Fetela kwa tshedimosetsong

 Ruta Bana ba Gago

O ne A Batla go Thusa

O ne A Batla go Thusa

A O KILE wa itse mongwe yo o neng a lwala thata?— A o ne o eletsa e kete o ka dira sengwe go mo thusa?— Go tweng fa e le gore o ne a tswa kwa nageng e sele kgotsa e le wa bodumedi bo sele? A o ne o sa ntse o tla batla go mo thusa gore a fole?— Mosetsanyana mongwe yo o neng a nna kwa nageng ya Iseraele mo e ka nnang dingwaga di le 3 000 tse di fetileng o ne a batla go thusa mongwe. A re tlotleng ka se se neng sa direga ka nako eo.

Naga ya Siria le ya Iseraele wa bogologolo e mosetsanyana yono a nnang kwa go yone di aga di le mo ntweng. (1 Dikgosi 22:1) Letsatsi lengwe Baasiria ba tsena kwa Iseraele mme ba thopa mosetsanyana yono. O isiwa kwa Siria kwa a nnang motlhanka wa mosadi wa ga Naamane, e leng molaodi wa sesole sa Siria. Naamane o tshwarwa ke bolwetse jo bo maswe jo bo bidiwang lepero, jo bo ka dirang gore motho a we dinama.

Mosetsanyana wa motlhanka o bolelela mosadi wa ga Naamane kafa monna wa gagwe a ka fodisiwang ka gone. A re: ‘Fa Naamane a ne a le kwa Samarea, moporofeti wa ga Jehofa e bong Elisha o ne a tla dira gore lepero la gagwe le nyelele.’ Tsela e mosetsanyana yono a buang ka yone ka Elisha e dira gore Naamane a dumele gore tota moporofeti yono a ka kgona go mo fodisa. Fa a sena go bona tetla mo kgosing ya Siria e bong Bene-hadade, Naamane mmogo le batlhokomedi bangwe ba tsaya loeto lo loleele lwa dikilometara di ka nna 150 go ya go batla Elisha.

Ba ya pele kwa go Jehorame kgosi ya Iseraele. Ba mmontsha lekwalo le le tswang kwa go Kgosi Bene-hadade le le kopang gore Naamane a thusiwe. Mme Jehorame ga a dumele mo go Jehofa kgotsa mo go moporofeti Elisha. Jehorame o akanya gore Bene-hadade o leka go mo lwantsha. Fa Elisha a utlwa ka kgang eno, o raya Kgosi Jehorame a re: “A a tle kwa go nna tsweetswee.” Elisha o batla go bontsha gore Modimo o na le maatla a go fodisa bolwetse jo bo maswe jwa ga Naamane.—2 Dikgosi 5:1-8.

Fa Naamane a goroga kwa ntlong ya ga Elisha ka dipitse le dikara tsa gagwe tsa ntwa, Elisha o romela morongwa wa gagwe gore a ye go mo raya a re: ‘O fitlhe o tlhape ga supa mo Nokeng ya Joredane mme o tla fola.’ Seno se galefisa Naamane. O lebeletse gore Elisha a tswe mme a ise seatla sa gagwe kwa le kwa mo leperong gore le fole. Go na le moo, o bona fela morongwa yono! Ka jalo, Naamane o retologa ka bogale mme o boela gae.—2 Dikgosi 5:9-12.

 O ne o tla dirang fa o ne o le mongwe wa batlhanka ba ga Naamane?— Batlhanka ba mmotsa ba re: ‘Fa se Elisha a se buileng le wena e ne e le selo se segolo, a o ne o se kitla o se dira? Ka jalo, ke eng fa o sa dire selo seno se se motlhofo—o tlhape mme o nne phepa?’ Naamane o a ba reetsa. Foo ‘a fologa a thabuela mo Joredane ga supa, mme morago ga moo nama ya gagwe e nna jaaka nama ya mosimanyana.’

Naamane o boela kwa go Elisha a bo a mo raya a re: “Bona, jaanong ruri ke a itse gore ga go na Modimo gope mo lefatsheng fa e se fela mo Iseraele.” O solofetsa Elisha gore ga a na go tlhola a “isetsa medimo epe e sele tshupelo e e fisiwang kgotsa setlhabelo fa e se Jehofa fela.”—2 Dikgosi 5:13-17.

A o ka rata go thusa mongwe go ithuta ka ga Jehofa le ka dilo tse a kgonang go di dira, fela jaaka mosetsanyana yono a ne a dira?— Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, monna mongwe yo o neng a na le lepero yo o neng a dumela mo go ene, o ne a re: ‘Fa fela o batla go nthusa, o ka kgona.’ A o a itse gore Jesu o ne a mo raya a reng?— “Ke a batla.” Mme Jesu o ne a mo fodisa fela jaaka Jehofa a ne a fodisa Naamane.—Mathaio 8:2, 3.

A o itse ka lefatshe le lesha le Jehofa a tla le dirang le mo go lone batho botlhe ba tla bong ba itekanetse mo mmeleng mme ba kgona go tshela ka bosakhutleng?— (2 Petere 3:13; Tshenolo 21:3, 4) Ka jalo, ga go pelaelo gore o tla batla go bolelela ba bangwe ka dikgang tseno tse di molemo!