Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

 A o Ne o Itse?

Mo go Baefeso 2:11-15, a moaposetoloi Paulo o ne a bua ka lobota lwa mmatota fa a ne a bua ka lobota lo lo kgaoganyang Bajuda mo go Baditšhaba?

Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Baefeso lekwalo leno, o ne a bapisa Baiseraele le “batswakwa.” A re go ne go na le “lobota” lo lo neng lo “kgaoganya” ditlhopha tse pedi tseno. (Baefeso 2:11-15) Paulo o ne a bua ka “Molao wa ditaolo” o o neng o neilwe Baiseraele ka Moshe mme go dirisa ga gagwe lefoko “lobota” gongwe go ne go gakolola babadi ka lobota lwa maje lo lo neng lo le teng ka nako eo.

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., tempele ya ga Jehofa e e kwa Jerusalema e ne e na le malwapa a le mantsi a go neng go tsena batho ba ba rileng fela mo go one. Mongwe le mongwe o ne a kgona go tsena mo Lolwapeng lwa Baditšhaba mme ke Bajuda le basokologi fela ba ba neng ba letleletswe go tsena mo malwapeng otlhe a tempele. Go ne go na le lobota le lentle le le agilweng ka maje le le neng le kgaoganya mafelo ano a go neng go sa tsene batho botlhe kwa go one le le neng le bidiwa Soreg, le go bolelwang le le bogodimo jwa dimetara di ka nna 1,3. Go ya ka rahisitori wa lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Flavius Josephus, lobota lono lo ne lo gabilwe ka mokwalo wa Segerika le wa Selatine, mme mokwalo ono o ne o tlhagisa Baditšhaba gore ba se ka ba le kgabaganya e le gore ba se ka ba tsena mo mafelong a a boitshepo.

Go fitlhetswe mokwalo o o feletseng wa Segerika o o neng o gabilwe mo loboteng. O balega jaana: “A go se nne le motswakwa ope yo o kgabaganyang lobota le fa e le legora le le dikologileng lefelo le le boitshepo. Ope fela yo o itlhokomolosang taelo eno o tla bolawa.”

Go bonala Paulo a ne a dirisa Soreg go kaya kgolaganyo ya Molao wa ga Moshe, e e neng e sa bolo go kgaoganya Bajuda le Baditšhaba. Loso lwa ga Jesu lwa go intsha setlhabelo lo ne lwa fedisa kgolagano eno ya Molao mme ka jalo la “senya lobota lo lo fa gare.”

Ke ka ntlha yang fa gantsi Baebele e umaka ditso tse 12 tsa Iseraele fa tota di ne di le 13?

Ditso kgotsa malapa a Baiseraele a tswa mo barweng ba ga Jakobe, yo leina la gagwe le neng la fetolwa go nna Iseraele. Tlhogo eno ya lotso e ne e na le barwa ba le 12—Rubene, Simeone, Lefi, Juda, Dana, Nafetali, Gada, Ashere, Isakare, Sebulone, Josefa le Benjamine. (Genesise 29:32–30:24; 35:16-18) Barwa ba le lesomenngwe ba bone ba ne ba na le ditso tse di neng di bidiwa ka maina a bone mme ga go na lotso lope lo lo neng lo bidiwa ka Josefa. Go na le moo ditso tse pedi di ne tsa bidiwa ka maina a bomorwawe ba babedi e bong Eferaime le Manase. Ka jalo, ditso tsotlhe tse di neng di le mo Iseraele di ne di le 13. Jaanong ke ka ntlha yang fa ka metlha Baebele e umaka ditso tse 12?Mo gare ga Baiseraele, banna ba lotso lwa ga Lefi ba ne ba tlhophilwe gore ba direle mo motlaaganeng wa ga Jehofa mme moragonyana mo tempeleng. Ke ka lebaka leo ba neng ba sa tsenele bosole. Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Lotso lo o se kitlang o lo kwadisa ke lwa ga Lefi fela, le palo ya bone o se ka wa e tsenya mo go bomorwa Iseraele. Mme o tlhome Balefi gore ba okamele motlaagana wa Tshupo le dilwana tsotlhe tsa one le sengwe le sengwe sa one.”—Dipalo 1:49, 50.

Balefi ga ba a ka ba bo ba abelwa karolo ya naga kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. Go na le moo, ba ne ba abelwa metse e le 48 e e neng e phatlaletse mo nageng yotlhe ya Iseraele.—Dipalo 18:20-24; Joshua 21:41.

Ka ntlha ya mabaka ano a mabedi, gantsi lotso lwa Lefi lo ne lo sa akarediwe fa ditso tse dingwe di ne di balwa. Ka jalo, gantsi ditso tsa Iseraele di ne di le 12.—Dipalo 1:1-15.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 21]

Archaeological Museum of Istanbul