Ditsela Tsa go Bona Boitumelo mo Lelapeng

Go Buisana le Bana ba Dingwaga Tsa Bolesome

“Go ne go le motlhofo go buisana le morwaake mme gone jaanong ka a le dingwaga di le 16, go thata gore nna kgotsa monna wa me re itse gore o akanya eng. O rata go nna a le esi mo kamoreng ya gagwe mme o bua le rona ka sewelo fela!”—MIRIAM, MEXICO.

“Ka nako nngwe, banake ba ne ba tlhoafaletse go utlwa sengwe le sengwe se ke se buang. Gompieno, e re ka ba le mo dingwageng tsa bolesome, ba akanya gore ga ke ba tlhaloganye.”—SCOTT, AUSTRALIA.

FA E le gore o godisa ngwana wa dingwaga tsa bolesome, gongwe le wena o mo boemong jo bo tshwanang le jo batsadi ba ba umakilweng fa godimo ba leng mo go jone. Mo nakong e e fetileng, go tshwanetse ga bo go ne go le motlhofo go buisana le ngwana wa gago. Jaanong go thata. Mmè mongwe wa kwa Italy yo o bidiwang Angela a re: “Fa morwaake a sa ntse a le monnye, o ne a tlhola a mpotsa dipotso tse di ganang go fela. Gone jaanong ke nna ke tshwanetseng go simolola motlotlo. Fa ke sa dire jalo, go ka nna ga feta malatsi a le mantsi re sa nne le motlotlo.”

Jaaka Angela, gongwe le wena o lemogile gore ngwana wa gago yo o neng a bua thata jaanong o fetogile motho yo o sa rateng go bua. Ka metlha fa o leka go bua le ene o araba fela se o mmotsang sone. Fa o botsa morwao gore “O tlhotse jang?” O araba jaana ka bokhutshwane “sentle.” Fa o botsa morwadio gore “go diregile eng kwa sekolong gompieno?” O araba jaana ka go ikgolola, “sepe.” Fa o ka leka go tsweledisa motlotlo ka gore, “a o raya gore ga go a diragala sepesepe?” jaanong o tla bo a didimalela ruri.

Ke boammaaruri gore bana bangwe ba dingwaga tsa bolesome ga ba na bothata jwa go bua. Le fa go ntse jalo, se ba se buang ga se se batsadi ba bone ba batlang go se utlwa. Mmè mongwe wa kwa Nigeria yo o bidiwang Edna o gakologelwa jaana: “Nako le nako fa ke ne ke kopa morwadiake go dira sengwe, o ne a tlwaetse go nthaya a re ‘ga ke batle.’” Ramón wa kwa Mexico o ne a lemoga sengwe se se tshwanang ka morwawe wa dingwaga tse 16. A re: “Re ngangisana letsatsi le letsatsi. Nako le nako fa ke mo kopa gore a dire sengwe, o ntsha diipato.”

Go ka betisa motsadi pelo fa a leka go buisana le ngwana wa dingwaga tsa bolesome yo o sa batleng go reetsa. Baebele e a dumela gore go na le “go kgoreletsega ga dithulaganyo kwa go se nang puo ya sephiri teng.” (Diane 15:22) Motsadi mongwe yo o godisang bana a le esi wa kwa Russia a re: “Fa ke sa itse gore morwaake o akanya eng, ke tenega mo e leng gore ke batla go mo omanya.” Ke eng fa puisano e nna thata mo nakong eno e go leng botlhokwa thata mo go yone gore basha le batsadi ba buisane?

Go Lemoga Dilo Tse di Kgoreletsang Puisano

Puisano e akaretsa dilo tse dintsi. Jesu o ne a re “molomo o bua . . . se se tletseng mo pelong.” (Luke 6:45) Ka jalo, puisano e e molemo e ka re thusa gore re ithute mo bathong ba bangwe le gore re tlhalose dilo dingwe ka rona. Go ka nna thata gore bana ba dingwaga tsa bolesome ba tlhalose   tsela e ba ikutlwang ka yone le e ba akanyang ka yone. Ka ntlha ya gore fa ba gola, tota le ngwana yo o neng a bua thata ka tshoganyetso fela a ka nna a se ka a tlhola a bua mme a nne ditlhong. Bomankge ba re bana ba dingwaga tsa bolesome gantsi ba nna le boikutlo jwa gore mongwe le mongwe o etse tlhoko se ba se dirang le se ba se buang jaaka e kete ba mo seraleng se se nang le dipone. Go na le gore ba lebane le dipone tseo, re ka re, basha bano ba tlhopha go itswalela mo gareteneng, mo go rayang gore ba a itlhaola mme ga ba batle go buisana le batsadi ba bone.

Sengwe gape se se ka kgoreletsang puisano, ke fa mosha wa dingwaga tsa bolesome a batla go nna le kgololesego. Ga go na ka tsela e seno se ka tilwang ka yone—ngwana wa gago o a gola mme karolo nngwe ya go gola ga gagwe e akaretsa go itlhaloganya. Seno ga se reye gore ngwana wa gago o setse a siametse go nna a le nosi. Go na le moo, o go tlhoka go feta le fa e le leng pele. Mme kgang eno ya go batla go itirela ditshwetso e simolola dingwaga pele a gola. Fa ba ntse ba gola, basha ba le bantsi ba dingwaga tsa bolesome ba bona go le molemo gore ba itirele ditshwetso pele ba bolelela ba bangwe ka se ba se akanyang.

Gone ke boammaaruri gore basha ba dingwaga tsa bolesome ba ka bua ba gololesegile le balekane ba bone—e leng sengwe se mmè mongwe wa kwa Mexico e bong Jessica a neng a se lemoga. A re: “Fa morwadiake a ne a le monnye, ka dinako tsotlhe o ne a mpolelela mathata a gagwe. Jaanong o bolelela ditsala tsa gagwe.” Fa e le gore go ntse jalo le ka ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome, o se ka wa swetsa ka gore ga a tlhole a batla thuso ya gago. Go farologana le seo, dipatlisiso di bontsha gore le fa bana ba dingwaga tsa bolesome ba sa amogele gore kgakololo ya batsadi ba bone e botlhokwa go feta ya ditsala tsa bone, tota ba e tsaya e ntse jalo. Le fa go ntse jalo, o ka tlhomamisa jang gore puisano e nna e le teng ka dinako tsotlhe?

Ditsela Tsa go Atlega—Go Fenya Dilo Tse di Kgoreletsang Puisano

Akanya o kgweetsa mo tseleng e telele e e tlhamaletseng. Fa o ntse o kgweetsa dikilometara di le dintsi, ga o kitla o tlhoka go laola setereberi sa koloi go le kalo. Mme ka tshoganyetso fela, tsela e nna matsoketsane. E le gore koloi ya gago e se ka ya tswa mo tseleng, o tshwanetse go laola setereberi sa koloi. Go ntse fela jalo le fa ngwana wa gago a tsena mo dingwageng tsa bolesome. Gongwe o ne o se na mathata a le kalo fa o ne o buisana le ene. Le fa go ntse jalo, gone jaanong botshelo jwa gagwe bo fetogile mme o tshwanetse go fetola tsela e o buisanang le ene ka yone. Ipotse dipotso tse di latelang.

‘Fa morwaake kgotsa morwadiake a batla go bua, a le nna ke ikemiseditse go buisana le ene?’ Baebele ya re: “Lefoko le le builweng ka nako e e le tshwanetseng le tshwana le diapole tsa gouta mo dilong tse di setilweng tsa selefera.” (Diane 25:11) Jaaka temana eno e bontsha, gantsi go botlhokwa gore o itse gore o tshwanetse go bua leng. Ka sekai: Molemi ga a kgone go dira gore nako ya thobo e tle ka bonako kgotsa go e busetsa morago. O tshwanetse go dira sotlhe se a ka se kgonang ka nako ya thobo. Gongwe go na le nako e e rileng e ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome a ratang go bua ka yone. Dirisa nako eo go buisana le ene. Mmè mongwe yo o godisang bana a le esi wa kwa Australia e bong Frances a re: “Gantsi morwadiake o ne a tla mo kamoreng ya me bosigo, ka dinako tse dingwe a tla go dula ura e le nngwe. Ga ke rate go robala bosigo thata, ka jalo go ne go se motlhofo go itisa go fitlha ka nako eo, mme re ne re kgona go bua ka sengwe le sengwe.”

LEKA SENO: Fa ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome a sa rate go bua, dira sengwe le ene—iphokise phefo le ene, tsamayang mmogo ka koloi, tshamekang mmogo kgotsa dirang tiro nngwe ya mo lelapeng mmogo. Gantsi dinako tseo di thusa bana ba dingwaga tsa bolesome go bua.

‘Fa a bua sengwe, a ke tlhaloganya e seng fela se a se buang mme le tsela e a ikutlwang ka yone?’ Jobe 12:11 ya re: “A tsebe ka boyone ga e leke mafoko jaaka magalapa a utlwa dijo?” Go feta le e leng pele, o tlhoka go ‘leka’ se morwao kgotsa morwadio a se buang. Gantsi bana ba dingwaga tsa bolesome ba na le go bua jaaka e kete se ba se buang ka dinako tsotlhe se boammaaruri. Ka sekai, morwao kgotsa morwadio a ka nna a re, “Ka dinako tsotlhe o ntshwara jaaka ngwana!” kgotsa “Ga o ke o ntheetsa!” Go na le gore o ganetsane le mafoko a a a dirisang a a jaaka “ka dinako tsotlhe” le “ga o ke o,” lemoga gore ngwana wa gago tota ga  a reye gore go ntse jalo. Ka sekai, fa a re “ka dinako tsotlhe o ntshwara jaaka ngwana” o kaya gore “ke akanya gore ga o ntshepe,” mme fa a re “ga o ke o ntheetsa!” a ka tswa a raya gore “ke batla go go bolelela kafa ke ikutlwang ka gone.” Leka go tlhaloganya kafa a ikutlwang ka gone e seng fela se a se buang.

LEKA SENO: Fa ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome a go latofatsa ka sengwe, o ka nna wa re: “Ke kgona go bona gore ga o a itumela mme ke batla go utlwa se o batlang go mpolelela sone. Mpolelele gore ke eng fa o akanya gore ke go tshwara jaaka ngwana.” Mme morago, mo reetse ntle le go mo tsena ganong.

‘A ke dira gore go nne thata gore ngwanake a buisane le nna ka go leka go mo pateletsa go bua?’ Baebele ya re: “Peo ya leungo la tshiamo e jalwa mo maemong a a kagiso e jalelwa ba ba dirang kagiso.” (Jakobe 3:18) Ka se o se buang le ka ditiro tsa gago, dira gore go nne le ‘maemo a kagiso’ e le gore ngwana wa gago a ka ikutlwa a gololesegile go bua. Gakologelwa gore ke wena mothusi wa ngwana wa gago. Ka jalo, fa lo bua ka kgang nngwe, o se ka wa bua jaaka e kete o mosekisi wa kwa kgotlatshekelo yo o lekang go sekaseka bosupi jwa se motho a se buang ka go mo botsakaka dipotso. Rre mongwe wa kwa Korea yo o bidiwang Ahn a re: “Motsadi yo o botlhale ga a bue mafoko a a jaaka, ‘o tla gola leng?’ kgotsa ‘ke go boleletse makgetlo a le kae?’ Fa ke sena go bua mafoko ao makgetlo a le mantsi, ke ne ka lemoga gore basimanyana ba me ba ne ba sa rate e seng fela tsela e ke neng ke bua le bone ka yone mme gape le se ke neng ke se bua.”

LEKA SENO: Fa ngwana wa gago a sa batle go go araba, leka mokgwa o mongwe. Ka sekai, go na le gore o botse morwadio gore o tlhotse jang, mmolelele gore wena o tlhotse jang mme o bone gore o itshwara jang. Kgotsa fa o batla go lemoga gore ngwana wa gago o akanya eng ka kgang nngwe, mmotse dipotso tse di sa mo lebanang. Mmotse gore tsala ya gagwe e akanya eng ka kgang eo. Mme morago ga moo, mmotse gore o ne a ka mo naya kgakololo efe.

Ga go thata go buisana le bana ba dingwaga tsa bolesome. Fa go tlhokega, fetola tsela e o buisanang le bone ka yone. Buisana le batsadi bangwe ba ba atlegileng mo kgannyeng eno. (Diane 11:14) Fa o buisana le morwao kgotsa morwadio “nna bonako go utlwa, bonya go bua, bonya go shakgala.” (Jakobe 1:19) Mo godimo ga moo, o se ka wa itlhoboga fa o ntse o leka go godisetsa bana ba gago “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.”—Baefeso 6:4.

IPOTSE JAANA . . .

▪ Ke lemogile diphetogo dife mo ngwaneng wa me fa e sa le a tshwara dingwaga tsa bolesome?

▪ Nka tokafatsa jang tsela e ke buisanang le ene ka yone?

[Box on page 12]

Dikakantsho Tse di Tswang Kwa Batsading

“Morwaake o bua a gololesegile fa re na le batho ba bangwe. Ka jalo, fa re le babedi fela, ke tsweletsa pele kgang e re neng re bua ka yone fa re ne re na le batho ba bangwe.”—ANGELA, ITALY.

“Re lemogile gore gantsi bana ba rona ba kgona go bua le rona fa re simolola ka go ba akgolela sengwe se se molemo se ba se dirileng le go ba bolelela kafa re ba ratang ka gone.”—DONIZETE, BRAZIL.

“Ke ne ke bua le bagolo ba ba neng ba godisitswe ka melao ya Baebele mme ke ne ke ba botsa kafa ba neng ba ikutlwa ka gone fa ba ne ba le basha le kafa batsadi ba bone ba neng ba ba thusa ka gone. Seo se ne se nthusa thata.”—DAWN, BRITAIN.