Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Diefangele di Ka Ikanngwa go le Kana Kang?

Diefangele di Ka Ikanngwa go le Kana Kang?

 Diefangele di Ka Ikanngwa go le Kana Kang?

“Diefangele di tshwanetse go tsewa e le ditlhamane fela tsa Bakeresete ba bogologolo.”—Burton L. Mack, porofesa yo o tlogetseng tiro wa dithuto tsa Tesetamente e Ntšha.

POROFESA yo o umakilweng fa godimo ga se ene fela a nang le kgopolo eo. Baithuti ba le bantsi ba ne ba belaela go ikanyega ga Efangele ya ga Mathaio, Mareko, Luke le Johane—dipego tse di mo Baebeleng tse di kaga botshelo le bodiredi jwa ga Jesu. Ke eng fa bangwe ba tsaya Diefangele e le ditlhamane? A kgopolo ya bone e tshwanetse go dira gore o belaele gore Diefangele di boammaaruri? Mma re sekaseke bongwe jwa bosupi jwa go bo di le boammaaruri.

Bangwe ba Belaela go Ikanyega ga Diefangele

Mo tshimologong ya lekgolo la bo17 la dingwaga la Motlha wa Rona, kgang ya go ikanyega ga Diefangele e ne e sa belaelwe go le kalo. Le fa go ntse jalo, segolobogolo go simolola ka lekgolo la bo19 la dingwaga go ya pele, baithuti ba le mmalwa ba ne ba tsaya Diefangele di sa tlhotlhelediwa ke Modimo go na le moo di itlhametswe ke batho. Mo godimo ga moo, ba ne ba latola gore bakwadi ba Diefangele e ne e le bone ba ntlha go nna le tshedimosetso kaga Jesu mme ba gatelela gore banna bao ba ne ba ka se kgone go kwala pego e e ka ikanngwang ya hisitori. Gape, ba ne ba swetsa ka gore go tshwana ga diteng tsa Diefangele tse tharo tsa ntlha—tse ka dinako dingwe di bidiwang tshobokanyo—go bontsha gore bakwadi ba Diefangele ba ne ba kwalolola fela go tswa mo go se mongwe a se kwadileng. Gape batshwayadiphoso ba ne ba sa dumele dikgakgamatso le tsogo ya ga Jesu jaaka di tlhalosiwa mo Diefangeleng. Tota e bile bangwe ba ne ba re Jesu e ne e se motho wa mmatota!

Batho bano ba re Mareko o tshwanetse a bo a kwadile Efangele ya gagwe pele, e re ka e se na dintlha di le dintsi jaaka ya ga Mathaio le Luke. Gape batshwayadiphoso ba tsaya gore Mathaio le Luke ba ne ba dirisa buka ya ga Mareko go kwala Diefangele le gore ba ne ba tsenya tshedimosetso e nngwe e e oketsegileng go tswa mo motsweding mongwe—setlankana se bakanoki ba reng ke Q (se se bidiwang Quelle ka Sejeremane kgotsa “motswedi”). Go ya ka mokanoki wa Baebele A.F.J. Klijn, kgopolo eo e e anameng e “dirile gore bakwadi ba Diefangele ba tsewe e se bakwadi mme e le batho ba ba rulagantseng dipego tse di setseng di kwadilwe.” Tota e bile kgopolo e e ntseng jalo e dira gore bakwadi ba Diefangele ba lebege e le bakwadi ba ditlhamane le bakwalolodi ba dibuka tsa motho yo mongwe ba bo ba re ke tsa bone. Kgopolo eno e dira gore go se ka ga dumelwa gore Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo.—2 Timotheo 3:16.

A Bakwadi ba Diefangele E ne E le Bakwalolodi ba Dibuka Tsa Batho ba Bangwe?

A ruri go tshwana ga tshobokanyo ya Diefangele go bontsha gore bakwadi ba ne ba kwalolola fela go tswa mo go tsa yo mongwe? Nnyaa. Ka ntlha yang? Ka gonne Jesu o ne a solofetsa barutwa ba gagwe gore moya o o boitshepo o ne ‘o tla busetsa mo megopolong ya bone dilo tsotlhe tse a ba boleletseng tsone.’ (Johane 14:26) Ka jalo, ga go gakgamatse go bo bakwadi ba Diefangele ba ne ba gakologelwa le go kwala dingwe tsa ditiragalo tse di tshwanang. Mme gone, bangwe ba bakwadi ba Baebele ba ka tswa ba badile le go nopola se se kwadilweng ke bakwadi ba bangwe ba Baebele, mme go dira jalo go ne go tla tlhoka gore ba dire dipatlisiso ka kelotlhoko e seng go kwalolola fela se mongwe a se kwadileng. (2 Petere 3:15) Mo godimo  ga moo, The Anchor Bible Dictionary ya re: “E re ka ditlwaelo dingwe di ne di fetisiwa ka go bua, seno se ka tswa se dirile gore bakwadi ba Diefangele ba tshware se Jesu a neng a se bua ka tlhogo le go se kwala ka tsela e e tshwanang.”

Luke o ne a re o ile a bua le basupi ba le bantsi ba ba boneng ka matlho mme a ‘latedisisa dilo tsotlhe ka tlhomamo go tswa kwa tshimologong.’ (Luke 1:1-4) A seno se lebega e kete o ne a kwalolola dibuka tsa mongwe kgotsa a itlhametse ditlhamane? Le e seng! Fa moithutamarope mongwe e bong William Ramsay a sena go sekaseka ka botlalo se Luke a se kwadileng o ne a re: “Luke ke rahisitori wa maemo a ntlha: ka gonne dipolelo tsa gagwe di ka ikanngwa e bile o itse kafa dintlha tsa hisitori di tshwanetseng go kwalwa ka gone . . . Mokwadi yono o tshwanetse go tsenngwa mo lenaaneng la bakwalahisitori ba bagolo.”

Bosupi jwa bakwadi ba dithuto tsa Kereke ya bogologolo go akaretsa tsa lekgolo la boraro la dingwaga tsa moithutabodumedi yo o bidiwang Origen le tsone di neela bosupi jo bo bontshang gore moaposetoloi Mathaio e ne e le wa ntlha go kwala Efangele. Origen o ne a kwala jaana: “Efangele ya ntlha e kwadile ke Mathaio ene yo e neng e le mokgethisi mme morago a nna moaposetoloi wa ga Jesu Keresete yo o neng a e kwalela Bajuda ba basokologi, a e kwala ka Sehebera.” Gone ke boammaaruri gore Mathaio, yo e neng e le moaposetoloi le mosupi yo o boneng ka matlho, o ne a sa tlhoke go kwalolola se se kwadilweng mo bukeng ya ga Mareko yo o neng a sa bona ditiragalo tseo ka matlho. Go tweng ka kgopolo ya gore Mathaio le Luke ba kwalolotse se se kwadilweng mo bukeng ya ga Mareko le mo setlankaneng se se bidiwang Q?

 A Efangele ya ga Mareko e Kwadilwe Pele?

The Anchor Bible Dictionary ya re kgopolo ya gore Efangele ya ga Mareko e kwadilwe pele le gore Mathaio le Luke ba ne ba kwala go tswa mo go yone “ga e utlwale.” Le fa go ntse jalo, bakanoki ba le bantsi ba re Mareko o kwadile Efangele ya gagwe pele Mathaio le Luke ba kwala tsa bone ka gonne ba re Diefangele tse dingwe di na le tshedimosetso e ntsi go gaisa ya ga Mareko. Ka sekai, mokanoki wa Baebele wa lekgolo la bo19 la dingwaga Johannes Kuhn, o gatelela gore Efangele ya ga Mareko e tshwanetse ya bo e kwadilwe pele. Kuhn a re, go seng jalo, “motho a ka akanya gore Mareko o ne a sobokanya memeno e mebedi ya ga Mathaio le Luke a e kopanya a bo a kwala Efangele ya gagwe.”

E re ka Efangele ya ga Mareko e le khutshwane, ga go gakgamatse go bo e na le tshedimosetso e nnye e e sa tshwaneng le tse dingwe. Le fa go ntse jalo, seo ga se bosupi jwa gore e kwadilwe pele. Mo godimo ga moo, ga se boammaaruri gore Mareko ga a kwala dintlha tse dingwe tse Mathaio le Luke ba sa di umakang mo Diefangeleng tsa bone. Mo pegong ya ga Mareko e e buang ka tsela e Jesu a neng a dira bodiredi jwa gagwe ka matlhagatlhaga ka yone, go na le ditemana tse di fetang 180 le dintlha tse di kgatlhang tse di sa fitlhelweng mo pegong ya ga Mathaio le ya ga Luke e leng se se dirang gore e nne pego e e tlhomologileng ya botshelo jwa ga Jesu.—Bona  lebokoso le le mo tsebe 13.

Go Tweng ka Setlankana sa Q?

Go tweng ka setlankana sa Q se bangwe ba reng Mathaio le Luke ba kwalolotse go tswa mo go sone? Porofesa wa bodumedi James M. Robinson a re: “Setlankana sa Q ke mokwalo o o botlhokwa thata wa Bokeresete o re nang le one.” Seo se a gakgamatsa ka gonne setlankana seo ga seyo gompieno, tota e bile ga go ope yo o ka ntshang bosupi jwa gore se kile sa nna teng! Go nyelela ga sone go a gakgamatsa ka gonne bakanoki ba re dikhopi di le mmalwa tsa sone di ka bo di ile tsa anamisiwa. Mo godimo ga moo, Bakwadi ba Dithuto Tsa Kereke ga ba nke ba nopola sepe go tswa mo setlankaneng sa Q.

Akanya ka seno. Setlankana sa Q se ne se tshwanetse sa bo se le teng go tlhomamisa kgang ya gore Efangele ya ga Mareko e kwadilwe pele. A seno ga se bontshe gore ke selo se se ikakanyediwang fela? Fa re lebane le dikgopolo tse di tshwanang le tseno, re tla bo re le botlhale go nna re akantse ka seane seno: “Ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.”—Diane 14:15.

Diefangele—Di Boammaaruri e Bile di ka Ikanngwa

Ka ntlha ya dikgopolo tsa bone tse di sa utlwaleng e bile di sa tlhomama, bakanoki ba ba tshwayatshwayang diphoso ba dirile gore batho ba le bantsi ba se ka ba sekaseka go ikanyega ga dipego tsa Diefangele tse di kaga botshelo le bodiredi jwa ga Jesu. Dipego tseno di bontsha gore Bakeresete ba pele ba ne ba sa tseye ditiragalo tsa botshelo jwa ga Jesu, bodiredi, loso le go tsosiwa ga gagwe e le ditlhamane fela. Makgolokgolo a batho ba ba boneng ditiragalo tseo ka matlho ba tlhomamisa gore di boammaaruri. Bakeresete bano ba pele ba ba neng ba iketleeditse go bogisiwa le go swa ka go bo ba latela Jesu ba ne ba lemoga gore go nna Mokeresete go ne go se kitla go utlwala fa e le gore bodiredi le tsogo ya ga Jesu e ne e le tlhamane fela.—1 Bakorintha 15:3-8, 17, 19; 2 Timotheo 2:2.

Fa porofesa wa thutabodumedi George W. Buchanan a ne a bua ka kganetsano e e kaga kgopolo ya gore Efangele ya ga Mareko e kwadilwe pele le go latlhega ga setlankana sa Q, a re: “Go tlhoma mogopolo mo kgopolong eo ya bogologolo go dira gore moithuti wa Baebele a se ka a tswelela a ithuta.” Seo se dumalana le kgakololo e moaposetoloi Paulo a neng a e naya Timotheo ya gore a se ka a “tlhokomela dipolelo tsa maaka le dipolelo tsa tlhatlhamano ya masika, tse di felelang e se sepe, mme e le tse di tsosang dipotso tse di tlhokang go batlisisiwa go na le gore Modimo a abe sengwe ka ga tumelo.”—1 Timotheo 1:4.

Diefangele di a ikanyega. Di na le dipego tse di ikanyegang tsa basupi ba ba boneng ka matlho. Di kwadilwe fa go sena go dirwa dipatlisiso tse di tseneletseng. Di re bolelela dintlha tse di kgatlhang ka botshelo jwa ga Jesu Keresete. Ka jalo, jaaka Timotheo wa bogologolo re dira sentle fa re reetsa mafoko ano a ga Paulo: “Tswelela mo dilong tse o di ithutileng wa ba wa tlhotlhelediwa go di dumela.” Re na le lebaka le le utlwalang la go dumela gore “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo” go akaretsa le Diefangele di le nnè.—2 Timotheo 3:14-17.

[Lebokoso mo go tsebe 13]

 Fa Efangele ya ga Mareko E ne E sa Kwalwa, Re ne Re ka Se Itse Gore . . .

Jesu o ne a leba kwa go bone ka kgakalo, a hutsafaditswe thatathata ke go kgwaralala ga dipelo tsa bone (Mareko 3:5)

sefane sa ga Johane le Jakobe e ne e le Boaneregese (Mareko 3:17)

mosadi yo o neng a na le kelelo ya madi o ne a dirisitse mahumo otlhe a gagwe (Mareko 5:26)

Herodiase o ne a tshwere Johane Mokolobetsi ka pelo le gore Herode o ne a boifa Johane thata mme a mmoloka a babalesegile (Mareko 6:19, 20)

Jesu o ile a re barutwa ba gagwe ba ikhutse go sekae (Mareko 6:31)

Bafarasai ba ne ba tlhapa diatla go fitlha kwa sekgonong (Mareko 7:2-4)

Jesu o ne a tsaya bana ka mabogo (Mareko 10:16)

Jesu o ne a ikutlwa a rata mmusi mongwe yo monnye (Mareko 10:21)

Petere, Jakobe, Johane le Anderea ba ile ba mmotsa kwa thoko (Mareko 13:3)

lekau lengwe le ne la tlogela seaparo sa lone sa leloba kwa morago (Mareko 14:51, 52)

e ne e le ura ya boraro fa Jesu a ne a bapolwa (Mareko 15:25)

Mo godimo ga moo, sengwe sa ditshwantsho tsa ga Jesu le dikgakgamatso tsa gagwe tse pedi di fitlhelwa fela mo bukeng ya ga Mareko.—Mareko 4:26-29; 7:32-37; 8:22-26.

Efangele ya ga Mareko e na le tshedimosetso e ntsi e e seng teng mo Diefangeleng tse dingwe. Re tla e anaanela thata fa re ipha nako ya go tlhatlhanya ka botlalo ka botlhokwa jwa tshedimosetso yotlhe e e molemo e e mo go yone.