Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lorato Lwa Modimo lo Bonala mo Tseleng e Mmè a Leng Lorato ka Yone

Lorato Lwa Modimo lo Bonala mo Tseleng e Mmè a Leng Lorato ka Yone

 Lorato Lwa Modimo lo Bonala mo Tseleng e Mmè a Leng Lorato ka Yone

“A mosadi a ka lebala losea lwa gagwe lo lo anyang gore a bo a tlhoke go tlhomogela morwa wa sebopelo sa gagwe pelo? Le e leng basadi bano ba ka lebala, mme nna ga nkitla ke go lebala.”—ISAIA 49:15.

NGWANA yo o sa tswang go tsholwa o mo diatleng tsa ga mmaagwe fa a ntse a mo amusa. Eno ke tiragalo e e bontshang bopelonomi le lorato. Mmè mongwe yo o bidiwang Pam a re: “Fa ke ne ke kuka ngwana wa me la ntlha, ke ne ka ikutlwa ke rata losea lono fela thata e bile ke na le maikarabelo ka lone.”

Le mororo seno e le selo se se lebeletsweng mo motsading mongwe le mongwe, patlisiso nngwe e ne ya tlhomamisa gore lorato lo mmè a ratang ngwana wa gagwe ka lone lo ama thata tsela e ngwana yono a tla golang ka yone. Lekwalo lengwe le le neng la gatisiwa ke World Health Organization Programme on Mental Health la re: “Dipatlisiso di bontshitse gore masea a a latlhiwang le a a kgaoganngwang le bommaone, a nna a a sa itumelang e bile a tshwenyega thata mo maikutlong mo ka dinako dingwe a feleletsang a na le bothata jwa letshogo.” Lone lekwalo leno le umaka patlisiso nngwe e e bontshang gore bana ba ba ratiwang le go tlhokomelwa go tloga boseeng, ba ka nna botlhale thata go feta bana ba ba tlhokomologiwang.

Alan Schore, yo e leng porofesara ya malwetse a tlhaloganyo kwa UCLA School of Medicine kwa United States o ne a bua jaana malebana le botlhokwa jwa lorato lwa mmè: “Kamano ya ntlha e ngwana a nnang le yone—e a nnang le yone le mmaagwe—e nna motheo o dikamano tse dingwe tsotlhe di tlileng go agega mo go one, e re ka e tlile go tlhotlheletsa dikamano tse dingwe tsotlhe tse a tlileng go nna le tsone moragonyana mo botshelong.”

 Se se utlwisang botlhoko ke gore, go tshwenyega thata mo maikutlong, bolwetse kgotsa mathata a mangwe a ka nna a dira gore mmè a tlhokomologe ngwana wa gagwe kgotsa le e leng go “lebala losea lwa gagwe lo lo anyang.” (Isaia 49:15) Mme seno se direga ka sewelo. Tota go itiragalela fela gore bommè ba rate bana ba bone. Babatlisisi ba ile ba lemoga gore ka nako e ngwana a tsholwang ka yone, bommè ba nna le selekanyo se se kwa godimo sa horomone e e bidiwang oxytocin, e e dirang gore ditshika tsa popelo di gagamale le e e dirang gore mmele wa mmè o kgone go direla ngwana mashi. Gape go dumelwa gore yone horomone eno e banna le basadi ba nang le yone, e thusa mmè gore a rate ngwana wa gagwe le go amega ka ene.

Lorato lo Simologile Kae?

Batho ba ba rotloetsang thuto ya gore ditshedi di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe ba ruta gore lorato lo lo senang bogagapa lo mmè a lo bontshang ngwana wa gagwe lo nnile teng ka phoso le gore fa ditshedi di ntse di fetoga lo ne lwa bolokwa gore lo solegele batho ba ba dumelang thuto eo molemo. Ka sekai, lokwalopaka lwa Mothering Magazine lo lo mo internet la re: “Karolo ya ntlha ya boboko jwa rona e e neng ya tlhoga mo godimo ga karolo ya boboko e re e ruileng mo digagabing, ke yone e e dirang gore re nne le maikutlo. Karolo eno ya boboko ke yone e e dirang gore bommè ba nne le kamano e e nonofileng le masea a bone.”

Dipatlisiso di bontshitse gore karolo ya boboko e e dirang gore re nne le maikutlo e na le seabe se segolo thata mo tseleng e re ikutlwang ka yone. Le fa go ntse jalo, a o bona go utlwala go dumela gore go itiragaletse fela gore tsela e mmè a ratang ngwana wa gagwe ka yone e nnile teng ka phoso fa go tlhoga boboko jwa segagabi mo mothong?

Akanya ka tlhaloso nngwe e e utlwalang. Baebele ya re Modimo o bopile batho mo setshwanong sa gagwe, ke gore, ba na le bokgoni jwa go bontsha dinonofo tsa Modimo. (Genesise 1:27) Nonofo ya Modimo e e tlhomologileng ke lorato. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Yo o sa rateng ga a ise a itse Modimo.” Ka ntlha yang? “Ka gonne Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) Tsweetswee ela tlhoko gore temana eno ya Baebele ga e re Modimo o na le lorato. Go na le moo, ya re Modimo ke lorato. Ke Motswedi wa lorato.

Baebele e tlhalosa lorato ka tsela eno: “Lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi. Lorato ga lo fufege, ga lo ikgantshe, ga lo ikgogomose, ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang, ga lo ipatlele melemo ya lone fela, ga lo gakatsege. Ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko. Ga lo ipelele tshiamololo, mme lo ipela le boammaaruri. Lo emelana le dilo tsotlhe, lo dumela dilo tsotlhe, lo solofela dilo tsotlhe, lo itshokela dilo tsotlhe. Lorato ga lo ke lo fela.” (1 Bakorintha 13:4-8) A go a utlwala go dumela gore nonofo eno e e botlhokwa jaana e nnile teng fela ka phoso?

Seno se go Ama Jang?

Fa o ntse o bala kafa lorato lo tlhalosiwang ka gone mo serapeng se se fetileng, a o ne wa ikutlwa o eletsa thata gore mongwe a go bontshe lorato lo lo ntseng jalo? Ke ga tlholego fela gore o ikutlwe jalo. Ka ntlha yang? Ka gonne “re le lotsalo lwa Modimo.” (Ditiro 17:29) Re bopetswe go ratwa le go bontsha ba bangwe lorato loo. Mme re ka tlhomamisega gore Modimo o re rata fela thata. (Johane 3:16; 1 Petere 5:6, 7) Temana e e umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo seno e bontsha gore lorato lo Modimo a re ratang ka lone lo nonofile thata e bile lo nnela ruri go feta lo mmè a ratang ngwana wa gagwe ka lone!

Le fa go ntse jalo, o ka nna wa ipotsa gore, ‘Fa Modimo a le botlhale, a le maatla e bile a le lorato, ke ka ntlha yang fa a sa fedise pogo? Ke ka ntlha yang fa a letlelela gore bana ba swe, gore kgatelelo e tswelele pele le gore lefatshe le senngwe ke go tlhoka taolo le ke bopelotshetlha jwa batho?’ Dipotso tseno di a utlwala mme di tlhoka dikarabo tse di kgotsofatsang.

Go sa kgathalesege se batho ba ba dumelang gore Modimo ke masaitsiweng ba se bolelang, go a kgonega go bona dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tseno. Batho ba le dimilionemilione mo dinageng tse di makgolokgolo ba ile ba bona dikarabo tseo ka go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Bagatisi ba makasine ono ba go kgothaletsa gore le wena o dire se se tshwanang. Fa kitso ya gago ka Modimo e ntse e oketsega ka go bo o ithuta Lefoko la gagwe le popo ya gagwe, o tla lemoga gore Modimo ga a kgakala e bile ga se masaitsiweng. Go na le moo, o tla tlhomamisega gore Modimo ga a “kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.”—Ditiro 17:27.

[Mafoko a a mo go tsebe 8]

Lorato lo Modimo a re ratang ka lone lo nnela ruri go feta lo mmè a ratang ngwana wa gagwe ka lone