Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Godisa Bana mo Lefatsheng le le Letlelelang Sengwe le Sengwe

Go Godisa Bana mo Lefatsheng le le Letlelelang Sengwe le Sengwe

 Go Godisa Bana mo Lefatsheng le le Letlelelang Sengwe le Sengwe

AO KILE wa bona ngwana a lelela motsadi gore a mo rekele setshamekisi sengwe se motsadi a sa batleng go se reka? Kana a o kile wa mmona a batla go tabogaka a tshameke fa motsadi a mo reile a re, “O nne fa fatshe”? O kgona go bona gore mo maemong otlhe ano motsadi o batlela ngwana se se molemo. Le fa go ntse jalo, gantsi motsadi o feleletsa a ineela fela. E re ka ngwana a nnetse go mo lelela, o fetola mogopolo a bo a mo naya se a se batlang.

Go lebega batsadi ba le bantsi ba dumela gore go nna motsadi yo o siameng go raya go naya bana ba bone sengwe le sengwe se ba se batlang. Ka sekai, kwa United States, go ne ga dirwa patlisiso mo baneng ba le 750 ba dingwaga di le 12 go ya go di le 17. Fa bana bano ba ne ba bodiwa gore ba itshwara jang fa batsadi ba bone ba ba ganetsa go dira sengwe, mo e ka nnang diperesente di le 60 tsa bone ba ne ba re ba nna ba kopa. Diperesente di ka nna 55 tsa bone ba ne ba re gantsi mokgwa ono o a dira. Batsadi ba bone ba ka tswa ba tsaya gore go letlelela bana go dira se ba se batlang go bontsha gore ba a ba rata, mme a tota go ntse jalo?

Ela tlhoko seane seno se se botlhale sa bogologolo: “Fa motho a tlekeetsa motlhanka wa gagwe go simolola mo bosheng go ya pele, moragonyana mo botshelong jwa gagwe o tla nna yo o sa lebogeng.” (Diane 29:21) Ke boammaaruri gore ngwana ga se motlhanka. Mme gone, tota molaomotheo ono o a dira le mo kgannyeng ya go godisa bana. Go tlekeetsa bana, o ba naya sengwe le sengwe se ba se batlang go ka nna ga dira gore e nne bagolo ba ba sa “lebogeng”—ba ba matepe, ba ba batlang go direlwa sengwe le sengwe le ba ba senang kanaanelo.

Go farologana le seo, Baebele yone e gakolola batsadi jaana: “Thapisa mosimane ka tsela e e mo tshwanetseng.” (Diane 22:6) Batsadi ba ba botlhale ba latela kaelo eno ka go tlhoma melao e bana ba kgonang go e tlhaloganya, e e tlhomameng le e e tekatekano mme ba tlhomamisa gore melao eo e a diragadiwa. Ga ba tseye gore go letlelela bana ba bone go dira sengwe le sengwe se ba se batlang ke gone go supang gore ba a ba rata; kana go ba naya se ba se batlang fela ka gonne ba lela, ba kopa ba sa kgaotse kana ba shakgala. Go na le moo, ba dumalana le mafoko a a botlhale a ga Jesu a a reng: “Fela a lefoko la lona la Ee le reye Ee, Nnyaa wa lona, Nnyaa.” (Mathaio 5:37) Ka jalo, go thapisa bana go akaretsa eng? Ela tlhoko sekai seno se se maatla.

“Jaaka Metswi mo Seatleng”

Tsela e Baebele e tlhalosang kamano ya motsadi le ngwana ka yone e bontsha sentle gore ngwana o tlhoka kaelo ya motsadi. Pesalema 127:4, 5 ya re:  “Jaaka metswi mo seatleng sa monna yo o thata, bana ba bosha ba ntse fela jalo. Go itumela monna yo o nonofileng yo o tladitseng mokotlopo wa gagwe ka bone.” Ka jalo bana ba tshwantshiwa le metswi mme motsadi ene o tshwantshiwa le motlhabani yo o thata. Fela jaaka mohulametswi a itse gore go ka se ka ga itiragalela fela gore a hule sengwe se a se korotseng, batsadi ba ba lorato le bone ba a itse gore go godisa bana go tlhoka maiteko. Ba batla gore bana ba bone ba fitlhelele sengwe—botshelo jo bo kgotsofatsang e le bagolo ba ba itumetseng le ba ba nang le maikarabelo. Ba batla gore bana ba bone ba tlhophe dilo tse di siameng, ba nne botlhale mme ba tile mathata a a sa tlhokegeng le go fitlhelela mekgele e e molemo. Mme gone batsadi ba tshwanetse go dira ka natla gore ba fitlhelele dilo tseno.

Go tlhokega eng gore motswi o fitlhe kwa o korotsweng teng? O tshwanetse go baakanngwa ka kelotlhoko, o sirelediwe sentle mme o kaelwe sentle kwa o hulelwang teng. Bana le bone ba tlhoka go baakanngwa, ba sirelediwe ba bo ba kaelwe gore ba kgone go atlega fa ba gola. Mma re sekasekeng nngwe le nngwe ya dikarolo tseno tse tharo tsa go godisa bana.

Go Baakanya Motswi ka Kelotlhoko

Metswi e e neng e dirisiwa ke bahulametswi ba mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele e ne e baakanngwa ka kelotlhoko. Thupa e gongwe e neng e dirilwe ka logong lo lo seng boima e ne e tshwanetse go betliwa ka seatla mme e tlhamaladiwe kafa go kgonegang ka gone. E ne e tshwanetse go nna bogale kwa ntlheng. Mme mo ntlheng e nngwe ya thupa eno go ne go kgomarediwa diphofa gore motswi o tlhomame mme o tlhamalalele kwa o hulelwang teng.

Batsadi ba batla gore bana ba bone ba tshwane le metswi eo e e tlhamaletseng—ba tlhamalale, ba se ka ba fapoga. Ka jalo, fa ba le botlhale ga ba na go itlhokomolosa makoa a a masisi a bana ba bone go na le moo, ba tla ba thusa ka lorato gore ba a baakanye. Ngwana mongwe le mongwe o tlhoka gore go tsewe matsapa go mo thapisa gonne “boeleele bo bofeletswe mo pelong ya mosimane.” (Diane 22:15) Ka jalo Baebele e kgothaletsa batsadi gore ba otlhaye bana ba bone. (Baefeso 6:4) Eleruri go otlhaya ngwana go botlhokwa thata gore a nne le mogopolo le botho jo bo siameng.

Ga go gakgamatse go bo Diane 13:24 e re: “Yo o ganang ka thupa o tlhoile morwawe, mme yo o mo ratang ke yo o mmatlang ka kotlhao.” Mo temaneng eno, thupa ya kotlhao e emela tsela le fa e ka nna efe ya go kgalema. Fa motsadi a otlhaya ngwana ka lorato, o a bo a batla go baakanya diphoso tse fa di ka tlogelwa fela, di tla dirang gore ngwana a se ka a itumela le fa a setse a godile. Ke boammaaruri gore go sa otlhaye ngwana go bontsha gore o mo tlhoile; mme fa o mo otlhaya o a bo o bontsha gore o a mo rata.

Gape motsadi yo o lorato o thusa ngwana go tlhaloganya lebaka la go bo a mo tlhomela melao. Ka jalo, go kgalema ga go reye fela go ntsha ditaelo le go otlhaya mme sa botlhokwa le go feta ke go thusa ngwana go tlhaloganya ditaelo tse a di newang. Baebele ya re: “Morwa yo o tlhaloganyang o boloka molao.”—Diane 28:7.

Diphofa tse mohulametswi a di kgomaretsang mo metswing ya gagwe di thusa metswi eno gore e tlhamalalele kwa e hulelwang teng fa e tswa mo boreng. Ka tsela e e tshwanang, bana ba ka gopola dithuto tsa Baebele tse di tswang kwa Mosimoloding wa thulaganyo ya lelapa, tota le fa ba sena go tswa mo lapeng, mme di ba solegele molemo mo botshelong jotlhe. (Baefeso 3:14, 15) Jaanong, batsadi ba ka tlhomamisa jang gore bana ba bone ba ‘kgomarela’ dilo tse ba ba rutang tsone?

Ela tlhoko kgakololo e Modimo a neng a e naya batsadi ba Baiseraele mo motlheng wa ga Moshe: “Mafoko ano a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago; o a jalele kwa teng mo go morwao.” (Duteronome 6:6, 7) Ka jalo batsadi ba tshwanetse go dira dilo tse pedi. Sa ntlha, ba tshwanetse go ithuta Lefoko la Modimo le go le dirisa mo matshelong a bone, totatota ba rate melao ya Modimo. (Pesalema 119:97) Fa ba dira jalo, ba tla kgona go dirisa karolo ya bobedi ya temana eno—go ‘jalela’ melao ya Modimo mo baneng ba bone. Seno se raya go ba bontsha botlhokwa jwa melao eo ka go ba ruta ka tsela e e nang le matswela le go nna ba boaboeletsa se ba ba rutang sone.

Ga go pelaelo gore go ruta bana melaometheo ya Baebele kana go ba otlhaya ka lorato fa ba dirile diphoso tse di masisi ga go reye gore motho o siilwe ke nako. Ditsela tseno di botlhokwa go baakanya “metswi” eno gore e tlhamalale e bo e tlhomame mo isagweng.

 Go Sireletsa Motswi

Mma re boeleng mo setshwantshong se se mo go Pesalema 127:4, 5. Gakologelwa gore mohulametswi o ‘tladitse mokotlopo wa gagwe’ ka metswi. Fa metswi e sena go baakanngwa e ne e tshwanetse go sirelediwa. Ka jalo, mohulametswi o ne a e tsenya mo mokotlopong mo e neng e se kitla e senyega kana e robega motlhofo. Se se kgatlhang ke gore fa Baebele e bua ka Mesia ka tsela ya boporofeti ya re ke motswi o o phatsimisitsweng mme ya re Rraagwe o ne a mo ‘fitlha mo mokotlopong wa gagwe.’ (Isaia 49:2) Jehofa Modimo yo e leng Rre yo o lorato go feta rre le fa e ka nna ofe yo re ka akanyang ka ene, o ne a sireletsa Morwawe yo o rategang Jesu mo dilong tsotlhe tse di neng di ka mo gobatsa go fitlha nako e e tlhomilweng ya gore Mesia a bolawe e goroga. Tota le ka nako eo, Modimo o ne a sireletsa Morwawe gore a se ka a gobalediwa ruri ke loso, a mo tsosetsa kwa legodimong a sireletsegile gore a tshele ka bosakhutleng.

Batsadi ba ba molemo le bone ba batla go sireletsa bana ba bone mo dikotsing tsa lefatshe leno le le senang boitsholo. Batsadi ba ka tswa ba ganetsa bana go dira dilo dingwe tse di ka dirang gore lefatshe leno le tlhotlheletse bana ba bone ka tsela e e maswe go sa tlhokege. Ka sekai, batsadi ba ba botlhale ba tsaya molaomotheo ono masisi: “Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.” (1 Bakorintha 15:33) Go sireletsa bana gore ba se ka ba itlwaelanya le batho ba ba sa tlotleng melao ya Baebele ya boitsholo go tla ba thusa gore ba se ka ba dira diphoso tse dintsi tse di ka tsenyang matshelo a bone mo kotsing le e leng go ba bolaya.

Ga se ka metlha bana ba tla ratang fa batsadi ba bone ba ba sireletsa. Totatota ka dinako tse dingwe ba ka nna ba galefisiwa ke seo, ka gonne gantsi go sireletsa bana ba gago go raya go ba ganetsa go dira dilo dingwe tse ba di batlang. Mokwadi mongwe yo o tlotlegang yo o kwadileng dibuka tse di buang ka go godisa bana a re: “Le fa ka dinako tse dingwe ba sa bontshe gore ba anaanela se o se dirang mme e bile gongwe ba se kitla ba go leboga ka nako eo, totatota bana ba batla gore batsadi ba ba neye legae le le bolokesegileng le le le tlhomameng. Mme seo re ka se dira ka go nna batsadi ba ba tsayang maikarabelo a rona masisi le ba ba tlhomang melao ya boitsholo.”

Ee ruri, go sireletsa bana ba gago mo go sengwe le sengwe fela se se ka ba amogang kagiso ya bone, se se ka ba tsenyang mo kotsing gonne ba sa itse sepe kana se se ka dirang gore ba se tlhole ba nna le segakolodi se se phepa mo Modimong ke yone  tsela e e botlhokwa e o ka bontshang ka yone gore o a ba rata. Fa ba ntse ba gola ba tla tlhaloganya mabaka a go bo o ba tlhomela melao mme ba tla anaanela thata tsela e o ba sireleditseng ka yone ka lorato.

Go Kaela Motswi

Ela tlhoko gore Pesalema 127:4, 5 e tshwantsha motsadi le “monna yo o thata.” A seno se raya gore rre ke ene fela a ka kgonang go nna motsadi yo o molemo? Nnyaa. Totatota molaomotheo o o mo setshwantshong seno o dira mo go borre le bommè—mmogo le mo motsading yo o godisang bana a le esi. (Diane 1:8) Mafoko a a reng “monna yo o thata” a bontsha gore go ne go tlhokega maatla a a lekaneng gore motho a kgone go hula motswi mo boreng. Mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele, ka dinako dingwe bora bo ne bo momaganngwa le kopore, mme go ne go twe lesole le ‘gata bora,’ gongwe a gatelela bora fa fatshe ka leoto gore a kgone go tsenya thapo mo go jone. (Jeremia 50:14, 29) Ga go pelaelo gore go ne go tlhokega maatla le maiteko gore a kgone go gogela thapo eo e e gagametseng kwa morago le go hulela metswi kwa a tshwaileng teng!

Ka tsela e e tshwanang go godisa bana go tlhoka maiteko a magolo. Ga ba ka ke ba kgona go ikgolela fela ba sa kaelwe fela jaaka motswi le one o tshwanetse go kaelwa gore o tlhamalalele kwa o hulelwang teng. Ka maswabi, go lebega batsadi ba le bantsi gompieno ba sa ikaelela go dira maiteko a a tlhokegang gore bana ba bone ba gole sentle. Ba tlhopha tsela e e motlhofo ya go godisa bana. Ba letla gore thelebishene, sekolo le ditsala e nne tsone di rutang bana ba bone se se siameng le se se sa siamang ka dikgang tsa boitsholo le tlhakanelodikobo. Ba letla bana ba bone gore ba nne le sengwe le sengwe fela se ba se batlang. Mme fa ba bona go le thata go ganela bana ba bone go dira sengwe, ba ba letlelela go itirela fela jaaka ba rata—mme gantsi ba dira seipato sa gore ga ba batle go utlwisa bana ba bone botlhoko. Mme boammaaruri ke gore go ba letlelela go dira sengwe le sengwe se ba se batlang ke gone go tla ba gobatsang ka bosakhutleng.

Go godisa bana ke tiro e e thata. Go tlhokega maiteko a magolo gore motho a kgone go dira tiro eo ka pelo yotlhe a kaelwa ke Lefoko la Modimo, mme gone melemo ya teng e megolo. Makasine o o bidiwang Parents wa re: “Dipatlisiso . . . di bontshitse gore bana ba ba godisitsweng ke batsadi ba ba lorato le ba ba nang le taolo—ba ba emang bana ba bone nokeng mme gone ba tlhomame mo melaong e ba ba beelang yone—ba dira sentle mo dithutong tsa bone, ba na le ditsela tse di botoka tsa go dirisana le ba bangwe, ba a itshepa mme ba itumetse go feta bana ba batsadi ba bone ba ba tlogeletseng fela kana ba batsadi ba bone ba leng bogale ka tsela e e feteletseng.”

Go na le molemo o mongwe o mogolo go e feta yotlhe. Pelenyana re sekasekile karolo ya ntlha ya Diane 22:6: “Thapisa mosimane ka tsela e e mo tshwanetseng.” Temana eno e tswelela ka mafoko ano a a amang pelo: “Le fa a tsofala ga a na go e fapoga.” A seane seno se se tlhotlheleditsweng se tlhomamisa gore fa o dira jalo o tla atlega? O ka nna wa se ka wa atlega. Ngwana wa gago o na le kgololesego ya go itlhophela mme fa a gola o tla e dirisa. Mme gone temana eno e bolelela batsadi mafoko mangwe a a gomotsang. Ke afe?

Fa o thapisa ngwana wa gago ka kgakololo ya Baebele, o dira gore go nne le maemo a a molemo a a tla lereng matswela a a itumedisang—go bona bana ba gago ba gola go nna bagolo ba ba itumetseng, ba ba kgotsofetseng le ba ba nang le maikarabelo. (Diane 23:24) Ka jalo, leka ka natla go baakanya “metswi” eo, o e sireletse mme o dire bojotlhe go e kaela. Ga o na go tsamaya o ikwatlhaela seo.

[Picture on page 13]

A batsadi ba bontsha gore ba rata bana ba bone fa ba ba naya sengwe le sengwe se ba se batlang?

[Picture on page 15]

Motsadi yo o lorato o tlhalosetsa bana ba gagwe lebaka la go bo a tlhomile melao mo lelapeng

[Picture on page 15]

Batsadi ba ba molemo ba sireletsa bana ba bone mo dikotsing tsa lefatshe leno le le senang boitsholo

[Picture on page 16]

Go godisa bana ke tiro e e thata, mme melemo ya teng e megolo