Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Leina Jehofa le Tshwanetse go Tlhagelela mo Tesetamenteng e Ntšha?

A Leina Jehofa le Tshwanetse go Tlhagelela mo Tesetamenteng e Ntšha?

A GO botlhokwa gore leina la Modimo le tlhage mo Baebeleng? Ga go pelaelo gore Modimo o ne a ikutlwa jalo. Leina la gagwe, jaaka le emelwa ke ditlhaka tse nnè tsa Sehebera tse di bidiwang Thaterakeramatone, le tlhaga makgetlo a ka nna 7 000 mo mokwalong wa ntlhantlha wa Sehebera o o itsegeng e le Tesetamente e Kgologolo. *

Baithuti ba Baebele ba dumela gore leina la Modimo le tlhaga mo Tesetamenteng e Kgologolo kgotsa mo Dikwalong Tsa Sehebera. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba tsaya gore le ne le sa tlhage mo mekwalong ya ntlhantlha ya Segerika e e bidiwang Tesetamente e Ntšha.

Ka jalo, go direga eng fa mokwadi wa Tesetamente e Ntšha a nopola ditemana go tswa mo Tesetamenteng e Kgologolo tse Thaterakeramatone e tlhagang mo go tsone? Mo makgetlong ano, baranodi ba le bantsi ba dirisa lefoko “Morena” go na   le go dirisa leina la Modimo. Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo ga e latele mokgwa ono o o tlwaelegileng. E dirisa leina Jehofa ka makgetlo a le 237 mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika kgotsa mo Tesetamenteng e Ntšha.

Ke mathata afe a baranodi ba Baebele ba lebanang le one fa ba tshwanetse go dira tshwetso ya go dirisa leina la Modimo mo Tesetamenteng e Ntšha? A go na le mabaka a a utlwalang a go dirisa leina la Modimo mo Tesetamenteng e Ntšha? Go dirisiwa ga leina la Modimo mo Baebeleng go go ama jang?

 

Bothata jo Baranodi ba Neng ba Lebana le Jone

Mekwalo e e leng teng gompieno ya Tesetamente e Ntšha ga se mekwalo ya ntlhantlha. Mekwalo ya ntlhantlha e e neng e kwadilwe ke Mathaio, Johane, Paulo le ba bangwe e ne e dirisiwa thata, mme ka ntlha ya seo e ne ya onala ka bonako. Ka jalo, go ne ga dirwa dikhopi mme fa le tsone di onala, go ne ga dirwa tse dingwe gape. Mo dikhoping di le diketekete tsa Tesetamente e Ntšha tse di leng teng gompieno, bontsi jwa tsone di dirilwe mo e ka nnang makgolo a mabedi a dingwaga fa mekwalo ya ntlhantlha e se na go kwalwa. Go bonala gore ka nako eo, batho ba ba neng ba kwalolola mekwalo eo ba ne ba kwala Ku′ri·os kgotsa Ky′ri·os, e leng lefoko la Segerika le le rayang “Morena,” mo boemong jwa go kwala Thaterakeramatone, kgotsa ba ne ba kwalolola mo mekwalong e go neng go kwadilwe Morena mo go yone. *

Fa moranodi a itse seno, o tshwanetse go sekaseka gore a go na le bosupi jo bo utlwalang jwa gore a tota Thaterakeramatone e ne e tlhaga mo mekwalong ya ntlhantlha ya Segerika. A go na le bosupi jo bo ntseng jalo? Akanyetsa mabaka a a latelang:

  • Fa Jesu a ne a nopola Tesetamente e Ntšha kgotsa a bala go tswa mo go yone, o ne a dirisa leina la Modimo. (Duteronome 6:13, 16; 8:3; Pesalema 110:1; Isaia 61:1, 2; Mathaio 4:4, 7, 10; 22:44; Luke 4:16-21) Mo motlheng wa ga Jesu le barutwa ba gagwe, Thaterakeramatone e ne e tlhaga mo dikhoping tsa mokwalo wa Sehebera o le gompieno o sa ntseng o bidiwa Tesetamente e Kgologolo. Le fa go ntse jalo, ka makgolokgolo a dingwaga baithuti ba Baebele ba ne ba akanya gore  Thaterakeramatone e ne e sa kwalwa mo mekwalong ya thanolo ya Baebele ya Septuagint ya Tesetamente e Kgologolo, le mo mekwalong ya Tesetamente e Ntšha. Morago ga moo, mo bogareng jwa lekgolo la bo20 la dingwaga baithuti ba Baebele ba ne ba lemoga sengwe se se tlhomologileng—ba ne ba fitlhela dikapetla dingwe tsa bogologolo tsa thanolo ya Septuagint ya Segerika tse di neng di le teng ka motlha wa ga Jesu. Dikapetla tseo di ne di na le leina la Modimo, le kwadilwe ka ditlhaka tsa Sehebera.
  • Jesu o ne a dirisa leina la Modimo e bile o ne a le itsise ba bangwe. (Johane 17:6, 11, 12, 26) Jesu o ne a bua jaana ka tlhamalalo: “Ke tlile ka leina la ga Rre.” Gape o ne a gatelela gore o ne a dira ditiro tsa gagwe ‘ka leina la ga Rraagwe.’ Tota e bile, leina la ga Jesu le raya gore “Jehofa ke Poloko.”—Johane 5:43; 10:25.
  • Leina la Modimo le tlhaga le khutshwafaditswe mo Dikwalong Tsa Segerika. Mo go Tshenolo 19:1, 3, 4, 6, leina la Modimo le akareditswe mo mafokong a a reng “Alleluia,” kgotsa “Haleluja.” Totatota mafoko ano a kaya “Bakang Jah, lona batho!” Jah ke leina le le khutshwafaditsweng la ga Jehofa.
  • Mekwalo ya bogologolo ya Bajuda e bontsha gore Bakeresete ba Bajuda ba ne ba dirisa leina la Modimo mo mekwalong ya bone. Buka e e tlhalosang melao e e sa kwalwang ya The Tosefta, e e neng ya wediwa go kwalwa mo e ka nnang ka 300 C.E., e bua jaana malebana le mekwalo ya Bokeresete e e neng ya fisiwa ka Sabata: “Dibuka tsa Baefangele le dibuka tsa ba-minim [ba go neng go akanngwa gore e ne e le Bakeresete ba Bajuda] di ne tsa fisiwa ka molelo. Mme di ne tsa tlogelwa gore di tuke, . . . tsone le ditshupiso tse Leina la Modimo le neng le tlhagelela mo go tsone.” Buka eno e nopola Moruti Yosé wa Mogalalea, yo o neng a tshela mo tshimologong ya lekgolo la bobedi la dingwaga C.E., a re mo malatsing a mangwe a beke “motho o gagola ditshupiso tse Leina la Modimo le tlhagelelang mo go tsone [mekwalo ya Bokeresete] a bo a di boloka, mme a bo a fisa tse dingwe.” Ka jalo, go na le bosupi jo bo nonofileng jwa gore Bajuda ba ba neng ba tshela mo lekgolong la bobedi la dingwaga C.E. ba ne ba dumela gore Bakeresete ba ne ba dirisa leina la ga Jehofa mo mekwalong ya bone.
 

Baranodi Ba ne Ba Rarabolola Jang Bothata Jono?

A Thanolo ya Lefatshe le Lesha ke yone fela Baebele e e neng ya busetsa leina la Modimo fa go ranolwa Dikwalo Tsa Segerika? Nnyaa. Go ya ka bosupi jo bo fa godimo, baranodi ba le bantsi ba Baebele ba ne ba swetsa ka gore leina la Modimo le tshwanetse go busediwa fa ba ranola Tesetamente e Ntšha.

Ka sekai, dithanolo di le dintsi tsa Tesetamente e Ntšha tsa Afrika, Amerika, Asia le setlhaketlhake sa  Pacific di dirisa leina la Modimo ka kgololesego. (Bona tšhate e e mo tsebeng eno.) Dingwe tsa dithanolo tseno di ne tsa bonwa bosheng, tse di jaaka Rotuman Bible (1999), e e dirisang leina Jihova makgetlo a le 51 mo ditemaneng di le 48 tsa Tesetamente e Ntšha, le thanolo ya Batak-Toba (1989) ya kwa Indonesia, e e dirisang leina Jahowa makgetlo a le 110 mo Tesetamenteng e Ntšha. Leina la Modimo le ne la tlhaga le mo dithanolong tsa Sefora, Sejeremane le Se-Spain. Ka sekai, Pablo Besson o ne a ranola Tesetamente e Ntšha ka Se-Spain mo masimologong a lekgolo la bo20 la dingwaga. Thanolo ya gagwe e dirisa leina Jehová mo go Jude 14 mme go na le dintlha tse di kwa tlase di ka nna 100 tse di akantshang gore eo e ka tswa e le yone tsela e leina la Modimo le bidiwang ka yone.

Fa thoko fano go na le dikai dingwe tsa dithanolo tsa Seesemane tse di dirisitseng leina la Modimo mo Tesetamenteng e Ntšha:

  • A Literal Translation of the New Testament . . . From the Text of the Vatican Manuscript, e e kwadilweng ke Herman Heinfetter (1863)
  • The Emphatic Diaglott, e e kwadilweng ke Benjamin Wilson (1864)
  • The Epistles of Paul in Modern English, e e kwadilweng ke George Barker Stevens (1898)
  • St. Paul’s Epistle to the Romans, e e kwadilweng ke W. G. Rutherford (1900)
  • The Christian’s Bible—New Testament, e e kwadilweng ke George N. LeFevre (1928)
  • The New Testament Letters, e e kwadilweng ke J.W.C. Wand, Bishop of London (1946)

Bosheng jaana, kgatiso ya 2004 ya New Living Translation e ne ya akgela jaana mo ketapeleng ya yone kafa tlase ga setlhogo se se reng “Go Ranolwa ga Leina la Modimo”: “Gantsi re ne re ranola thaterakeramatone (YHWH) ka tsela e e tshwanang e  le ‘Morena,’ re dirisa ditlhaka tse di potlana tsa mokwalo o mogolo tse di dirisiwang thata mo dithanolong tsa Seesemane. Seno se tla e farologanya le leina ′adonai, le re le ranolang e le ‘Morena.’” Morago ga moo, fa e akgela ka Tesetamente e Ntšha ya re: “Lefoko la Segerika kurios le ranotswe ka tsela e e tshwanang e le ‘Morena,’ mme le ranotswe e le ‘MORENA’ gongwe le gongwe fela mo mokwalo wa Tesetamente e Ntšha o nopolang ka tlhamalalo go tswa mo Tesetamenteng e Kgologolo, mme mokwalo oo o kwadilwe ka ditlhaka tse di potlana tsa mokwalo o mogolo.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ka jalo, baranodi ba Baebele eno ba dumela gore Thaterakeramatone (YHWH) e tshwanetse go tsenngwa mo dinopolong tseo tsa Tesetamente e Ntšha.

Se se kgatlhang ke gore kafa tlase ga setlhogo se se reng “Thaterakeramatone mo Tesetamenteng e Ntšha,” The Anchor Bible Dictionary e akgela jaana: “Go na le bosupi bongwe jwa gore fa mekwalo ya Tesetamente e Ntšha e ne e kwalwa la ntlha, go ne go tlhaga Thaterakeramatone, Leina la Modimo, Yahweh, mo lefelong lengwe kgotsa mo mafelong otlhe a Tesetamente e Ntšha fa go ne go nopolwa Tesetamente e Kgologolo.” Mme moithuti mongwe wa Baebele yo o bidiwang George Howard a re: “E re ka Thaterakeramatone e ne e sa ntse e kwadilwe mo dikhoping tsa Baebele ya Segerika [Septuagint] tse e neng e le karolo ya Dikwalo tsa kereke ya bogologolo, go a utlwala go dumela gore bakwadi ba Tesetamente e Ntšha, fa ba ne ba nopola mo Dikwalong, ba ne ba dirisa Thaterakeramatone e e neng e le mo mokwalong wa Baebele.”

Mabaka a Mabedi a a Utlwalang

Ka jalo, go a utlwala gore Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ne e se yone Baebele ya ntlha go nna le leina la Modimo mo Tesetamenteng e Ntšha. Fela jaaka moatlhodi yo o kopiwang gore a atlhole kgetsi e go se nang basupi bape mo go yone, Komiti ya Thanolo ya Baebele ya Lefatshe le Lesha e ne ya sekaseka ka kelotlhoko bosupi jotlhe jo bo tlhokegang. Ka ntlha ya mabaka a a utlwalang, ba ne ba swetsa ka go tsenya leina la ga Jehofa mo thanolong ya bone ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Ela tlhoko mabaka a mabedi a a utlwalang a go bo ba ne ba dira jalo.

(1) Baranodi ba ne ba dumela gore e re ka Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di ne di tlhotlheleditswe fela jaaka Dikwalo Tsa Sehebera tse di boitshepo, go ne go sa utlwale gore leina la ga Jehofa le se ka la tlhaga mo mokwalong.

Ke ka ntlha yang fa seo e le lebaka le le utlwalang? Mo e ka nnang mo bogareng jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., morutwa Jakobe o ne a raya bagolwane ba kwa Jerusalema a re: “Semeone o boletse ka botlalo kafa Modimo a neng a lebisa tlhokomelo ya gagwe ka gone lekgetlo la ntlha kwa ditšhabeng gore a ntshe batho ba leina la gagwe mo go tsone.” (Ditiro 15:14) A go a utlwala go dumela gore Jakobe o ne a tla bua mafoko ao fa go ne go se na ope mo lekgolong la ntlha la dingwaga yo o neng a itse leina la Modimo kgotsa a le dirisa?

(2) Fa dikhopi tsa Septuagint tse di neng di dirisa leina la Modimo go na le Ky′ri·os (Morena) di ne di bonwa, baranodi ba ne ba lemoga gore mo motlheng wa ga Jesu go ne go na le dikhopi tsa Dikwalo tsa Segerika tsa bogologolo—le tsa Sehebera—tse di neng di na le leina la Modimo.

Go bonala mokgwa o o tlontlololang Modimo wa go ntsha leina la gagwe mo mekwalong ya Segerika o ne wa nna teng morago ga motlha wa ga Jesu. O akanya eng? A Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba ka kgothaletsa mokgwa o o ntseng jalo?—Mathaio 15:6-9.

Bitsa “Leina la ga Jehofa”

Tota Dikwalo ka botsone di supa kwantle ga pelaelo gore Bakeresete ba bogologolo ba ne ba dirisa leina la ga Jehofa mo mekwalong ya bone, segolobogolo fa ba ne ba nopola ditemana go tswa mo Tesetamenteng e Kgologolo tse di neng di na le leina leo. Ka jalo kwantle ga pelaelo, Thanolo ya Lefatshe le Lesha e na le mabaka a a utlwalang a go busetsa leina la Modimo, Jehofa, mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika.

Tshedimosetso eno e go ama jang? Fa moaposetoloi Paulo a ne a nopola Dikwalo Tsa Sehebera, o ne a gakolola Bakeresete ba kwa Roma jaana: “Mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa.” Morago ga moo o ne a botsa jaana: “Ba tla bitsa jang yo ba sa dumelang mo go ene? Gape, ba tla dumela jang mo go yo ba sa utlwang ka ene?” (Baroma 10:13, 14; Joele 2:32) Dithanolo tsa Baebele tse di dirisang leina la Modimo fa go tshwanela di go thusa go atamalana le Modimo. (Jakobe 4:8) Ruri ke tshiamelo go itse le go bitsa leina la Modimo, Jehofa.

^ ser. 2 Thaterakeramatone e kaya ditlhaka tse nnè, YHWH, tse di emelang leina la Modimo ka Sehebera. Gantsi e ranolwa e le Jehofa ka Setswana.

^ ser. 7 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka ntlha eno, bona boroutšhara jwa Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri, jo bo gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, tsebe 23-27.