Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Botlhokwa Gore re Obamela Modimo Jang?

A go Botlhokwa Gore re Obamela Modimo Jang?

 A go Botlhokwa Gore re Obamela Modimo Jang?

“BATHO ba rata bodumedi fela thata.” Ao ke mafoko a a neng a buiwa ke Porofesara Alister Hardy mo bukeng ya gagwe e e bidiwang The Spiritual Nature of Man. Go lebega patlisiso nngwe e e neng ya dirwa bosheng jaana e dumalana le mafoko ao. E ne ya tlhalosa gore mo e ka nnang diperesente di le 86 tsa baagi ba lefatshe ba bolela fa ba le mo bodumeding bongwe.

Gape patlisiso eo e ne ya bolela gore badumedi ba fitlhelwa mo madumeding a magolo a le 19 mme ba ba ipolelang gore ke Bakeresete bone, ba mo mekgatlhong e le 37 000 e e farologaneng ya bodumedi. A seno ga se dire gore o ipotse gore a Modimo o amogela ditsela tseno tsotlhe tse di farologaneng tsa go mo obamela? Totatota, a go botlhokwa gore re mo obamela jang?

Ga re ka ke ra dira fela tshwetso go ya kafa re ikutlwang ka gone kana kafa re akanyang ka gone gonne kgang eno e botlhokwa thata. Ka jalo, go a utlwala go bo re tshwanetse go batlisisa gore Modimo ene o leba kgang eno jang. Mme gore re kgone go bona seo, re tshwanetse go sekaseka Lefoko la Modimo, Baebele. Ka ntlha yang? Ka gonne Jesu Keresete ka boene o ne a bua jaana fa a ne a rapela Modimo: “Lefoko la gago ke boammaaruri.” (Joh 17:17) Mme moaposetoloi yo o ikanyegang e bong Paulo o ne a tlhomamisa kgang eo jaana: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo.”—2 Timotheo 3:16.

Baebele e bontsha gore ga se dikobamelo tsotlhe tse Modimo a di amogelang. Go na le dikai tsa hisitori tsa mefuta ya dikobamelo tse Modimo a neng a di amogela le tse a neng a sa di amogele. Mme fa re sekaseka dikai tseo ka kelotlhoko, re ka ithuta gore ke eng se re tshwanetseng go se dira le se re sa tshwanelang go se dira gore Modimo a amogele kobamelo ya rona.

Sekai sa Bogologolo

Jehofa Modimo o ne a dirisa moporofeti Moshe go naya Baiseraele melao e e neng e tla ba ruta go obamela Modimo ka tsela e a e amogelang. Fa batho ba ne ba dira se melao eo e neng e se tlhoka—e gantsi e bidiwang Molao wa Moshe—Modimo o ne a ba tsaya e le batho ba gagwe mme a ba segofatsa. (Ekesodo 19:5, 6) Le fa go ntse jalo, setšhaba sa Baiseraele ga se a ka sa tswelela se obamela Modimo ka tsela e a e amogelang le fa gone a ne a ba segofatsa jalo. Gangwe le gape ba ne ba tlogela go obamela Jehofa mme ba latela ditumelo tsa ditšhaba tse di neng di ba dikologile.

Mo motlheng wa moporofeti Esekiele le Jeremia mo lekgolong la bosupa la dingwaga B.C.E., Baiseraele ba le bantsi ba ne ba tlhokomologa Molao wa Modimo mme ba simolola go tsalana thata le batho ba ditšhaba tse di ba dikologileng. Fa Baiseraele ba latela dingwao tsa ditšhaba tseo le go keteka meletlo ya tsone, ba ne ba tswakanya madumedi. Bontsi jwa bone ba ne ba re: “A re nneng jaaka ditšhaba, jaaka malapa a mafatshe, ka go direla logong le leje.” (Esekiele 20:32; Jeremia 2:28) Ba ne ba re ba obamela Jehofa Modimo mme ka nako e e tshwanang ba ntse ba obamela ‘medingwana e e makgapha’ e bile ba e ntshetsa barwa ba bone go nna ditlhabelo.—Esekiele 23:37-39; Jeremia 19:3-5.

Baithutamarope ba re mofuta ono wa kobamelo ke go tswakanya ditumelo tse di sa tshwaneng kana go obamela medimo e e farologaneng ka nako e le nngwe. Kana ba e bitsa bodumedi jo bo ratwang ke batho ba le bantsi. Batho ba le bantsi gompieno ba na le maikutlo a gore e re ka ditumelo di le dintsi di letleletswe, re tshwanetse go amogela dilo tsotlhe, tota le bodumedi le fa e ka nna bofe fela. Ke gone ka moo ba akanyang gore ga go sepe se se phoso ka go obamela Modimo ka tsela le fa e ka nna efe e bone ba e batlang. A tota ba nepile? A seno ke kgang fela ya go itshokelana le go  amogelana? Ela tlhoko dingwe tsa dilo tse Baiseraele ba ba sa ikanyegeng ba neng ba di dira mo bodumeding jo bo neng bo ratwa ke batho ba le bantsi, le se se neng sa ba diragalela ka ntlha ya seo.

Kafa Baiseraele ba Neng ba Tswakantse Kobamelo ka Gone

Kobamelo ya Baiseraele e e tswakaneng e ne e direlwa kwa “mafelong a a kwa godimo” kana mo mafelong a bone a a boitshepo a a nang le dibeso, ditlhomo tsa maswalo, dipilara tsa maje a a boitshepo le dikota tse di boitshepo, gongwe le ditshwantsho tse di dirilweng ka logong tsa modingwana wa sesadi wa tsalo wa Mokanana yo o bidiwang Ashera. Go ne go na le mafelo a le mantsi a a ntseng jalo mo Juda. Dikgosi wa Bobedi 23:5, 8 e umaka ‘mafelo a a kwa godimo mo metseng ya Juda le mo tikologong ya Jerusalema, go tswa Geba [molelwane o o kafa bokone] go fitlha kwa Beere-sheba [molelwane o o kafa borwa].’

Mo mafelong ano a a kwa godimo, Baiseraele ba ne ba ‘kuisetsa Baale mosi wa setlhabelo, le letsatsi le ngwedi le masomosomo a dinaledi a sodiake le masomosomo otlhe a magodimo.’ Ba ne ba na le matlo “a diaka tse di ithekisang tsa banna tsa tempele . . . mo ntlong ya ga Jehofa” mme ba ralatsa bana ba bone ‘molelo gore ba isediwe Moleke.’—2 Dikgosi 23:4-10.

Baithutamarope ba fitlhetse difikantswe di le makgolokgolo tsa letsopa kwa Jerusalema le kwa Juda, mme bontsi jwa tsone di ne di le mo matlotleng a e neng e le magae a batho. Bontsi jwa difikantswe tseo e ne e le tsa basadi ba ba sa aparang ba ba nang le mabele a magolo. Baithuti bangwe ba re difikantswe tseno e ne e le tsa modingwana wa sesadi wa tsalo e bong Ashethorethe le Ashera. Go dumelwa gore difikantswe tseno e ne e le “dipheko tse di thusang basadi go tshola bana.”

Baiseraele ba ne ba leba jang mafelo ano a kobamelo e e tswakaneng? Porofesara Ephraim Stern wa Hebrew University a re bontsi jwa mafelo ano a a kwa godimo a tshwanetse a bo a ne a “agetswe Yahweh [Jehofa].” Go bonala mekwalo e e fitlhetsweng kwa mafelong a baithutamarope ba neng ba epa kwa go one e dumalana le seno. Ka sekai, mokwalo mongwe wa re, “Ke go segofatsa mo leineng la ga Yahweh wa Samarea le ashera wa gagwe,” fa o mongwe o re, “Ke go segofatsa mo leineng la ga Yahweh wa Temane le ashera wa gagwe!”

Dikai tseno di bontsha kafa Baiseraele ba neng ba tswakanya kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa Modimo le ditlwaelo tse di tlhabisang ditlhong tsa boheitane. Mme ka ntlha ya seno boitsholo jwa bone le kobamelo ya bone di ne tsa senyega. Modimo o ne a leba jang go tswakanya kobamelo e e itshekileng le ya maaka?

Tsela e Modimo a Neng a Itshwara ka Yone ka Kobamelo e e Tswakantsweng

Modimo o ne a dirisa moporofeti wa gagwe Esekiele gore a itsise Baiseraele gore o ne a shakgaditswe ke tsela e e makgapha e ba neng ba mo obamela ka yone e bile o ne a sa e rate. O ne a re: “Mo mafelong otlhe a lona a bonno metse e tla swafala le mafelo a a kwa godimo a tla kgakgabala, gore a  nne a swafetse le dibeso tsa lona di nne di kgakgabetse mme di robaganngwe le medingwana ya lona e e makgapha e khutlisiwe le ditlhomo tsa lona tsa maswalo di kgaolwe le ditiro tsa lona di nyelediwe.” (Esekiele 6:6) Ga go pelaelo gore Jehofa o ne a sa amogele kobamelo eo gotlhelele.

Jehofa Modimo o ne a bolelela pele kafa tshenyego e a neng a tla e tlisa e neng e tla direga ka gone. ‘Ke roma Nebukaderesare kgosi ya Babelona, e bong motlhanka wa me, mme ke tla dira gore ba tsogologele lefatshe leno ba bo ba tsogologele banni ba lone le ditšhaba tseno tsotlhe tse di mo tikologong; mme ke tla ba senya. Mme lefatshe leno lotlhe e tla nna lefelo le le swafetseng, selo sa go akabalelwa.’ (Jeremia 25:9-11) Fela jaaka go ne ga bolelelwa pele, ka 607 B.C.E., Bababelona ba ne ba tlhasela Jerusalema mme ba senya motse oo le tempele ya teng.

Fa porofesara Stern yo o umakilweng pelenyana a ne a tshwaela ka go senngwa ga Jerusalema o ne a re masalela a a fitlhetsweng ke baithutamarope “a bontsha sentle se se boletsweng ke baebele (2 Dikgosi 25:8; 2 Ditiragalo 36:18, 19) fa e tlhalosa kafa matlo le dipota tsa [Jerusalema] di neng tsa senngwa, tsa fisiwa le go phutlhama ka gone.” O tswelela jaana: “Bosupi jwa baithutamarope jo bo malebana le tiragalo eno ya kwa Jerusalema . . . bo ka tsewa e le bongwe jwa bosupi jo bo tlhomologileng jo bo kileng jwa fitlhelwa mo mafelong a go buiwang ka one mo baebeleng.”

Re Ithuta Eng?

Selo sa botlhokwa thata se re ithutang sone mo kgannyeng eno ke gore Modimo ga a amogele kobamelo e e lekang go tswakanya dithuto tse di tswang mo Baebeleng le dithuto tsa batho, dingwao kana meetlo ya madumedi a mangwe. Moaposetoloi Paulo le ene o ne a dumela seo ka botlalo. O ne a godisiwa e le Mofarasai wa Mojuda, a rutwa le go thapisiwa mo molaong wa lekoko leno. O ne a dira eng fa kgabagare a ne a lemoga gore Jesu e ne e le Mesia yo o solofeditsweng? O ne a re: “Dilo le fa e le dife tse e neng e le dipoelo mo go nna, ke di tsere e le tatlhegelo ka ntlha ya ga Keresete.” O ne a tlogela ditsela tsa gagwe tsa pele mme a nna molatedi yo o ineetseng wa ga Keresete.—Bafilipi 3:5-7.

E re ka Paulo e ne e le morongwa yo o etang, o ne a tlwaelane le ditlwaelo tsa bodumedi le ditumelo tsa filosofi tsa batho ba ba farologaneng. Ke gone ka moo a neng a kwalela Bakeresete ba kwa Korintha jaana: “Lesedi le na le kabalano efe le lefifi? Mo godimo ga moo, go na le kutlwano efe mo gare ga ga Keresete le Beliale? Kgotsa motho yo o ikanyegang o na le karolo efe le yo o sa dumeleng? Gape tempele ya Modimo e na le tumalano efe le medingwana? . . . ‘Jalo tswang mo gare ga bone, lo bo lo itomolole,’ go bua Jehofa, ‘mme lo tlogele go ama selo se se seng phepa’; ‘mme ke tla lo amogela.’”—2 Bakorintha 6:14-17.

E re ka re bone gore go botlhokwa gore re obamela Modimo jang, re ka nna ra ipotsa jaana: ‘Modimo o amogela kobamelo ya mofuta ofe? Nka atamalana jang le Modimo? Le gore, nka dira eng gore ke obamele Modimo ka tsela e a e amogelang?’

Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa go bona dikarabo tsa dipotso tseno le tse dingwe tse di amanang le Baebele. Re go kopa gore o ikgolaganye le Basupi kwa Holong ya Bogosi e e mo lefelong la gago kana o kwalele bagatisi ba makasine ono o kope thuto ya mahala ya Baebele e o tla e tshwarelwang ka nako e e go siametseng le kwa lefelong le le go siametseng.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Lefelo la bogologolo la kobamelo ya modingwana, kwa Tele Arada kwa Iseraele

[Motswedi wa Setshwantsho]

Garo Nalbandian

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Difikantswe tsa Ashethorethe tse di fitlhetsweng mo magaeng a baJuda ba bogologolo

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photograph © Israel Museum, Jerusalem; courtesy of Israel Antiquities Authority