesu O ne A Ruta Eng ka Dihele?

Jesu o ne a re: “Fa leitlho la gago le dira gore o leofe, le ntshe. Go ka nna botoka go tsena mo bogosing jwa Modimo ka leitlho le le lengwe fela go na le go latlhelwa kwa diheleng o na le matlho a le mabedi. Diboko ga di swe koo le molelo o nna o ntse o tuka.”—MAREKO 9:47, 48, Contemporary English Version.

Ka nako nngwe, Jesu o ne a bua ka nako ya katlholo fa a tla bo a raya baikepi a re: “Tlogang mo go nna, lona ba lo hutsitsweng, lo ye kwa molelong o o sa khutleng o o baakanyeditsweng diabolo le baengele ba gagwe.” Gape o ne a re batho bano ba tla “ya kwa kotlhaong ya bosakhutleng.”—MATHAIO 25:41, 46, The New American Bible.

FA O bala mafoko a ga Jesu a a fa godimo ka lekgetlo la ntlha, go ka utlwala e kete o rotloetsa thuto ya molelo wa dihele. Ga go pelaelo gore Jesu o ne a sa ganetse se se mo Lefokong la Modimo, le le buang jaana ka tlhamalalo: “Baswi ga ba tlhole ba itse sepe.”—Moreri 9:5, NAB.

Ka jalo, Jesu o ne a kaya eng fa a ne a bua ka motho yo o latlhelwang “kwa diheleng”? A ‘molelo o o sa khutleng’ o Jesu a neng a bua ka one ke wa mmatota kgotsa ke wa tshwantshetso? Ke ka tsela efe baikepi ba ‘yang kwa kotlhaong ya bosakhutleng’? A re sekasekeng nngwe le nngwe ya dipotso tseno.

Jesu o ne a kaya eng fa a ne a bua ka motho yo o latlhelwang “kwa diheleng”? Lefoko la ntlhantlha la Segerika le le ranotsweng e le “dihele” mo go Mareko 9:47 ke Geʹen·na. Lefoko leno le tswa mo lefokong la Sehebera e leng Geh Hin·nomʹ, le le kayang “Mokgatšha wa Hinoma.” Mokgatšha wa Hinoma o ne o le kwa ntle ga motse wa Jerusalema wa bogologolo. Mo metlheng ya dikgosi tsa Iseraele, o ne o dirisediwa go ntsha bana ditlhabelo—mokgwa o o ferosang sebete o Modimo a neng a o ila. Modimo o ne a re o tla nyeletsa batho ba ba neng ba dira kobamelo eo ya maaka. Ka jalo, Mokgatšha wa  Hinoma o ne o tla bidiwa “mokgatšha wa polao” kwa “ditopo tsa batho bano” di neng di tla tlogelwa di sa fitlhwa gone. (Jeremia 7:30-34, King James Version) Jehofa o ne a bolelela pele gore Mokgatšha wa Hinoma e ne e tla nna lefelo le go latlhelwang ditopo mo go lone, e seng la go bogisa batho ba ba tshelang.

Mo metlheng ya ga Jesu, baagi ba Jerusalema ba ne ba dirisetsa Mokgatšha wa Hinoma go latlhela matlakala. Ba ne ba latlhela ditopo tsa dinokwane tse di bosula mo thothobolong eno le go dira gore molelo o nne o tuka go fisa matlakala le ditopo.

Fa Jesu a ne a bua ka diboko tse di sa sweng le molelo o o sa timeng, go bonala a ne a bua ka Isaia 66:24. Fa Isaia a ne a bua ka “ditopo tsa batho ba ba neng ba leofela [Modimo],” o ne a re “diboko tsa bone ga di kitla di swa le molelo wa bone ga o kitla o timiwa.” (KJ) Jesu le bareetsi ba gagwe ba ne ba itse gore mafoko ano a ga Isaia a  ne a lebisitswe mo tseleng e ditopo tsa batho ba ba neng ba sa tshwanelwe ke go fitlhwa di neng di tla tshwarwa ka yone.

Ka jalo, Jesu o ne a tshwantsha loso le go se nang tsholofelo ya tsogo mo go lone le Mokgatšha wa Hinoma kgotsa Gehena. O ne a tlhalosa seno sentle fa a ne a re Modimo “a ka kgona go bolaya moya le mmele kwa Gehena.” (Mathaio 10:28, NAB) Gehena e tshwantshetsa loso lwa bosakhutleng, e seng tlhokofatso ya bosakhutleng.

A ‘molelo o o sa khutleng’ o Jesu a neng a bua ka one ke wa mmatota kgotsa wa tshwantshetso? Ela tlhoko gore ‘molelo o o sa khutleng’ o Jesu a buileng ka one o o umakilweng mo go Mathaio 25:41, o baakanyeditswe “diabolo le baengele ba gagwe.” A o akanya gore molelo wa mmatota o ka fisa dibopiwa tsa semoya? Kgotsa a Jesu o ne a dirisa lefoko ‘molelo’ ka tsela ya tshwantshetso? Boammaaruri ke gore, “dinku” le “dipodi” tse Jesu a neng a di umaka ga se tsa mmatota; ke setshwantsho se se tshwantshetsang mefuta e mebedi ya batho. (Mathaio 25:32, 33) Molelo o o sa khutleng o Jesu a neng a bua ka one o fisa baikepi ka tsela ya tshwantshetso.

Ke ka tsela efe baikepi ba ‘yang kotlhaong ya bosakhutleng’? Le fa bontsi jwa dithanolo di dirisa lefoko “kotlhao” mo go Mathaio 25:46, tota lefoko leno la Segerika koʹla·sin le kaya “go tlhokomela go gola ga ditlhare” kgotsa go poma le go kgaola dikala tse di sa tlhokegeng. Fa batho ba sekadinku ba newa botshelo jo bo sa khutleng, ba sekadipodi ba ba sa ikwatlhaeng bone ba tla ‘otlhaiwa ka bosakhutleng,’ ba nyelediwa ruri.

O Akanya Eng?

Jesu ga a ise a ko a rute gore batho ba na le moya o o sa sweng. Le fa go ntse jalo, gantsi o ne  a ruta ka tsogo ya baswi. (Luke 14:13, 14; Johane 5:25-29; 11:25) Ke eng fa Jesu a ne a ka re baswi ba tla tsosiwa fa e le gore o ne a dumela gore meya ya bone e tswelela e tshela?

Jesu ga a ka a ruta gore Modimo o tla tlhokofatsa baikepi ka bosetlhogo ka bosakhutleng. Go na le moo, Jesu o ne a re: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16, NAB) Ke eng fa Jesu a ne a re ba ba sa dumeleng mo go ene ba tla swa? Fa e le gore tota o ne a kaya gore ba tla tshelela ruri ba boga kwa molelong wa dihele, a o ne a ka bo a sa bua jalo?

Thuto ya gore dihele ke lefelo la tlhokofatso ga e a thewa mo Baebeleng. Go na le moo, ke thuto ya boheitane e go tsewang gore ke ya Bokeresete. (Bona lebokoso le le reng  “Hisitori e Khutshwane ka Dihele,” mo go tsebe 6.) Ruri Modimo ga a tlhokofatse batho ka bosakhutleng kwa diheleng. Go ithuta boammaaruri ka dihele go ka ama jang tsela e o lebang Modimo ka yone?

[Lebokoso mo go tsebe 6]

 HISITORI E KHUTSWANE KA DIHELE

THUTO YA DIHELE E SIMOLOGILE MO DITUMELONG TSA BOHEITANE: Baegepeto ba bogologolo ba ne ba dumela mo molelong wa dihele. Buka ya Ȧm-Ṭuat ya 1375 B.C.E. e bua ka batho ba ba “tla latlhelwang mo moleteng; mme . . . ga ba kitla ba falola go tswa moo, e bile . . . ga ba kitla ba kgona go tila kgabo ya molelo.” Rafilosofi wa Mogerika e bong Plutarch (c. 46-120 C.E.) o ne a kwala jaana ka batho ba ba mo diheleng: “[Ba] ne ba bokolela fa ba ntse ba tlhokofadiwa ka tsela e e setlhogo le go otlhaiwa ka tsela e e tlhabisang ditlhong le e e utlwisang botlhoko.”

TUMELO YA DIHELE E ANAMELA MO SEJUDENG: Rahisitori mongwe e bong Josephus (37-c. 100 C.E.) o ne a bega gore Ba-Essene, e leng lekoko lengwe la Bajuda, le ne le dumela gore “moya ga o swe mme o tswelela o tshela ka bosakhutleng.” O ne a oketsa jaana: “Seno se tshwana le kgopolo ya Bagerika . . . Ba akanya gore meya e e bosula e nna mo lefelong le le lefifi le le tshosang e bile e otlhaetswe ruri.”

THUTO YA DIHELE E TSENA MO MADUMEDING A A IPITSANG A “BOKERESETE”: Mo lekgolong la bobedi la dingwaga C.E., buka ya ditlhamane e e bidiwang Apocalypse of Peter e ne ya bua jaana ka baikepi: “Ba tla lailwa ke molelo o o sa timeng.” Gape ya re: “Moengele wa tšhakgalo e bong Ezrael, o tlisa banna le basadi bontlhanngwe jwa mebele ya bone e tuka a bo a ba latlhela mo lefelong le le lefifi, dihele tsa batho; mme sebopiwa sa moya se se galefileng se a ba otlhaya.” Mo motlheng oo, mokwadi Theophilus wa kwa Antioka o ne a nopola moporofeti wa mosadi Sibyl wa Mogerika a bolelela pele kotlhao ya baikepi: “Molelo o tla ba fisa, ba tla tuka letsatsi le letsatsi mo malakabeng a molelo.” Ano ke mangwe a mafoko a Theophilus a reng a “boammaaruri, a mosola, a siame, e bile a solegela batho botlhe molemo.”

GO DIRISIWA MOLELO WA DIHELE GO BUELELA DITIRO TSA BOSETLHOGO MO DINGWAGENG TSA BOGARENG: Go begwa gore Mary I, kgosigadi ya Engelane (1553-1558), yo o neng a fisa Baporotesetanta ba ka nna 300 mo koteng, o ne a re: “E re ka meya ya bakgelogi e tla fisiwa ka bosakhutleng mo diheleng, ga go sepe se se molemo go feta gore ke etse pusoloso ya Bomodimo ka go ba fisa mo lefatsheng.”

TLHALOSO YA BOSHENG: Mo dingwageng tsa bosheng, dikereke dingwe di ile tsa fetola se di se rutang ka dihele. Ka sekai, ka 1995 Taelo ya Thuto ya Kereke ya Engelane e ne ya re: “Dihele ga se tlhokofatso ya bosakhutleng, ke go itirela tshwetso ya bofelo e e ka se kang ya dirololwa ya go nna kgatlhanong le Modimo mme diphelelo e le go nyelediwa ruri.”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]

‘BODIBA JWA MOLELO’ KE ENG?

Tshenolo 20:10 ya re Diabolo o tla latlhelwa “mo bodibeng jwa molelo” le go “tlhokofadiwa bosigo le motshegare ka bosaengkae le go ya go ile.” (King James Version) Fa Diabolo a ka bo a tlhokofadiwa ka bosakhutleng, Modimo o ne a tla tshwanelwa ke go mmoloka a tshela mme Baebele ya re Jesu o tla “mo fedisa.” (Bahebera 2:14, KJ) Bodiba jwa molelo jwa tshwantshetso bo emela “loso lwa bobedi.” (Tshenolo 21:8) Lono ga se loso lo lo neng lwa umakiwa la ntlha mo Baebeleng—loso lo lo bakilweng ke boleo jwa ga Adame—loso lo motho a ka gololwang mo go lone ka go tsosiwa. (1 Bakorintha 15:21, 22) E re ka Baebele e sa re “bodiba jwa molelo” bo tla golola ba ba mo go jone, “loso lwa bobedi” lo tshwanetse lwa bo lo kaya mofuta o mongwe wa loso, lo lo ka se kang lwa dirololwa.

Ba ba leng mo “bodibeng jwa molelo” ba tlhokofadiwa ka bosakhutleng ka tsela efe? Ka dinako dingwe “go tlhokofatsa” go ka kaya “go thibela” mongwe. Nako nngwe fa Jesu a ne a kopana le banna ba ba laolwang ke madimona, ba ne ba goela kwa godimo ba re: “A o tlile go re tlhokofatsa [o re thibela mo moleteng o o se nang bolekanngo] pele ga nako?” (Mathaio 8:29; Luke 8:30, 31; KJ) Ka jalo, botlhe ba ba mo “bodibeng” ba tla “tlhokofadiwa” ka go thibelwa ka bosakhutleng kgotsa ka “loso lwa bobedi.”