Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

 A o Ne o Itse?

Jesu o ne a bua puo efe?

Baithuti ba Baebele ga ba dumalane ka kgang ya gore Jesu o ne a bua puo efe. Le fa go ntse jalo, fa a ne a tshela mo lefatsheng, Jesu a ka a tswa a ne a bua Sehebera le puo nngwe ya Searamaika. Fa Jesu a ne a tla mo Nasaretha mo Galalea le go tsena mo sinagogeng, o ne a bala boporofeti jwa ga Isaia, jo go bonalang bo ne bo kwadilwe ka Sehebera. Baebele ga e bue sepe ka ga gore Jesu o ne a ranolela temana eno mo Searamaikeng.—Luke 4:16-21.

Malebana le dipuo tse di neng di dirisiwa kwa Palesetina fa Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng, Porofesa G. Ernest Wright a re: “Go bonala go ne go buiwa thata Segerika le Searamaika . . . Motho o ne a ka utlwa fa masole a Baroma le badiredibagolo ba buisana ka Selatine, mme Bajuda ba ba neng ba ngaparetse setso sa bone ba ka tswa ba ne ba buisana mmogo ka Sehebera se se neng se buiwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga.” Ga go gakgamatse go bo mokwalo o Pilato a neng a o kwadile mo thupeng ya tlhokofatso e Jesu a neng a kokotetswe mo go yone, o ne o kwadilwe ka dipuo tse tharo—ka Sehebera, Selatine le ka Segerika.—Johane 19:20.

Alan Millard mo bukeng ya gagwe e e bidiwang Discoveries From the Time of Jesus a re: “Babusi ba Roma ba tshwanetse ba bo ba ne ba bua Segerika fa ba ntse ba dira ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi mme fa Jesu a ne a seka o tshwanetse a bo a ne a araba dipotso tse Pilato a neng a mmotsa tsone ka Segerika.” Le fa Baebele e sa re Jesu o ne a buisana le Pilato ka Segerika, go a kgatlha go lemoga gore ga go umakiwe gope gore go ne go dirisiwa moranodi mo puisanong eo.—Johane 18:28-40.

Go ya ka Porofesa Wright, “ga re na tsela epe ya go itse gore a [Jesu] o ne a bua Segerika kgotsa Selatine, mme fa a ne a ruta mo bodireding ka metlha o ne a dirisa Searamaika kgotsa puo nngwe ya Sehebera e e neng e tlhotlheleditswe thata ke Searamaika e bile e buiwa ke batho ba ba tlwaelegileng.”—Biblical Archaeology, 1962, tsebe 243.

Maje a tempele ya kwa Jerusalema a ne a le bogolo jo bo kana kang?

Fa barutwa ba ne ba bua le Jesu ka tempele ya kwa Jerusalema ba ne ba re: “Moruti, bona! gore maje ano ke a mofuta ofe le gore dikago tseno ke tsa mofuta ofe!” (Mareko 13:1) Mangwe a maje ao a ne a le bogolo jo bo kana kang?

Ka nako ya fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, Kgosi Herode o ne a okeditse bogolo jwa Thaba ya Tempele gabedi fa bo bapisiwa le ya motlha wa ga Solomone. E ne e le kago e kgolo go di gaisa tsotlhe e e neng e agilwe ke batho ba bogologolo, ya boleele jwa dimetara di le 480 le bophara jwa dimetara di le 280. Go begwa gore mangwe a maje a a neng a dirisiwa go aga a ne a le boleele jwa dimetara di le lesomenngwe, bophara jwa dimetara di le tlhano le bogodimo jwa dimetara di le tharo. Maje a le mmalwa a ne a le boima jwa ditone di feta 50 lengwe le lengwe. Go ya ka mokanoki mongwe leje lengwe le ne le le boima jwa ditone di ka nna 400 mme “mo lefatsheng la bogologolo go ne go se na leje lepe le le neng le lekana le lone ka bogolo.”

Fa Jesu a ne a araba potso ya barutwa ba gagwe, o ne a re: “A o bona dikago tse dikgolo tseno? Leje ga le kitla le tlogelwa ka gope fano le le mo godimo ga leje le lengwe mme le sa digelwa fa fatshe.” (Mareko 13:2) Bontsi jwa maje ano a magolo a sa ntse a ka bonwa mo a neng a wela teng fa a sena go digelwa fa fatshe ke masole a Baroma ka 70 C.E.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Maje a tempele a a digetsweng fa fatshe kafa ntle ga thaba ya tempele, kwa Jerusalema